2010
Tebo gotswa Kwa Godimo
Phatwe 2010


Bonana

Tebo gotswa Kwa Godimo

Jaaka kene kele monana Ke ne ka nna le ditshono tse dintsi go diragatsa kolobetso ya baswi kwa Tempeleng ya San Diego California. Ntswa Kene ka nako tsotlhe ke nna le maitemogelo a a monate, loeto lengwe ke lone le tswang thata mo tlhaloganyong yame.

Ke ne ke le 16, mme kgatsadiake yo monnye o ne a sa tswa go digela 12 mme o ne a dira loeto lwa gagwe la ntlha go dira kolobetso ya baswi. Ka go bane e ne ele nako ya gagwe ya ntlha, re ne ra tsaya tswetso ya gagwe go dikologa kwantle ga tempele morago ga re sena go fetsa.

Lebatla la tempele lene le na le metswi e mmalwa kafa letlhakoreng lengwe, jalo re ne raya gone koo. Gonne Tempele ya San Diego e bapile gaufi le tselagodimo e e pharakano, fa o nna fa ntlheng ya go lebelela, o leba tota mo tseleng e e phuthologileng.

Fa o kentse mo lebatleng le le fa godimo letsatsi leo gone ga mpha pono e ncha ya botshelo. Ke ne ke lebeletse tlase mo lefatsheng ka dikoloi tsa lone tse di modumo, mabentlele a a dikgotlhaganyeng, le ditshwantsho- diaparetse melao ya tsela.

Ke ka nako eo ya gore kakanyo e tle mo tlhaloganyong yame: “Ga o batle gore o nne bontlha bongwe jwa seo; ga se se botshelo eleng sone.” Ke ne rutilwe gore lebaka la botshelo ke go boela go tsheleng le Rraetsho yo o Kwa Legodimong le go nna jaaka Ene. Ke ne ke Itse gore ga ke tloke dilo tsa selefatshe go atlega mo lebakeng leo.

Ke ne ka retologa mme ka lebelela kwa bontleng jwa tempele, mme Ke ne ka lebogela kitso ya efangele le boitshoko jo e bo nneelang. Kene ke itse gore mo modumong le dikgweberegong tsa lefatshe, Ke bone lebatla le le fa godimo go nna mo go lone.

Ka letsatsi leo kwa tempeleng Ke ne ka solofetsa Rraetsho yo o kwa Legodimong Ketlaa ka metlha yotlhe ke mo eme nokeng mme e seng lefatsheng. Go sa kgathalesege gore lefatshe lere latlhelela eng, re ka se fenya ka go tshegetsa dikgolagano tse re di dirileng le go nna mo mafelong a boitshepo. (bona D&C 87:8).