Scriptures
1 Nifae 9


Kgaolo 9

Nifae o dira ditlhopha tse pedi tsa dipego tse di kwadilweng—Nngwe le nngwe e bidiwa dipapetlana tsa ga Nifae—Dipapetlana tse dikgolwane di na le ditso tsa lefatshe; tse dipotlana di dira bogolo jang le dilo tse di boitshepho. E ka nna dingwaga di le 600 go ya go dile 592 pele ga ga Keresete.

1 Mme dilo tse tsotlhe ntate o ne a di bona, le go di utlwa, le go di bua, fa a ne a nna mo tanteng, mo mokgatsheng wa Lemuele, ga mmogo le dilo tse dintsi mo gogolo go feta, tse di ka sekeng tsa kwalwa mo dipapetlaneng tse.

2 Mme jaanong, jaaka fa ke buile mabapi le dipapetlana tse, bonang ga se dipapetlana tse mo go tsone ke dirang pego e e tletseng ka ga ditso tsa batho ba gaetsho; gonne dipapetlana tse mo go tsone ke dirang pego e e tletseng ya batho ba gaetsho ke di file leina la ga Nifae; ka jalo he, di bidiwa dipapetlana tsa ga Nifae, morago ga leina la me; mme dipapetlana tse le tsone di bidiwa dipapetlana tsa ga Nifae.

3 Le fa go ntse jalo, ke amogetse taelo ya Morena gore ke dire dipapetlana tse, ka maikaelelo a a kgethegileng gore di tle di nne pego e e gabilweng ya tirelo ya batho ba gaetsho.

4 Mo dipapetlaneng tse dingwe go tshwanetse go gabiwa pego ya puso ya dikgosi, le dintwa le dikomano tsa batho ba gaetsho; ka jalo he tse dipapetlana ke tsa karolo e tona ya tirelo; mme dipapetlana tse dingwe ke tsa karolo e tona ya puso ya dikgosi le dintwa le dikomano tsa batho ba gaetsho.

5 Ka jalo he, Morena o ntaetse go dira dipapetlana tse ka maikaelelo a tlhalefo mo go ene, maikaelelo a ke sa a itseng.

6 Mme Morena o itse dilo tsotlhe go tswa kwa tshimologong; ka jalo he, o baakanya tsela go kgona ditiro tsotlhe tsa gagwe gareng ga bana ba batho; gonne bonang, o na le thata yotlhe mo go diragatseng mafoko otlhe a gagwe. Mme go ntse jalo. Amene.