Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 119


Tsetlana 119

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Far West Missouri, Phukwi 8, 1838, e le karabo ya thapelo ya mokokotlelo: “Ao! Morena! Supegetsa batlhanka ba gago gore o batla dithoto tse kae tsa batho ba gago go nna di tsa bolesome.” Molao wa bo tsa bolesome, jaaka o tlhaloganngwa gompieno, o ne o sa neelwa Kereke pele ga tshenolo e. Lefoko tsabolesome mo thapelong e e nankotsweng le mo ditshenolong tsa pele (64:23; 85:3; 97:11) o ne o sa kaye fela bongwe mo lesomeng, mme tsotlhe dikabelo tsa boikgethelo, kgotsa dikoleke, mo letloleng la Kereke. Morena go le pele o ne a neetse Kereke molao wa tshwaelo le tebalebelo ya dithoto, tse maloko (segolobogolo bagolwane ba ba eteletseng pele) ba tseneng mo go one ka kgolagano e e neng e tshwanetse go nna e e sa khutleng. Ka ntlha ya go palelwa ga ba le bantsi go tshegetsa kgolagano e, Morena a e ntsha ka nakwana mme a neela mo boemong jwa yone molao wa tsabolesome mo Kerekeng ka bophara. Moperofeti a botsa gore ke dithoto tse kae tse a di lopelang maikaelelo a a boitshepo. Karabo e ne e le tshenolo e.

1–5, Baitshepi ba tshwanetse go duela masalela a dithoto tsa bone mme ke gone ba neele, e le tsabolesome, bongwe mo lesomeng jwa dituelo tsa bone tsa ngwaga; 6–7, Tiragalo eo e tlaa itshepisa lefatshe la Sione.

1 Ammaaruri, jaana go bua Morena, ke batla gore masalela otlhe a dithoto tsa bone a bewe mo diatleng tsa bishopo wa kereke ya me mo Sione,

2 Go aga ntlo ya me, le go thaya motheo wa Sione le wa boperesiti, le wa dikoloto tsa Boporesidente jwa Kereke ya me.

3 Mme se e tlaa nna tshimologo ya tsabolesome wa batho ba me.

4 Mme morago ga moo, bao ba jaana ba setseng ba ntshitse tsabolesome ba tlaa duela sa bolesome sa ntsifalo ka ngwaga; mme se e tlaa nna molao wa se nnela ruri mo go bone ka bosenang bokhutlo, wa boperesiti jo bo boitshepo, go bua Morena.

5 Ammaaruri ke a lo raya, go tlaa diragala gore bao ba ba kgobokanelang mo lefatsheng la Sione ba ntshe tsabolesome jwa masalela a dithoto tsa bone, mme ba tlhokomele molao o, kgotsa ga ba kitla ba fitlhelwa ba tshwanetse go nna mo gare ga lona.

6 Mme ke a lo raya, fa batho ba me ba sa tlhokomele molao o, go o itshepisa, e bile ka molao o ba intshepisetse lefatshe la Sione, gore melao le dikatlholo tsa me di ka tshegediwa mo go lone, gore le nne boitshepo thata, bonang, ammaaruri ke a lo raya, ga e ka ke ya nna lefatshe la Sione mo go lona.

7 Mme se e tlaa nna sekao mo dimapong tshotlhe tsa Sione. Fela jalo. Amene.