Mission Callings
Lekgotla Kgaolo 3: Thuto 4—Go Nna Barutwana ba ga Jeso Keresete Botshelo jotlhe


“Kgaolo 3: Thuto 4—Go nna Barutwana ba botshelo jotlhe ba ga Jeso Keresete,” Rera Efangele Yame: Kaelo ya go Abelana Efangele ya ga Jeso Keresete (2023)

“Kgaolo 3: Thuto 4,” Rera Efangele Yame

Kgaolo 3: Thuto 4

Go Nna Barutwana ba ga Jeso Keresete Botshelo jotlhe

Setshwantsho
The Lost Lamb [Kwana e e Timetseng], ka Del Parson

Go Ruta Thuto E

Kolobetso ke Tao e e itumedisang ya tsholofelo. Fa re kolobediwa, re supa keletso ya rona go sala Modimo morago le go tsena mo tseleng e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. Le gone re supa maikemisetso a rona a go nna barutwana botshelo jotlhe ba ga Jeso Keresete.

Thuto e e rulagantswe go yeng ka dikgolagano tse re di dirang ka nako ya Kolobetso. E akaretsa dikarolo tse di latelang tse di kgolo, e nngwe le nngwe ya tsone e nang le dikarolwana:

  • Kgolagano ya Rona go Rata go Itseela mo go rona leina la ga Jeso Keresete

  • Kgolagano ya Rona go tshegetsa ditaelo tsa Modimo

  • Kgolagano ya Rona go direla Modimo le ba Bangwe

  • Kgolagano ya Rona go Itshoka go ya Bokhutlong

Thusa batho go tlhaloganya gore melawana le ditaelo tse o di rutang ke karalo ya kgolagano tse ba tlaa di dirang ka kolobetso. Ba supegetse gore karolo nngwe le nngwe ya thuto ena e tlaa ba thusa go “tla mo go Keresete … le go tlhakanela poloko ya gagwe” (Omoni 1:26; bona le 1 Nefi15:14).

O tlaa batla go ruta thuto e mo maetong a a farologanyeng. Ka sewelo ketelo ya go ruta e ka feta metsotso e le 30 . Ka metlha go botoka go nna le diketolo tse dikhutshwane tsa kgapetsakgapetsa tse di akeretsang karolwana e nnye ya sediriso.

Dira lenaneo la se o tlaa se rutang, gore o tlaa se ruta leng, le gore o tlaa tsaya nako e kae. Tlhokomela matlhoko a batho ba o ba rutang, mme o batle kaelo ya Mowa. O na le go fetola go ruta go yeng ka fa go ka thusang batho botoka go ipaakanyetsa kolobetso le tlhomamiso.

Dikarolo dingwe mo thutong e di na le ditaletso tse di rileng. Batla tlhotlheletso mo go tseyeng tshwetso ya ka fa o ka laletsang ka teng le gore leng. Ela tlhoko selekanyo sa motho mongwe le mongwe sa go tlhaloganya. Mo thuse go tshela efangele kgato e le nngwe ka nako.

Setshwantsho
mosadi a tsaya sakaramente

Kgolagano ya Rona go Rata go Itseela mo go rona leina la ga Jeso Keresete

Fa re kolobediwa, re dira kgolagano go sala Jeso Keresete morago “ka boikaelelo jo bo feletseng jwa pelo.” Le gone re supa gore re “rata go itseela mo go [rona] leina la ga Keresete” (2 Nefi 31:13; bona le gone Dithuto le Dikgolagano 20:37).

Go itseela mo go rona leina la ga Jeso Keresete go raya gore re a Mo gakologelwa ebile re leka go tshela re le barutwana ba botshelo jotlhe ba Gagwe. Re letlelela gore lesedi la Gagwe le kganye mo go rona go ya go ba bangwe. Re ipona re le ba Gagwe mme re mmaya kwa pele mo matshelong a rona.

Karolo e e latelang e tlhalosa tsela tse pedi tse re gakologelwang ka tsone le go latela Jeso Keresete.

Rapela Gantsi

Thapelo e ka nna puisano e e bonolo le Rara wa Legodimo e e tswang mo pelong. Mo thapelong re bua le Ene ka tshosologo le ka boikanyegi. Re supa lorato mo go Ene le tebogo ya masego a rona. Le gone re kopa thuso, tshireletso, le kaelo. Fa re wetsa dithapelo tsa rona, re tshwanetse go tsaya sebakanya go ema ka nakwana le go reetsa.

Jeso o rutile gore, “Lo tshwanetse go rapela Rara ka metlha mo leineng la me” (3 Nefi 18:19, kgatelelo e tsentswe; bona le gone Moše 5:8). Fa re rapela mo leineng la ga Jeso Keresete, re gakologelwa botlhe Ene le Rara wa Legodimo.

Jeso o re beetse sekao go se sala morago fa re rapela. Re ka ithuta thata ka thapelo ka go ithutuntsha thapelo ya Mmoloki (bona Mathaio 6:9–13; Johane 17).

Dithapelo tsa rona di ka nna le dikarolo tse di latelang:

  • Simolola ka go bua le Rara wa Legodimo.

  • Bua maikutlo a pelo tsa rona, jaaka tebogo ya ditshegofatso tse re di amogetseng.

  • Botsa dipotso, batla kaelo, mme o kope ditshegofatso.

  • Wetsa ka gore, “Mo leineng la ga Jeso Keresete, amene.”

Dikwalo tse di boitshepo di re tlhagisa go rapela mo mosong le mo maitseboeng. Le fa gontse jalo, re ka rapela nako e nngwe le e nngwe mo seemong sengwe le sengwe. Ka dithapelo tsa rona tsa motho le tsa lelwapa, go ka nna le bokao fa re khubama fa re rapela. Re tshwanetse ka metlha go nna le thapelo mo dipelong tsa rona. (Bona Alema 34:27; 37:36–37; 3 Nefi 17:13; 19:16.)

Dithapelo tsa rona di tshwanetse go akanngwa ebile di tswa mo pelong. Fa re rapela, re tshwanetse go tila go bua dilo tse ditshwanang ka mokgwa o o tshwanang.

Re rapela ka tumelo, boammaaruri, le ka maikaelelo a nnete go tsaya kgato go diragatsa dikarabo tse re di amogelang. Fa re dira se, Modimo o tlaa re kaela le go re thusa go dira ditshwetso tse di molemo. Re tlaa ikutlwa re le gaufi le Ene. O tlaa re naya tlhaloganyo le boammaaruri. O tlaa re segofatsa ka kgomotso, kagiso, le thata.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Guide to the Scriptures: “Prayer

  • Bible Dictionary: “Prayer

  • Gospel Topics: “Prayer

Ithutuntshe Dikwalo tse di boitshepo?

Nefi o rutile gore, “Ja moletlo mo lefokong la ga Keresete; gonne [a] tlaa go bolelela dilo tsotlhe tse o tshwanetseng go di dira” (2 Nefi 32:3; bona le gone 31:20).

