2010–2019
Ya Maikotlhao le Ditswetso
Phalane 2012


Ya Maikotlhao le Ditswetso

Thata fa re ineetse go phitlhelelo ya boitshepo le boitumelo, go fokotsa gore re nne mo tseleng ya maikotlhao.

Ya Maikotlhao

Moporesidente Monson, re a go rata. Ke lebogela tlhotlheletso le kitsiso ya ditso mo go agiweng ga ditempele tse di ntsha le tirelo ya baanamisa efangele. Ka ntlha ya bone, Ke a rurifatsa gore ditshegofatso tse dikgolo di tlaa tla go rona le go dikokomana tse dintsi mo isagong.

Barwarre le bokgaitsadi bame, ditsala tsa me! Rotlhe re ba ba swang. Ke solofela gore se ga se gakgamatse ope.

Ga go ope wa rona yoo a tlaa nnang mo lefatsheng lebaka lo le leele. Re na le palo ya dingwaga tse dintle, mo tebegong ya bosakhutleng, e lekanyediwa le go bonya ga leitlho.

Mme jalo re tsamaye. Mewa ya rona “e tseelwa gae go Modimo yoo [re] neetseng botshelo.” 1 Re baya mebele ya rona fatshe mme re tlogele kwa morago dilo tsa lefatshe le fa re ya kwa bogosing jwa boleng teng jwa rona.

Fa re le bannye, go lebega e kete re tlaa a tshela ka bosenang bokhutlo. Re akanya gore go na le bolekanyetso jwa go tlamelwa ga marang a letsatsi a a re emetseng ka kwa ga lewapi, mme isago go rona e lebege jaaka tsela e e sa kgaogang e e phuthologang ka bosafeleng fa pele ga rona.

Le fa go ntse jalo, fa re gola, gantsi re leba kwa morago le go gakgamalela ka fa tsela eo e leng khutshwane ka teng. Re makalela ka fa dingwaga di fitileng ka bonako ka teng. Mme re simolole go akanya ka ditshwetso tse re di dirileng le dilo tse re di dirileng. Mo tsweledisong, re gakologelwa dinako tse di monate tse di thuthafatsang mewa ya rona le boipelo mo dipelong tsa rona. Mme gape re gakologelwa maikotlhao—dilo tse re eletsang re ka boela ko morago mme ra difetola.

Mooki yo o tlhokomelang balwetse ba bagateletsweng a re nako le nako o botsa potso e motlhofo go balwetse ba gagwe jaaka ba ipaakanyetsa go tlogela lefatshe le le ka kwano.

O tlaa botsa “ A o nale maikotlhao?” 2

O le gaufi le letsatsi la bofelo la yoo swang nako le nako go neela tshiamelo go akanya le go tlamela diteng le tebego. Jalo fa batho ba botswa ka maikotlhao, ba bula dipelo tsa bone. Ba akanya ka se ba tlaa se fetolang fa fela ba ne ba ka fetola nako.

Jaaka fa Ke anaanela se ba se buileng, ke amiwa ka fa motheo wa melawana ya efangele ya ga Jeso Keresete e ka amang kaelo ya matshelo a rona gonne molemo, fa fela re e tshela.

Ga gona sepe sa masaitsiweng ka melawana ya efangele. Re e ithutile mo mafokong a tumelo, re a buisane mo Sekolong sa Sontaga, ebile re a utlwile go tswa mo phulophiting dinako tse dintsi. Melawana e ya selegodimo le boleng ditlhamaletse le go tlhaloganyesega; e mentle, e kgethegile, e bile e thata; mme e ka re thusa tota go ikgapha mo maikotlhaong a isago.

Ke Eletsa gore Ke ka Nna Nako e Ntsi le batho ba ke Baratang

Gongwe go ikotlhaya tota ga lebopo ga balwetse mo go supilweng ke gore ba eletsa gore ba ka bo ba nna le nako e ntsi le batho ba ba ratang.

