2010
Mo Dilong tse di Botlhokwa Thata
Ngwanatsele 2010


Molaetsa waThuto ya Ketelo, Ngwanatsele 2010

Mo Dilong tse di Botlhokwa Thata

Fa botshelo le dikgato tsa jone tse dibonako le maikutlo a kwa godimo a mantsi di ka dira thata gore o ipele, gongwe jaanong ke nako e e siameng go tsepama gape mo go tseo dibotlhokwa thata.

Go a gakgamatsa gore re ka kgona go ithuta botshelo ka lobopo. Sekai, bommantswitswidi ba thuto ba ka leba tikologo ya setlhare mme ba dire thuto ka go abelela tsa seemo sa loapi le go gola ga diemo tse di makgolo le go ne ditoisene tsa dingwaga tse difitileng. Nngwe ya dilo tsere di ithutang mo go goleng ga setlhare ke gore ka dipaka fa diemo ele tsone, ditlhare digola ka tshwanelo ya tsone. Le fa go ntse jalo, ka tsone dipaka tse tsa gogola fa diemo di sa tshwanela, ditlhare di fokotsa go gola ga tsone di bo dineela maatla otle go dilo tse di botlhokwa go kgona goitshedisa.

Mo nakong eno bangwe ba lona ba ka tswa ba akanya, “Ke gone gotlhe go siame mme go molemo, mme go raya eng le go fufisa difofane?” Ka jalo, e re ke le bolelele.

Ao kile wa pagama sefofane le go nna le maitemogelo a tlhakatlhakano? Se se itsegeng se baka tlhakatlhakano ke go fetoga ga tshoganyetso ga phefo e tsamayang e dira gore sefofane go kukega, duma le go kgokologa. Le fa difofane diagilwe go emelana le tlhakatlhakano e kgolo go feta sengwe le sengwe se o ka kopanag le sone mo go fofeng mo go lekaneng, mme go ka nna ga tshosa bapagami.

O akanya gore bakgweetsi ba difofane ba dira eng fa kopana le tlhakatlhakano? Mo ithuti wa mokgweetsi wa difofane o ka akanya gore go oketsa lobelo ke mogopolo yoo siameng gonne e tla feta tlhakatlhakano ka pela. Mme seo e ka nna selo se se phoso go se dira. Baitsaanape ba bakgweetsi ba difofane ba tlhaloganya gore ke go lekanyatsa tlhakatlhakano le go phunyeletsa ga lobelo mo go ka fokotsang ditlamorago tse di maswe tsa tlhakatlhakano. Mme mo nakong tse dintsi seo se raya gore o fokotse lebelo. Se se tshwana le melawana eo e diragatsa gape makhubung a lobelo a tsela.

Ka jalo, ke kgakololo e e siameng gore o fokotse lebelo go le gonnye, nepamisa tsela, mme o tlhomame mo tshwanetseng fa o nna le maitemogelo a diemo tse disa iketlang.

Selekanyo sa Botshelo jwa Sesha

Se se motlhofo mme ke thuto e dingalo go ithuta. E ka nna e kete etlhamaletse fa o e bapisa le seemo sa ditlhare le tlhakatlhakano, mme e gakgamatsa gore e motlhofo go itlhokomolosa thuto e fa go tla mo go diragatseng melawana e mo botshelo jwa letsatsi. Fa maikutlo a ya kwa godimo a gola, fa tlhakatlhakano e bonala, fa matlhotlhapelo a direga, nako tse di ntsi re batla go nna mo selekanyo kgotsa le go oketsa, re akanya gongwe gore go taboga jalo ga selekanyo ga rona, ke gone re tlaa siama.

Nngwe ya mokgwa wa botshelo jwa sesha ke gore re tsamaya kaselekanyo se se oketsegang ntswa go nale tlhakatlhakano kgotsa dikgoreletsi.

