Jesus Christ
Tshegofatso ya Borotho


Tshegofatso ya Borotho

O Modimo, Rara wa Bosakhutlheng,
re kopa mo leineng la Morwao, Jeso Keresete,
go segofatsa le go itshekisa senkgwe
se go botlhe bao ba se jang,
gore ba se je ele segopotso sa mmele wa Morwao,
mme ba supe go wena, O Modimo, Rara wa Bosakhutlheng,
gore ba na le keletso ya go ineela mo leineng la Morwao,
le go mo gakologelwa ka nako tsotlhe
le go tshegetsa melao e a e ba neileng;
gore ba nne le Mowa wa gagwe ka nako tsotlhe.
Amene.