Go ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo ke tsela e e botlhokwa ya go gakologelwa le go latela Jeso Keresete. Mo dikwalong tse di boitshepo re ithuta ka botshelo jwa Gagwe, tirelo, le dithuto. Re ithuta le gone ka ditsholofetso tsa Gagwe. Fa re bala dikwalo tse di boitshepo, re itemogela lorato lwa Gagwe. Mewa ya rona ya gola, tumelo ya rona mo go Ene ya oketsega, mme ditlhaloganyo tsa rona di a sedifalelwa. Bopaki jwa rona jwa thomo ya Gagwe ya semodimo bo a nonofa.

Re gakologelwa le go latela Jeso fa re dirisa mafoko a Gagwe mo matshelong a rona. Re tshwanetse go ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo letsatsi le letsatsi, bogolo thata Buka ya ga Momone.

Dikwalo tse di boitshepo tsa Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ke Baebele e e Boitshepo, Buka ya ga Momone, Dithuto le Dikgolagano, le Perela e e Tlhwatlhwa e Kgolo. Tse le gone di bidiwa “ditiro tsa mokgele.”

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Guide to the Scriptures: “Scriptures

  • Gospel Topics: “Scriptures

Setshwantsho
Jeso Keresete a ruta matshwititshwiti

Kgolagano ya Rona go tshegetsa ditaelo tsa Modimo

Ela tlhoko: Go na le mefuta e mentsi ya go ruta ditaelo mo karolong e. Sekai, o ka di ruta ka diketelo di seng kae. Kgotsa o ka ruta dingwe tsa tsone e le karolo ya dithuto tse tharo tsa ntlha. Fa o ruta ditaelo, rurifatsa gore o di amanya le kgolagano ya kolobetso le togamaano ya poloko.

Fa re kolobediwa, re dira kgolagano le Modimo gore re tlaa “tshegetsa ditaelo tsa gagwe” (Mosia 18:10; Alema 7:15).

Modimo o re neetse ditaelo ka ntlha ya gore o a re rata. O re batlela molemo mogolo gone jaanong le mo bosakhutleng. Jaaka Rara wa rona wa Legodimo, O itse se re se tlhokang sa botsogo jwa rona jwa semowa le nama, Le gone O itse se se tlaa re tsisetsang boitumelo jo bogolo. Taelo nngwe le nngwe ke mpho ya semodimo. E e neetsweng go kaela ditshwetso tsa rona, go re sireletsa, le go re thusa go gola.

Lebaka le le lengwe le re tlileng ka lone mo lefatsheng ke go ithuta le go gola ka go dirisa boitshenkelo jwa rona ka botlhale (bona Aberahame 3:25). Go itshenkela go obamela ditaelo tsa Modimo—le go ikwatlhaya fa re tlhaela—go re thusa go tsamaya mo loetong le la botshelo le gantsi le re gwetlhang.

Ditaelo tsa Modimo ke motswedi wa thata le ditshegofatso (bona Dithuto le Dikgolagano 82:8-9). Ka go tshegetsa ditaelo, re ithuta gore ga se melao e e bokete e e thibelang kgololesego ya rona. Kgololesego ya boammaaruri e tswa mo go obameleng ditaelo. Kobamelo ke motswedi wa thata e e re tlisetsang lesedi le kitso ka Mowa o o Boitshepo. E re tlisetsa boitumelo jo bogolo le go re thusa go fitlhelela bokgoni jwa rona jwa semodimo re le bana ba Modimo.

Modimo o solofetsa go re segofatsa fa re tshegetsa ditaelo tsa Gagwe. Ditshegofatso tse dingwe di tlhamaleletse ditaelo di nngwe. Ditshegofatso tsa Gagwe tsa bofelo ke kagiso mo botshelong jo le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlaa tlang. (Bona Mosia 2:41; Alema 7:16; Dithuto le Dikgolagano 14:7; 59:23; 93:28; 130:20–21.)

Ditshegofatso tsa Modimo tshotlhe ke tsa semowa le tsa lobaka lono fela. Ka dinako tse dingwe, re tlhoka go nna pelotelele mo go di emeleng, re tshepa gore di tlaa tla go yeng ka thato ya Gagwe le nako (bona Mosia 7:33; Dithuto le Dikgolagano 88:68). Go lemoga ditshegofatso dingwe, re tlhoka go ela tlhoko semowa le go nna kelotlhoko. Se se boammaaruri thata thata ka ditshegofatso tse di tlang ka ditsela tse di motlhofo le tse di lebegang di tlwaelesegile.

Ditshegofatso dingwe di ka bonala fela morago. Tse dingwe di ka se tle go fitlhelela morago ga botshelo jo. Go sa re sepe tlhopho ya nako kgotsa ka fa tlholegong ya ditshegofatso tsa Modimo, re ka solofela gore di tlaa tla fa re leka go tshela efangele ya ga Jeso Keresete (bona Dithuto le Dikgolagano 82:10).

Modimo o rata bana ba Gagwe ka botlalo. O pelotelele mo makoweng a rona, mme o itshwarela fa re ikwatlhaya.

Ditaelo tse Pedi tse Dikgolo

Fa Jeso a ne a botswa gore, “Taelo e kgolo ke efe?” A araba a re, “O rate Morena Modimo wa gago ka pelo ya gago yotlhe, ka mowa wa gago otlhe, le ka tlhaloganyo ya gago yotlhe.”

Ke gone Jeso a re taelo e kgolo ya bobedi e tshwana le ya ntlha: “O rate mongwe-ka-wena jaaka o ithata” (Mathaio 22:36–39). “Ga go na taolo epe e nngwe e e fetang tse” (Mareko 12:31).

Jaaka bana ba mowa ba Modimo, re na le selekanyetso se segolo sa go rata. Ke karolo ya boswa jwa rona jwa semowa. Go tshela ka ditaelo tse pedi tse dikgolo—go rata Modimo la ntlha le go rata banka-rona—ke mokgwa o o kayang barutwana ba ga Jeso Keresete.

Lorato lwa Modimo

Go na le ditsela tse dintsi re ka supang lorato la rona la Modimo. Re ka tshegetsa ditaelo tsa Gagwe (bona Johane 14:15, 21). Re ka mmaya kwa pele mo matshelong a rona le go mo neela thato ya rona mo go ya Gagwe. Re remelela dikeletso tsa rona, dikakanyo, le dipelo tsa rona mo go Ene (see Alema 37:36). Re ka tshela ka tebogo ka ga ditshegofatso tse A re di neetseng—mme re nne lebole mo go abelaneng ditshegofatso tse (bona Mosia 2:21–24; 4:16–21). Ka thapelo le go direla ba bangwe, re ka supa ra bo ra tiisa lorato la rona mo go Ene.

