2021
Rara wa Rona wa Legodimo o Batla Re Itumela
Phukwi 2021


“Rara wa rona wa Legodimo o Batla Re Itumela,” Liahona, Phukwi 2021

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Phukwi 2021

Rara wa Rona wa Legodimo o Batla Re Itumela

Jaaka re gakologelwa togamaano ya Modimo ya boitumelo, re ka bona boitumelo le fa botshelo bo le thata.

Setshwantsho
Keresete le bana

Pele ga re tsholwa mo lefatsheng, rotlhe re nnile le Rara wa Legodimo jaaka bana ba Gagwe ba mowa. O ne a baya pele togamaano go thusa bana ba Gagwe go ithuta le go gola. Ka togamaano ya Gagwe, re ka nna jaaka Ene mme ra tshwanela go itumelela botshelo jo bo sa khutleng. Togamaano e e kgonagala ka ntlha ya gore Morwa wa Modimo, Jeso Keresete, o tlile mo lefatsheng go bogela dibe tsa rona, setlhabelo se se bidiwang Tetlanyo.

Togamaano ya Rara wa Legodimo e bidiwa togamaano ya

Jaaka tse le dikwalo tse dingwe tse di boitshepo di supa, Rara wa Legodimo o batla re nna jaaka Ene, re boela kwa go Ene, mme re itumela ka boammaaruri (bona Moshe 1:39).

Re tla mo Lefatsheng go Ithuta le go Gola

Modimo o re rometse mo lefatsheng, koo re ka nnang le mmele wa nama (bona Genesise 1:26–27). Re ne re tlhoka mebele go re thusa go itemogela botshelo mo lefatsheng.

Modimo o ne a itse gore ga re kake ra itumela ka nako tsotlhe. Re itemogela maswabi, botlhoko, mme le loso. Mme ka dikgwetlho tsa botshelo, Rara wa Legodimo o re thusa go ithuta le go gola.

Modimo le gone o re neetse boitshenkelo, bokgoni jwa go itshenkela fa gare ga molemo le bosula. O re letlelela go itshenkela ka borona se re se akanyang le go se dira. O re neetse dikwalo tse di boitshepo le baperofeti ba ba tshelang go re thusa go ithuta go itshenkela se se siameng (bona Aberahame 3:25).

Setshwantsho
setlhare sa botshelo

Leka go Nna jaaka Jeso Keresete

Modimo ga a re romela mo lefatsheng re sena sekao se re ka se salang morago (bona Johane 13:15). O rometse Morwae, Jeso Keresete, go re supegetsa tsela. Go ithuta ka fa re ka mo salang morago ka teng, re ka bala dikwalo tse di boitshepo go ithuta gore ke mang le se a se dirileng ka nako ya botshelo jwa gagwe mo lefatsheng. Le gone re ka dira ka fa matleng a rona go nna jaaka Keresete ka go obamela Modimo le go rata ba bangwe.

Fa re dira diphoso, re kopa boitshwarelo le go amogela thata ya Tetlanyo ya ga Jeso Keresete go re thusa go fetoga. Re ka itumela jaaka re leka letsatsi le letsatsi go nna jaaka Ene.

Loso Ga se Bokhutlo

Fa re swa, mewa ya rona e ya kwa lefatsheng la mowa. Koo re tswelela go ithuta jaaka re ipaakanyetsa Tsogo.

Ka nako ya Tsogo, mmele ya rona le mewa e tlaa kopana gape. Mmele ya rona e tlaa itekanela, mme ga re kitla gape re boga loso kgotsa bolwetse (bona Alema 11:44–45). Fela jaaka Jeso Keresete a sule mme a tshela gape, rotlhe re tlaa tshela gape.

Fa Modimo a re atlhola, O tlaa elatlhoko ditiro tsa rona le dikeletso tsa rona. Fa re lekile go tshegetsa ditaelo le ditsholofetso tse re di dirileng le Rara wa Legodimo, ke gone re ka tshela le Ene gape.

Botshelo le Modimo le Malwapa a Rona kwa Legodimong

Mo bogosing jwa Selesetiale, re tlaa tshela le Modimo le Jeso Keresete. Mme le gone re tlaa kgona go tshela koo le malwapa a rona ka bosenang bokhutlo fa re kannwe le bone. Re tlaa bona kagiso, boitumelo, le boitapoloso (bona Mosia 2:41).

Matshelo a rona mo lefatsheng a ka nna thata nako tse dingwe, mme fa re sala Jeso Keresete morago, re ka bona boitumelo mo botshelong jo le boitumelo jo bo sa khutleng mo botshelong jo bo tlang.

Dikwalo tse di boitshepo Tsa Reng ka Togamaano ya Boitumelo?

Tsela e re tshelang matshelo a rona e botlhokwa. Modimo o tlaa atlhola le go re lefetsa go yeng ka dikakanyo tsa rona le ditiro (bona Alema 41:3).

Satane ke mmaba wa boitumelo jwa rona. O re raela go sa dirise sentle botshelo jwa rona mo lefatsheng le go leofa. O batla gore re tlhomole pelo jaaka ene (bona 2 Nefi 2:27).

Fa re na le tumelo mo togamaanong ya Modimo ya rona, re ka nna le kagiso go sa re sepe diteko dife tse re lebaganang le tsone. Re ka lebelela go tshela ka bosaengkae le Modimo (bona Dithuto le Dikgolagano 59:23).

Ditshwantsho tsotlhe ka J. Kirk Richards