Scriptures
Moronae 7


Kgaolo 7

Taletso e a newa go tsena mo bonnong jwa Morena—Rapela ka maikaelelo a nnete—Mowa wa ga Keresete o kgonagatsa batho go itse molemo go tswa mo bosuleng—Satane o kgothatsa batho go gana Keresete le go dira bosula—Baporofiti ba supa go tla ga ga Keresete—Ka tumelo dikgakgamatso di a dirwa le baengele ba a direla—Batho ba tshwanetse go solofela botshelo jo bosakhutleng mme ba ngaparela bopelonomi. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 401 go ya go wa 421.

1 Mme jaanong nna, Moronae, ke kwala a se kae a mafoko a ga ntate Momone, a a a buileng mabapi le tumelo, tsholofelo, le bopelonomi; gonne morago ga mokgwa o o ne a bua go batho, jaaka a ne a ba ruta mo senagogeng e ba neng ba e agile go nna lefelo la kobamelo.

2 Mme jaanong nna, Momone, ke bua go lona, bakaulengwe ba me ba ba rategang, mme ke ka matlhogonolo a Modimo Rara, le Morena wa rona Jesu Keresete, le thato ya gagwe e e boitshepho, ka ntlha ya neo ya pitso ya gagwe go nna, gore ke letleletswe go bua le lona mo nakong e.

3 Ka jalo he, ke tlaa bua go lona ba lo leng ba kereke, ba lo leng balatedi ba ba kagiso ba ga Keresete, le ba lo boneng tsholofelo e e lekanetseng e ka yone lo ka tsenang mo bonnong jwa Morena, go tswa mo nakong eno go ya pele go fitlhelela lo tlaa ikhutsa le ene kwa legodimong.

4 Mme jaanong bakaulengwe ba me, ke atlhola dilo tse ka lona ka ntlha ya go tsamaya ka kagiso ga lona le bana ba batho.

5 Gonne ke gakologelwa lefoko la Modimo le le reng ka ditiro tsa bone lo tlaa ba itse; gonne fa ditiro tsa bone di le molemo, jaanong foo le bone ba molemo.

6 Gonne bonang, Modimo o rile motho ka a le bosula ga a kake a dira seo se se molemo; gonne fa a abela mpho, kgotsa go rapela go Modimo, kwa ntle ga a tlaa se dira ka maikaelelo a nnete ga go mmusetse sepe.

7 Gonne bonang, ga go balelwe go ene e le tshiamo.

8 Gonne bonang, fa motho a le bosula a a fa mpho, o e dira ka pelaelo; ka jalo he go balelwa go ene go tshwana jaaka a ne a ipeetse mpho; ka jalo he o balelwa a le bosula fa pele ga Modimo.

9 Mme fela jalo gape go balelwa bosula go motho, fa a ka rapela mme e seng ka maikaelelo a nnete a pelo; ee, ga go mmusetse sepe, gonne Modimo ga a amogele ope yo o jalo.

10 Ka jalo he, motho ka a le bosula ga a kake a dira seo se se molemo; le e seng gore o ka fa mpho e e molemo.

11 Gonne bonang, motswedi o o botlhoko ga o kake wa ntsha metsi a a molemo; le e seng gore motswedi o o molemo o ka ntsha metsi a a botlhoko; ka jalo he, motho ka e le motlhanka wa ga diabole ga a kake a latela Keresete; mme fa a latela Keresete ga a kake a nna motlhanka wa ga diabole.

12 Ka jalo he, dilo tsotlhe tse di molemo di tswa kwa Modimong; mme seo se se bosula se tswa kwa go diabole; gonne diabole ke mmaba go Modimo, mme o lwa kgatlhanong le ene go tsweletse, mme o laletsa le go okisa go dira sebe, le go dira seo se se leng bosula go tsweletse.

13 Mme bonang, seo se e leng sa Modimo se laletsa le go okisa go dira molemo go tsweletse; ka jalo he, sengwe le sengwe se se laletsang le go okisa go dira molemo, le go rata Modimo, le go mo direla, se tlhotlhelediwa ke Modimo.