Jaaka ditaelo tse dingwe, taelo ya go rata Modimo ke ya go re thusa. Se re se ratang se laola se re se batlang. Se re se batlang se laola se re se akanyang le go se dira. Mme se re se akanyang le se re se dirang se laola se re leng sone—le se re tlaa se nna.

Lorato lwa Bangwe

Go rata ba bangwe ke katoloso ya lorato la rona la Modimo. Mmoloki o re rutile ditsela tse dintsi tsa go rata ba bangwe (bona, sekai, Luke 10:25–37 le Mathaio 25:31–46). Re a ba tshegetsa le go ba amogela mo dipelong tsa rona le matshelo. Re rata ka go direla—ka go ineela le ka ditsela tse di nnyenyane. Re rata ba bangwe ka go dirisa dineo tse Modimo a re di neetseng go ba segofatsa.

Go rata ba bangwe go akaretsa go nna pelotelele, pelonomi, and le go tshepega. Go akaretsa go itshwarela ka tshosologo. Go raya go tshwara batho botlhe ka tlotlo.

Fa re rata motho yo mongwe, rona le motho yoo rotlhe re a segofadiwa. Dipelo tsa rona di a gola, matshelo a rona a nna le bokao thata mme boitumelo jwa rona bo a oketsega.

Ditshegofatso

Ditaelo tse pedi tse dikgolo—go rata Modimo le go rata banka-rona—ke motheo wa ditaelo tsotlhe tsa Modimo (bona Mathaio 22:40). Fa re rata Modimo pele, gape le go rata ba bangwe, sengwe le sengwe mo matshelong a rona se tlaa tsena mo maemong a sone a a siameng. Lorato lena le tlaa ama ka fa re bonang dilo ka teng, tiriso ya nako ya rona, dikgatlhegelo tse re di salang morago, le thulaganyo ya dilo tse re di bayang pele.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Guide to the Scriptures: “Charity,” “Love

  • Gospel Topics: “Charity,” “Love

Sala Moperofeti Morago

Modimo o bitsa baperofeti gore ba nne baemedi ba Gagwe mo lefatsheng. Ka baperofeti ba Gagwe, O senola boammaaruri le go neela kaelo le ditlhagiso.

Modimo o ne a bitsa Joseph Smith go nna moperofeti wa ntlha wa malatsi a bofelo (bona thuto 1). Batlhatlhami ba ga Joseph Smith fela jalo ba bileditswe ke Modimo go etelela Kereke ya Gagwe pele, go akaretsa le moperofeti yo o e etelelang pele gompieno. Re tshwanetse go bona tlhotlheletso ya pitso ya semodimo ya moperofeti yo o tshelang le go latela dithuto tsa gagwe.

Dithuto tsa baperofeti ba ba tshedileng le baaposetole di naya seitsetsepelo sa boammaaruri jo bo sa khutleng mo lefatsheng la dilo tse di botlhokwa tse di fetogang. Jaaka re sala moperofeti wa Modimo morago,tsietsego le tshukatshukano tsa lefatshe ga di kitla di re fekeetsa thata. Re tlaa bona boitumelo jo bogolo mo botshelong jo le go amogela kaelo ya karolo e ya loeto lwa rona la bo sa khutleng.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

Tshegetsa Ditaelo tse di Lesome

Modimo o senoletse moperofeti wa bogologolo yo o bidiwang Moshe Ditaelo Tse di Lesome go kaela batho ba gagwe. Ditaelo tsena di dirisiwa fela le mo malatsing a rona. Di re ruta go obamela le go supa tlotlo mo Modimong. Di ruta le gone ka fa re ka tshwaranang ka teng.

  • “O seka wa nna le medimo e mengwe kwantle ga me” (Ekesodo 20:3). “Medimo” e mengwe e akaretsa dilo tse dintsi, sekai, dithoto, thata, kgotsa boemo.

  • “O seka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng” (Ekesodo 20:4).

  • “O seka wa dirisetsa leina la Morena Modimo wa gago lefela” (Ekesodo 20:7).

  • “Gakologelwang letsatsi la sabata, go le itshepisa” (Ekesodo 20:8).

  • “Tlotla rrago le mmago” (Ekesodo 20:12).

  • “O seka wa bolaya” (Ekesodo 20:13)

  • “O seka wa dira boaka” (Ekesodo 20:14).

  • “O seka wa utswa” (Ekesodo 20:15).

  • “O seka wa supa maaka ka mongwe ka wena” (Ekesodo 20:16).

  • “O seka wa eletsa dilo tsa mongwe ka wena” (Ekesodo 20:17).

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Guide to the Scriptures: “Commandments, the Ten

  • Ditlhogo tsa Efangele: “Ditaelo tse di Lesome

Setshwantsho
monna a kukile mosadi

Tshela Molao wa Boitsholo jo bo Itshekileng

Molao wa boitsholo jo bo itshekileng ke karolo ya botlhokwa ya togamaano ya Modimo ya poloko le kgalalelo ya bosakhutleng. Botsalano jwa kopanelo dikobo fa gare ga mmona le mosadi bo tlhomilwe ke Modimo go bopa bana le go supa lorato mo lenyalong. Botsalano jo le thata ya go bopa botshelo jwa motho di laoletswe go nna di ntle le boitshepo.

Molao wa Modimo wa boitsholo jo bo itshekileng ke boikgapo mo dikamanong tsa tlhakanelo dikobo kwa ntle ga lenyalo la molao fa gare ga monna a le mongwe le mosadi a le mongwe. Molao o le gone o raya go nna le boikanngo jo bo feletseng le boikanyego mo molekaneng wa motho morago ga lenyalo.

Go re thusa go tshegetsa molao wa boitsholo jo bo itshekileng, baperofeti ba re tlhagisitse go nna phepa mo dikakanyong tsa rona le mafoko. Re tshwanetse go iphapha mo ponokerafing ya sebopego sengwe le sengwe. Mo go tshegetseng molao wa boitsholo jo bo itshekileng, re tshwanetse go nna bori mo maitshwarong a rona le tebego.

Batho ba ba kolobediwang ba tshwanetse go tshela ka molao wa boitsholo jo bo itshekileng.

Boikotlhao le Boitshwarelo

Mo ponong ya Modimo, go roba molao wa boitsholo jo boitshekileng go tlhoafetse thata (bona Ekesodo 20:14; Baefesia 5:3). E dirisa botlhaswa thata e e boitshepo eo A e neileng go bopa botshelo. Mme O tswelela ka go re rata le fa re robile molao o. O re laletsa go ikwaatlhaya le go ntlafala ka setlhabelo sa tefelo sa ga Jeso Keresete. Boitlhobogo jwa sebe bo ka emisediwa ka kagiso e e monate ya boitshwarelo jwa Modimo (bona Dithuto le Dikgolagano 58:42-43).