A re nneng boikanyego; go motlhofo go nna o tswheretswhere. Rotlhe re ka akanya ka motseletsele wa ditiro tse di ka re hupetsang mo mananeong a rona. Bangwe ba ka akanya go rego botlhokwa jwa bone bo remeletse mo boleeleng jwa motseletsele wa tseo ba tshwanetseng go di dira. Ba tlatsa diphatlha tse di bulegileng mo nakong ya bo ne ka metseletsele ya diphuthego le ditiragalo — le yone nako ya maikutlo a kwa godimo le letsapa le legolo. Gonne ba thatafatsa matshelo a bo ne go sa tlhokafale, mo makgetlhong a mmalwa ba ikuttlwa ba oketsa maikutlo a bothitho, banyeletsa boitumelo, le tota bonnye jwa tlhaloso ya tlhaloganyo ya botshelo jwa bo ne.

Go a buiwa gore bomolemo bongwe le bongwe fa bo tsewa ka phetelela e ka nna bosula. Go feteletsa lenaneo la matsatsi go ka letlelesega mo go seno. Go tla ntlha e mo go yone e mosepele e ka nnang letlapa le dikeletso e nna sebofi mo meleleng ya rona.

Karabo ke eng?

Bao ba botlhale ba tlhaloganyang le go diragatsa dithuto tsa kholokwe ya setlhare le tlhakatlhakano ya phefo Ba itshomola mo thaelong go tshwarwa ke maikutlo a asa iketlang a lobelo botshelo jwa letsatsi letsatsi. Ba sa la morago kgakolo “Go nale go le gontsi mo botshelong go nale go oketsa lobelo.”1 Mo bokhutswaneng, tsepama gape mo dilo tsedi botlhokwa thata.

Mogolwane Dallin H. Oaks, mo phuthego kakaretso ya bosheng, o rutile, “re tshwanetse ra tlogela dilo dingwe gore re kgone go tlhopha katsamiso tse dingwe tse di botoka kgotsa disiameng thata gonne di godisa tumelo mo Moreneng Jeso Keresete le go thatafatsa malwapa a rona.”2

Go batla ga dilo tse disiameng thata ka gone goisa kwa tshimologong ya melawana ya efangele ya ga Jeso Keresete — nnete e senotsweng e le motlhofo le bontle go rona ka yoo kgathalang, ka bosakhutleng, mme a itse gotlhe Rara yoo kwa Legodimong. Dithuto le melawana e e maleba, le fa e le motlhofo mo go lekaneng gore ngwana a e tlhaloganye, e tlisa dikarabo go dipotso tsedi marara tsa botshelo.

Go nale bontle le tlhaloso tse di tswang mo go tlhofofatseng mo gantsi re sa go amogeleng mo le nyoreng la go senka dikarabo.

Sekai, e ne e se lebaka le leele morago ga baitsaanape ba difofane le baitsaanape ba lefaufau ba dikologa lefatshe gore ba lemoge gore pene ya bolo-tlhaka ga e kake ya bereka kwa lefaufaung. Mme batho ba babotlhale thata baya tirong go tlisa karabo mo mathateng a. E tsere dioura dile dikete le didikadike tsa dioura, mme kwa pheletsong, ba dira pene e ka kgonang go kwala gongwe le gongwe, mo selekanyong se fela sa mogote, le mo godimo ga sepe fela. Mme go diregile jang gore baitsaanape ba difofane le baitsaanape ba lefaufau ba dirisanye go fitlhelela ba bona karabo eo ya mathata a. Ka motlhofo ba dirisitse pensele.

Leonardo da Vinci o kaiwa jaana a re “bomotlhofo ke kgonego ya mafaratlhatlha.”3 Fa re leba kwa tshimologong ya melawana ya thulaganyo ya boitumelo, polane ya poloko, re ka lemoga le go amogela ka botlalo le bomotlhofo jwa tebego le bontle jwa botlhale jwa ga Rara yoo kwa Legodimong. Ka jalo, re fetola ditsela tsa rona go ditsela tsa Gagwe ke tshimologo ya botlhale.

