Scriptures
Ethere 3


Kgaolo 3

Morwarraagwe Jarete o bona monwana wa Morena jaaka a kgoma matlapa a a lesome le borataro—Keresete o supa mmele wa gagwe wa mowa go morwarraagwe Jarete—Bao ba ba nang le kitso e e itekanetseng ga ba kake ba bewa go tswa mo teng ga lesire—Diranodi di a ntshiwa go tlisa pego e e kwadilweng ya Sejarete kwa leseding.

1 Mme go ne ga diragala gore morwarraagwe Jarete, (jaanong palo ya dikepe tse di neng di baakantswe e ne e le boroba bobedi) a ye pele kwa thabeng, e ba neng ba e bitsa thaba Shilemo, ka ntlha ya bogodimo jwa yone jo bo feteletseng, mme o ne a nyerisa go tswa mo lefikeng matlapa a mannye a le lesome le borataro; mme a ne a le masweu le go galalela, jaaka galase e e galalelang tota; mme o ne a a tsaya mo seatleng sa gagwe mo setlhoweng sa thaba, mme a lelela gape go Morena, a re:

2 O Morena, o rile re tshwanetse go khurumediwa ke merwalela. Jaanong bona, O Morena, o seka wa šhakgalela motlhanka wa gago ka ntlha ya bokowa jwa gagwe fa pele ga gago; gonne re itse gore o boitshepho e bile o nna mo magodimong, le gore ga re a itekanela fa pele ga gago, ka ntlha ya go wa tlholego ya rona e nnile bosula mo go tsweletseng; le fa go ntse jalo, O Morena, o re file taelo gore re go bitse, gore go tswa mo go wena re ka amogela go ya ka fa dikeletsong tsa rona.

3 Bona, O Morena, o re iteile ka ntlha ya boikepi jwa rona, mme o re kgweeditse pele, mme mo dingwageng tse dintsi tse re ntse re le mo nageng; le fa go ntse jalo, o ntse o le kutlwelobotlhoko go rona. O Morena, leba mo go nna mo bopelotlhomoging, mme o fetole kgalefo ya gago go tswa mo bathong ba ba gago, mme o seka wa letlelela gore ba ka ya pele go kgabaganya boteng jo bo gaketseng jo mo lefifing; mme bona dilo tse tse ke di nyerolotseng go tswa mo lefikeng.

4 Mme ke a itse, O Morena, gore o na le thata yotlhe, mme o ka dira eng le eng se o ratang go poelo ya motho; jalo he kgoma matlapa a, O Morena, ka monwana wa gago, mme o a baakanye gore a ka phatsima pele mo lefifing; mme a tlaa phatsima pele go rona mo dikepeng tse re di baakantseng, gore re ka nna le lesedi fa re tlaa kgabaganya lewatle.

5 Bona, O Morena, wena o ka dira se. Re itse gore wena o kgona go supa pele thata e kgolo, e e lebegang bonnye mo go tlhaloganyeng ga batho.

6 Mme go ne ga diragala gore fa morwarraagwe Jarete a sena go bua mafoko a, bonang, Morena a thapolola pele seatla sa gagwe mme a kgoma matlapa bongwe ka bongwe ka monwana wa gagwe. Mme lesire la tlosiwa go tswa mo matlhong a morwarraagwe Jarete, mme a bona monwana wa Morena; mme o ne o le jaaka monwana wa motho, jaaka go nama le madi; mme morwarraagwe Jarete a wela fa fatshe fa pele ga Morena, gonne o ne a iteilwe ke letshogo.

7 Mme Morena a bona gore morwarraagwe Jarete o ne a wetse fa fatshe; mme Morena a re go ene: ema, ke eng o ole?

8 Mme a re go Morena: Ke bone monwana wa Morena, mme ke boifile e se re kgotsa o tlaa nkitaya; gonne ke ne ke sa itse gore a Morena o na le nama le madi.

9 Mme Morena a re go ene: Ka ntlha ya tumelo ya gago o bone gore ke tlaa tsaya mo go nna nama le madi; mme ga go ise go ke go tle motho fa pele ga me ka tumelo e e feteletseng jaana jaaka o dirile; gonne fa e ne e se jalo o ka bo o sa bona monwana wa me. A o bone go feta mo?

10 Mme a araba: Nnyaa; Morena, itshupe go nna.

11 Mme Morena a re go ene: A o dumela mafoko a ke tlaa a buang?

12 Mme a araba: Ee, Morena, ke itse gore o bua boammaaruri, gonne wena o Modimo wa boammaaruri, mme ga o kake wa aka.

13 Mme fa a sena go bua mafoko a, bonang, Morena a itshupa go ene, mme a re: Ka ntlha ya gore o itse dilo tse o rekolotswe mo go weng; jalo he o busediwa fa pele ga me; jalo he ke itshupa go wena.

