2021
Keresete o Tsogile; Tumelo mo go Ene e tlaa Sutisa Dithaba
Motsheganong 2021


Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Motsheganong 2021

Keresete o Tsogile; Tumelo mo go Ene e tlaa Sutisa Dithaba

Tumelo mo go Jeso Keresete ke thata e kgolo e e teng mo go rona mo botshelong jo. Dilo tsotlhe di a kgonagala mo go bone ba ba dumelang.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, Ke itumelela tšhono ya go bua le lona mo Sontageng o wa Paseka.1 Setlhabelo sa tefetso le Tsogo ya ga Jeso Keresete mo baswing di fetotse matshelo a mongwe le mongwe wa rona ka bosaengkae. Re a Mo rata mme re Mo obamela ka malebogo le Rara wa rona wa Legodimo.

Mo dikgweding tse thataro tse di fetileng, re ntse re tsweletse go sokasokana le segajaja sa lefatshe lotlhe. Ke gakgamalela tlhwaafalo ya lona le thata ya semowa mo go lebaganeng le bolwetse, tatlhegelo le itlhaolo. Ke rapela kgapetsakapetsa gore, mo go tsone tsotlhe, le tlaa utlwa lorato lo lo sa retelelweng la Morena. Fa lo arabile diteko tsa lona ka borongwa jo bo nonofileng, ngwaga ee fetileng e ga e kitla e nna ya lefela.

Mo mosong o, re utlwile mo baeteledipeleng ba Kereke ba ba tswang mo khontinenteng nngwe le nngwe e e nang le batho mo lefatsheng. Ruri, ditshegofatso tsa efangele ke tsa lotso puo, le batho bangwe le bangwe. Kereke ya ga Jeso Keresete ke kereke ya lefatshe lotlhe . Jeso Keresete ke moeteledipele wa rona.

Ka malebo, le fa e le segajaja ga se a kgona go fokotsa mogwanto o o tsweletseng wa boammaaruri jwa Gagwe. Efangele ya ga Jeso Keresete ke yone tota e e tlhokegang mo lefatsheng le, le le etsaetsegang, manganga, le lefatsheng le le lapileng.

Mongwe le mongwe wa bana ba Modimo o tshwanelwa ke lobaka lwa go utlwa le go amogela molaetsa o o fodisang, le o o rekololang wa ga Jeso Keresete. Ga go na molaetsa ope o mongwe o o botlhokwa thata mo boitumelong jwa rona—jaanong jaana le ka bosaengkae.2 Ga go na molaetsa ope o mongwe o o tletseng tsholofelo. Ga go na molaetsa ope o mongwe o ka ntshang kganetsanyo mo setšhabeng sa rona.

Tumelo mo go Jeso Keresete ke motheo wa tumelo yotlhe le mosele wa thata ya semodimo. Go ya ka Moaposetolo Paulo,“Kwantle ga tumelo ga go kgonege go itumedisa [Modimo]: gonne yoo yo o tlang kwa Modimong o tshwanetse go dumela gore o teng, le gore ke moduedi wa bone ba ba mmatlang ka tlhwaafalo.”3

Sengwe le sengwe se se molemo mo botshelong—tshegofatso nngwe le nngwe e e kgonagalang ya botlhokwa jwa bosakhutleng—e simolola ka tumelo. Go letlelela Modimo go fenya mo matshelong a rona go simolola ka tumelo gore O rata go re kaela. Boikotlhao jwa boammaaruri bo simolola ka tumelo gore Jeso Keresete o na le thata go ntlafatsa, go fodisa, le go re thatafatsa.4

“Se latole thata ya Modimo,” moperofeti Moroni o boletse, “gonne o dira ka thata, go yeng ka tumelo ya bana ba batho.”5 Ke tumelo ya rona e e kopololang thata ya Modimo mo matshelong a rona.

Mme le fa gontse jalo, go dirisa tumelo go ka lebega go fekeetsa thata. Ka dinako tse dingwe re ka ipotsa fa tota re ka bona tumelo e e lekaneng go amogela ditshegofatso tseo re ditlhokang thata. Le fa gontse jalo, Morena o khutlisa dipoifo tseo ka mafoko a moperofeti Alema wa Buka ya ga Momone.

Setshwantsho
Tlhaka ya peo ya mosetara

Alema o re lopa ka mokgwa o o motlhofo go lekeletsa lefoko le “go dirisa bontlhanyana jwa tumelo, ee, Le fa [rona] re ka se tlhole re batla go feta go dumela.”6 Seele “bontlhanyana jwa tumelo” se nkgakolola ka tsholofetso ya Morena ya baebele gore fa re “na le tumelo jaaka tlhaka ya peo ya mosetara,” re tlaa kgona go “raya thaba e o re re, Suta o hudugele fale; mme e tlaa suta; mme ga go na sepe se se tlaa sekeng se kgonege mo go [rona].”7