Ditshegofatso

Modimo o neetse molao wa boitsholo jo bo itshekileng go re segofatsa le bana ba mowa ba A ba romelang mo lefatsheng. Go obamela molao go botlhokwa mo kagisong ya motho le mo go nneng le lorato, tshepo, le tshwaragano mo dikamanong tsa malwapa a rona

Fa re tshela ka molao wa boitsholo jo bo itshekileng re tlaa sirelediwa mo tshenyong ya semowa eo e tswang mo botsalanong jwa tlhakanelo dikobo kwa ntle ga lenyalo. Le gone re tlaa tila mathata a maikutlo le nama a gantsi a tlang le dikamano tse di ntseng jalo. Re tlaa gola mo go itshepeng fa pele ga Modimo (bona Dithuto le Dikgolagano 121:45). Re tlaa bulegela thata tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo. Re tlaa bo re iketleeditse botoka go dira dikgolagano tse di boitshepo mo tempeleng tse di kopanyang malwapa a rona ka bosakhutleng.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Guide to the Scriptures: “Chastity

  • Gospel Topics: “Chastity

Tshegetsa Molao wa tsa Bolesome

Tshiamelo e kgolo ya boloko mo Kerekeng ke monyetla wa go ntsha tsa bolesome. Fa re ntsha tsa bolesome, re thusa go tsweledisa tiro ya Modimo le go segofatsa bana ba Gagwe.

Molao wa tsa bolesome o simologile mo metlheng ya Kgolagano e Kgologolo. Sekai, moperofeti Aberahame o ntshitse tsa bolesome ya dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone (bona Alema 13:15; Genesise 14:18–20).

Lefoko tsa bolesome tota le raya bongwe mo lesomeng. Fa re ntsha tsa bolesome, re neela bongwe-mo lesomeng jwa dipoelo tsa rona mo Kerekeng (bona Dithuto le Dikgolagano 119:3–4; morokotso o tlhaloganngwa go raya letseno.) Gotlhe mo re nang le gone ke mpho go tswa kwa Modimong. Fa re ntsha tsa bolesome, re supa tebogo mo Modimong ka go busa seabe sa tse a re di neetseng.

Go ntsha tsa bolesome go supa tumelo. Gape ke mokgwa wa go tlotla Modimo. Jeso o rutile gore re tshwanetse “go batla … pele bogosi jwa Modimo” (Mathaio 6:33), mme tsa bolesome ke mokgwa wa go dira seo.

Setshwantsho
Madi a Mannye a Motlholagadi, ka Sandra Rast

Go dirisa Madi a tsa Bolesome

Madi a Tsa bolesome a boitshepo. Re neela tsa bolesome tsa rona leloko la bobishopo, kgotsa mo dikgaolong ka bontsi re ka duela mo maranyaneng. Fa bobishopo ba amogela tsa bolesome ba fetisetsa ka diofising kgolo tsa Kereke.

Lekgotla la Boporesidente jwa Ntlha, Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, le Bobishopo ba ba Okametseng ba tsayang ditshwetso ka fa madi a tsa bolesome a ka dirisiwang ka teng (bona Dithuto le Dikgolagano 120). Ditiriso tse di akaretsa:

  • Go aga le go baakanya ditempele le matloakopano.

  • Go ranola le go anamisa dikwalo tse di boitshepo.

  • Go tshegetsa ditiro le ditsamaiso tsa diphutego tsa Kereke tsa mo gae.

  • Go tshegetsa tiro ya boanamisa efangele go ralala lefatshe.

  • Go tshegetsa tiro ya ditso tsa lelwapa

  • Go naya madi a dikole le thuto.

Tsa bolesome ga di dirisediwe go duela baeteledi pele ba Kareke ba mo gae. Ba direla ka boithaopo kwa ntle ga tuelo epe.

Ditshegofatso

Fa re duela tsa bolesome, Modimo o solofetsa ditshegofatso tse di leng dikgolo go na le se re se neelang. O tlaa “bula … dikgoro tsa legodimo, mme ka gorometsa … tshegofatso, gore go se kitla go nna le bonno jo bo lekanyeng go le bea” (Malaki 3:10; bona temana 7–12). Ditshegofatso tsena e ka nna tsa semowa kgotsa tsa lobaka lono fela.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Guide to the Scriptures: “Tithes, Tithing.”

  • Gospel Topics: “Tithing

Obamela Lefoko la Tlhalefo

Molao wa Morena wa Botsogo

Mebele ya rona ke dimpho tse di boitshepo go tswa kwa Modimong. Mongwe le mongwe wa rona o tlhoka mmele ya nama go nna thata jaaka Ene. Mebele ya rona e botlhokwa thata mo e leng gore dikwalo tse di boitshepo di e tshwantshanya le ditempele (bona 1 Bona 1 Bakorintha 6:19 - 20).

Morena o batla re tshwara mebele ya rona ka tlotlo. Go re thusa go dira se, O ne a senola molao wa botsogo o o bidiwang Lefoko la Tlhalefo. Tshenolo e e re ruta ka go ja dijo tse di otlang le gore re seka ra dirisa dilo tse di koafatsang mebele ya rona—segolo bogolo bojalwa, motsoko, le dino tse di molelo (go raya tee le kofi).

Mo moweng wa Lefoko la Tlhalefo, baperofeti ba gompieno ba re tlhagisitse kgatlhanong le tiriso ya dilo tse dingwe tse di koafatsang, tse di seng ka fa molaong kgotsa tse di lematsang. Baperofeti gape ba re tlhagisitse kgatlhanong le tiriso botlhaswa ya melemo e e neetsweng ke ngaka. (Poresidente wa gago wa thomo o tlaa araba dipotso ka gore a dilo tse dingwe mo tikologong ya kgaolo ya gago a ga di a tshwanela go dirisiwa.)

Ditshegofatso

Morena o neetse Lefoko la Tlhalefo ka ntlha ya botsogo jwa rona jwa semowa le jwa nama. O solofetsa ditshegofatso tse di kgolo fa re tshegetsa molao o. Ditshegofatso tsena di akaretsa botsogo, tlhalefo, letlotlo la kitso, le tshireletso (bona Dithuto le Dikgolagano 89:18–21).

Go obamela Lefoko la Tlhalefo go tlaa re thusa go amogela thata ditlhotlheletso tsa Mowa o o Boitshepo. Le fa rotlhe re itemogela dikgwetlho tsa botsogo, go obamela molao o go tlaa re thusa go nna le botsogo jo bontle mo mmeleng,tlhaloganyo, le mowa.

Ba ba kolobediwang ba tshwanetse go obamela Lefoko la Tlhalefo.

Ka kaelo ka go thusa batho ba ba tshwenngwang ke kgatelelo, bona kgaolo 10.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Guide to the Scriptures: “Word of Wisdom

  • Gospel Topics: “Health,” “Word of Wisdom

  • Life Help: “Addiction

Itshepise Sabata

Letsatsi la Boitapoloso le Kobamelo

Sabata ke letsatsi le le boitshepo leo Modimo a re le lomoletseng beke le beke go itapolosa mo ditirong tsa rona tsa letsatsi le letsatsi le go Mo obamela. Nngwe ya Ditaelo tse di Lesome e e neng ya neelwa Moshe ke go “gakologelwa letsatsi la sabata, go le itshepisa” (Ekesodo 20:8; bona le gone ditemana 9-11).