Batho ka bo bone ba opela khutsafalo e ka bophara: ba “baikotlhaya mo go boteng o tsaya nako e ntsi ya matshelo a bone mo [letsatsing] mo go sileng ga lelwala ga …tiro.” 3 Ba bantsi ba latlhegetswe ke digopotso tse di kgethegileng tse di tlang mo go tseyeng nako le lelwapa le ditsala. Ba fetiwa ke go tlhabolola bokopanyo jo bo boteng le bao ba botlhokwa mo go bone.

A ga go boammaaruri gore re nna rele tlhaga nako tsotlhe? Mme, go a hutsafatsa gore, re apara botlhaga jwa rona jaaka beje ya tlotla, jaaka ekete go nna tlhaga, ka bo gone, ke phitlhelelo kgotsa lotshwao la botshelo jo bogolo.

A go ntse jalo?

Ke akanya ka Morena wa rona le Sekai, Jeso Keresete, le botshelo jwa Gagwe jo bokhutshwane mo gare ga batho ba Galalea le Jerusalema. Ke lekile go akanya ka Ene a thinkgetse mogare ga diphuthego kgotsa a dira sele le sele mo moleng wa dilo go diragatsa tse di tlhokegang.

Ga ke e bone.

Le ntswa gontse jalo Ke bona bopelonomi le Morwa Modimo yoo tlhokomelang a tshela ka maikaelelo letsatsi le letsatsi. Fa a kopakopana le bao Ene ba mo dikologileng, ba ikutlwile ba le botlhokwa ebile ba ratiwa. O itse boleng jwa batho jo bo safeleng ba a kopaneng le bone. O ba segofaditse, a ba direla. O ba tsholeditse, a ba fodisa. O ba neetse mpho e ntle ya nako ya Gagwe.

Mo nakong ya rona go motlhofo go ipaya ekete o tsaya nako le ba bangwe. Ka go tobetsa mmaose, re ka “kopana” le dikete tsa “ditsala” go sa tlhokege go lebagana le mongwe wa bone. Maranyane e ka nna selo se se gakgamatsang, ebile se dirisiwa tota fa re se gaufi le bao re baratang. Mosadi wa me le Nna re nna kgakala thata le maloko a lelwapa a mantle; re a itse gore seo sentse jang. Le fa go ntse jalo, Ke dumela gore ga re tsamaye mo go siameng, ka borona le jaaka batho, fa re kopana le ba lelwapa kgotsa ditsala gantsi ka go supa ditshwantsho tse dikgatlhang, go romela dilo tse di tlwaelesegileng, kgotsa re kopanya bao re ba ratang go di saete mo Enthaneteng. Ke akanyetsa gore go na le lefelo la ditiro tse, mme ke nako e e kana kang e re eletsang go e tsaya mo go yone? Fa re palelwa ke go neela borona le nako e e sakgaoganngwang go bao ka boammaaruri ba leng botlhokwa go rona, nako nngwe re tlaa e ikotlhaela.

A re swetseng ka go direla bao re ba ratang ka go tsaya nako e e tlhabolang le bone, go dira dilo mmogo, le go tlhabolola digopotso tsa matlotlo.

Ke Eletsa gore Ke kabo ke Tshidile go Yeng ka Go Kgona ga Me

Nngwe ya boikotlhao jo batho ba bo buang ke gore ba paletswe ke go nna batho ba eka bong ba nnile bone le bao ba tshwanetseng go nna bone. Fa ba lebelela kwa morago mo matshelong a bone, ba lemoga gore ga ba a tshela go yeng ka go kgona ga bone, jalo dipina tse dintsi di sale di sa opelwa.

Ga Ke bue fano ka go pagama lere ya kgonagalo mo dithutegong tsa rona tse difarologanyeng. Lere eo, le ka fa tebegong e ka bonala mo lefatsheng le, e lekanyediwa fela le kgato e le nngwe mo leetong la bosakhutleng le le re emetseng.