14 Ka jalo he, elang tlhoko, bakaulengwe ba me ba ba rategang, gore ga lo atlhole seo se se leng bosula gore ke sa Modimo, kgotsa seo se se leng molemo le sa Modimo gore ke sa ga diabole.

15 Gonne bonang, bakaulengwe ba me, go neilwe go lona go atlhola, gore lo ka itse molemo go tswa mo bosuleng; mme tsela ya go atlhola e motlhofo jalo, gore lo ka tla lwa itse ka kitso e e itekanetseng, jaaka lesedi la motshegare le ntse go tswa mo bosigong jo bo lefifi.

16 Gonne bonang, Mowa wa ga Keresete o filwe go motho mongwe le mongwe, gore o ka tla a itse molemo go tswa mo bosuleng; ka jalo he, ke supegetsa go lona tsela ya go atlhola; gonne sengwe le sengwe se se laletsang go dira molemo, le go kgothatsa go dumela mo go Keresete, se rometswe pele ke thata le neo ya ga Keresete; ka jalo he, lo ka itse ka kitso e e itekanetseng gore ke sa Modimo.

17 Mme selo eng le eng se se kgothatsang batho go dira bosula, le go sa dumele mo go Keresete, le go mo latola, le go sa direle Modimo, jaanong foo lo ka itse ka kitso e e itekanetseng ke sa ga diabole; gonne morago ga mokgwa o diabole o a dira, gonne ga a kgothatse motho ope go dira molemo, nnyaa, e seng a le mongwe; le e seng baengele ba gagwe; le e seng bone ba ba ineetseng go ene.

18 Mme jaanong, bakaulengwe ba me, go bonala gore lo itse lesedi le ka lone lo ka atlholang, lesedi le e leng lesedi la ga Keresete, bonang gore ga lo atlhole ka tshokamo; gonne ka yone katlholo eo e lo atlholang, lo tlaa atlholwa le lona.

19 Ka jalo he, ke a lo kopa, bakaulengwe, gore lo batle ka tlhoafalo mo leseding la ga Keresete gore lo ka itse molemo go tswa mo bosuleng; mme fa lo ka tshwara sengwe le sengwe se se molemo, mme lwa seka lwa se bona molato, e le ruri lo tlaa nna ngwana wa ga Keresete.

20 Mme jaanong, bakaulengwe ba me, go ka kgonega jang gore lo ka tshwara selo sengwe le sengwe se se molemo?

21 Mme jaanong ke tla kwa tumelong eo, e ka ga yone ke rileng ke tlaa bua; mme ke tlaa lo bolelela tsela e ka yone lo ka tshwarang selo sengwe le sengwe se se molemo.

22 Gonne bonang, Modimo a itse dilo tsotlhe, a le go tswa bosenang bokhutlo go ya bosenang bokhutlo, bonang, o rometse baengele go ruta go bana ba batho, go supa mabapi le go tla ga ga Keresete; mme mo go Keresete go tlaa tla selo sengwe le sengwe se se molemo.

23 Mme Modimo le ene o begile go baporofiti, ka molomo wa gagwe, gore Keresete o tlaa tla.

24 Mme bonang, go ne go le ditsela tse di farologaneng tse a neng a supegetsa dilo go bana ba batho, tse di neng di le molemo; mme dilo tsotlhe tse di molemo di tswa go Keresete; go seng jalo batho ba ole, mme go ka bo go se sepe se se molemo se tla go bone.

25 Ka jalo he, ka go direla ga baengele, le ka lefoko lengwe le lengwe le le duleng mo molomong wa Modimo, batho ba simolotse go dirisa tumelo mo go Keresete; mme jalo ka tumelo, ba ne ba tshwara sengwe le sengwe se se molemo; mme jalo go ne go ntse go fitlhelela go tla ga ga Keresete.