Setshwantsho
Nonyane mo gare ga dipeo tsa mosetara

Morena o tlhaloganyana bokoa jwa rona jwa senama. Rotlhe re a thetheekela ka dinako tse dingwe. Fela O itse gape ka ga bokgoni jwa rona jo bogolo. Peo ya mosetara e simolola e le nnye mme e gole go nna setlhare se se tona mo go lekaneng dinonyane go aga sentlhaga mo dikaleng tsa sone. Peo ya mosetara e kaya tumelo e nnye mme e e golang.8

Morena ga a batle tumelo e e itekanetseng gore re nne le tshwanelo mo thateng ya Gagwe e e itekanetseng. Mme O re lopa go dumela.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, kopo ya me mo go lona mo mosong o wa Paseka ke go simolola gompieno go oketsa tumelo ya lona. Ka tumelo ya lona, Jeso Keresete o tlaa oketsa nonofo ya lona go sutisa dithaba mo matshelong a lona,9 le ntswa dikgwetlho tsa lona di ka bonala di lekana le Thaba ya Everest.

Dithaba tsa lona e ka nna bodutu, ketsaetsego, bolwetse, kgotsa mathata a mangwe ka bongwe. Dithaba tsa lona di tlaa farologana, mme le fa gontse jalo karabo ya dikgwetlho dingwe le dingwe tsa lona ke go godisa tumelo ya lona. Mo go tlhoka tiro. Baithuti ba ditshwakga le barutwana ba ba bolea ka metlha ba tlaa sokola go bona le jone bontlhanyana jwa tumelo.

Go dira sengwe le sengwe fela sentle go tlhoka maiteko. Go nna morutwana wa boammaaruri wa ga Jeso Keresete ga se mo go tlhaotsweng. Go oketsa tumelo ya gago le tshepo mo go Ene go tlhoka maiteko. A nka naya megopolo e metlhano go le thusa go simolodisa tumelo eo le tshepo.

Wa ntlha, ithutuntshe. Nna moithuti yo inaakantseng. Inwetse mo dikwalong tse di boitshepo go tlhaloganya botoka thomo le tirelo tsa ga Keresete. Itse dithuto tsa ga Keresete gore o tle o tlhaloganye thata ya tsone go botshelo jwa gago. Tsenya mo teng boammaaruri gore Tetlanyo ya ga Jeso Keresete e a go ama. O itseetse bohutsana jwa gago, diphoso tsa gago, bokoa jwa gago, le dibe tsa gago. O go lefeletse tlhwatlhwa e e duelang mme a go neela thata go sutisa thaba nngwe le nngwe e o tlaa lebaganang le yone ka nako nngwe. O amogela thata eo ka tumelo ya gago, tshepo, le go rata go Mo sala morago.

Go sutisa dithaba tsa gago go ka tlhoka kgakgamatso. Ithute ka ga dikgakgamatso. Dikgakgamatso di tla go yeng ka tumelo ya gago mo Moreneng. Mo gare ga tumelo eo ke go tshepa go rata ga Gagwe le lenaneo la nako—ka fa le gore O tlaa go segofatsa leng ka thuso e e gakgamatsang e o e eletsang. Go tlhoka tumeloga gago ke gone fela mo go tlaa itsang Modimo go go segofatsa ka dikgakgamatso go sutisa dithaba mo botshelong jwa gago.10

Jaaka o ithuta ka ga Mmoloki, go tlaa nna motlhofo go tshepa kutlwelobotlho ya Gagwe, lorato lwa Gagwe le le sa feleng, le thata ya Gagwe, e e natlafatsang, fodisang, le e e rekololang. Mmoloki ga a ise a nne gaufi le wena go na le fa o lebagane kgotsa o pagama thaba ka tumelo.

Wa bobedi, tlhopha go dumela mo go Jeso Keresete. Fa o na le dipelaelo ka ga Modimo Rara le Morwae yo o Rategang kgotsa tetlelelo ya Tsosoloso kgotsa boammaaruri jwa pitso ya semodimo ya ga Joseph Smith jaaka moperofeti, itshenkele go dumela11 mme o nne boikanyego. Isa dipotso tsa gago kwa go Morena le kwa di dirisiweng tse di boikanyego. Ithute ka keletso go dumela go na le ka tsholofelo ya gore o ka bona phoso mo botshelong jwa moperofeti kgotsa phapaano mo dikwalong tse di boitshepo. Emisa go oketsa dipelaelo tsa gago ka go di boeletsa le babeeledi ba bangwe. Letla Morena go go goga mo loetong lwa gago la temogo semowa.

Wa boraro, dira ka tumelo. O ne o ka dira eng fa o ne o na le tumelo e ntsi? Akanya ka ga yone. Kwala ka yone. Ke gone amogela tumelo e ntsi ka go dira sengwe se se batlang tumelo e ntsi.

Wa bone, tlhakanela ditao tse di boitshepo ka tshwanelo. Ditao di kopolola thata ya Modimo ya botshelo jwa gago.12

Mme wa botlhano, lopa Rara wa gago wa Legodimo, mo leineng la ga Jeso Keresete, go go thusa.

Tumelo e tlhoka tiro Go amogela tshenolo go tlhoka tiro. Mme “mongwe le mongwe yo o kopang, o a amogela; mme ene yo o batlang, o a bona; mme go ene yo o kokotang go tlaa bulwa.”13 Modimo o itse se se ka thusang tumelo ya gago go gola. Kopa, mme ke gone kopa gape.