Jalo, Ke bua ka go nna motho wa Modimo, Rara wa Legodimo, a batlang re nna ene.

Re goroga mo lefatsheng le, jaaka mmoki a buile, “maru a dikologang a kgalalelo” 4 go tswa kwa botshelong jwa pele ga lobopo.

Rraetsho wa Legodimo o bona tota bokgoni jwa rona. O itse dilo ka rona tse re sa di itseng ka bo rona. O a re gwetlha ka nako ya botshelo jwa rona go diragatsa selekanyo sa lebopo la rona, go tshela botshelo jo bo siameng, le go boela kwa ponalong ya Gagwe.

Ke eng, jalo, re ineela nako e ntsi le moko mo dilong tse di fetang ka bonako, di sena matswele, le tse di fa godimo? A re gana go bona boeleele mo phitlhelelong e e tlwaelesegileng ya ponyo ya leitho?

A ga go botlhale go rona go “ipeela ka borona matlotlo mo legodimong, kwa motoutwane kgotsa rusi di sa senyeng, le kwa magodu ba sa thubing le fa e le go utswa”?5

Re dira jang se? ka go sala morago sekao sa Mmoloki, ka go tsenya dithuto tsa Gagwe mo matshelong a rona letsatsi le letsatsi, ka go rata Modimo ka boammaaruri le batho ka rona.

Re ka se dire se ka go goga dinao tsa rona, re lebelela diwatshe tsa rona, re ngongorega jaaka fa re atumalana le borutwana.

Fa go tla mo go tsheleng efangele, ga re a tshwanela go nna jaaka mosimane yoo tibisitseng dikgato tsa gagwe mo metsing mme a bo a re o ne a ile go thuma. Jaaka barwa le barwadie Rraetsho yoo kwa Legodimong, re ka kgona tse dintsi tota. Gonne gore, maikaelelo aa molemo ga a lekana. Re tshwanetse go dira. Le eleng tota mo go botlhokwa, re tshwanetse go nna seo Rara wa Legodimo a batlang re nna sone.

Go bolela bopaki jwa efangele go siame, mme go nna sekai se se tshelang sa efangele e e buseleditsweng go botoka. Go eletsa go nna boikanyego go dikgolaganyo tsa rona go siame; tota go nna boikanyego go dikgolaganyo tse di boitshepo—go akaretsa go tshela botshelo jo bomolemo, go duela ditsabolesome tsa rona le dikabelo, go tshegetsa lefoko la tlhalefo, le go direla bao ba tlhokang—go botoka tota. Go itsise gore re tlaa tshwaela nako e e ntsi go thapelo ya lelwapa, go ithuta dikwalo tsa tumelo, le ditiro tsa lelwapa tse di siameng go siame; mme tota go dira dilo tse tsotlhe ka bonokopila go tlaa tlisa ditshegofatso tsa legodimo go matshelo a rona.

Borutwana ke phitlhelelo ya boitshepo le boitumelo. Ke tsela ya bokgoni jwa rona le boitumelo jwa rona.

A re swetseng ka go sala Mmoloki le go dira ka tlhwaafalo go nna batho ba re dirilweng go nna bone. A re reetseng le go obamela thotloetso ya Mowa o o Boitshepo. Jaaka fa re dira jalo, Rara wa Legodimo o tlaa re senolela dilo tse re sa di itseng ka rona. O tlaa sedimosa tsela e e fa pele le go bula matlho a rona go bona borona jo bo sa itseweng mme gongwe talente ye o sa e akanyang.

Thata fa re ineetse go phitlhelelo ya boitshepo le boitumelo, go fokotsa gore re nne mo tseleng ya maikotlhao. Thata fa re ikaega ka matlhogonolo a Mmoloki, re tlaa ikutlwa gore re mo tselaneng eo Rara kwa Legodimong a e ikaeletseng ka rona.

