2018
Dilo tse Tlhano tse Bareetsi ba ba molemo ba di Dirang
Seetebosigo 2018


Setshwantsho
Two young women talking

Melawana ya go Direla, Seetebosigo 2018

Dilo tse Tlhano tse Bareetsi ba ba molemo ba di Dirang

Go reetsa ka nnete go tlaa go thusa go itse gore o ka thusa jang matlhoko a semowa le a lobaka lono fela a ba bangwe jaaka Mmoloki a ka dira.

Mogolwane Jeffrey R. Holland wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi a re: “Gongwe mo go botlhokwa le go feta go bua ke go reetsa. … Fa re reetsa ka lorato, ga re kake ra ipotsa ka se re ka se buang. Re tlaa se neelwa—ka Mowa.’’1

Go reetsa ke boitsaanape jo re ka bo ithutang. Go reeetsa go supa lorato go ba bangwe, go thusa go aga botsalano jo bo nonofileng, le go laletsa Mowa go re segofatsa ka mpho ya go lemoga go re thusa go tlhaloganya matlhoko a ba bangwe.2 Fano ke ditsela tse tlhano tse re ka tokafatsang ka fa re reetsang ka teng.

1. Ba Neele Nako

Batho ba bantsi ba tlhoka nako go kgobokanya dikakanyo tsa bone pele ba bua. Ba neele nako ya gotlhe go akanya pele le morago ga ba sena go bua sengwe (bona James 1:19). Fela ka ntlha ya gore ba feditse go bua ga go reye gore ba buile tsotlhe tse ba batlang go di bua. O seka wa tshaba tididimalo (bona Jobe 2:11–3:11 le Alema 18:14–16).

2. Elatlhoko

Re akanya ka bofefo go na le ba ba buang. Fenya thaelesego ya go tsaya tswetso kana go akanyetsa ko pele ka se o tlaa se buang fa ba fetsa (bona Diane 18:13). Ke gone, reetsa ka maikaelelo a go tlhaloganya. Phetolo ya gago e tlaa nna botoka ka gonne e tlaa bo e na le go tlhaloganya mo go golo.

3. Tlhalosa

O seka wa tshaba go botsa dipotso tse di tlhalosang se o neng o sa se tlhaloganyeng (bona Mareko 9:32). Go tlhaloso go fokotsa go tlhoka go tlhaloganya e bile go supa kgatlhego ya gago mo go se se buiwang.

4. Tlhatlhanya

Bua ka mafoko a gago se o se utlwileng le kafa o tlhaloganyang yo mongwe ka teng. Se se ba thusa go itse gore a ba tlhalogantswe le go ba neela tshono ya go tlhalosa.

5. Batla Neelano

O ka ne o sa dumalane le sengwe le sengwe se se buiwang, mme dumalana le seo ka se o se kgonang o sa tlhakatlhakanye maikutlo a gago. Go nna le tumalano go ka thusa go rarabolola tlhakatlhakano le kganetsano (bona Mathaio 5:25).

Moporesidente Russell M. Nelson o rutile gore re tshwanetse “go ithuta go reetsa, le go reetsa go ithuta go ba bangwe.”3 Fa o reetsa ka maikaelelo a go ithuta ka ga ba bangwe, o tlaa nna mo maemong a a botoka go tlhaloganya matlhoko a bone le go reetsa tlhotlheletso ya gore o ka tlhokomela jang ba ba go dikaganyeditseng jaaka Mmoloki a ka dira.

Go Reetsa go Lorato

Polelo go tswa go Morgolwane Holland e supa maatla a go reetsa:

“Tsala ya me Troy Russell a goga koloi ya gagwe ka bonya go tswa mo ntlung ya koloi. … A utlwa leotwana la gagwe la morago le gata sengwe. … A tswela kwantle a fitlhela morwae yoo dingwaga di boferabongwe, Austen, a rapaletse ka sefatlhogo fa fatshe mo bodilong. … Austen one a re tlogetse.

“A palelwa ke go robala, a palelwa ke go bona kagiso, Troy o ne a sa gomotsege. … Mme mo matshenyegong a ga tla … John Manning. …

“Ga ke itse gore mo lenaneong le fe John le mopati wa gagwe yo mmotlana ba etela lolwapa lwa ga Russell. … Se ke se itseng ke gore ka paka ya dikgakolgo ee fitileng Manning o ne a tsholetsa Troy Russell mo kotsing ya tsela fela jaaka e kare o tsholetsa Austen ka boene Jaaka … mokaulengwe mo efangeleng a ne a tshwanetse go nna, John a tsaya tlhokomelo ya boperesiti le go tshegetsa Troy Russell. A simolola ka gore, ‘Troy, Austen o go batla o eme ka dinao tsa gago—go akaretsa go tshameka kgwele ya diatla mo lobaleng—jalo ke tlaa nna teng moso mongwe le mongwe ka 5:15 a.m. O ipaakanye. …’

“‘Kene ke sa batle go tsamaya, ‘Troy a mpolelela morago, ‘gonne kene ke nna ke tsamaya le Austen. … Mme John a ntlama, ka tsamaya. Go tloga letsatsi leo go ya kwa morago, ra bua—kana ke kare ka bua mme John a reetsa. … Lantlha gone gole dingalo, mme fa nako e ntse e tsamaya ka lemoga fa ke bone nonofo ya me mo boemong jwa ga [John Manning], yo a neng a nthata mme a ntheetsa go fitlhelela ke bona lesedi gape mo botshelong jwa me.’”4

Dintlha

  1. Jeffrey R. Holland, “Witnesses unto Me,” Liahona, July 2001, 16.

  2. Bona David A. Bednar, in “Panel Discussion” (worldwide leadership training meeting, Nov. 2010), broadcasts.lds.org.

  3. Russell M. Nelson, “Listen to Learn,” Ensign, May 1991, 23.

  4. Jeffrey R. Holland, “Emissaries to the Church,” Liahona, Nov. 2016, 62, 67.