Ditlhomo le Dikanamiso
Mekwalwana ya Tumelo


Mekwalwana ya Tumelo
ya Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo

1 Re dumela mo Modimong, Rara wa Bosakhutleng, le mo go Morwaagwe, Jeso Keresete, le mo Moweng o o Boitshepo.

2 Re dumela gore batho ba tla a otlhaelwa dibe tsa bone, mme eseng tlolomolao ya ga Atamo.

3 Re dumela gore goeng ka Tefo ya ga Keresete, batho botlhe ba ka nna ba bolokwa, ka go obamela melao le ditlhomo tsa Efangele.

4 Re dumela gore melawana ya ntlha le ditlhomo tsa Efangele ke: wa ntlha, Tumelo mo go Morena Jeso Keresete; wa bobedi, Boikotlhao; wa boraro, Kolobetso ka go tibisiwa go amogela boitshwarelo jwa dibe; wa bone, go bewa diatla go amogela mpho ya Mowa o o Boitshepo.

5 Re dumela gore motho o tshwanetse go bidiwa ke Modimo, ka seporofeto, le ka go bewa diatla ke bao ba banang le tetla, go rera Efangele le go direla mo ditlhomong tseo.

6 Re dumela mo thulaganong e e tshwanang le ya Kereke e neng ele teng ya Bogologolo, e e bidiwang, baaposetole, baporofiti, baruti, barutintshi, baefangedi, le jalo jalo.

7 Re dumela mo neong ya diteme, seporofeto, tshenolo, dipono, phodiso, thanolo ya diteme, lejalo jalo.

8 Re dumela Baebele e le lefoko la Modimo fela fa e ranolotswe sentle; gape re dumela Buka ya ga Momone gore ke lefoko la Modimo.

9 Re dumela tsotlhe tse Modimo a di senotseng, tsotlhe tse a di senolang jaanong, mme re dumela gore o tla senola gole gontsi mogogolo le dilo tsedi botlhokwa tse di amang Bogosi jwa Modimo.

10 Re dumela mo go kokoaneng ga Iseraele le mo tsosolosong ya Merafe e e Lesome; gore Sione (Jerusalema yo Mosha) o tla agiwa mo khonthinenteng ya Amerika; gore Keresete o tlaa busa ka boene mo lefatsheng; le, gore lefatshe le tlaa shafadiwa le go amogela kgalalelo ya parataese.

11 Re tsaya tshono ya kobamelo Modimo Mothatayotlhe go yeng ka tlhotlheletso ya segakolodi sa rona, le go letlelela batho botlhe tshono e e tshwanang, gore ba dira kobamelo ya bone jang, kae, kgotsa e le eng.

12 Re dumela mo gonne ka fa tlase ga dikgosi, boporesidente, babusi, le boramelao, mo go obameleng, go tlotleng, le go ema nokeng molao.

13 Re dumela mo go nneng boikanyego, boammaaruri, boitshoko, bopelontle, bosiami, le godira molemo go batho botlhe; tota, re ka re re sala morago dikgakololo tsa ga Paulo—Re dumela dilo tsotlhe, re solofela dilo tsotlhe, re itshokela go fitlhelela dilong tse dintsi, le go solofela go kgona go itshokela go fitlhelela dilo tsotlhe. Fa go nale le sengwe sa bomolemo, se se rategang, kgotsa sa pego e e molemo kgotsa e e bakesegang, re a di senka dilo tse.

Joseph Smith.