Ke Eletsa Ke ka bo Ke Itetleletse Go Itumela

Nngwe ya ikotlhao ya bao ba itseng gore ba a swa e ka nna ya gakgamatsa. Ba eletsa gore ba kabo ba itetleletse go itumela.

Makgetlo a le mantsi re tshwarwa mo e seng nnete gore go na le sengwe go feta go fitlhelela ga rona mo go ka re tlisetsang boitumelo: seemo se se botoka sa lelwapa, seemo se se botoka sa madi, kgotsa go fela ga kgwetlho ya teko.

Fa re gola, gantsi re leba kwa morago le go lemoga gore diemo tse di kwantle ga di tlhokege kgotsa di kaya boitumelo jwa rona.

Re a tlhokega. Re kaya boitumelo jwa rona

Wena le Nna re na le taolo yotlhe ya boitumelo jwa rona.

Mosadi wa me, Harriet, le Nna re rata go pagama dibaesekele tsa rona. Go a itunmedisa go tswela kwantle le go ipelela bontle jwa tlholego. Re na le ditsela tse re ratang go tsamaya mo go tsone, mme ga re lebelele thata gore re tsamaya sebaka se se kana kang kgotsa lebelo le le kana kang fa o tshwantshanya le bapagami ba bangwe.

Le fa gontse jalo, nako tse dingwe Ke akanya gore re gaisanye. Ke a kantse gore re tseye nako e e botoka kgotsa re tsamaye ka lebelo le le kwa godimo fela fa re ikgorometsa thata. Mme nako tse dingwe Ke dira phoso e tona ya go bua mogopolo o go mosadi wa me yo o namatshang.

Go fetogela megopolo ya me ya se ka metlha go nna le bopelontle, go papametse, ebile go tlhamaletse. A nyenye mme a re, “Dieter, ga se mokgele; ke loeto. Itumelele sebaka.”

O nnete jang!

Nako nngwe mo botshelong re nna re lebeletse thata mo moleng wa go fetsa mo re palelwang ke go bona boipelo mo loetong. Ga ke pagame le mosadi wa me gonne ke kgatlhegela go fetsa. Ke tsamaya le ene ka gonne maitemogelo a go nna le ene a monate ebile a itumedisa.

Ga go supe boeleele go dira maitemogelo a monate le boipelo ka gonne re nna re lebeletse nako eo a tlaa felang?

A re reetsa mmino o montle go modumo wa bofelo go feta pele fa re itetlelela ka nnete go o itumelela? Nnyaa.Re a reetsa le go kopanya dipharologanyo tsa melodi, modumo le tsamaisano go yeng ka tlhamo.

A re dira dithapelo tsa rona fela ka “amene” kgotsa bokhutlo mo tlhaloganyong? E seng jalo. Re rapela go atumalana le Rara wa rona wa Legodimo, go amogela Mowa wa Gagwe le go utlwa lorato la Gagwe.

Ga re a tshwanelwa ke go itumela fela fa re fitlha golo gongwe mo isagong, fela go lemoga fa boitumelo bo ne bo ntse bo le teng—nako tsotlhe! Botshelo ga boa tshwanelwa ke go amogelesega fela go leba kwa morago. “Se ke letsatsi leo Morena a le dirileng … ,” Mopesalema o kwadile. “Itumele o ipele mo go lone.”6

Barwarre le bokgaitsadiake, le fa e le diemo tsa rona, le fa e le dikgwetlho kgotsa diteko, go na le sengwe mo letsatsing lengwe le lengwe go le amogela le go le ipidisa. Go na le sengwe letsatsi lengwe le lengwe se se ka tlisang malebogo le boitumelo fela fa re bona le go le amogela.

Gongwe re tshwanelwa ke go sa lebe ka matlho a rona mme tota ka dipelo tsa rona. Ke rata go nankola : “Mongwe o bona sentle fela ka pelo. Sengwe le sengwe se se botlhokwatlhokwa ga se bonale mo matlhong.” 7

Re laetswe “go neela malebogo mo dilong tsotlhe.”8 Jalo go botoka go bona ka matlho a rona le dipelo le eleng dilo tse dinnye re ka di lebogela, go na le go godisa tse di sa siamang mo seemong sa rona?