Mo tshenolong ya bosheng, Morena o ne a rurifatsa gape gore Sabata “ke letsatsi le le tlhometsweng go itapolosa mo ditirong, le go isa ditebogo kwa go Mogodimodimo” (Dithuto le Dikgolagano 59:10). Gape O ne a re Sabata e tshwanetse go nna letsatsi la boitumelo, thapelo, le la ditebogo (bona ditemana 14-15).

Jaaka karolo ya kobamelo ya rona ya Sabata,re tsenelela bokopano jwa sakaramente beke le beke. Mo bokopanong jo, re obamela Modimo le go ja sakaramente go gakologelwa Jeso Keresete le Tetlanyo ya Gagwe. Fa re ja sakaramente, re šafatsa dikgolagano tsa rona le Modimo le go supa gore re rata go ikwatlhaela dibe tsa rona. Tao ya sakaramente ke boremelelo jwa tlhokomelo ya letsatsi la Sabata.

Kwa kerekeng le gone re tsaya karolo mo ditlelaseng tseo mo go tsone re ithutang thata ka ga efangele ya ga Jeso Keresete. Tumelo ya rona ya gola fa re ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo mmogo. Lorato lwa rona le a gola fa re direlana le go nonotshana.

Mo godimo ga go itapolosa mo ditirong tsa rona ka Sabata, re tshwanetse ra ikgapha mo go rekeng le ditiro tse dingwe tseo di ka dirang gore le utlwale jaaka letsatsi la tlwaelo. Re seegela fa thoko ditiro tsa lefatshe mme re tsepamise dikakanyo tsa rona le diketso mo dilong tsa semowa.

Letsatsi la go Dira Molemo

Go dira molemo ka letsatsi la Sabata le gale go botlhokwa fela jaaka se re ikgaphang go se dira go le itshepisa. Re ithuta efangele, re thatafatsa tumelo, re aga dikamano, re a direla, mme re tsaya karolo mo ditirong tse dingwe tse di nonotshang mowa le lelwapa le ditsala.

Setshwantsho
bobedi bo bala dikwalo tse di boitshepo

Ditshegofatso

Go itshepisa Sabata ke tshupo ya boineelo jwa rona mo go Rara wa Legodimo le Jeso Keresete. Fa re dira gore ditiro tsa rona tsa Sabata di tsamaisane le maikaelelo a Modimo a letsatsi, re tlaa utlwa boitumelo le kagiso. Re tlaa nonotshiwa semowa le go lapolosiwa mo mmeleng. Gape re tlaa ikutlwa re le gaufi thata le Modimo le go dira kamano ya rona le Mmoloki boteng. Re tlaa ikilela gotlhelele gore re “se mathwe ke lefatshe” (Dithuto le Dikgolagano 59:9). Sabata e tlaa “jesa monate” (Isaia 58:13; bona le gone temana 14).

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Gospel Topics: “Sabbath Day

  • Guide to the Scriptures: “Sabbath Day

Obamela mme o tlotle Molao

Baitshepi ba malatsi a Bofelo ba dumela mo go obameleng molao le go nna baagedi ba ba molemo (bona Dithuto le Dikgolagano 134; Mekwalwana ya Tumelo 1:12.). Maloko a Kereke ba kgothadiwa go direla go tokafatsa merafe ya bone le ditshaba. Ba kgothadiwa gape go nna tlhotlheletso ya ditekanyetso tse dintle tsa maitshwaro mo sechabeng le goromente.

Maloko a Kereke a lalediwa go tsayakarolo mo pusong le mo tsamaisong ya sepolotiki go yeng ka fa molaong. Maloko a tshwereng maemo mo pusong ba dira mo maemong a ntseng jalo jaaka baagedi ba ba tlamegang, e seng jaaka baemedi ba Kereke.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Political and Civic Activity” mo karolo 38.8 ya General Handbook

  • Gospel Topics: “Citizenship

Setshwantsho
The Greatest in the Kingdom [Yo Mogolo go Fetisisa mo Bogosing], ka J. Kirk Richards

Kgolagano ya Rona go direla Modimo le ba Bangwe

Tirelo

Fa re kolobediwa, re golagana go direla Modimo le ba bangwe. Go direla ba bangwe ke nngwe ya ditsela tsa konokono tse re direlang Modimo ka tsone (bona Mosia 2:17). Moperofeti Alema o ne a ruta bao ba ba neng ba eletsa go kolobediwa gore ba ka “eletsa go rwalelala merwalo, … go hutsafala le bao ba ba hutsafetseng … , le go gomotsa bao ba ba tlhokang kgomotso” (Mosia 18:8–9).

Ka pela morago fela ga kolobetso, leloko le leša ka tlwaelo le amogela pitso go direla mo Kerekeng. Dipitso tsena ke tsa boithaopo ebile ga di duelelwe. Jaaka re di amogela le re direla ka tlhwaafalo, re gola mo tumelong, re godisa ditalente, le go segofatsa ba bangwe.

Karolo e nngwe ya tirelo ya rona mo Kerekeng ke go nna “mokaulengwe yo o direlang” kgotsa “kgaitsadi yo o direlang.” Mo maikarabelong a, re direla batho ba re ba abetsweng le malwapa.

Jaaka barutwana ba ga Jeso Keresete, re batla menyetla ya go direla letsatsi le lengwe le lengwe. Jaaka Ene, re tsmaya “re dira molemo” (Ditiro 10:38). Re direla baagisanyi le ba bangwe mo morafeng wa rona. Re ka tsaya karolo mo menyetleng ya tirelo ka JustServe kwa e leng teng. Re ka ema nokeng maiteko a Kereke a go kgathala ka botsogo jwa batho le tshotlego ya bone le go tsaya karolo mo tsibogelong matlhotlhapelo .

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Guide to the Scriptures: “Service

  • Gospel Topics: “Service

Setshwantsho
batho ba bua

Go Abelana Efangele

Jaaka karolo ya kgolagano ya rona ya kolobetso, re solofetsa go “ema re le basupi ba Modimo” (Mosia 18:9). Tsela e le nngwe e re emang re le basupi ke ka go abelana efangele ya ga Jeso Keresete. Go thusa ba bangwe go amogela efangele ke nngwe ya mefuta e e itumedisang ya tirelo e re ka e neelang (bona Dithuto le Dikgolagano 18:15–16). Ke tshupo e e maatla ya lorato lwa rona.

