Akanyeletsa Masego a

Ka Mopresident Thomas S. Monson


Thomas S. Monson
Rraetsho yo o Kwa Legodimong o lemoga matlhoko a rona mme o tlaa re thusa jaaka fa re mmiletsa gore A re thuse.

Barwarre le bokgaitsadiake b aba rategang, khonforense e e tshwaya dingwaga tse 49 Ke sale Ke tlametswe ka Phalane  ale di 4, 1963, kele leloko la khwaramo ya Baaposetola b aba Lesome le bobedi. Dingwaga tse masome a mane le boroba- bongwe ke nako e telele. Mo ditseleng tse dintsi, legale, nako e lebega ele khutshwane e sale Ke ema mo phuluphiting mo Thabanakeleng mme Ka fa puisanyo yame ya ntlha ntlha ya khonforense ya kakaretso.

Go le gontsi go fetogile e sale Phalane  ale di 4, 1963. Re tshela mo nakong e e kgethegileng ya ditso tsa lefatshe. Re segofaditswe ka tse di ntsi. Mme fa go ngwe go dingalo go lebelela mathata a a re dikologileng le go itshwara ka mokgwa o batho ba bangwe ba o bonang o sa letlelesege mme ra tlhoka go sa rotloetsegenge. Ke bone gore, go na le gore re nne mo go tsedi fapogileng, fa re ka tsaya kgato ra boela morago mme ra akanyeletsa mo masegong a matshelo a rona, go balelwa mo go lebegang ao a a lebegang ale mannye, masego a fa gongwe a sa bonweng, re ka bona boitumelo jo bogolo thata.

Jaaka fa Ke ne ke sekaseka dingwaga tse 49 tse di fitileng, Ke lemogile sengwe. Santlha ke gore maitemogelo ao a a sa balegeng ao Ke nnileng nao ga se ao motho aneng a ka a akanyediwa ele a a tlwaelesegileng. Tota ebile, ka nako eo a neng a direga, a ne a diragala, a ne gantsi a lebega a se matona le gone a tlwaelesegile. Mme mogo gakologelweng tiragalo eo, a humisa a bo a bo a segofatsa matshelo—e seng jo bonnye jo e nnileng jwame. Ke lo rotloeletsa katiso e e tshwanang e go lona—e e bitswang, gore lo tseye tshekatsheko ya botshelo jwa lona mme lo bone ka tlhamalalo masego, a matona le a mannye, ao le a amogetseng.

Mo go neng go gateletswe ka metlha ka sebaka sa tshekatsheko yame ya dingwaga e nnile kitso yame ya gore dithapelo tsa rona di a utlwiwa e bile di a arabiwa. Re itse boammaaruri joo bo fitlhelwang mo 2 Nephi mo Bukeng ya ga Momone: “Batho ba a tshela, gore batle ba bone boipelo.”1 Kef a bopaki jwa gore boipelo jo bontsi botla jaaka fa re lemoga gore re ka buisanya le Rraetsho yo o kwa Legodimong ka thapelo le gore dithapelo tseo ditlaa utlwiwa e bile di arabiwe—e seng gongwe jang le gore ke ka leng re di solofetse gore di arabiwe, mme di tlaa arabiwa ke Rraetsho yo o kwa Legodimong yoo itseng le go re rata ka botlalo gape a re eleletsa boitumelo. A ga are solofetsa gore, “Nna boikokobetso; mme Morena Modimo wa gago o tlaa go etelela ka seatla, mme a go fe karabo mo dithapelong tsa gago”?2

Mo metsotsonyaneng e e latelang eo ke e filweng, Ke rata go abelana le wena maitemogelo a ke shashola fa godimonngwana nyana fela seo Ke nnileng naso fa dithapelo tsame dine di utlwiwa ebile di arabiwa gape le, fa ke gakologelwa ditiragalo tseo tse di fitileng, di neng tsa tlisa masego mo botshelong jwame fela jaaka di a tlisitse mo matshelong a ba bangwe. Jenale yame ya malatsi otlhe, eo e beilweng dingwaga tse dintsi tse, e nthusitse gore ke kgone go fa dingwa ka tlhamalalo tseo Ke neng ka bontsi Ke ka seka ka kgona go di balela.

Kwa tshimologong ya 1965, Ke ne ke romilwe go tsenelela khonforense ya seteike le go tshwara diphuthego tse dingwe ka bophara jwa lefelo la Phasifiki yo o Borwa. Se ene ele lwa ntlha ke etela karolo eo ya lefatshe ebile e ne ele nako eo e neng e sa lebalesege. Mo gontsi moo go neng ele ga semowa ka tlholego go ne ga diragala ka sebaka ka thomo e jaaka fa Ke ne ke kopana le baeteledipele, maloko, le baanamisa efangele.