Morena o solofeditse, “Yoo amogelang dilo tsotlhe ka go leboga o tlaa galalediwa; mme dilo tsa lefatshe le o tlaa di okelediwa, e bong ga lekgolo.”9

Barwarre le Bokgaitsadi, ka masego a mantis a ga Rara wa Legodimo, thulaganyo ya gagwe ya pholoso e a gakgamatsa, boammaaruri jo bofaphegile jwa efangele e e buseleditsweng, le dingwe tse dintle tsa loeto le la setho, “ a ga re na lebaka la go itumela?”10

A re swetseng ka go itumela, le ntswa diemo tsa rona.

Ya Ditswetso

Letsatsi lengwe re tlaa tsaya kgato e e ka se itlhokomolosiweng le go fetela go tswa mo lebopo la yo o swang go ya seemo se se latelang. Letsatsi lengwe re tlaa leba kwa morago mo matshelong a rona le go gakgamala gore a re ka bo re nnile botoka, re dirile ditswetso tse di botoka, kgotsa re dirisitse nako ya rona ka botlhale.

Go ikgapha mo dingweng tsa maikotlhao a boteng a botshelo, go botlhale go dira ditswetso gompieno. Ka jalo, a re:

  • Swetse go tsaya nako e ntsi le bao re ba ratang.

  • Swetsa go leka ka tlhwaafalo go nna motho yoo Modimo a batlang re nna ene.

  • Swetsa go bona boitumelo, go sa kgathalesege gore diemo tsa rona ke eng.

Ke bopaki jwa me gore maikotlhao a mantsi a a boteng a kamoso a ka thibelwa ka go sala morago Mmoloki gompieno. Fa re leofile kgotsa re dirile phoso—fa re dirile ditswetso tse re di ikotlhaelang—go na le mpho e ntle ya Tefo ya ga Keresete, eo re ka itshwarelwang ka yone. Mo nakong re ka seke reye ko morago le go fetola mo go fitileng, mme re ka ikotlhaya. Mmoloki o ka sutlha dikeledi tsa rona tsa go ikotlhaya11 le go ntsha merwalo ya rona ya boleo. 12 Tefo ya Gagwe e re letlelela go tlogela mo go fitileng kwa morago le go tswelela pele ka mabogo a phepa, pelo e e itshekileng,13 le maikaelelo a go dira botoka le tota go nna botoka.

Ee, botshelo jo bofeta ka bonako; matsatsi a rona a lebega a feta ka pela; ebile loso go lebega le tshosa dinako tse dingwe. Le fa gontse jalo, mowa wa rona o tlaa tswelela o tshela mme letsatsi lengwe o tlaa kopangwa le mmele yo o tsositsweng mo baswing go amogela kgalalelo ya bosasweng. Ke fa bosupi jwa bongwefela gore ka ntlha ya Keresete yo o mautlwelobotlhoko, re tlaa tshela rotlhe gape le ka bosenang bokhutlo. Ka ntlha ya Mmoloki le Morekolodi, letsatsi lengwe re tlaa tlhaloganya ka boammaaruri le go ipela mo tlhalosong ya mafoko a “lebolela la loso le komeditsweng mo go Keresete.”14

Tsela ya go diragatsa tsamao ya rona ya selegodimo jaaka barwa le barwadie Modimo ke nngwe ya bosakhutleng. Bakaulengwe le bokgaitsadi, ditsala, re tshwanelwa ke go tsamaya mo tseleng eo ya bosakhutlenggompieno; re ka se tseye motlhofo letsatsi le lengwe. Ke rapela gore re se eme go fitlha re tloga re e swa pele fa re ithuta go tshela. Mo leineng le le boitshepo la ga Jeso Keresete, amene.