Fa re itemogela ditshegofatso tsa go tshela ka efangele, ka tlholego re batla go abelana ditshegofatso tseo. Maloko a lelwapa, ditsala, le batho ba re ba tlwaetseng gantsi ba nna le kgatlhego fa re tlhoma sekao se se boikanyego mme ba bona ka fa efangele e segofatsang matshelo a rona ka teng. Re ka abelana efangele ka ditsela tse di tlwaelesegileng le tsa tlholego (bona General Handbook, chapter 23).

Re laletsa ba bangwe go tsaya karolo le rona mo ditirong tsa tirelo, morafe, itloso bodutu, le tsa Kereke. Re ka ba laletsa bokopano jwa Kereke kgotsa tirelo ya kolobetso. Re ka ba laletsa go lebelela setshwantsho sa motshikenyego sa inthanete se se tlhalosang efangele ya ga Jeso Keresete, go bala Buka ya Momone, kgotsa go etela pulo ya tempele. Go na le ditaletso di le makgolo tse re ka di dirang. Gantsi, taletso e raya fela go akaretsa malwapa a rona, ditsala, le baagisanyi mo go seo se re setseng re se dira.

Fa re kopa, Modimo o tlaa re thusa go lemoga menyetla ya go abelana efangele le go bolelela ba bangwe ka fa e segofatsang matshelo a rona ka teng.

Kitso e e feteletseng ka ga go dirisa melawana ya go rata, abelana, le go laletsa, bona “Bopagana le Maloko” mo kgaolo 9.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Guide to the Scriptures: “Missionary Work

  • Gospel Topics: “Missionary Work

Go Ikitsa Dijo le Meneelo ya go Ikitsa Dijo

Modimo o tlhomamisitse molao wa go ikitsa dijo e le tsela ya rona ya go godisa thata ya semowa le go thusa ba ba mo letlhokong.

Go ikitsa dijo go raya go nna kwa ntle ga dijo le seno ka sebaka sa nako. Kereke ka tlwaelo e beela fa thoko Sontaga wa ntlha wa kgwedi nngwe le nngwe e le letsatsi la go ikitsa dijo. Letsatsi la go ikitsa dijo le akaretsa go nna kwa ntle ga dijo le seno ka lobaka la dioura tse 24 fa re kgona mo mmeleng. Dikarolo tse dingwe tsa botlhokwa tsa Sontaga wa go ikitsa dijo di akaretsa go rapela le go fa bopaki. Re rotloediwa gape go ikitsa dijo ka nako dingwe fa re utlwa go tlhokega.

Go Aga Thata ya Semowa

Go ikitsa dijo go re thusa go nna boikokobetso, go atamela Modimo, le go ikutlwa re tsosolositswe semoweng. Pele ga A simolola tirelo ya Gagwe, Jeso Keresete o ne a ikitsa dijo (bona Mathaio 4:1–2). Dikwalo tse di boitshepo di bega pego ya dipolelo tse dintsi tsa baperofeti le ba bangwe ba ikitsa dijo gore ba ka oketsa thata ya bone ya semowa le go batla ditshegofatso tse di tlhaolesegileng tsa bone le ba bangwe.

Go ikitsa dijo le thapelo di tsamaya mmogo. Fa re ikitsa dijo re bo re rapela ka tumelo, re tlwaetse thata go amogela tshenolo e e sa ameng batho ba bangwe. Gape re tlwaela thata go lemoga boammaaruri le go tlhaloganya thato ya Modimo.

Go Thusa ba ba mo Letlhokong

Fa re ikitsa dijo, re abela Kereke madi go thusa go tlhokomela batho ba ba mo letlhokong. Se se bidiwa moneelo wa go ikitsa dijo. Re lalediwa go fa moneelo o o bonyenyane jo bo lekanang le boleng jwa dijo tse di sa jewang. Re rotloediwa go nna pelotshweu le go neela go feta boleng jwa dijo tse fa re kgona. Go fa moneelo wa go itima dijo ke tsela nngwe e re ka direlang ba bangwe.

Meneelo ya go itima dijo e dirisiwa go neela batho ba ba mo letlhokong dijo le ditlhokego tse dingwe. Kitso e e fetang ka fa o ka ntshang meneelo ya go itima dijo, bona “Kabo ya tsa Bolesome le Meneelo e Mengwe” mo thutong e.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Go Itima dijo

Go Tlhokomela ba ba mo Letlhokong

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Guide to the Scriptures: “Fast, Fasting.”

  • General Handbook: 22.2. 2

  • Gospel Topics: “Fasting and Fast Offerings

Setshwantsho
lelwapa kwa ntle ga tempele

Kgolagano ya Rona go Itshoka go ya Bokhutlong

Fa re kolobediwa, re golagana le Modimo go “itshoka go ya bokhutlong” mo go tsheleng ka efangele ya ga Jeso Keresete (2 Nefi 31:20; bona le gone Mosia 18:13). Re leka go nna barutwana ba ga Jeso Keresete botshelo jotlhe.

Moperofeti wa Buka ya ga Momone Nifae o tlhalositse kolobetso e le kgoro e ka yone re tsenang mo tseleng ya efangele (bona 2 Nefi 31:17). Morago ga kolobetso, re tswelela go “gatela pele” ka tlhomamo mo go Keresete” (2 Nefi 31:20).

Fa re “gatela pele” mo tseleng ya borutwana, re iketleeletsa go ya tempeleng. Teng re tlaa dira dikgolagano le Modimo jaaka re amogela ditao tsa tempele. Mo tempeleng, re tlaa apeswa ka maatla mme re ka kaniwa re le malwapa ka bosakhutleng. Go tshegetsa dikgolagano tse re di dirang mo tempeleng go tlaa bula kgoro ya tshiamelo e nngwe le e nngwe ya semowa le tshegofatso tse Modimo a re tsholetseng tsone.

Fa re tswelela ka boikanyego mo tseleng ya efangele, kwa bofelong re tlaa amogela mpho e kgolo go feta ya Modimo—mpho ya botshelo jo bo sa khutleng (bona 2 Nifae 31:20; Dithuto le Dikgolagano 14:7).

Dikarolo tse di latelang di tlhalosa mekgwa mengwe ya se Modimo a se neileng go re thusa go itshoka go ya bokhutlong jwa loeto lwa rona la loso—le go bona boitumelo mo go lone.

Boperesiti le Dithulaganyo tsa Kereke

Boperesiti ke taolo le thata ya Modimo. Ka boperesiti, Rara wa Legodimo o diragatsa tiro ya gagwe “go diragatsa bosasweng le botshelo jo bosakhutleng” jwa bana ba Gagwe (Moše 1:39). Modimo o neela barwa le barwadi ba Gagwe mo lefatsheng taolo le thata go thusa go dira tiro e.

Boperesiti bo re segofatsa rotlhe. Ditao tse di tshwanang le kolobetso le sakaramente di amogelwa ka bao ba ba tshwereng diofisi tsa boperesiti. Le rona re amogela ditshegofatso tsa go fodisa, kgomotso, le kgakololo.