Ka mafelo a beke ka Matlhatso le Sontaga, Tlhakole ale di 20 le di 21, re ne rele ko Brisbane, Australia, re tshegeditse bokopano jwa khonforense ya nako tsotlhe ya Seteiki sa Brisbane. Sebaka sa phuthego ya Matlhatso, Ke ne ka bontshiwa moporesidente wa kgaolo gotswa mo lefelong leo le neng le bapile. E ne yare ke tshwara letsogo la gagwe, Ke ne ka nna le tlhotlheletso e e maatla ya gore Ke tshwanetse go bua nae le go mo fa bogakolodi, ka jalo Ke ne ka mo kopa gore a mpate go ya kwa bokopanong jwa maphakela jwa Sontaga letsatsi le le latelang gore se se kgonege go diragala.

Mo bokopanelong jwa Sontaga jo boneng jwa latela, re ne ra nna le tshono ya go etelelana. Re ne ra bua ka maikarabelo a gagwe a mantsi ele moporesidente wa kgaolo. E ne yare re dira jalo, Ke ne ka ikutlwa gore ke mo fe dikgalolo tse di riling mabapi le tiro ya boanamisa efangele le gore ene le maloko a gagwe b aka thusa baanamisa efangale ba malatsi otlhe mo tirong ya bone ya lefelo leo. Ke ne ka ithuta morago gore monna yo o ne a ntse a rapelela kaelo mo go seo. Mo go ene ketelo ya rona ene e le bosupi jo bo kgethegileng gore dithapelo tsa gagwe di ne di utlwilwe e bile di arabilwe. Se ene e lebega e se phuthego ya kgakgamatso mme nngwe yeo nna Ke dumelang gore e ne e kaetswe ke Moya gape e dirile pharologanyo mo botshelong jwa moporesidente wa kgaolo le go tiragatso ya gagwe, mo matshelong a maloko a gagwe, le go atlega ga baanamisa efangele koo.

Bomorwarre le bokgaitsadiake, Maikemisetso a Morena gantsi a diragatswa jaaka fa re ela tlhoko kaelo ya Moya. Ke dumela gore fa re dira gantsi se tlhotlheletso le tshedimosetso eo e tlang go rona, ke ka fa Morena a tlileng gore tshepa ka mebereko ya Gagwe.

Ke ithutile, jaaka ke ne ke buile mo melaetseng yame e e fitileng, go seke ke diegela tlhotlhetso. Mo sebakaneng dingwaga tse dintsi tse di fitileng, Ke ne ke thuma ditikologo kwa Lefelong la Thumo la Deseret mo Salt Lake City fa Ke ne ke tlhotlhelediwa go ya kwa kokelong ya Unibesithi go etela tsala yame e e molemo yoo a neng a latlhegetswe ke tiriso ya serwe sa tlhase ka ntlha ya kgolo ya kankere le loaro leo le neng la dirwa. Ke ne ka bonako ka tlogela phulu, ka apara, mme kene ka potlako kele mo tseleng yame go bona monna yo o molemo.

E ne yare Ke goroga kwa kamoreng ya gagwe, Ke ne ka e fitlhela e sena ope. E ne yare ke botsa Ke ne ka ithuta gore Ke ka mmona kwa lefelong la phulu eo go thumelwang gone la kokelo, lefelo leo le neng le dirisetswa tshidilo ya mmele. Seo se ne sa fetoga go nna gone. O ne a ikaetse kook a setilo sa leotwana godimo go ntumedisa. Re ne ra nna le ketelo e monate, mme Ke ne ka mo pata go boela kwa kamoreng ya kokelo ya gagwe, koo Ke neng ka mo fa tshegofatso.

Ke ne ka ithuta gotsweng go tsala yame gore o ne a fleets ke tsholofelo thata letsatsi leo mme o ne a akantse ka go tsaya botshelo jwa gagwe. O ne a rapetse go thuswa mme a simolola go ikutlwa gore dithapelo tsa gagwe ga dia a arabiwa. O ne a ya kwa phulung ka kakanyo ya gore seo etlaa nna tsela ya go emisa mahutsana a gagwe—ka go kaela setilo sa leotwana la gagwe ko boteng jwa bofelo jwa phulu. Ke gorogile a nako e e botlhokwa, mo go seo ke neng Ke itse fa ele tlhotlheletso gotswa godimo.

