Scriptures
2 Nifae 5


Kgaolo 5

Banifae ba itlhaola go tswa mo go Baleimene, ba tshegetsa molao wa ga Moše, mme ba aga tempele—Ka ntlha ya tlhoka tumelo ya bone, Baleimene ba kgaolwa fa pele ga Morena, ba a futsiwa, mme ba nna petso go Banifae. E ka nna dingwaga di le 588 go ya go di le 559 pele ga ga Keresete.

1 Bonang, go ne ga diragala gore nna, Nifae, ke ne ka lela thata go Morena Modimo wa me ka ntlha ya tšhakgalo ya baukalengwe ba me.

2 Mme bonang, tšhakgalo ya bone e ne ya oketsega kgatlhanong le nna, mo ba neng ba batla go tsaya botshelo jwa me.

3 Ee, ba ne ba ngunanguna kgatlhanong le nna, ba re: Monnaarona o akanya go busa mo godimo ga rona; mme re nnile le teko e ntsi ka ntlha ya gagwe; ka jalo he, jaanong a re mmolayeng, gore re seka ra bogisiwa go feta ka ntlha ya mafoko a gagwe. Gonne bonang, ga re kitla re nna le ene go nna mmusi wa rona; gonne ke ga rona, ba re leng bakaulengwe ba batona go busa godimo ga batho ba.

4 Jaanong ga ke kwale mo dipapetlaneng tse mafoko otlhe a ba neng ba a ngunanguna kgatlhanong le nna. Mme go ntekanye, gore ke re ba ne ba batla go tsaya botshelo jwa me.

5 Mme go ne ga diragala gore Morena o ne a ntlhagisa, gore nna, Nifae, ke tswe fa go bone mme ke tshabele mo nageng, le botlhe ba ba tlaa tsamayang le nna.

6 Ka jalo he, go ne ga diragala gore nna, Nifae, ke ne ka tsaya balelwapa la me, ga mmogo le Soramo le balelwapa la gagwe, le Seme, morwarre yo motona le balelwapa la gagwe, le Jakobe le Josefe bakaulengwe ba me ba ba botlana, ga mmogo le bokgaitsadiake, le botlhe bao ba ba batlang go tsamaya le nna. Mme botlhe bao ba ba batlang go tsamaya le nna e ne e le bao ba ba dumelang mo ditlhagisong le ditshenolo tsa Modimo; ka jalo he, ba ne ba obamela mafoko a me.

7 Mme re ne ra tsaya ditante tsa rona le dilo dingwe le dingwe tse di neng di kgonega mo go rona, mme ra tsaya loeto mo nageng ka sebaka sa malatsi a le mantsi. Mme morago ga re sena go tsamaya sebaka sa malatsi a le mantsi re ne ra tlhoma ditante tsa rona.

8 Mme batho ba me ba re re bitse leina la lefelo Nifae; ka jalo he, re ne ra le bitsa Nifae.

9 Mme botlhe ba ba neng ba na le nna ba ne ba tsaya mo go bone go ipitsa batho ba ga Nifae.

10 Mme re ne ra ela tlhoko go tshegetsa dikatlholo, le melawana, le ditaelo tsa Morena mo dilong tsotlhe, go ya ka fa molaong wa ga Moše.

11 Mme Morena o ne a na le rona; mme re ne ra tswelela mo go feteletseng; gonne re ne ra jwala peo, mme re ne ra roba gape ka letlotlo. Mme ra simolola go rua matsomane le matlhape, le diphologolo tsa mefuta yotlhe.

12 Mme nna, Nifae, ke ne gape ke tlile ka dipego tse di kwadilweng tse di neng di gabilwe mo dipapetlaneng tsa borase; ga mmogo le bolo, kgotsa tshupatsela, e e neng e baakanyeditswe ntate ka seatla sa Morena, go ya ka fa go se se kwadilweng.

13 Mme go ne ga diragala gore re simolole go tswelela mo go feteletseng, le go oketsega mo lefatsheng.

14 Mme, nna, Nifae, ke ne ka tsaya tšhaka ya ga Labane, mme morago ga mokgwa wa yone ka dira ditšhaka tse dintsi, e se re kgotsa ka mokgwa mongwe batho ba ba neng jaanong ba bidiwa Baleimene ba ka tla ba re tlhasela mme ba re senya; gonne ke ne ke itse letlhoo la bone mo go nna le bongwanake le ba ba neng ba bidiwa batho ba me.

15 Mme ke ne ka ruta batho ba me go aga dikago, le go dira ka mekgwa yotlhe ya logong, le ya tshipi, le ya kopore, le ya borase, le ya tshipi e e phepafaditsweng le ya gauta, le ya selefera, le ya marale a a botlhokwa tse di neng di le letlotlo le legolo.