Boperesiti le Boeteledi pele jwa Kereke le Dipitso

Kereke e eteletswe pele ke Jeso Keresete ka baperofeti le baaposetole. Baeteledi pele ba ba bitswa ke Modimo, ba tlhomiwa, mme ba neelwe taolo ya boperesiti go dira mo leineng la Mmoloki.

Bogologolo, Keresete o ne a neela Baaposetole ba Gagwe taolo yone eo ya boperesiti, e e neng ya ba letla go etelela pele Kereke ya Gagwe fa a sena go tlhatlogela kwa legodimong. Kwa bofelong taolo eo e ne ya latlhega fa batho ba gana efangele mme baaposetole ba a swa.

Barongwa ba legodimo ba tsosolositse boperesiti ka 1829 ka Moperofeti Joseph Smith, mme Morena o tlhomamisitse gape Kereke ya Gagwe ka baaposetole le baperofeti. (Bona thuto 1.)

Baeteledi pele jaaka bobishopo le boporesidente ba lomapo ba na le taolo ya boperesiti go etelela pele diphutego tsa Kereke.

Fa banna le basadi ba biditswe le go lomololwa go direla mo Kerekeng, ba neelwa taolo go tswa mo Modimong go dira mo pitsong eo. Taolo e e neelwa baanamisa efangele, baeteledipele, baruti, le ba bangwe go fitlhelela ba gololwa mo dipitsong tsa bone. E neelwa ka fa tlase ga kaelo ya bao ba ba tshwereng dilotlele tsa boperesiti.

Taolo ya boperesiti e ka dirisiwa fela mo tshiamong (bona Dithuto le Dikgolagano 121:34–46). Taolo e ke tshepo e e boitshepo go kaya Mmoloki le go dira mo leineng la Gagwe. Ka metlha e ikaeletswe go segofatsa le go direla ba bangwe.

Setshwantsho
makawana mo sekolong sa letsatsi la tshipi

Boperosito jwa ga Aarone le Boperosito jwa ga Melekiseteke

Mo Kerekeng, boperesiti bo akaretsa Boperesiti jwa ga Arone le Boperesiti jwa ga Melekiseteke. Ka fa tlase ga kaelo ya bao ba ba tshwereng dilotlele tsa boperesiti, Boperesiti jwa ga Arone le Melekiseteke bo neelwa maloko a a tshwanetseng a banna a Kereke. Fa boperesiti jo bo tshwanetse bo sena go neelwa, motho o tlhomiwa mo ofising mo boperesiting jo, sekai motiakone kgotsa mogolwane. O tshwanetse go tlhomiwa ka mongwe yo o nang le taolo e e tlhokegang.

Fa monna kgotsa lekawana le amogela boperosito, o dira kgolagano le Modimo go diragatsa ditiro tse di boitshepo, go direla ba bangwe, le go thusa go aga Kereke.

Makawana a ka amogela Boperesiti jwa ga Arone mme ba tlhomiwa batiakone go simolola ka Firikgong wa ngwaga o ba nnang 12. Ba ka tlhomiwa baruti mo ngwageng e ba nnang 14 le baperesiti mo ngwageng e ba nnang 16. Basokologi ba banna ba ba dingwaga di lekaneng ba ka amogela boperesiti jwa ga Arone ka pele morago ga kolobetso le tlhomamiso. Batshwari ba Boperesiti jwa ga Arone ba direla mo ditaong sekai sakaramente le kolobetso.

Fa a sena go direla ka nakwana e le moperesiti mo boperesiting jwa ga Arone, monna yo o tshwanelang yo o ka nnang 18 o ka amogela Boperesiti jwa ga Melekiseteke mme a tlhomiwa go nna mogolwane. Banna ba ba amogelang Boperesiti jwa ga Melekiseteke ba ka dira mo ditaong tsa boperesiti jaaka go neela ditshegofatso tsa phodiso le kgomotso mo malokong a lelwapa le ba bangwe.

Bona General Handbook, 38.2.9.1, ka ga kitso ka kamogelo ya maloko a masha boperesiti.

Dikhoramo le Maphata a Kereke

Dikhoramo tsa Boperesiti. Khoramo ke setlhopha se se rulagantsweng sa ba ba tshwereng boperesiti. Wate nngwe le nngwe e na le khoramo ya bagolwane ya banna ba bagolo. Batiakone, baruti, le baperesiti ke dikhoramo tsa makawana.

Mokgatlo wa Thuso. Mokgatlho wa Thuso o akaretsa basadi ba ba dingwaga di le 18 le go feta. Maloko a Mokgatlho wa Thuso ba thatafatsa malwapa, batho ka bongwe, le morafe

Makgarejwana. Makgarejwana ba tsena lephata la Makgarejwana go simolola Firikgong wa ngwaga o ba nnang 12.

Setshwantsho
mosadi a ruta tlelase

Poraemari. Bana ba ba dingwga di le 3 go ya ko go 11 ke karolo ya lephata la Poraemari.

Sekole sa letsatsi la Sontaga Bagolo botlhe le banana ba tsena Sekolo sa letsatsi la Tshipi, kwa ba kopanang go ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo mmogo.

Ka kitso thata ka ga boperesiti, bona General Handbook, kgaolo 3.

Ka kitso thata ka ga dikhoramo tsa boperesiti le maphata a Kereke, bona General Handbook, kgaolo 8–13.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • General Handbook, kgaolo 3: “Priesthood Principles

  • Gospel Topics: “Aaronic Priesthood,” “Melchizedek Priesthood,” “Priesthood

Lenyalo le Malwapa

Lenyalo

Lenyalo fa gare ga monna le mosadi le tlhomilwe ke Modimo. Ke pinagare ya togamaano ya Gagwe ya tswelelopele ya bo sa khutleng ya bana ba gagwe.

Kopano ya monna le mosadi mo lenyalong e tshwanetse go nna kamano ya selefatshe e e tlhokomelwang ka lorato thata. Ba na le maikarabelo a a boitshepo a go tshephagala mongwe go yo mongwe le go nna boikanyego mo dikgolaganong tsa bone tsa lenyalo.

Monna le mosadi ba a lekana mo matlhong a Modimo. Mongwe ga tshwanela go fekeetsa yo mongwe. Di tshwetso tsa bone di tshwanetse go dirwa ka tshwaragano le lorato, ka go tsaya karolo mo go feletseng ga botlhe.

Jaaka monna le mosadi baratana le go dira mmogo, lenyalo la bone le ka nna motswedi wa boitumelo jwa bone jo bogolo. Ba ka thusana le bana ba bone ba tswelela pele go ya botshelong jo bo sa khutleng.

Lelwapa

Fela jaaka lenyalo, lelwapa le tlhodilwe ke Modimo mme ke pinagare ya togamaano ya Gagwe ya boitumelo jwa bo sa khutleng. Malwapa a rona a ka nna le boitumelo thata fa re tshela ka dithuto tsa ga Jeso Keresete. Batsadi ba ruta bana ba bone efangele ya ga Jeso Keresete, e lo tlaa nnang le yone gareng ga lona; Malwapa a re naya menyetla ya go rata le go direla ba bangwe.

