Scriptures
Jakobe 6


Kgaolo 6

Morena o tlaa phutha gape Iseraele ka malatsi a bofelo—Lefatshe le tlaa fisiwa ka molelo—Batho ba tshwanetse go latela Keresete go tila letsha la molelo le magala. E ka nna dingwaga di le 544 go ya go di le 421 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong, bonang, bakaulengwe ba me, jaaka ke lo reile ka re ke tlaa porofita, bonang, se ke seporofiti sa me—gore dilo tse moporofiti yo Sinose a di buileng, mabapi le ntlo ya Iseraele, tse mo go tsone a neng a ba tshwantshanya le setlhare sa motlhware sa gae, ka boammaaruri di tlaa diragala.

2 Mme letsatsi le a tlaa bayang seatla sa gagwe gape la bobedi go phutha gape batho ba gagwe, ke letsatsi, ee, le nako ya bofelo tota, e batlhanka ba Morena ba tlaa tsamayang mo thateng ya gagwe, go otla le go kgaola dikala tsa tshimo ya gagwe ya mofine; mme morago ga moo bokhutlo bo tla ka bofefo.

3 Mme go segofaditswe jang ba ba dirileng ka tlhoafalo mo tshimong ya gagwe ya mofine; mme go futsitswe jang ba ba tlaa latlhelwang mo lefelong la bone! Mme lefatshe le tlaa tshubiwa ka molelo.

4 Mme Modimo wa rona o kutlwelobotlhoko jang go rona, gonne o gakologelwa ntlo ya Iseraele, mmogo medi le dikala; mme o thapolola pele diatla tsa gagwe go bone ka letsatsi lotlhe; mme ke batho ba ba melala e e gagametseng le kganetso; mme go lekana le jaaka bontsi jo bo tlaa sekeng bo thatafatse dipelo tsa bone bo tlaa bolokwa mo motseng wa bogosi jwa Modimo.

5 Ka jalo he, bakaulengwe ba me ba ba rategang, ke lo kopa ka mafoko a tlhoafalo gore lo ikotlhae, mme lo tle ka maikaelelo a a tletseng a pelo, mme lo ngaparele go Modimo jaaka a ngaparetse go lona. Mme fa letsogo la gagwe la kutlwelobotlhoko le santse le thapololetswe go ya go lona mo leseding la letsatsi, lo se thatafatse dipelo tsa lona.

6 Ee, tsatsi leno, fa lo ka utlwa lentswe la gagwe, lo se thatafatse dipelo tsa lona; gonne ka goreng lo tlaa swa?

7 Gonne bonang, morago ga lo sena go otlwa ka lefoko la Modimo le le molemo letsatsi lotlhe, a lo tlaa ntsha maungo a a bosula, gore lo kgaolwe mme lo latlhelwe mo molelong?

8 Bonang, a lo tlaa gana mafoko a? A lo tlaa gana mafoko a baporofiti; a mme lo tlaa gana mafoko otlhe a a builweng mabapi le Keresete, morago ga bontsi jo bo kana bo buile ka ga gagwe; mme lo ganetse lefoko la ga Keresete le le molemo, le thata ya Modimo, le mpho ya Mowa o o Boitshepho, mme lwa timola Mowa o o Boitshepho, mme lwa ikgatlha ka thulaganyo e kgolo ya thekololo, e e diretsweng lona?

9 A ga lo itse gore fa lo ka dira dilo tse, gore thata ya thekololo le tsogo, e e leng mo go Keresete, e tlaa lo tlisa go ema ka ditlhong le molato o o boitshegang fa pele ga setilo sa Modimo?

10 Mme go ya ka fa thateng ya tshiamiso, gonne tshiamiso ga e kake ya ganelwa, lo tshwanetse go ya mo letsheng leo la molelo le magala, o kgabo ya one e sa timogeng, le o mosi wa one o tlhatlogelang godimo ka metlha le metlha, letsha la molelo le magala le e leng botlhoko le khutsafalo e e sa feleng.

11 O jaanong foo jalo, bakaulengwe ba me ba ba rategang, ikotlhaeng lona, mme lo tsene ka kgoro e e pitlaganeng, mme lo tswelele ka tsela e e tshesane, go fitlhelela lo bona botshelo jo bosakhutleng.

12 O nnang botlhale; ke ka tlhola ke bua eng gape?

13 La bofelo, ke lo sadisa sentle, go fitlhelela re kopana fa pele ga setilo se se itumedisang sa Modimo, setilo se se rathang baleofi ka poitshego le poifo tse di boitshegang. Amene.