Tsala yame o ne a kgona go tshela dingwaga tse dingwe tse dintsi—dingwaga tseo di tletseng ka boitumelo le malebogo. Ke ka lethabo le legolo jang gore Ke bo Ke nnile sedirisiwa mo diatleng tsa Modimo ka letsatsi leo le leneng le le botlhokwa kwa phulung e go thumiwang eo.

Ka sebaka se sengwe, jaaka fa Mokaulengwe Monson le Nna fa rene re kgweeletsa gae morago ga re sena go etela ditsala, Ke ne ka ikutlwa tshedimosetso ya gore re ye kwa toropong—kgweetso ya dimaele tse dintsi—go etela motlholagadi o mogolo yo o aneng a kile a bo a tshela mo wateng ya rona. Leina la gagwe e ne ele Zella Thomas. Ka nako eo, bonno jwa gagwe ene ele kwa senthareng ya tlhokomelo. Ka mantsiboa ao re mo fitlhetse a le bokowa thata mme a rapame ka kagiso mo bolaong jwa gagwe.

Zella o ne a sale a nnile sefofu, mme o ne a lemoga mantswe a rona ka ponyo ya leitlho. O ne a kopa gore a ke ka seke ka mo fa tshegofatso, a tlaleletsa ka gore o ipaakanyeditse go swa fa Morena a batla gore a boele gae. Go ne gole moya o o monate, wa kagiso mo kamoreng eo, mme rotlhe re ne re itse fa nako ya gagwe e e setseng mo botshelong ele khutshwane. Zella o ne a ntsaya ka letsogo mme are gore o ne a rapetse thata gore Ke tle go mmona mm eke mo fe tshegofatso. Ke ne ka mmolelela gore re tlile ka ntlha ya tlhotlheletso eo e tlhamaletseng gotsweng go Rraetsho yo o kwa Legodimong. Ke ne ka mo suna mo se kopong, ke itse gore ke kanna ka seka ka mmona gape mo botshelong. Seo ene ga nna jalo, gonne o ne a re tlogela letsatsi le le latelang. Go bo Ke kgonne go fa kgomotso le kagiso go Zella wa rona yo o rategang e ne ele masego go ene le nna.

Tshono ya go nna lesego mo botshelong jwa yo mongwe gantsi e tla go sa solofelwa. Ka bosigo Matlhatso mangwe gole tsididi thata ka sebaka sa mariga a 1983–84, Mokaulengwe Monson le Nna re ne ra kgweeletsa dimaele tse di mmalwa go ya thabeng ya mokgatsha ya Midway, Utah, ko re nang le legae. Dithempheritshara bosigo joo di ne dile –31°C (24 Fahrenheit), mme re ne re batlile gore re itse gore sengwe le sengwe se apere tshiamo ko gae koo. Re ne ra tlhola mme ra fitlhela go siame, jalo re ne ra tswa go boela kwa Toropokgolo Salt Lake. Re ne re sa tswa dimmaele tse dimmalwa re le mo tseleng ya godimo pele ga koloi ya rona e ema go bereka. Re ne ka botlalo re kaletse. Ga ke iseke nne, serame go gaisa, ka nako eo bosigo.

Kago ipatika re ne ra simolola go tsamaela go ya gaufi le toropong e e gaufi, dikoloi dine di feta ka bofefo dire fapanya. Lwa bofelo koloi nngwe ya ema, mme monna yo mmotlana a ema gore thusa. Re ne kgantele ra fitlhela gore leokwane la disele mo tanking ya gase ya rona e ne e gatsetse ka ntlha ya botsididi, e dira gore go palege gore re kgweetse koloi. Monna yo mmotlana yo o ne a re kgweeletsa kwa legaeng la Midway. Ke ne ka leka go mo duelela ditiro tsa gagwe, mme a gana ka bonolo. O ne a supa fa ele Mosimane wa Lesupatsela mme gape a batlile go dira phetogo. Ke ne ka mo ipolelela, mme o ne a lebogela monyetla wa go thusa. Ka go belaela gore o di ngwaga tsa boanamisa efangele, Ke ne ka mmotsa gore a o na le thulaganyo ya go direla boanamisa efangeleng. O ne a supa gore ga a itse gore o batla go dira eng.

E rile ka Mosupologo yo o latelang, Ke ne ka kwala lekwalo go monna yo mmotlana yo mme ka mo lebogela bopelontle jwa gagwe. Mo lekwalong Ke ne ka mo rotloetsa gore a direle boanamisa efangele jwa malatsi otlhe. Ke ne ka tswala nngwe ya kgatiso ya buka nngwe yame mme ka tshwaya dikgaolo tsa Tirelo ya boanamisa efangele.

