Ditlhomo le Dikanamiso
Kanamiso ya Tsosoloso


Tsosoloso ya Efangele ya ga Jeso Keresete ka Botlalo

Kanamiso mo Lefatsheng ya Go Ipelela dingwaga tse di makgolo a mabedi

Kanamiso e e ne ya balwa ke Poresidente Russell M. Nelson jaaka karolo ya molaetsa wa gagwe kwa Khonforenseng ya Kakaretso ya Ngwaga le ngwaga ya bo 190, Moranang 5, 2020, kwa Salt Lake City, Utah.

Ka masisi re anamisa gore Modimo o rata bana ba Gagwe mo tšhabeng nngwe le nngwe ya lefatshe. Modimo Rara o re neetse botsalo jwa selegodimo, botshelo jo bo sa tshwantshanngweng, le setlhabelo sa tefetso se se senang selekanyo sa Morwa wa Gagwe yo o Rategang, Jeso Keresete. Ka thata ya ga Rara, Jeso o ne a tsoga gape mme a amogela phenyo godimo ga loso. Ke Mmoloki wa rona, Sekao sa rona, le Morekolodi wa rona.

Dingwaga tse di makgolo a mabedi tse di fetileng, mo mosong o montle wa dikgakologo tsa 1820, Joseph Smith yo mmotlana, a batla go itse gore ke kereke efe e a ka ikgolaganyang le yone, a ya mo nageng go rapela gaufi le legae la gagwe kwa bokone jwa kgaolo ya New York, USA. O ne a na le dipotso mabapi le poloko ya mowa wa gagwe mme a tshepa gore Modimo o tlaa mo kaela.

Ka boikokobetso, re bolela gore mo karabong ya thapelo ya gagwe, Modimo Rara le Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete, ba ne ba iponatsa mo go Joseph mme ba simolodisa “tsosoloso ya dilo tsotlhe” (Ditiro 3:21) jaaka go boletswe pele mo Baebeleng. Mo ponatshegelong e, o ne a ithuta gore morago ga leso la Baaposetole ba ntlha, Kereke ya ga Keresete ya Kgolagano e Ntšha e ne e sa tlhole e le teng mo lefatsheng. Joseph o tlaa nna sedirisiwa mo go boeng ga yone.

Re rurifatsa gore ka fa tlase ga kaelo ya ga Rara le Morwa, barongwa ba selegodimo ba ne ba tla go kaela Joseph le go tlhomamisa gape Kereke ya ga Jeso Keresete. Johane Mokolobetsi yo o tsogileng o ne a tsosolosa taolo ya go kolobetsa ka go nwetsa ya boitshwarelo jwa dibe. Ba le bararo ba Baaposetole ba ntlha mo go ba ba lesome le bobedi—Petere, Jakobe, le Johane—ba tsosolosa boaposetole le dilotlele tsa taolo ya boperesiti. Ba bangwe ba ne ba tla le bone, go akaretsa Elija, yo o neng a tsosolosa taolo ya go kopanya malwapa ka bosenang bokhutlo mo botsalanong jwa bosakhutleng jo bo fetang leso.

Gape re fa bosupi gore Joseph Smith o ne a neelwa mpho le thata ya Modimo go ranola polelo ya bogologolo: Buka ya ga Momone—Kgolagano e Nngwe ya ga Jeso Keresete. Ditsebe tsa mokwalo o o boitshepo o di akaretsa pego ya bodiredi ka sebele jwa ga Jeso Keresete mo gare ga batho kwa bontlheng jwa Lefatshe jo bo ka kwa Bophirima morago fela ga Tsogo ya Gagwe. E ruta ka maikaelelo a botshelo le go tlhalosa thuto ya ga Keresete, e e leng konokono mo maikaelelong ao. Jaaka mopati wa dikwalo tse di boitshepo wa Baebele, Buka ya ga Momone e paka gore batho botlhe ke barwa le barwadie Rara wa Legodimo yo o lorato, gore O na le togamaano ya selegodimo ya matshelo a rona, le gore Morwa wa gagwe, Jeso Keresete, o bua mo nakong e fela jaaka mo malatsing a bogologolo.

Re bolela gore Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, e e rulagantsweng Moranang 6, 1830, ke Kereke ya ga Keresete e e tsosolositsweng ya Kgolagano e Ntšha. Kereke e e itsetsepetse ka botshelo jo bo itekanetseng jwa lentswe la yone le legolo la kgokgotsho, Jeso Keresete, le mo Tetlanyong ya gagwe ya bosenang selekanyo le Tsogo tota. Jeso Keresete gape o biditse Baaposetole mme o ba neetse taolo ya boperesiti. O re laletsa rotlhe go tla kwa go Ene le Kereke ya Gagwe, go amogela Mowa o o Boitshepo, ditao tsa poloko, le go amogela boipelo jwa lobaka.

Dingwaga tse di makgolo a mabedi jaanong di fetile e sale Tsosoloso e e simolodisiwa ke Modimo Rara le Morwa wa Gagwe o o Rategang, Jeso Keresete. Didikadike go ralala lefatshe ba amogetse kitso ya ditiragalo tse di perofetilweng tse.

Re bolela ka boitumelo gore Tsosoloso e e solofeditsweng e ya pele ka tshenolo e tsweletseng. Lefatshe ga le kitla gape le nna jaaka le ne le ntse, jaaka Modimo a tlaa “phuthela dilo tsotlhe go le gongwe mo go Keresete” (Baefeso 1:10)

Ka boikokobetso le malebogo, rona jaaka Baaposetole ba Gagwe re laletsa botlhe go itse—jaaka re itse—gore magodimo a butswe. Re rurifatsa gore Modimo o itsise thato ya Gagwe ya barwa le barwadie ba ba rategang. Re paka gore bao ba ba ithutang molaetsa wa Tsosoloso ka mowa wa thapelo mme ba dira ka tumelo ba tlaa segofadiwa go ikamogelela bosupi jwa selegodimo le maikaelelo a yone a go baakanyetsa lefatshe Go Tla ga Bobedi ga Morena wa rona le Mmoloki, Jeso Keresete mo go solofeditsweng.