Motlhoka-tumelo o ka bua gore tumelo ke ya ba ba bokoa. Mme tlhomamiso e e fetisa matlho go thata ya tumelo. A Baaposeto ba Mmoloki ba ka bo ba ne ba tsweletse go ruta dithuto tsa Gagwe morago ga loso lwa Gagwe, mo diphatseng tsa matshelo a bone, fa ba ne ba Mo belaetse?14 A Joseph le Hyrum Smith ba ka bo ba bogile loso la baswela-tumelo ka go femela Tsosoloso ya Kereke ya Morena kwantle ga fela ba ne ba na le bosupi jo bo tlhomameng gore e boammaaruri? A baitshepi, ba ba batlileng go nna 2,000 ba ka bo ba tlhokafetse mo motlhaleng wa basimolodisi15 fa ba ne ba sena tumelo ya gore efangele ya ga Jeso Keresete e ne e tsosolositswe? Ammaaruri, tumelo ke thata e e kgonagatsang mo go ka se keng ga diragala go diragatsa mo go sa kgonegeng.

Se fokotse tumelo e o setseng o na le yone. Go tsaya tumelo go lomagana le Kereke mme wa nna boikanyego. Go tsaya tumelo go sala morago ba moperofeti go na le baitseanape le mogopolo o o itsegeng. Go tsaya tumelo go direla thomo ka nako ya segajaja. Go tsaya tumelo go tshela botshelo jwa boitshoko fa lefatshe le rotloetsa gore melao ya Modimo ya boitsholo jo bo itshekileng bo siilwe ke dinako. Go tsaya tumelo go ruta bana efangele mo lefatsheng. Go tsaya tumelo go kopela botshelo jwa yo o mo ratang le tumelo e ntsi thata go amogela karabo e e swabisang.

Dingwaga tse pedi tse di fetileng, Kgaitsadi Nelson le Nna re etetse Samoa, Tonga, Fiji, le Tahiti. Ditšhaba dingwe le dingwe tsa setlhaketlhake seo di ne di itemogetse dipula tse di maatla malatsi. Maloko a ne a ikitsa go ja mme ba rapela gore dikopano tsa bone tsa kwantle di ka sirelediwa mo puleng.

Kwa Samoa, Fiji, le Tahiti, fela jaaka dikopano di ne di simolola, pula ya ema. Mme kwa Tonga, pula ya seka ya ema. Le fa gontse jalo, Baitshepi ba ba boikanyego ba le 13,000 ba tlaa dioura pele go bona bonno, ba ema ka bopelotelele mo matsorotsorong a a itshetletseng, mme ba nna mo kopanong ya oura tse pedi go le metsi.

Setshwantsho
Baitshepi ba Tonga mo puleng

Re bone tumelo e e mafolofolo mo tirisong mo gare ga mongwe le mongwe wa batho bao ba setlhaketlhake—tumelo e e lekaneng go emisa pula le tumelo go itshoka fa pula e sa eme.

Dithaba mo matshelong a rona ka metlha di kgona go sa sute jaaka kgotsa fa re ka eletsa. Mme tumelo ya rona ka metlha e tlaa re kgarameletsa kwa pele. Tumelo ka metlha e oketsa tshwanelo ya rona mo thateng ya semodimo.

Tsweetswee itseng se: fa sengwe le sengwe le mongwe le mongwe o sele mo lefatsheng yo o mo tshepang a ka retelelwa, Jeso Keresete le Kereke ya Gagwe ga e ne e go retegela. Morena ga nke a otsela, le fa e le go robala.16 Ke Ene “wa maabane, gompieno le [kamoso].”17 ga A kitla a tlogela dikgolagano tsa Gagwe,18 ditsholofetso tsa gagwe, kgotsa lorato lwa Gagwe go batho ba Gagwe. O dira dikgakgamatso gompieno, mme O tlaa dira dikgakgamatso kamoso.19

Tumelo mo go Jeso Keresete ke thata e kgolo e e teng mo go rona mo botshelong jo. Dilo tsotlhe di a kgonagala mo go bone ba ba dumelang.20

Tumelo ya gago e e golang mo go Ene e tlaa sutisa dithaba—e seng dithaba tsa matlapa tse di kgabisang lefatshe fela dithaba tsa bohutsana mo matshelong a lona. Tumelo ya gago e e atlegang e tlaa go thusa go fetolela dikgwetlho mo kgolong e e sa bapisiweng le sepe le tshono.

Mo Sontageng se sa Paseka, ka maikutlo a a tseneletseng a lorato le malebogo, Ke bolela bopaki jwa me gore Jeso Keresete e le ruri o tsogile. O tsogile go etelela pele Kereke ya Gagwe. O tsogile go segofatsa matshelo a bana botlhe ba Modimo, gongwe le gongwe kwa ba nnang teng. Ka tumelo mo go Ene, re ka sutisa dithaba mo matshelong a rona. Ke paka jalo mo leineng le le boitshepo la ga Jeso Keresete, amene.

Placeholder Image Credit