14 Bona, ke ene yo o neng a baakantswe go tswa kwa motheong wa lefatshe go rekolola batho ba me. Bona, ke Jesu Keresete. Ke Rara le Morwa. Mo go nna losika lotlhe lwa motho lo tlaa nna le botshelo, mme joo ka bosakhutleng, le bone tota ba ba tlaa dumelang mo leineng la me; mme ba tlaa nna barwaaka le barwadiake.

15 Mme ga ke ise ke ko ke itshupe go motho yo ke mmopileng, gonne ga go ise motho a ke a dumele mo go nna jaaka o dirile. A o bona gore o bopilwe morago ga setshwano sa me? Ee, le batho botlhe tota ba ne ba bopilwe mo tshimologong morago ga setshwano sa me.

16 Bona, mmele o, o jaanong o o bonang, ke mmele wa mowa wa me; mme motho ke mmopile morago ga mmele wa mowa wa me; mme le jaaka ke bonala go wena gore ke mo moweng ke tlaa bonala go batho ba me mo nameng.

17 Mme jaanong, jaaka nna, Moronae, ke rile ga ke kake ka dira pego e e tletseng ya dilo tse tse di kwadilweng, jalo he go ntekane gore ke re Jesu o itshupile go monna yo mo moweng, le tota morago ga mokgwa le mo setshwanong sa mmele oo tshwanang le jaaka a itshupile go Banifae tota.

18 Mme o mo rutile le fela jaaka a rutile Banifae; mme se sotlhe, gore monna yo o ka tla a itse gore e ne e le Modimo, ka ntlha ya ditiro tse dikgolo tse dintsi tse Morena a neng a di supile go ene.

19 Mme ka ntlha ya kitso ya monna yo o ne a ka seka a thibelwa go bona mo teng ga lesire; mme a bona monwana wa ga Jesu, o e rileng fa a o bona, a wa ka poifo; gonne o ne a itse gore e ne e le monwana wa Morena; mme o ne a sa tlhole a na le tumelo, gonne o ne a itse, a sa belaele sepe.

20 Jalo he, a na le kitso e e itekanetseng e ya Modimo, o ne a ka seka a bewa go tswa mo teng ga lesire; jalo he o ne a bona Jesu; mme o ne a mo ruta.

21 Mme go ne ga diragala gore Morena a re go morwarraagwe Jarete: Bona, o seka wa letlelela dilo tse o di boneng le go di utlwa go ya pele go lefatshe, go fitlhelela nako e tla e ke tlaa galaletsang leina la me mo nameng; ka jalo he, o tlaa boloka dilo tse o di boneng le go di utlwa, mme o se di supe go motho ope.

22 Mme bona, fa o tlaa tla go nna, o tlaa di kwala le go di kana, gore motho ope o ka seka a di ranola; gonne o tlaa di kwala ka puo mo di ka sekang tsa balwa.

23 Mme bona, matlapa a mabedi a ke tlaa naya go wena, mme o tla a kana le one le dilo tse o tlaa di kwalang.

24 Gonne bona, puo e o tlaa e kwalang ke e tlhakatlhakantse; ka jalo he ke tlaa dira ka nako ya me e ke e beileng gore matlapa a a tlaa godisa mo matlhong a batho dilo tse tse o tlaa di kwalang.

25 Mme fa Morena a sena go bua mafoko a, a supegetse go morwarraagwe Jarete banni botlhe ba lefatshe ba ba kileng ba nna, le botlhe ba ba tlaa nnang; mme a seka a ba thibela go tswa mo ponong ya gagwe, le go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe tota.

26 Gonne o ne a rile go ene mo dinakong tse di fitileng, gore fa a ka dumela mo go ene gore o ka mo supegetse dilo tsotlhe—go tlaa bontshiwa go ene; jalo he Morena o ne a ka seka a thibela sepe go ene, gonne o ne a itse gore Morena o ne a ka mmontsha dilo tsotlhe.

27 Mme Morena a re go ene: Kwala dilo tse mme o di kane; mme ke tlaa di supa mo nakong ya me e ke e beileng go bana ba batho.

28 Mme go ne ga diragala gore Morena a mo laele gore a kane matlapa a mabedi a a neng a a amogetse, mme a seka a a supa, go fitlhelela Morena a a supa go bana ba batho.