E rile morago gab eke mmaagwe monna yo mmotlana o ne a letsa mme a gakolola gore morwaagwe e ne ele a le sethakga sa lekolwane mme ka ntlha ya ditlhotlheletso dingwe tse di riling, maikemisetso a gagwe a bogologolo a go ya kwa boanamising efangele a ne a nyeletse. O ne a supa fa ene le rraagwe ba ne ba itima dijo le go rapela gore pelo ya gagwe e fetoge. Ba ne ba beile leina la gagwe mo rolong ya thapelo kwa Tempeleng ya Provo Utah. Bane ba solofetse gore nako enngwe, ka senngwe, pelo ya gagwe e tlaa kgomega go ya goile mme o tlaa boela kwa maikaelelong a gagwe a go diragatsa boanamisa efangele le go direla Morena ka boikanyego. Mmaagwe o ne a batlile gore Ke itse fa a lebela ka ditiragalo tsa mantsiboa ao a a tsididi ele karabo ya dithapelo tsa bone mo boemong jwa gagwe. Ke ne kare, “Ke dumalana le wena.”

Morago ga dikgwedi tse di seekae le dipuisanyo le monna yo monnye yo, Mokaulengwe Monson le Nna re ne ra nna le boipelo go fitisa go tsenelela moletlo wa tsamaya sentle pele ga a emelela aya kwa Boanamising efangele kwa Khanata Vancouver.

A ene ele ka phoso gore a ditsela tsa rona dibe di ne di kopanye ka bosigo jo bo tsididi jwa? Ga ke dumele ka bokhutshwane gore go ntse jalo. Eseng jalo, Ke dumela gore bokopane jwa rona e ne ele karabo ya mmagwe le rragwe eo e neng ele ya maikutlo a pelo go morwaabo yo baneng bam o ratile.

Gape, barware le bokgaitsadiake, Rraetsho yo o kwa Legodimong o itse matlhoko a rona mme o tlaa re thusa jaaka fa re mmitsa gore A re thuse. Ke dumela gore ga go na matshwenyego ape a rona ao a a aleng mannye kgotsa a sena mosola. Morena o mo boteng jwa matshelo a rona.

Ke rata go fetsa ka go fa maitemogelo mangwe a bosheng ao a nnileng le barologanyo mo makgolong. A diregile ka maipelelo a ngwao ko Tempeleng ya Kansas, dikgwedi tse tlhano tse di fitileng. Jaaka ka bontsi jwa se se diregang mo matshelong a rona, ka nako eo go ne go lebega fela okare ke maitemogelo a mangwe fela koo sengwe le sengwe se berekileng sentle. Lefa go ntse jalo, ene ya re ke ithuta ka ditirego tseo dineng di tshwaraganye le maipelelo a ngwao mantsiboa pele ga tempele e tshwaiwa, Ke ne ka lemoga fa bodiragatsi bosigong joo bo ne bo se jwa malatsi otlhe. Empa, bo ne ka tshisibalo bo gakgamatsa.

Jaaka tsotlhe ditiro tsa ngwao tseo di tshwarwang di tshwaraganye le tshwaelo ya tempele, banana ba Kgaolo ya Tempele ya Toropokgolo Kansas bane ba ipaakanyeditse tirego go kgaogana ka ditlhopha mo mafelong bone. Thulaganyo e ne ele gore baya go kopana botlhe mo senthareng ya mmasepala eo e eneng e hirisetswe ka Matlhatso phakela wa tirego gore battle ba ithute gore ke ka leng le gore ke fa kae, gore kef a kae ko batlileng go ema gone, ke se kgele se kae seo se tshwanetseng go ba nna gare le motho yo o bapileng nabo, gore ba tshwanetse gore ba tswe mo kgorong e kgolo jang jalo jalo—dilo ka boteng tseo ba neng ba tshwanetse gore ba di tshware ka sebaka seo jaaka tseo ba nang le maikarabelo a go baya di tshwantsho tse di farologanyeng mmogo gore tirego ya bofelo e tle e tlhatshwiwe gape e nne ya maemo a godimo.

Go ne go na le bothata jo bogolo bole bongwe fela letsatsi leo. Bodiridikgaso jotlhe bo ne bo ikaegile mo metshikinyegong e e gatisitsweng pele eo e neneng e tlaa bontshiwa mo pontsheng e kgolo e e bidiwang Jumboterone. Metshikinyego e e ne ele botlhokwa segolobogolo go badiri botlhe. E ne e se fela gore e e lomaganye mmogo, mme nngwe le monngwe le mongwe wa motshikinyego, o e o ya go simolodisa tirego enngwe e e latelang. Metshikinyego ya ditshwantsho e ne e e fa tiro ya kaelo go bodiridikgaso jotlhe jo bo ikaegileng gone. Mme Jumboterone e ne e sa bereke.

