2021
Go Tsere Mosimane go boloka Motse
Moranang 2021


“Go Tsere Mosimane go Boloka Motse,” Go Nonofo ya Banana, Moranang. 2021, 10–11.

Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Moranang 2021

Go Tsere Mosimane go Boloka Motse

Tom Fanene o ne a le dingwaga fela di le 12 , mme fa bolwetse jo bo setlhogo bo tlhasela motse wa ga bone wa Samoa, o ne a bilediwa go dira dilo tse dikgolo.

Setshwantsho
Setlhaketlhake sa Samoa ka mosimane a thusa monni yo o lwalang

Ditshwantsho ka James Madsen; Dinepe go tswa mo Getty Images

Jaaka setlhogo sa ngwaga o sa banana se re, o “thaya motheo wa tiro e kgolo” (Doctrine and Covenants 64:33). Ka nako yotlhe ya ditso tsa Kereke, banana gantsi ba tsere karolo e e botlhokwa ka dinako tse dithata tsa go aga bogosi jwa Modimo. Fa ke sekai se le sengwe.

Segajaja sa Setlhaketlhake

Go feta dingwaga di le 100 tse di fetileng, mo Ditlhaketlhakeng tsa Samoa mo Lewatleng la Pacific, lekwana le le bidiwang Tom Fanene o ne a le mothusi o o botlhokwa ka nako ya seemo sa botshelo-le-loso sa maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo.

Tom o ne a nna mo motseng o o bidiwang Sauniatu, o o neng o simolotswe ke Baitshepi ba Malatsi a Bofelo mo kgaolong jaaka lefelo la go phutegela le go dira morafe. Fela jaaka Baitshepi ba Modimo mo dinakong tse dingwe le mafelo, ba itemogetse diteko le dikgakgamatso fa ba ne ba dira go aga bogosi jwa Modimo mmogo. Teko e le ngwe e tlile ka 1918, fa segajaja sa mofikela se fitlha mo motseng.

Fela jaaka bolwetse bo goroga, go ne go ngomola pelo, mme jwa anama ka bofefo. Go batlile mongwe le mongwe wa banni ba motse ba ba ka ne ba le 400 a ne a gateletswe ka ntlha ya jone. e ne le bobedi fela jwa bone jo bo neng bo ikutlwa sentle mo go lekaneng go ka tsamaya tsamaya : monnamogolo le Tom yo o dingwaga di le 12.

Tumelo le go Dira ka Thata

Ba lelwapa la ga Tom ba ne ba dirisa tumelo fa ba lebagane le bolwetse mme ba ne ba bona dikgakgamatso ka ntlha eo . Monnawe Tom Ailama o ne a lwala mo digwageng dingwe tse di fitileng. Rraabone, Elisala, o ne a nna le toro e mo go yone a ne a neelwa ditaelo tse di tsepameng gore o ka dira eng go tlhokomela Ailama: batla setlhare sa wili-wili, ntsha makwati mangwe, o be o thuga go ntsha matute. Elisala a dira se mme a tlisa matute kwa go Ailama, yo o a noleng mme a akofa a fola. Jaana Tom o ne a bone ka fa go dira ka tumelo go ka thusang ka teng go fenya bolwetse.

Ka nako ya leroborobo la mofikela wa 1918, Tom o dirisitse tumelo jaaka a ne a dira ka thata go tlhokomela batho ba motse. “Moso mongwe le mongwe Ke ne ke ya ntlo le ntlo go fepa le go tlhapisa batho le go bona gore ke mang yo o tlhokafetseng,” a rialo.

A tsaya dikgamelo tsa metsi go tswa kwa motsweding mme a ise metsi kwa ntlong nngwe le nngwe. O ne a palama ditlhare tsa khokhonate, a kgetla dikhokhonate, a di obola, mme a di bule go tsaya matute go a tlisetsa balwetse. O ne le gone a bolaya dikoko tsotlhe mo motseng go direla lelwapa lengwe le nngwe sopo.

Go dira Pharologanyo

Ka nako e ya segajaja, bongwe mo boneng jwa batho ba Samoa ba ne ba bolawa ke mofikela . Bangwe ba batho mo motseng wa ga Tom ba ne ba tlhokafala. Tom o ne a thusa go epa mabitla le go boloka ba feta 20 ba bone, go akaretsa le rraagwe, Elisala.

Mme ka ntateng ya go dira ka thata ga ga Tom le tlhokomelo ya lerato, batho ba le bantsi mo motseng wa gagwe ba falotse. O dirile pharologano e tona mo bathong bao le mo go ageng bogosi jwa Modimo mo Samoa. O ne “a thaya motheo wa tiro e kgolo.”

Mme le ka tsela ya gago, le wena o dira jalo.

O ka nna wa seka wa bilediwa go dira mefuta ya dilo tse Tom a di dirileng, mme, ka nnete, o dirisa tumelo ka methale e e farologaneng e e tlaa dirang pharologanyo e kgolo mo go wena, mo go ba bangwe, le mo tirong ya go aga bogosi jwa Modimo.

O nna sekao sa lelwapa la gago, ditsala, le ba bangwe ka go supa molemo, bopelotelele, bopelonomi, le lerato. O direla ba bangwe. O tsena mo ithutuntshong ya dikwalo tse di boitshepo le thapelo. O abelana boammaruri jwa efangele e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete.

Mo ngwageng o o fetileng o, bontsi jwa lona bo ne bo ntse bo dira dilo tse fa lo itshokela ditlamorago tsa segajaja Gongwe ga lo ise lo ge metsi le go tsaya dikhokhonate le go oka batho ba le 400 go fitlhela ba fola, mme wena o ne wa tlisetsa batho kgomotso, tsholofelo, boitumelo, le kagiso ka ditsela di le dintsi tse dingwe.

Dingwaga tsa gago ga di re sepe go na le tumelo ya gago le maikaelelo a gago a go dira le go direla ba bangwe. Dikai go tswa bogologolong, jaaka tsa ga Tom Fanene, di ka go thusa go bona gore o a tlhokiwa mo go thayeng motheo wa tiro e kgolo ya Modimo.