Batsadi ba tshwanetse go dira malwapa a bone botlhokwa jo bo fetisisang jwa bone. Ke tshiamelo le maikarabelo a batsadi go tlhokomela bana ba ba kgonang go ba tshola le ba ba ba godisang jaaka ba bone.

Malwapa otlhe a na le dikgwetlho. Fa re batla tshegetso ya Modimo le go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe, dikgwetlho tsa lelwapa di ka re thusa go ithuta le go gola. Ka nako dingwe dikgwetlho tsena di re thusa go ithuta go ikwatlhaya le go itshwarela.

Setshwantsho
rre a ruta lelwapa

Baeteledi pele ba Kereke ba kgothaditse maloko go tshwara maitiso a maitseboa a mo gae beke le beke. Batsadi ba dirisa nako e go ruta bana ba bone efangele, go nonotsha dikamano tsa lelwapa, le go ithabisa mmogo. Baeteledi pele ba Kereke le bone ba ntshitse kanamiso e e rutang boammaaruri jwa botlhokwa mabapi le lelwapa (bona “Lelwapa: Kanamiso go Lefatshe,” ChurchofJesusChrist.org).

Ditsela tse dingwe tsa go nonotsha lelwapa di akaretsa thapelo ya lelwapa, ithutuntsho ya dikwalo tse di boitshepo, le go obamela mmogo kwa kerekeng. Le gone re ka batlisisa ditso tsa lelwapa, ra phutha dipolelo tsa lelwapa le go direla ba bangwe.

Bontsi jwa batho bo na le menyetla e e lekanyeditsweng ya lenyalo kgotsa dikamano tse di lorato tsa lelwapa. Bontsi bo itemogetse tlhalo le diemo tse dingwe tse di thata tsa lelwapa. Le fa gontse jalo, efangele e re segofatsa ka bongwefela go sa re sepe seemo sa lelwapa la rona. Mme fa re le boikanngo, Modimo o tlaa re neela tsela ya gore re nne le ditshegofatso tsa malwapa, a a lerato a ke mo botshelong jo kgotsa jo bo tlang.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Lenyalo

Lelwapa

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • Guide to the Scriptures: “Family,” “Marriage, Marry

  • General Handbook, kgaolo 2: “Supporting Individuals and Families in the Work of Salvation and Exaltation

  • Ditlhogo tsa Efangele: “Lenyalo,” “Lelwapa,” “Botsadi

Tiro ya Tempele le ya Ditso tsa Lelwapa ya Masika a a Tlhokafetseng

Rara wa Legodimo o rata bana ba Gagwe botlhe ebile o lakatsa poloko ya bone le kgalalelo ya bosakhutleng. Le fa go ntse jalo dikete tsa di dikadike tsa batho di sule di sa utlwa efangele ya ga Jeso Keresete kgotsa go amogela ditao tse di bolokang tsa efangele. Ditao tsena di akaretsa kolobetso, tlhomamiso, tlhomo ya boperesiti ya banna, endaomente ya tempele, le lenyalo la bosakhutleng,

Ka tshegofatso le kutlwelobotlhoko, Morena o baakantse tsela e nngwe e batho ba ba ka amogelang efangele le ditao tsa yone. Mo lefatsheng la mowa, efangele e rerelwa bao ba ba suleng ba sa e amogela (bona Dithuto le Dikgolagano 138). Mo ditempeleng, re ka dira ditao mo boemong ba masika a rona a a tlhokafetseng le ba bangwe. Batho ba ba tlhokafetseng ba mo lefatsheng la mowa ke gone ba ka amogelang kgotsa ba gana efangele le ditao tse ba di diretsweng.

Setshwantsho
lelwapa le bala dikwalo tse di boitshepo

Pele fa re ka dira ditao tse, re tshwanetse go batla masika a rona a a tlhokafetseng a a sa di amogelang. Go batla maloko a malwapa a rona gore ba ka amogela ditao ke maikaelelo a konokono a tiro ya ditso tsa lelwapa ya rona. Fa re bona molaetsa ka ga bone, re o tsenya mo letloleng la dikitso mo khompiutareng la Kereke kwa FamilySearch.org. Ke gone rona (kgotsa ba bangwe) re ka ba direla ditao tsa boemedi mo tempeleng.

Fa re batla masika a rona a a tlhokafetseng le go ba direla ditao, malwapa a rona a ka kopana ka bosakhutleng.

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • General Handbook, karolo 28: “Temple Ordinances for the Deceased

  • Ditlhogo tsa Efangele: “Kolobetso ya Baswi,” “Ditso tsa lelwapa

Ditempele, Endaomente, Lenyalo la Bosakhutleng, le Malwapa a Bosakhutleng

Ditempele

Tempele ke ntlo ya Morena. Ke lefelo le le boitshepo kwa re dirang dikgolagano le Modimo jaaka re amogela ditao tsa Gagwe tse di boitshepo. Fa re tshegetsa dikgolagano tsena, re tlaa nna le thata ya bomodimo e bonatshega mo matshelong a rona (bona Dithuto le Dikgolagano 84:19–22;

Endaomente

Nngwe ya ditao tse re di amogelang mo tempeleng ke endaomente. Lefoko endaomente le tlhalosa “Mpho.” Mpho ya kitso le thata di tswa mo Modimong. Ka nako ya endaomente, re dira dikgolagano le Modimo tseo di re tshwaraganyang le Ene le Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete (bona kgaolo 1).

Bagolo ba ka tshwanela go amogela endaomente ya bone ya tempele morago ga sebaka sa ngwaga sa boloko jwa Kereke. Ka ga kitso e e fetang ka endaomente, bona General Handbook, 27.2.

Lenyalo la Bosakhutleng le Malwapa a Bosakhutleng

Togamaano ya Modimo ya boitumelo e letla dikamano tsa lelwapa go tswelela go feta lebitla. Mo tempeleng re ka nyadisiwa ka nako le ka bosakhutleng. Mo go dira gore go kgonege gore malwapa a nne mmogo ka bosaengkae.

Morago ga bobedi jo bo nyalaneng bo sena go amogela endaomente ya bone ya tempele, ba ka kaniwa kgotsa ba nyadisiwa ka bosakhutleng. Bana ba ka kanwa mo go bone.

Monna le mosadi ba ba kannweng mo tempeleng ba tshwanetse go tshegetsa dikgolagano tse ba dirileng go amogela ditshegofatso tsa lenyalo la bosakhutleng.

Setshwantsho
bobedi bo tsamaya mo mobileng

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo

Ithute Thata ka ga Melawana E

  • General Handbook, kgaolo 27: “Temple Ordinances for the Living

  • Gospel Topics: “Temples,” “Endowment,” “Marriage

  • temples.ChurchofJesusChrist.org