Scriptures
Alema 25


Kgaolo 25

Dikgoka tsa Baleimene di a anama—Peo ya baperesiti ba ga Noa e senyega jaaka Abinatae a porofitile—Baleimene ba le bantsi ba a sokologa mme ba kopana le batho ba ga Enthae-Nifae-Lihae—Ba dumela mo go Keresete mme ba tshegetsa molao wa ga Moše. E ka nna dingwaga di le 90 go ya go di le 77 pele ga ga Keresete.

1 Mme bonang, jaanong go ne ga diragala gore Baleimene bao ba ne ba šhakgetse go feta ka ntlha ya gore ba ne ba bolaile bakaulengwe ba bone; jalo he ba ne ba ikana ka pusoloso mo Banifaeng; mme ba ne ba seka ba tlhola ba leka gape go bolaya batho ba ga Enthae-Nifae-Lihae ka nako eo.

2 Mme ba ne ba tsaya mephato ya bone mme ba ya go tsena mo melelwaneng ya lefatshe la Sarahemola, mme ba wela godimo batho ba ba neng ba le mo lefatsheng la Emonaeha mme ba ba senya.

3 Mme morago ga moo, ba ne ba nna le dintwa di le dintsi le Banifae, tse mo go tsone ba neng ba kgweediwa mme ba bolawa.

4 Mme gareng ga Baleimene ba ba neng ba bolailwe go ne go le e ka nna yotlhe peo ya ga Emiulone le bakaulengwe ba gagwe, ba e neng e le baperesiti ba ga Noa, mme ba ne ba bolawa ka diatla tsa Banifae;

5 Mme masalela, ka ba ne ba tshabetse mo nageng e e botlhaba, mme ba ne ba phamotse thata le taolo godimo ga Baleimene, ba dira gore bontsi jwa Baleimene ba nyelele ka molelo ka ntlha ya tumelo ya bone—

6 Gonne bontsi jwa bone, morago ga ba sena go sotlega tatlhegelo e ntsi le dipogisego tse dintsi jaana, ba simolola go fuduega mo kgakologelong ya mafoko a Arone le bakaulengwe ba gagwe ba neng ba ba a rerela mo lefatsheng la bone; jalo he ba ne ba simolola go sa dumele dingwao tsa borraabo, le go dumela mo Moreneng, le gore o file thata e kgolo go Banifae; mme jalo go ne go le bontsi jwa bone ba sokologile mo nageng.

7 Mme go ne ga diragala gore babusi bao ba e neng e le masalela a bana ba ga Emiulone ba ne ba dira gore ba bolawe, ee, bao botlhe ba ba neng ba dumela mo dilong tse.

8 Jaanong polaelo tumelo e e ne ya dira gore bontsi jwa bakaulengwe ba bone bo fuduege go šakgala; mme go ne ga simolola go nna le komano mo nageng; mme Baleimene ba ne ba simolola go tsoma peo ya ga Emiulone le bakaulengwe ba gagwe mme ba simolola go ba bolaya; mme ba tshabela mo nageng e e botlhaba.

9 Mme bonang ba a tsongwa mo letsatsing leno ke Baleimene. Jalo mafoko a ga Abinatae a ne a diragadiwa, a a a buileng mabapi le peo ya baperesiti ba ba dirileng gore a sotlege loso ka molelo.

10 Gonne o ne a re go bone: Se lo tlaa se ntirang e tlaa nna selo sa mofuta wa dilo tse di tlaa tlang.

11 Mme jaanong Abinatae e ne e le wa ntlha go sotlega loso ka molelo ka ntlha ya tumelo ya gagwe mo Modimong; jaanong se ke sone se a neng a se raya, gore bontsi bo tlaa sotlega loso ka molelo, go ya jaaka a ne a sotlegile.

12 Mme o ne a re go baperesiti ba ga Noa gore peo ya bone e tlaa dira bontsi go bolawa, mo mokgweng o o tshwanang jaaka a ne a bolawa, le gore ba tlaa phatlaladiwa kwa ntle le go bolawa, le jaaka dinku di sena modisa di gatelelwe mme di bolawe ke dibatana tsa naga; mme jaanong bonang, mafoko a ne a netefadiwa, gonne ba ne ba gatelelwa ke Baleimene, mme ba ne ba tsongwa mme ba ne ba itewa.

13 Mme go ne ga diragala gore fa Baleimene ba bona gore ba ne ba sa kgone go fekeetsa Banifae ba ne ba boela gape kwa lefatsheng la bone; mme bontsi jwa bone ba ne ba tla go nna mo lefatsheng la Išemaele le lefatshe la Nifae, mme ba ikopanya le batho ba Modimo, ba e neng e le batho ba Enthae-Nifae-Lihae.

14 Mme le bone ba ne ba epela dibetsa tsa bone tsa ntwa, go ya jaaka ka fa bakaulengwe ba bone ba dirile, mme ba simolola go nna batho ba tshiamo; mme ba ne ba tsamaya mo ditseleng tsa Morena, mme ba ne ba ela tlhoko go tshegetsa ditaelo tsa gagwe le melawana ya gagwe.

15 Ee, mme ba ne ba tshegetsa molao wa ga Moše; gonne go ne go tlhokafala gore ba tshegetse molao wa ga Moše go sale jalo, gonne o ne o ise o diragadiwe otlhe. Mme go sa kgathalesege molao wa ga Moše, ba ne ba lebela kwa pele kwa go tleng ga ga Keresete, ba tseela gore molao wa ga Moše e ne e le mofuta wa go tla ga gagwe, mme ba dumela gore ba tshwanetse ba tshegetsa ditiragatso tseo tsa kwa ntle go fitlhelela nako e a tlaa senolwang go bone.

16 Mme jaanong ba ne ba sa gopole gore poloko e tlile ka molao wa ga Moše; mme molao wa ga Moše o ne wa dira go nonotsha tumelo ya bone mo go Keresete; mme jalo ba ne ba nna le tsholofelo ka tumelo, go poloko ya bosakhutleng, ba ikantse mowa wa seporofiti, o o buileng ka dilo tseo tse di tlaa tlang.

17 Mme jaanong bonang, Amone, le Arone, le Omona, le Himonae, le bakaulengwe ba bone ba ne ba ipela mo go feteletseng, ka ntlha ya go kgona mo ba nnileng le gone gareng ga Baleimene, ba bona gore Morena o neile go bone go ya ka fa dithapelong tsa bone, le gore o ne a netefaditse lefoko la gagwe go bone ka mekgwa yotlhe.