Maatla a tse Ditlhokegang

Polelo e boletswe gore mogaka wa bakatisi wa kgwele ya dinao Vince Lombardi o ne a na le modiro yo a o dirang mo letsatsing la ntlha la go ikatisa. O ne a tshwarelela godimo kgwele ya dinao, a e supegetsa batshameki ba ba tshamikileng dingwaga tse dintsi, mme a re, “Makawana, … se ke kgwele ya dinao. O ne a buwa ka selekanyo le popego, kafa e kgonang go ragwa, go kukwa, kgotsa go amogalana. O ne a tsaya setlhopha kwa ntle kwa lebaleng lele senang sepe mme a re, “Se ke lebala la kgwele ya dinao.” A bo a tsamaya le bo ne go dikologa, a tlhalosa dikgele, dipopego, melao, le ka fa motshameko o tshamikiwang ka teng.4

Mokatisi yo o ne a itse gore le batshamiki ba ba nang le maitemogelo, le ka nnete setlhopha, ba ka nna bagolo fela ba sa itse tse ditshwanetseng. Ba ka tsaya nako ba ikatisa ka go tsameka magokaganyane a thata, mme fela go fitlha ba itse tse ditshwanetseng tsa motshameko, ga ba ka ke ba nna setlhopha sa bo mmampodi.

Ke akanya gore bontsi jwa rona ka tlhoafalo re tlhaloganya botlhokwa jwa tse ditshwanetseng. Ke gore fela nako tse dingwe re a kgoreletsega mo dilong tse dintsi tse dilebegang di oka.

Kgatiso ya didirisiwa, ditlamelo tsa mafaratlhatlha a tlheeletsanyo, didirisiwa tsa motlakase le digadjete — tsotlhe di a thusa fa di dirisiwa sentle — dika utlwisa botlhoko go tswa mo tseleng kgotsa bosenang sepe ga pelo e tlhokomologilweng.

Ka gone e nne gareng ga matshwititshwiti a mantswe le boikgethelo, Monna yo o boikokobetso wa Galalea o eme ka matsogo ao tlolotswe, a letile. Ga Gagwe ke molaetsa yoo motlhofo: “Tlaya, o ntshale morago.”5 Le gone ga a buwe ka maatla a mosokelatsebeng mme ka lentswe le letshisibetseng le lennye.6 Go motlhofo gore molaetsa wa efangele e motlhofo go latlhega gareng ga metshwako ya molaetsa e e re betsang dintlha tsotlhe.

Mafoko a tumelo le lefoko la puisanyo la baporofiti ba ba tshelang le fa boleng jwa melawana le dithuto tsedi tshwanetseng tsa efangele. Mabaka a go boela kwa metheong ya melawana, go dithuto tse diitshekileng, ke gore ke di kgoro tsa nnete ya tlhaloso e e faphegileng. Ke mabati a maitemogelo a botlhokwa jo bo tseneletseng mo ka gongwe bo fitileng kgonego ya rona go tlhaloganya. Bo motlhofo, jwa melawana e tlhokegang ke dinotlolo tsa go tshela ka kagiso le Modimo le batho. Ke dinotlolo tse dibulang dikgoro tsa se legodimo. Di re kaela ko kagisong, boitumelong, le go tlhaloganya gore Rraetsho yo o kwa Legodimong o solofeditse go bana ba Gagwe go moreetsa le go mo obamela.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba barategang, re tla dira sentle go fokotsa go le gonnye, re tswelela ka lebelo le letlelesegang mo diemo tsa rona, tsepama mogo tse di botlhokwa, re tsholetsa matlho a rona, le go bona ka nnete dilo tse di tshwanetseng thata. A re akanyeng ka tshimologo ya melawana ye Rara yoo kwa Legodimong a re e neetseng. Bana ba Gagwe e etla nitamisang dikhumo le maungo le botshelo jwa senama le ditsholofelo tsa boitumelo jwa bosakhutleng. Di tla re ruta go dira “dilo tse tsotlhe … ka botlhale le tatelano; gonne ga go tlhokafale gore [re] siane go feta jaaka [re na] le nonofo. [Mme] gape go a tlhokafala gore [re] tlhoafale, [le] go ne … go gapa sekgele.”7

Bakaulengwe le bokgaitsadi, go dira re tlhoafetse dilo tse di tshwanetseng thata go tlaa re kaela go Mmoloki wa lefatshe Ke sone se re “buang ka ga Keresete, re ipelang mo go Keresete, re rera ka ga Keresete, re porofita ka ga Keresete, … gore [re] ka leba ko go ofe motswedi go bona phimolo ya dibe tsa [rona].”8 Mo matswakabeleng, tsietsego, le go tabogakaka ga go tshela ga malatsiano, se ke sone “tsela ee gaisang go feta.”9

Ka jalo Tsedi Tlhokegang Ke eng?