26 Mme morago gore a tle batho le bone ba ne ba bolokwa ka tumelo mo leineng la gagwe; mme ka tumelo, ba nna barwa Modimo. Mme fela jaaka e le ruri Keresete a tshela o buile mafoko a go borraarona, a re: Eng le eng selo se lo tlaa se kopang Rara mo leineng la me, se se molemo, mo tumelong lo dumela gore lo tlaa amogela, bonang, se tlaa dirwa go lona.

27 Ka jalo he, bakaulengwe ba me ba ba rategang, a dikgakgamatso di eme ka ntlha ya gore Keresete o tlhatlogetse kwa legodimong, mme o ntse fatshe mo seatleng sa moja sa Modimo, go batla mo go Rara ditshwanelo tsa gagwe tsa kutlwelobotlhoko e a nang le yone mo baneng ba batho?

28 Gonne o arabile dikemo tsa molao, mme o tsaya botlhe bao ba ba nang le tumelo mo go ene; mme bone ba ba nang le tumelo mo go ene ba tlaa ngaparela go selo sengwe le sengwe se se molemo; ka jalo he o buelela maikemisetso a bana ba batho; mme o nna ka bosakhutleng mo magodimong.

29 Mme ka ntlha ya gore o dirile se, bakaulengwe ba me ba ba rategang, a dikgakgamatso di eme? Bonang ke lo raya ke re, Nnyaa; le e seng gore baengele ba emisetse go direla go bana ba batho.

30 Gonne bonang, ba mo taolong ya gagwe, go direla go ya ka fa lefokong la taelo ya gagwe, ba itshupa go bone ba tumelo e e nonofileng le mogopolo o o tsepameng mo popegong nngwe le nngwe ya semodimo.

31 Mme maemo a tirelo ya bone ke go bitsa batho go boikotlhao, le go diragatsa le go dira ditiro tsa dikgolagano tsa ga Rara, tse a di dirileng go bana ba batho, go baakanya tsela gareng ga bana ba batho, ka go bega lefoko la ga Keresete go dijana tse di tlhophilweng tsa Morena, gore ba ka tla ba nna le bopaki ka ga gagwe.

32 Mme ka go dira jalo, Morena Modimo o baakanya tsela gore maselela a batho ba ka nna le tumelo mo go Keresete, gore Mowa o o Boitshepho o ka nna le lefelo mo dipelong tsa bone, go ya ka fa thateng ya one; mme morago ga mokgwa o go diragatsa Rara, dikgolagano tse a di dirileng go bana ba batho.

33 Mme Keresete o rile: Fa o ka nna le tumelo mo go nna o tlaa nna le thata go dira sengwe le sengwe selo se se botlhokwa mo go nna.

34 Mme o rile: Ikotlhaeng lona dikhutlo tsa lefatshe, mme lo tle go nna, mme lo kolobediwe mo leineng la me, mme lo nne le tumelo mo go nna, gore lo ka tla lwa bolokwa.

35 Mme jaanong, bakaulengwe ba me ba ba rategang, fa e le gore se ke seemo gore dilo ke boammaaruri tse ke di buileng go lona, mme Modimo o tlaa supa go lona, ka thata le kgalalelo e kgolo ka letsatsi la bofelo, gore di boammaaruri, mme fa di le boammaaruri a letsatsi la dikgakgamatso le eme?

36 Kgotsa a baengele ba emesitse go bonala go bana ba batho? Kgotsa a o kganetse thata ya Mowa o o Botshepho go tswa go bone? Kgotsa a o tlaa, fela fa nako e tlaa nna teng, kgotsa lefatshe le tlaa ema, kgotsa go tlaa nna le motho a le mongwe fela mo sefatlhogong sa lone go bolokwa?

37 Bonang ka re go lona, Nnyaa; gonne ke ka tumelo gore dikgakgamatso di a dirwa; e bile ke ka tumelo gore baengele ba a bonala le go direla go batho; ka jalo he, fa dilo tse di eme khutsafalo go bana ba batho, gonne ke ka ntlha ya tlhoka tumelo, mme gotlhe ke lefela.

