Scriptures
Mosaeya 25


Kgaolo 25

Dikokomana tsa ga Miuleke kwa Sarahemola ba nna Banifae—Ba ithuta ka ga batho ba ga Alema le ba ga Sinifo—Alema o kolobetsa Limohae le batho botlhe ba gagwe—Mosaeya o naya Alema taolo go rulaganya Kereke ya Modimo. E ka nna dingwaga di le 120 pele ga ga Keresetse.

1 Mme jaanong kgosi Mosaeya a dira gore batho botlhe ba kgobokane mmogo.

2 Jaanong go ne go se bontsi jwa bana ba ga Nifae, kgotsa bontsi jwa ba e neng e le dikokomana tsa ga Nifae, jaaka go ne go le jwa batho ba ga Sarahemola, yo e neng e le kokomana ya ga Miuleke, le ba ba tlileng le ene mo nageng.

3 Mme go ne go se bontsi jwa batho ba ga Nifae le batho ba ga Sarahemola jaaka go ne go le jwa Baleimene; ee, ba ne ba se sephatlo sa bontsi jo bo kalo.

4 Mme jaanong batho botlhe ba ga Nifae ba ne ba kgobokanye mmogo, mme gape le batho ba ga Sarahemola, mme ba ne ba kgobokanye mmogo ka ditlhopha tse pedi.

5 Mme go ne ga diragala gore Mosaeya a bala, le go dira gore go balwe, dipego tse di kwadilweng tsa ga Sinifo go batho ba gagwe; ee, o ne a bala dipego tse di kwadilweng tsa batho ba ga Sinifo, go tswa nakong e ba neng ba tlogela lefatshe la Sarahemola go fitlhelela ba boa gape.

6 Mme o ne gape a bala pego ya ga Alema le bakaulengwe ba gagwe, le dipogisego tsotlhe tsa bone, go tswa nakong e ba neng ba tlogela lefatshe la Sarahemola go fitlhelela nako e ba neng ba boa gape.

7 Mme jaanong, fa Mosaeya a sena go dira bokhutlo jwa go bala dipego tse di kwadilweng, batho ba gagwe ba ba neng ba setse mo lefatsheng ba ne ba tsenwa ke kgakgamalo le tseano.

8 Gonne ba ne ba sa itse gore ba akanye eng; gonne fa ba bona bao ba ba neng ba gololwa mo bokgobeng ba ne ba tlala boipelo jo bogolo mo go feteletseng.

9 Mme gape, fa ba akanya ka bakaulengwe ba bone ba ba neng ba bolaiwa ke Baleimene ba ne ba tlala ka kutlobotlhoko, mme le tota ba tsholola dikeledi tse dintsi tsa kutlobotlhoko.

10 Mme gape, fa ba akanya ka bofefo jwa bomolemo jwa Modimo, le thata ya gagwe mo go gololeng Alema le bakaulengwe ba gagwe go tswa mo diatleng tsa Baleimene le mo bokgobeng, ba ne ba tsholetsa mantswe a bone mme ba naya malebogo go Modimo.

11 Mme gape, fa ba akanya ka Baleimene, ba e neng e le bakaulengwe ba bone, ka seemo sa bone sa sebe le se se kgotletsweng, ba ne ba tlala ditlhabi le botlhoko le tshwenyego, ka ntlha ya boitekanelo jwa botho jwa bone.

12 Mme go ne ga diragala gore bao ba ba neng e le bana ba ga Emiulone le bakaulengwe ba gagwe, ba ba neng ba tsere go nna basadi barwadia Baleimene, ba ne ba sa itumedisiwa ke maitsholo a borraabo, mme ba ne ba ka seka ba tlhola ba bidiwa ka maina a borraabo, jalo he ba ne ba tsaya mo go bone leina la ga Nifae, gore ba ka tla ba bidiwa bana ba ga Nifae le go balelwa mo go bao ba ba neng ba bidiwa Banifae.

13 Mme jaanong batho botlhe ba Sarahemola ba ne ba balelwa le Banifae, mme se ka ntlha ya gore bogosi bo ne bo sa tlhomiwe mo go ope mme bao ba e neng e le dikokomana tsa ga Nifae.

14 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa Mosaeya a sena go dira bokhutlo jwa go bua le go balela batho, a eletsa gore Alema le ene a bue le batho.

15 Mme Alema o ne a bua le bone, fa ba ne ba phuthagane mmogo mo ditlhopheng tse di kgolo, mme a ya go tswa mo setlhopheng sengwe go ya kwa go se sengwe, a rerela batho boikotlhao le tumelo mo Moreneng.

16 Mme o ne a rotloetsa batho ba ga Limohae le bakaulengwe ba gagwe, botlhe bao ba ba neng ba golotswe go tswa mo bokgobeng, gore ba gakologelwe gore e ne e le Morena yo o neng a ba golola.

17 Mme go ne ga diragala gore morago ga Alema a sena go ruta batho dilo tse dintsi, mme a dirile bokhutlo jwa go bua le bone, gore kgosi Limohae o ne a eletsa gore o ka kolobediwa; le batho ba gagwe botlhe ba neng ba eletsa gore le bone ba ka kolobediwa.

18 Jalo he, Alema o ne a ya pele mo metsing mme a ba kolobetsa; ee, o ne a ba kolobetsa morago ga mokgwa o a neng a dira bakaulengwe ba gagwe mo metsing a Momone; ee, mme fela jalo bontsi jotlhe jo a neng a bo kolobetsa ba ne ba nna ba kereke ya Modimo; mme se ka ntlha ya tumelo ya bone mo mafokong a ga Alema.

19 Mme go ne ga diragala gore kgosi Mosaeya a neela Alema gore o ka tlhoma dikereke mo lefatsheng lotlhe la Sarahemola; mme a mo fa thata go tlhoma baperesiti le baruti godimo ga kereke nngwe le nngwe.

20 Jaanong se se ne sa dirwa ka ntlha ya gore go ne gole batho ba le bantsi thata mo ba neng botlhe ba ka seka ba laolwa ke moruti a le mongwe; le e seng gore botlhe ba ne ba ka utlwa lefoko la Modimo mo phuthegong e le nngwe;

21 Jalo he ba ne ba ikgobokanya mmogo ka ditlhopha tse di farologanyeng, di bidiwa dikereke; kereke nngwe le nngwe e na le baperesiti ba yone le baruti ba yone, mme moperesiti mongwe le mongwe a rera lefoko go ya ka fa le neng le neilwe go ene ka molomo wa ga Alema.

22 Mme jalo, go sa kgathalesege go ne go le dikereke tse dintsi, di ne tsotlhe e le kereke e le nngwe, ee, le tota kereke ya Modimo; gonne go ne go se sepe se se rerwang mo dikerekeng kwa ntle ga e ne e le boikotlhao le tumelo mo Modimong.

23 Mme jaanong go ne go le dikereke di le supa mo lefatsheng la Sarahemola. Mme go ne ga diragala gore mang le mang yo o neng a eletsa go tsaya leina la ga Keresete, kgotsa la Modimo, ba ne ba tsena dikereke tsa Modimo;

24 Mme ba ne ba bidiwa batho ba Modimo. Mme Morena o ne a tshololela Mowa wa gagwe mo go bone, mme ba ne ba segofadiwa, mme ba tswelela mo lefatsheng.