Scriptures
Alema 33


Kgaolo 33

Sinose o ne a ruta gore batho ba tshwanetse go rapela le go obamela mo mafelong otlhe, le gore dikatlholo di a busiwa ka ntlha ya Morwa—Sinoko o ne a ruta gore kutlwelobotlhoko e bewa ka ntlha ya Morwa—Moše o ne a tsholeditse mo nageng mofuta wa Morwa Modimo. E ka nna dingwaga di le 74 pele ga ga Keresete.

1 Jaanong fa Alema a sena go bua mafoko a, ba ne ba romela kwa go ene ba eletsa go itse gore a ba tshwanetse go dumela mo Modimong o le mongwe, gore ba tle ba tseye leungo le ka ga lone a neng a buile, kgotsa gore ba ka jwala peo jang, kgotsa lefoko le ka ga lone a neng a buile, le a neng a rile le jwalwe mo dipelong tsa bone; kgotsa gore ba tshwanetse go simolola go dirisa tumelo ka mokgwa ofe.

2 Mme Alema a ba raya a re: Bonang, lo rile ga le kgone go obamela Modimo wa lona ka ntlha ya gore lo kobilwe go tswa mo disenagogeng tsa lona. Mme bonang, ka re go lona, fa e le gore lo gopola gore ga lo kake lwa obamela Modimo, le fosa mo go golo, mme lo tshwanetse go sekaseka mafoko a Modimo a a kwadilweng; fa e le gore lo gopola gore a le rutile se, ga lo a tlhaloganye.

3 A lo gakologelwa lo kile lwa bala se Sinose, moporofiti wa bogologolo, a se buileng mabapi le thapelo kgotsa kobamelo?

4 Gonne o ne a re: Wena o mautlwelobotlhoko, O Modimo, gonne o utlwile thapelo ya me, le fa ke ne ke le mo nageng tota; ee, o ne o le mautlwelobotlhoko fa ke rapela mabapi le bao ba e neng e le baba ba me, mme o ne wa ba phetsolela kwa go nna.

5 Ee, O Modimo, mme o ne wa nna mautlwelobotlhoko fa ke lelela kwa go wena fa ke ne ke le mo tshimong ya me; fa ke ne ke lelela go wena mo thapelong, mme o ne wa nkutlwa.

6 Mme gape, O Modimo, fa ke ne ke ya kwa ntlong ya me o ne wa utlwa thapelo ya me.

7 Mme fa ke ne ke ya kwa ntlwaneng ya me, O Morena, mme ka rapela go wena, o ne wa nkutlwa.

8 Ee, o mautlwelobotlhoko mo baneng ba gago fa ba lelela go wena, go utlwiwa ke wena mme e seng ke batho, mme o tlaa ba utlwa.

9 Ee, O Modimo, o nnile mautlwelobotlhoko mo go nna, mme wa utlwa selelo sa me mo gareng ga phuthego ya gago.

10 Ee, mme o ne wa nkutlwa gape fa ke ne ke kobetswe kwa ntle mme ke lebelwa tlase ke baba ba me; ee, o ne wa utlwa selelo sa me, mme wa šhakgalela baba ba me, mme o ne wa ba etela mo tšhakgalong ya gago ka tshenyo e e bofefo.

11 Mme o ne wa nkutlwa ka ntlha ya dipogisego tsa me le boikanyego jwa me; mme ke ka ntlha ya Morwao gore o bo o nnile mautlwelobotlhoko jalo mo go nna, jalo he ke tlaa lelela go wena mo dipogisegong tsotlhe tsa me, gonne mo go wena go boipelo jwa me; gonne o fetotse dikatlholo tsa gago go tswa mo go nna, ka ntlha ya Morwao.

12 Mme jaanong Alema a ba raya a re: A lo dumela mafoko ao a Modimo a a kwadilweng ke bone ba bogologolo?

13 Bonang, fa lo dumela, lo tshwanetse go dumela se Sinose a se buileng; gonne bonang, o ne a re: Wena o fetotse dikatlholo tsa gago ka ntlha ya Morwao.

14 Jaanong bonang, bakaulengwe ba me, ke tlaa botsa fa lo badile mafoko a Modimo a a kwadilweng? Fa lo dirile, lo ka tlhoka go dumela jang mo go Morwa Modimo?

15 Gonne ga go a kwalwa gore Sinose a le nosi o buile ka ga dilo tse, mme Sinoko le ene o buile ka dilo tse—

16 Gonne bonang, o rile: O galefile, O Morena, o galefetse batho ba, ka ntlha ya gore ga ba a tlhaloganya mautlwelobothoko a gago a o a beileng mo go bone ka ntlha ya Morwao.

17 Mme jaanong, bakaulengwe ba me, lo bona gore moporofiti wa bobedi wa bogologolo o pakile ka ga Morwa Modimo, mme ka ntlha ya gore batho ba ne ba sa tlhaloganye mafoko a gagwe ba ne ba mo kgobotletsa ka matlapa go ya losong.

18 Mme bonang, se ga se gotlhe; ba ga se bone fela ba ba buileng ka ga Morwa Modimo.

19 Bonang, o ne a buiwa ke Moše; ee, mme bonang sekao se ne sa emelediwa mo nageng, gore mang le mang yo o tlaa se lebang o ka tshela. Mme bontsi ba ne ba leba mme ba tshela.

20 Mme ba se kae ba ne ba tlhaloganya bokao jwa dilo tseo, mme se ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa bone. Mme go ne go le ba le bantsi ba ba neng ba thatafetse mo e leng gore ba ne ba seka ba leba, jalo he ba ne ba nyelela. Jaanong lebaka la gore ba ne ba seka ba leba ke ka ntlha ya gore ba ne ba sa dumele gore go tlaa ba fodisa.

21 O bakaulengwe ba me, fa lo ka fodisiwa fela ka go latlhela matlho a lona gore lo ka tla lwa fola, ga lo kake lwa bona ka bonako, kgotsa lo ka ikanya go thatafatsa dipelo tsa lona mo go tlhoka tumelong mme lo tshwakgafala, gore lo seka lwa latlhela matlho a lona, gore lo ka tla lwa nyelela?

22 Fa e le gore go ntse jalo, khutsafalo e tlaa tla mo go lona; mme fa go sa nna jalo, jaanong foo latlhelang matlho a lona mme lo simolole go dumela mo go Morwa Modimo, gore o tlaa tla go rekolola batho ba gagwe, le gore o tlaa sotlega a ba a a swa go letlanyetsa dibe tsa bone; le gore o tlaa tsoga gape mo baswing, se se tlaa diragatsang tsogo, gore batho botlhe ba tlaa ema fa pele ga gagwe go atlholwa ka letsatsi la bofelo le la katlholo, go ya ka fa ditirong tsa bone.

23 Mme jaanong, bakaulengwe ba me, ke eletsa gore lo jwale lefoko le mo dipelong tsa lona, mme fa le simolola go buduloga le jalo tota le otleng ka tumelo ya lona. Mme bonang, le tlaa nna setlhare, se golela godimo mo go lona go botshelo jo bo senang bokhutlo. Mme jaanong foo a Modimo a neele go lona gore mekgweleo ya lona e tlhofofadiwe, ka boipelo jwa Morwawe. Mme le tse tsotlhe tota lo ka di dira fa lo rata. Amene.