Fa re fetogela go Rara yo o kwa legodimong le go senka botlhale jwa Gagwe malebang le dilo tse ditshwanetseng thata, re ithuta gangwe le gape botlhokwa jwa ntlha tse di tsalanang tse nne: le Modimo wa rona, le malwapa a rona, le bakaulengwe ba rona le rona tota. Jaaka re sekaseka matshelo a rona le go eletsa ga tlhaloganyo, re tlaa bona kwa re fapogileng teng mo tseleng ee gaisang go feta. Matlho a go tlhaloganya ga rona a tlaa bulega, le gore re tlaa lemoga se tlhokang go dirwa go itshepisa pelo ya rona le go tsepama mo botshelong.

Sa ntlha, botsalano jwa rona le Modimo bo itshepile thata mme bo botlhokwa. Re bana ba Gagwe ba Semowa. Ke Rraarona. O eletsa boitumelo jwa rona. Jaaka re mmatla, jaaka re ithuta mo Morwagwe, Jeso Keresete, jaaka re bula dipelo tsa rona go thotloetso ya Mowa o o Boitshepo, matshelo a rona a itshetlela le go sireletsega. Re nna le maitemogelo a matona a kagiso, boitumelo le bokgoni jaaka re neela gotlhe go tshela go yeng ka polane ya bosakhutleng ya Modimo le go tshegetsa melao ya Gagwe.

Re rotloetsa botsalano jwa rona le Rraetsho yo o kwa Legodimong ka go ithuta mo go Ene, ka go buwa le Ene, ka go ikotlhaela dibe tsa rona, le go tswelela re sala Jeso Keresete, gonne “ga go motho ope yoo kayang ko go Rara, fa e se ka [Keresete].”10 Go thatafatsa botsalano jwa rona le Modimo, re tlhoka nako e rileng re le esi le Ene. Re ntse ka setu re tsepame mo thapelong nako tsotlhe ya rona le go ithuta mafoko a tumelo, nako tsotlhe re ikaelela go nna re itekanetse go nnale teseletso ya tempele e mo tirisong — se e tlaa nna peeletso ya nako ya rona le boiteko go a tumalana le Rraetsho yo o kwa Legodimong. A re seegeleng tsebe taletso ya Dipesalema: “Nna o itshekile, mme o itse gore Ke nna Modimo.”11

Senotlolo sa bobedi sa botsalano ke sa malwapa a rona. Gonne “ga go katlego epe e ka duelelang go tlholwa”12 fano, re tshwanetse go baya ditshwetso tse di kwa godimo momalwapeng a rona. Re aga boteng le lorato mo botsalanong jwa malwapa ka go dira dilo tse di motlhofo mmogo, jaaka goja rena le malwapa, maitiso a lelwapa le gone go itirela monate mmogo. Mo botsalanong jwa lelwapa lorato ke gone le peletwang n-a-k-o nako. Go tsaya nako le yo mongwe ke senotlolo sa kagisanyo mo lwapeng. Re bua le, go nale ka, mongwe le mongwe. Re ithuta go tsweng mongwe le mongweng wa rona, mme re amogele dipharologanyo le fela tsedi tlwaelesegileng tsa rona. Re simolola kgolagano ya selegodimo le mongwe le mongwe jaaka re atumelana le Modimo ga mmogo ka thapelo ya lelwapa, go ithuta efangele le go obamela ka Sontaga.