38 Gonne motho ope ga a kake a bolokwa, go ya ka fa mafokong a ga Keresete, fa e se ba tlaa nna le tumelo mo leineng la gagwe; ka jalo he, fa dilo tse di eme, jaanong foo tumelo le yone e eme; mme poitshego ke seemo sa motho, gonne ba jaaka e kete go ne go ise go nne le thekololo e dirilwe.

39 Mme bonang, bakaulengwe ba me ba ba rategang, ke atlhola dilo tse di botoka ka lona, gonne ke atlhola gore lo na le tumelo mo go Keresete ka ntlha ya bonolo jwa lona; gonne fa lo sena tumelo mo go ene jaanong foo ga lo a lekana go balelwa gareng ga batho ba kereke ya gagwe.

40 Mme gape, bakaulengwe ba me ba ba rategang, ke tlaa bua go lona mabapi le tsholofelo. Ke ka jang gore lo ka kgona go nna le tumelo, fa e se lo tlaa nna le tsholofelo?

41 Mme ke eng se lo tlaa se solofelang? Bonang ka re go lona gore lo tlaa nna le tsholofelo ka tetlanyo ya ga Keresete le thata ya tsogo ya gagwe, go tsoswa go botshelo jo bosakhutleng, mme se ka ntlha ya tumelo ya lona mo go ene go ya ka fa tsholofetsong.

42 Ka jalo he, fa motho a na le tumelo o tshwanetse go tlhokega a nne le tsholofelo; gonne kwa ntle ga tumelo ga go kake ga nna le tsholofelo epe.

43 Mme gape, bonang ka re go lona gore ga a kake a nna le tumelo le tsholofelo, fa e se fela a tlaa nna bonolo, le boikokobetso jwa pelo.

44 Fa go le jalo, tumelo ya gagwe le tsholofelo ke lefela, gonne ope ga a amogelesege fa pele ga Modimo, fa e se ba ba bonolo le boikokobetso jwa pelo; mme fa motho a le bonolo le boikokobetso jwa pelo, mme a ipolela ka thata ya Mowa o o Boitshepho gore Jesu ke Keresete, o tshwanetse go tlhokega a na le bopelonomi; gonne fa a sena bopelonomi ga a sepe; ka jalo he o tshwanetse go tlhokega a nne le bopelonomi.

45 Mme bopelonomi bo sotlega ka boleele, mme bo lebole, mme ga bo lefufa, mme ga bo a budulogela godimo, ga bo ipatlele ga jone, ga bo kgopisege ka motlhofo, ga bo akanye bosula, mme ga bo ipele mo boikeping mme bo ipela mo boammaaruring, bo tshola dilo tse tsotlhe, bo dumela dilo tsotlhe, bo solofela dilo tsotlhe, bo itshokela dilo tsotlhe.

46 Ka jalo he, bakaulengwe ba me ba ba rategang, fa lo sena bopelonomi, ga lo sepe, gonne bopelonomi ga bo ke bo palelwa. Ka jalo he, ngaparelang bopelonomi, jo bo leng bogolo mo go tsotlhe, gonne dilo tsotlhe di tshwanetse go palelwa—

47 Mme bopelonomi ke lorato lo lo itshekileng lwa ga Keresete, mme le itshoka ka metlha; mme mang yo o fitlhelwang a le ruile ka letsatsi la bofelo, go tlaa siama ka ene.

48 Ka jalo he, bakaulengwe ba me ba ba rategang, rapelang go Rara ka maatla otlhe a pelo, gore lo ka tlala ka lorato lo, lo a lo beileng mo go botlhe ba e leng balatedi ba boammaaruri ba ga morwawe, Jesu Keresete; gore lo ka tla lwa nna barwa Modimo; gore fa a tlaa bonala re tlaa bo re tshwana le ene, gonne re tlaa mmona jaaka a ntse; gore re tle re nne le tsholofelo e; gore re tle re itshekisiwe le fela jaaka a itshekile. Amene.