Jesus Christ
Keresete Yo Tshelang


Keresete Yo Tshelang

Bopaki jwa Baaposetole

Jaaka re ipelela matsalo a ga Jeso Keresete dingwaga tse di dikete tse pedi tse di fetileng, re fa bopaki jwa rona jwa bonnete jwa botshelo jwa Gagwe jo bosenang selekanyo le bomolemo jo bosenang bokhutlo jwa setlhabelo se segolo sa tefo ya Gagwe. Ga go ope yo mongwe yo o neng a na le tlhotlheletso e kgolo go le kalo mo go botlhe ba ba tshedileng le ba ba santseng ba tlaa tshela mo lefatsheng.

E ne e le Jehofa yo Mogolo wa Kgolagano e Kgologolo, Mesia wa Kgolagano e Ntšha. Ka fa tlase ga kaelo ya ga Rraagwe, E ne e le mmopi wa lefatshe. “Dilo tsotlhe di dirilwe ke ene, mme kwantle ga gagwe ga go a dirwa sepe sa tse di dirilweng” (Johane 1:3). Le mororo a sena sebe, O ne a kolobediwa gore go diragadiwe tshiamo yotlhe. O ne a “tsamaya a dira molemo” (Ditiro 10:38), le fa gontse jalo o ne a nyalediwa seo. Efangele ya gagwe e ne e le molaetsa wa kagiso le tshiamo. O lopile botlhe go sala sekai sa Gagwe morago. O ne a tsamaya ditsela tsa Palesetina ka dinao, a fodisa ba ba lwalang, a dira gore difofu di bone, mme a tsosa baswi. O rutile boammaaruri jwa bosakhutleng, bonnete jwa go nna teng pele ga botshelo jo, maikaelelo a botshelo jwa rona mo lefatsheng, le bokgoni jwa barwa le barwadie Modimo mo botshelong jo bo tlang.

O ne a tlhoma sakaramente jaaka segopotso sa setlhabelo sa Gagwe se segolo sa tefo. O ne a tshwarwa le go sekisiwa ka ditatofatso tse e seng tsone, a bonwa molato go kgotsofatsa segopa, mme a atlholelwa go swa mo mokgorong wa Logata. O ne a neela botshelo jwa Gagwe go lefela dibe tsa batho botlhe. Sa gagwe e ne e le mpho e kgolo mo boemong jwa botlhe ba ba tlaa tshelang mo lefatsheng.

Ka masisi re paka gore botshelo jwa Gagwe, jo e leng bogare jwa ditso tsa batho, ga bo a simolola kwa Bethelehema le fa e le go felela kwa Logata. E ne e le Motsalwapele wa ga Rara, Morwa yo o Tsetsweng a le Esi mo Nameng, Morekolodi wa lefatshe.

O tsogile mo lebitleng “go nna lebutswapele la ba ba robetseng” (1 Bakorinthe 15:20). Jaaka Morena yo o Tsogileng, O ne a etela mo gare ga bao a neng a ba rata ka nako ya fa a tshela mo lefatsheng. O ne le gone a direla mo gare ga “dinku tse dingwe” tsa Gagwe (Johane 10:16) kwa Amerika wa bogologolo. Mo lefatsheng la gompieno, Ene le Rraagwe ba bonetse go mosimane Joseph Smith, ba simolola “tebalebelo e e saleng e solofeditswe ya dinako ka botlalo” (Baefeso 1:10).

Ka Keresete yo Tshelang Moperofeti Joseph o kwadile: “Matlho a gagwe a ne a ntse jaaka kgabo ya molelo; moriri wa tlhogo ya gagwe o le mosweu jaaka kapoko e e itshekileng; sefatlhogo sa gagwe se phatsima go feta phatsimo ya letsatsi; le lentswe la gagwe le suma jaaka goelela ga metsi a magolo, e bong lentswe la ga Jehofa tota, le re:

“Ke nna wa ntlha le wa bofelo; ke nna yo ke tshelang, ke nna yo ke bolailweng; ke nna mmueledi wa lona le Rara” (D&D 110:3–4).

Ka Ene Moperofeti o ne le gone a bolela: “Mme jaanong, morago ga bopaki jo bontsi jo bo neetsweng ka ene, se ke bopaki, jwa bofelo jwa otlhe, jo re bo neelang ka ene: Gore o tshedile!

“Gonne re mmone, le e leng mo seatleng sa moja sa Modimo; mme re utlwile lentswe le supa tshupo e gore ke ene Yo o Tsetsweng a le Esi wa ga Rara—

“Gore ka ene, le go ya ka ene, le mo go ene, mafatshe a teng mme a ne a bopiwa, mme banni ba ba mo go one ke barwa le barwadie ba ba tsetsweng ke Modimo” (D&D 76:22–24).

Re bolela ka mafoko a masisi gore boperesiti jwa Gagwe le Kereke ya Gagwe di tsosolositswe mo lefatsheng—“di agilwe mo motheong wa … baaposetole le baperofeti, Jeso Keresete ka boene e leng lentswe le legolo la kgokgotsho” (Baefeso 2:20).

Re paka gore letsatsi lengwe O tlaa boela mo lefatsheng. “Mme kgalalelo ya Morena e tlaa senolwa, mme nama yotlhe e tlaa e bona mmogo” (Isaia 40:5). O tlaa busa jaaka Kgosi ya Dikgosi mme a rene jaaka Morena wa Barena, mme mangole otlhe a tlaa obama mme diteme tsotlhe di tlaa bua mo kobamelong fa pele ga Gagwe. Mongwe le mongwe wa rona o tlaa ema go atlholwa ke Ene go yeng ka ditiro tsa rona le dikeletso tsa dipelo tsa rona.

Re fa bopaki, jaaka Baaposetole ba gagwe ba ba tlhomilweng sentle—gore Jeso ke Keresete yo Tshelang, Morwa wa Modimo yo sa sweng. Ke Kgosi e kgolo Emmanuele, yo o emeng gompieno mo letsogong la moja la ga Rraagwe. Ke lesedi, botshelo, le tsholofelo ya lefatshe. Tsela ya gagwe ke mmila o o isang kwa boitumelong mo botshelong jo le botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng le le tlaa tlang. Modimo a lebogelwe neo e e senang selekanyo ya Morwa wa Gagwe wa selegodimo.

Boporesidente jwa Ntlha

Setshwantsho
go baya menwana

Firikgong 1, 2000

Khoramo ya ba ba Lesome le Bobedi

Setshwantsho
go baya menwana
Setshwantsho
go baya menwana