Senotlolo sa boraro sa botsalano ke jwa bangwe ka rona. Re aga botsalano jo le motho a le mongwe ka nako — ka go nna kelelelo go letlhoko la ba bangwe, go badirela, le go neela nako ya rona le talente. Ke ne ke kgomegile mo go boteng ke kgaitsadi yo a neng a le mo mekgeleong le gwetlho tsa dingwaga le bolwetse mme a tsaya tswetso le fa a ne a sa kake a dira mo gontsi, mme gone o ka reetsa. Mme ka jalo beke engwe le engwe o ne a lebelela batho ba ba lebegang ba tswenyegile kgotsa maikutlo a a tobekaneng, mme a tseye nako le bone, a ba reetse. E ne e le masego mo matshelong a batho ba bantsi.

Senotlolo sa bone sa botsalano ke ka wena. E kane ekete go akanya ka botsalano le wena ke selo se se sa tlwaelesegang, mme re tshwanetse. Batho bangwe ga ba tsamaisane sentle ka bo bone. Ba a ikgoba le go inyenyafatsa ka letsatsi lotlhe go fitlhelela ba itlhowa. Tla Ke fe mogopolo gore o fokotse go itlhaganelela mme o tseye nako etelelenyana go ikitse botoka. Tsamaya mo tlholegong, lebelela le tsatsi le tswa, ipelele dibopiwa tsa Modimo, tlhatlhanya ka nnete ya puseletso ya efangele, mme gape o batle gore diraya eng go wena. Ithute go ipona jaaka Rraetsho yo o kwa Legodimong a go bona — jaaka yo o montle morwaetsana kgotsa morwa ka bokgoni jwa selegodimo.

Ipelele mo Efangeleng e Itshepileng

Bakaulengwe le bokgaitsadi, a re nneng botlhale. A re boweleng ko thutong e itshekileng ya metsi a puseletso ya efangele ya ga Jeso Keresete. Ka boipelo jotlhe a re di jeng ka bo motlhofo le botlalo. Magodimo a bulegile gape. Efangele ya ga Jeso Keresete e mo lefatsheng gape, mme nnete e e motlhofo ke motswedi o o tletseng wa boipelo!

Bakaulengwe le bo kgaitsadi, ruri re na le tshwanelo e kgolo go ipela Fa botshelo le dikgato tsa jone tse dibonako le maikutlo a kwa godimo a mantsi di ka dira thata gore o seka wa ipela, gongwe jaanong ke nako e e siameng go tsepama gape mo go tseo dibotlhokwa thata.

Nonofo e tla e seng mo selekanyong sa go dira mme mo go nneng re wetse mogopolo mo motheong oo itsetsepetseng wa nnete le lesedi. E tla ka go baya tsedi tlhokegang tsa rona le boiteko mo go tsa ntlha tsa puseletso ya efangele ya ga Jeso Keresete. E tla ka go ela tlhoko dilo tsedi tshwanetseng thata tsa selegodimo.

A re tlhofofatseng matshelo arona go le go nnye. A re direng diphetogo tsedi tlhokafalang go tsepama mo matshelong a rona mo bontleng jwa tse di motlhofo, tsela ya Bokeresete ka boikokobetso jwa borutwana — tsela e isang ka metlha botshelo jo bonang le bokao, boipelo le kagiso Mo go seno Ke ya rapela, jaaka Ke letlogelela masego a me, mo leineng le le boitshepo la ga Jeso Keresete, amen.

Dintlha

  1. Mahatma Gandhi, in Larry Chang, Wisdom for the Soul (2006), 356.

  2. Dallin H. Oaks, “Good, Better, Best,” Liahona, Nov. 2007, 107.

  3. Leonardo da Vinci, in John Cook, comp., The Book of Positive Quotations, 2nd ed. (1993), 262.

  4. Vince Lombardi, in Donald T. Phillips, Run to Win: Vince Lombardi on Coaching and Leadership (2001), 92.

  5. Luke 18:22.

  6. Bona 1 Dikgosi 19:12.

  7. Mosaeya 4:9

  8. 2 Nifae 25:26.

  9. 1 Bakorinta 12:31; Ethere 12:11.

  10. Johane 14:6

  11. Pesalema 46:10

  12. J. E. McCulloch, Home: The Savior of Civilization (1924), 42; see also Conference Report, Apr. 1935, 116.