16 Mme nna, Nifae, ke ne ka aga tempele; mme ke ne ka e aga morago ga mokgwa wa tempele ya ga Solomone fa e se fela gore e ne e sa agwa ka dilo tse dintsi jaana tsa botlhokwa; gonne di ne di sa kake tsa bonwa mo lefatsheng; ka jalo he, e ne e ka seka ya agwa jaaka tempele ya ga Solomone. Mme mokgwa wa kago o ne o tshwana le wa tempele ya ga Solomone; mme modiro wa yone o ne o le matsetseleko a a feteletseng.

17 Mme go ne ga diragala gore nna, Nifae, ke dire gore batho ba me ba nne tlhaga, le gore ba dire ka diatla tsa bone.

18 Mme go ne ga diragala gore ba batle gore ke ka nna kgosi ya bone. Mme nna, Nifae, ke ne ke eletsa gore ba seka ba nna le kgosi; le fa go ntse jalo, ke ne ka ba direla go ya ka fa go se se neng se le mo thateng ya me.

19 Mme bonang, mafoko a Morena a ne a diragaditswe go bakaulengwe ba me, a a neng a a bua ka ga bone, gore ke tlaa nna mmusi wa bone le moruti wa bone. Ka jalo he, ke ne ke le mmusi wa bone le moruti wa bone, go ya ka fa ditaelong tsa Morena, go fitlhelela nako e ba neng ba batla go tsaya botshelo jwa me.

20 Ka jalo he, lefoko la Morena le ne le diragaditswe le a neng a le bua mo go nna, a re gore: Go lekana le jaaka ba tlaa seke ba obamele go mafoko a gago, ba tlaa kgaolwa fa pele ga Morena. Mme bonang, ba ne ba kgaolwa fa tlase ga gagwe.

21 Mme o ne a dira gore khutsego e tle mo go bone, ee, le tota khutsego e e botlhoko, ka ntlha ya boikepi jwa bone. Gonne bonang, ba ne ba thatafaditse dipelo tsa bone kgatlhanong le ene, gore ba ne ba tla go nna jaaka legakwa; ka jalo he, ka ba ne ba le basweu, e bile ba le bantle mo go feteletseng le go kgatlhisa, gore ba ka tla ba seka ba okisa go batho ba me Morena Modimo o ne a dira letlalo la bontsho go tla mo go bone.

22 Mme go bua jalo Morena Modimo: Ke tlaa dira gore ba nne ba tenang go batho ba gago, fa e se fa ba ka ikotlhaela boikepi jwa bone.

23 Mme khutsego e tlaa nna peo ya gagwe yo o tlaa tlhakanang le peo ya bone; gonne ba tlaa hutsiwa le ka khutsego e e tshwanang. Mme Morena o ne a bua se, mme sa diragatswa.

24 Mme ka ntlha ya khutsego ya bone e e neng e le mo go bone ba ne ba nna batho ba ba ditshwakga, ba tletse tshenyo le boferefere, mme ba tsoma mo nageng diphologolo tsa letsomo.

25 Mme Morena Modimo o ne a nthaya a re: Ba tlaa nna petso go peo ya gago, go ba fuduwa mo go nkgakologelweng; mme go lekana le jaaka ba ka seka ba nkgakologelwa, le go obamela mafoko a me, ba tlaa ba kgwathisa le go ya tshenyegong.

26 Mme go ne ga diragala gore nna, Nifae, ke ne ka tlhoma Jakobe le Josefe, gore e nne baperesiti le baruti mo lefatsheng la batho ba me.

27 Mme go ne ga diragala gore re ne re tshela morago ga mokgwa wa boitumelo.

28 Mme dingwaga di le masome a mararo di ne di fetile go tswa kwa nakong ya re tlogela Jerusalema.

29 Mme nna, Nifae, ke ne ke beile dipego tse di kwadilweng mo dipapetlaneng tsa me, tse ke neng ke di dirile, tsa batho ba me go fitlha fa.

30 Mme go ne ga diragala gore Morena Modimo a re go nna: Dira dipapetlana tse dingwe; mme o tlaa gaba dilo di le dintsi mo go tsone tse di molemo fa pele ga pono ya me, go nna poelo ya batho ba gago.

31 Ka jalo he, nna, Nifae, go obamela ditaelo tsa Morena, ka tsamaya mme ka dira dipapetlana tse mo go tsone ke gabileng dilo tse.

32 Mme ke gabile tseo tse di itumedisang go Modimo. Mme fa batho ba me ba itumedisiwa ke dilo tsa Modimo ba tlaa itumedisiwa ke megabo ya me e e mo dipapetlaneng tse.

33 Mme fa batho ba me ba eletsa go itse karolo e bogolo jang e leng ya ditso tsa batho ba me ba tshwanelwa ke go sekaseka dipapetlana tse dingwe tsa me.

34 Mme nna go ntekane gore ke re dingwaga di le masome a mane di fetile, mme re setse re nnile le dintwa le dikomano le bakaulengwe ba rona.