Scriptures
2 Nifae 30


Kgaolo 30

Baditšhaba ba ba sokologileng ba tlaa balelwa le batho ba kgolagano—Baleimene ba le bantsi le Bajuta ba tlaa dumela mo lefokong mme ba tlaa kgatlhisa—Iseraele o tlaa tsosoloswa mme baleofi ba tlaa senngwa. E ka nna dingwaga di le 559 go ya go di le 545 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong bonang, bakaulengwe ba me ba ba rategang, ke tlaa bua le lona; gonne nna, Nifae, ga ke na ke letlelela gore le gopole gore le siame go feta jaaka Baditšhaba ba tlaa nna. Gonne bonang, fa e se le ka tshegetsa ditaelo tsa Modimo, lo tlaa nyelela fela jalo; mme ka ntlha ya mafoko a a builweng, ga lo tlhoke go gopola gore Baditšhaba ba nyeleditswe gotlhelele.

2 Gonne bonang, ka re go lona gore go lekana le bontsi ja Baditšhaba jo bo tlaa ikotlhayang ke batho ba kgolagano ya Morena; mme go lekana le bontsi ja Bajuta jo bo tlaa se ikotlhaeng ba tlaa kgaolwa; gonne Morena ga a golagane le ope fa e se le bone ba ba ikotlhayang le go dumela mo go Morwawe, yo e leng Moitshephi wa Iseraele.

3 Mme jaanong, ke tlaa porofita ka selekanyo sengwe go feta mabapi le Bajuta le Baditšhaba. Gonne morago ga buka e ke buileng ka ga yone e tlaa tla pele, mme e kwalelwe go Baditšhaba, le go kanwa gape go Morena, go tlaa nna le bontsi jo bo tlaa dumelang mafoko a a kwadilweng; mme ba tlaa a tseela pele go masalela a peo ya rona.

4 Mme jaanong foo masalela a peo ya rona a tlaa itse mabapi le rona, gore re dule jang go tswa Jerusalema, le gore ke dikokomana tsa Bajuta.

5 Mme efangele ya ga Jesu Keresete e tlaa a begwa gareng ga bone; ka jalo he, ba tlaa busetswa mo kitsong ya borraabo, le gape mo kitsong ya ga Jesu Keresete, e e neng e le teng gareng ga borraabo.

6 Mme jaanong foo ba tlaa ipela; gonne ba tlaa itse gore ke masego mo go bone go tswa mo seatleng sa Modimo; mme makape a bone a lefifi a tlaa simolola go wa go tswa mo matlhong a bone; mme bontsi jwa ditshika ga bo kitla bo feta gareng ga bone, fa e se e tlaa bo e le batho ba ba itshekileng ba ba kgatlhisang.

7 Mme go tlaa diragala gore Bajuta ba ba phatlaletseng le bone ba tlaa simolola go dumela mo go Keresete; mme ba tlaa simolola go kgobokana mo sefatlhogong sa lefatshe; mme go lekana le bontsi jo bo tlaa dumelang mo go Keresete, ba tlaa nna gape batho ba ba kgatlhisang.

8 Mme go tlaa diragala gore Morena Modimo a simolole tiro ya gagwe gareng ga ditšhaba tsotlhe, lotso, diteme, le batho, go tsisa tsosoloso ya batho ba gagwe mo lefatsheng.

9 Mme ka tshiamo Morena Modimo o tlaa atlhola bahumanegi, le go kgalema ka tekatekano go ba ba bonolo ba lefatshe. Mme o tlaa itaya lefatshe ka thobane ya molomo wa gagwe; mme ka mowa wa go hema ga dipounama tsa gagwe o tlaa bolaya baleofi.

10 Gonne nako e etla ka bofefo fa Morena Modimo a tlaa diragatsang kgaogano e kgolo gareng ga batho, mme baleofi o tlaa ba senya; mme o tlaa babalela batho ba gagwe, ee, le fa e ka nna gore a nyeletse baleofi ka molelo.

11 Mme tshiamo e tlaa nna moitlamo wa dinoka tsa gagwe, mme boikanyego e tlaa nna moitlamo wa diphilo tsa gagwe.

12 Mme jaanong foo phiri e tlaa nna le kwanyana; mme nkwe e tlaa rapama fa fatshe le potsane, le namane, le tawana, le legwere, mmogo; mme ngwana yo monnye o tlaa di etelela pele.

13 Mme kgomo e namagadi le bera di tlaa ja; bana ba tsone ba tlaa rapama fa fatshe mmogo; mme tau e tlaa ja letlhaka jaaka pholo.

14 Mme ngwana yo o anyang o tlaa tshamekela mo mosimeng wa shaushawana, mme ngwana yo o kgwesitsweng o tlaa tsenya seatla sa gagwe mo godimo ga mosima wa kake.

15 Ga di kitla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepho; gonne lefatshe le tla bo le tletse kitso ya Morena jaaka metsi a khurumetsa lewatle.

16 Ka jalo he, dilo tsa ditšhaba tsotlhe di tlaa itsisiwa; ee, dilo tsotlhe di tlaa itsisiwa go bana ba batho.

17 Ga go na sepe se e leng sephiri fa e se se tlaa senolwa, ga gona tiro ya lefifi fa e se e tlaa supiwa mo leseding; mme ga gona sepe se se kannweng mo lefatsheng se se ka sekeng se bofololwa.

18 Ka jalo he, dilo tsotlhe tse di senotsweng go bana ba batho di tlaa senolwa ka letsatsi leo; mme Satane ga a kitla a tlhola a nna le thata mo dipelong tsa bana ba batho, mo sebakeng se se leele. Mme jaanong bakaulengwe ba me ba ba rategang, ke dira bokhutlo jwa go bua ga me.