Ditlhomo le Dikanamiso
Lelwapa: Kanamiso go Lefatshe


Lelwapa

Kanamiso go Lefatshe

Boporesidente jwa Ntlha le Lekgotla la Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi ba Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo

Rona, re le Boporesidente Jwa Ntlha le Lekgotla la Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi ba Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, re anamisa ka tlhoafalo gore lenyalo fa gare ga monna le mosadi le tlhomilwe ke Modimo le gore lelwapa ke pinagare ya togamaano ya Mmopi ya botshelo jo bo sa khutleng jwa bana ba Gagwe.

Batho botlhe—banna le basadi—ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo. Mongwe le mongwe ke morwa kgotsa morwadie wa semowa yo o ratwang ke batsadi ba selegodimo, ka jalo, mongwe le mongwe o na le tlholego ya semodimo. Bong ke karolo ya botlhokwa e e supang gore motho ke mang le se a se bopetsweng mo botshelong jwa pele, le jwa senama, le mo bosakhutleng.

Mo botshelong jwa pele, barwa le barwadie ba semowa ba ne ba itse Modimo e bile ba mo obamela e le Rraabone wa Bosakhutleng; ba bo ba amogela togamaano ya gagwe e ka yone bana ba Gagwe ba ka amogelang mebele le go ikutlwela botshelo jwa senama, go tlhatlogela tshiamong le go itemogela bokgoni jwa bone go nna barua boswa ba botshelo jo bo sa khutleng kwa phelelong. Togamaano ya semodimo ya boitumelo e letlelela losika lwa lelwapa go ka tswelela morago ga loso. Ditao le dikgolagano tse di boitshepo tse di leng teng mo ditempeleng tse di boitshepo di letlelela batho go ka boela kwa boleng teng jwa Modimo le gore malwapa a golaganngwe ka bosakhutleng.

Molao wa ntlha, o Modimo a o neetseng Atame le Efa o ne o amana le bokgoni jwa bone jaaka monna le mosadi go ka nna batsadi. Re bolelela botlhe fa molao oo wa Modimo wa gore bana ba gagwe ba atlege e bile ba tlatse lefatshe o santse o le mo taolong. Re boa re gatelela gore Modimo o laotse fa maatla a a boitshepo a go dira bana a tshwanetswe go dirisiwa fela fa gare ga monna le mosadi, ba ba golagantsweng ka lenyalo ka fa molaong.

Re bega fa tsela e botshelo bo bopiwang ka yone e tlhomilwe semodimo. Re gatelela boitshepo jwa botshelo le botlhokwa jwa jone mo togamaanong ya Modimo ya bosakhutleng.

Monna le mosadi ba na le maikarabelo a a tlhoafetseng go ratana le go tlhokomelana ba akaretsa le bana ba bone. “Bana ke boswa jwa Morena” (Pesalema 127:3) Batsadi ba na le thomo e e boitshepo go godisa bana ba bone ka lorato le tshiamo, le go ba tlamela ka tse ba ditlhokang tsa senama le semowa, le go ba ruta go ratana le go direlana, go tlhokomela ditaelo tsa Modimo, le go nna baagedi ba ba tshegetsang molao gongwe le gongwe kwa ba nnang teng. Banna le basadi—bomme le borre—ba tlile go ikarabela fa pele ga Modimo ka tiragatso ya maitlamo a.

Lelwapa le tlhomilwe ke Modimo. Lenyalo fa gare ga monna le mosadi le botlhokwa thata mo togamaanong ya bosakhutlheng ya Gagwe. Ke tshwanelo ya bana go tsalwa mo kgolaganong ya lenyalo, le go godisiwa ke rre le mme ba ba tshegetsang maitlamo a lenyalo ka tshepo e e tsepameng. Boitumelo mo botshelong jwa lelwapa bo ka fitlhelelwa thata fa bo ka thaiwa mo dithutong tsa Morena Jeso Keresete. Manyalo le malwapa a a itsetsepetseng a thailwe e bile a otliwa mo melawaneng ya tumelo, thapelo, boikotlhao, boitshwarelo, tlotlo, lorato, bopelotlhomogi, tiro, le iketsho bodutu e e siameng. Ka thulaganyo ya semodimo, borre ba tshwanetse ba laola mo malwapeng a bone ka lorato, gape ke maikarabelo a bone go tlamela ba lelwapa lwa bone tse ditlhokegang mo botshelong le go ba sireletsa. Maikarabelo a konokono a bomme ke go otla bana ba bone. Mo maikarabelong a a boitshepo a, borre le bomme ba tlamega go thusana e le badirisanyi ba ba lekanang. Bogole, loso, kgotsa dikgwetlho tse dingwe di ka pateletsa motho go ka dirisa tsela e a bonang e mo siametse botoka. Bamasika ba tshwanetse go thusa fa go tlhokega.

Re tlhagisa fa batho ba ba tlolang dikgolagano tsa boitsholo jo boitshekileng, ba ba sotlang bakapelo kgotsa bana, kgotsa ba ba palelwang ke go diragatsa maikarabelo a lelwapa, ba tlaa ema fa pele ga Modimo go di arabela. Mo godimo ga moo, re tlhagisa fa go thubega ga lelwapa go tlaa tlisa mo bathong, metse le ditšhaba matlhotlhapelo a a sa bolong go buiwa ke baperofeti ba pele le ba segompieno.

Re bitsa baagedi ba ba nang le boikarabelo le badiredi ba puso gongwe le gongwe go tlotlomatsa ditsela tse di thailweng go otla le go nonotsha lelwapa le e leng karolo ya konokono ya setšhaba.