Baitseanape ba ne ba bereke ka thata go baakanya bothata fa banana ba eme, makgolo a bone, ba latlhegelwa ke nako ya go itlhokotsa. Seemo se ne sa lebega go sa kgonege.

Mokwadi le mookamedi wa maipelelo, Susan Cooper, morago o ne a tlhalosa: “Jaaka fa re ne re suta mo thulaganyong ya A go isa ko go B go isa kt go Z, re ne re itse gore ga go bereke. … E ne ya re re lebeletse dinako, re ne re itse gore go ya go re pota kafa, mme re ne re itse gore re na le nngwe ya nonofo e kgolo mo fatshe kwa tlase—banana bale 3,000. Re ne ra tshwanelwa ke go ya tlase mme re ba [bo]lelele gore go diragala eng mme re atswe mo tumelong ya bone.”3

Oura morago ga phuthego e simolola go tsena mo senthareng, banana ba le 3,000 ba ne ba khubama fa fatshe mme ba rapela mmogo. Bane ba rapela gore bao b aba berekang mo Jumboteroneng ba tlaa kgona go tlhotlhelediwa gore ba itse gore ba dire eng go e baakanya; ba ne ba kopa Rraabo yo o kwa Legodimong gore a ba thuse ka ga se bone b aka se kakeng ba se dira ka go bo nako e le khutshwane.

Ga bua mongwe yo o a neng a kwala ka ga yone morago, “E ne ele thapelo eo banana ba tlaa sekeng ba e lebale, e seng ka gore fa fatshe gone go kokonela, mme ka go bo Moya o ne wa nyerologela mo marapong a bone.”4

Go ne go se sebaka fa morago mongwe wa baitseanape a ne a tla go ba bolelela gore bothata bo bonwe e bile bo baakantswe. O ne a re karabo ke laki, mme botlhe banana bao ba ne ba itse botoka.

Fa rene re tsena legareng la mmasepala mantsiboa o, re ne re sena kakanyo epe ya mathata a letsatsi leo. Ke fela kwa morago koo re ileng ra ithuta ka one. Seo re neng re se bone, le fa gontse jalo, e ne ele bontle, tiragatso eo eneng e phatshimisitswe—nngwe ya tse di gaisang e Ke kileng ka e bona. Banana ba ne ba tukisa kgalalelo, e e maatla ya moya eo e neng ya utlwiwa ke botlhe bao ba ba neng bale teng. Bane ba lebega baitse fela kwa ba tshwaneng go tsena, go ema, le gore ikopakopanya le ba diragatsi ba bangwe ba ba ba dikologileng. E rile fa ke utlwa gore go ipaakanya ga bone gone go khutshwahaditswe le gore dipalo tse dintsi ga diaka tsa baakanyetswa ke setlhopha sotlhe, Ke ne ka hakgamala. Go ne go sena ope yo a neng a ka itse. Morena ka tota o ne a dirile pharologanyo.

Ga ke emise go gakgamadiwa ke kafa Morena a kgothatsang le go kaela botelele le bophara jwa bogosi jwa Gagwe mme gape a nne le nako ya go fa tlhotlheletso mabapi le motho a le mongwe—kgotsa boipelelo bongwe kgotsa nngwe ya Jumboterone. Nnete ya gore o A kgona, gore o A dira, ke bopaki go nna.

Barwarre le bokgaitsadiake, Morena o mo matshelong a rona rotlhe. O a re rata. O batla go re segofatsa. O batla gore re senke thuso ya Gagwe. Jaaka fa A re kaela le go re supegetsa gape jaaka fa a re utlwa A araba dithapelo tsa rona, re ka fitlhela boitumelo fana le jaanong jo A bo re eleletsang. A ko re lemogeng masego a Gagwe mo matshelong a rona, Ke a rapela mo leineng la ga Jeso Keresete, Mmoloki wa rona, amene.

Show References

  1.  

    1.  2 Nephi 2:25.

  2.  

    2.  Dithuto le Dikgolagano 112:10.

  3.  

    3. Susan Cooper, mo Maurine Proctor, “Nothing’s Too Hard for the Lord: The Kansas City Cultural Celebration,” Meridian Magazine, Motsheganong 9, 2012, ldsmag.com.

  4.  

    4. Proctor, Meridian Magazine, Motsheganong 9, 2012.