Scriptures
Megopolo ya go Tokafatsa Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo ya Lelwapa la Gago


“Megopolo ya go Tokafatsa Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo ya Lelwapa la Gago,” Megopolo ya go Ithutuntsha Dikwalo tse di Boitshepo (2021)

Megopolo ya go Tokafatsa Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo ya Lelwapa la Gago,” Megopolo ya go Ithutuntsha Dikwalo tse di Boitshepo

Setshwantsho
malwapa a bala dikwalo tse di boitshepo

Megopolo ya go Tokafatsa Ithutuntsho ya Dikwalo tse di Boitshepo ya Lelwapa

Go ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo ka metlha ke tsela e e maatla ya go thusa lelwapa la gago go ithuta efangele. Gore le bala go le kae le go le kana kang le le lelwapa ga go botlhokwa jaaka go sa feto fetogeng mo maitekong a lona . Jaaka o dira go ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo karolo e e botlhokwa ya lelwapa la gago, o tlaa thusa maloko a lelwapa la gago go atamela Jeso Keresete le go aga mapaki a bone mo motheong wa lefoko la Gagwe.

Akanya ka kelelelo dipotso tse di latelang:

  • O ka rotloetsa jang maloko a lelwapa go ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo ka bo bone?

  • O ka dira eng go rotloetsa maloko a lelwapa go abelana se ba se ithutang?

  • O ka gatelela jang melawana e o ithutang mo dikwalong tse di boitshepo -- mo thuto ya letsatsi le letsatsi?

Gakologelwa gore lelwapa ke lefelo le le boleng jo bo ko godimo la go ithuta le go ruta efangele. O ka ithuta le go ruta efangele mo lwapeng ka ditsela tse di sa kgonegeng mo kamoreng ya borutelo ya Kereke. Nna tlhaga jaaka o akanya ka ditsela tsa go thusa lelwapa la gago go ithuta go tswa mo dikwalong tse di boitshepo. Akanya ka kelelelo mengwe ya megopolo e e latelang go oketsa boleng jwa go ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo ga lelwapa.

Dirisa moopelo

Opela dipina tse di rurifatsang melawana e e rutiwang mo dikwalong tse di boitshepo.

Setshwantsho
Monna le mosetsana ba ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo.

Abelana Dikwalong tse di boitshepo tse di nang le bokao.

Neela maloko a lelwapa nako ya go abelana dikarolo mo dikwalong tse di boitshepo tse ba boneng di na le bokao ka nako ya go ithutuntsha ga bone.

Dirisa mafoko a gago.

Laletsa maloko a lelwapa go soboka ka mafoko a bone se ba se ithutang go tswa mo dikwalo tse di boitshepo tse lo di ithutuntshang.

Dirisa Dikwalo tse di Boitshepo mo Botshelong jwa Gago

Morago ga go bala bontlha jwa lekwalo le le boitshepo, kopa maloko a lelwapa go abelana ditsela tse bontlha joobo amanang le matshelo a bone.

Botsa Potso

Laletsa maloko a lelwapa go botsa potso ya efangele, mme ke gone tsaya nako o lebelela ditemana tse di ka thusang go araba potso.

Supa Dikwalo tse di boitshepo

Tlhopa temana e o bonang e na le bokao, mme e supe fa maloko a lelwapa a ka e bonang teng gantsi. Laletsa maloko a lelwapa go fapaana ba tlhopha lekwalo le le boitshepo go le supa.

Dira Nankolo ya Lekwalo le le boitshepo

Jaaka lelwapa, tlhopha ditemana tse di mmalwa tse lo eletsang go buisanya ka tsone mo bekeng e e tlang.

Tshwara Dikwalo tse di boitshepo ka tlhogo

Tlhopha bontlha jwa lekwalo le le boitshepo jo bo nang le bokao mo lelwapeng la gago, mme laletsa maloko a lelwapa go le tshwara ka tlhogo ka go e boeletsa letsatsi le letsatsi kgotsa go tshameka mo tshameko wa go le tshwara ka tlhogo.

Abelana maikaelelo a Dithuto

Batla di dirisiwa tse di amanang le dikgaolo le ditemana tse o di balang jaaka lelwapa. Laletsa maloko a lelwapa go bua ka gore sedirisiwa sengwe le sengwe se amanang jang le dithuto tse di mo dikwalong tse di boitshepo.

Setshwantsho
Mosadi a ruta ngwana

Tlhopha Setlhogo

A maloko a lelwapa a fapaanele go tlhopha setlhogo se lelwapa le tlaa se ithutuntshang mmogo. Dirisa Topical Guide, Bible Dictionary, kgotsa Guide to the Scriptures (scriptures.ChurchofJesusChrist.org) go bona ditlha tsa lekwalole le boitshepo ka ga setlhogo.

Tshwantsha Setshwantsho

Bala ditemana di se kae jaaka lelwapa, mme ke gone letla maloko a lelwapa nako ya go tshwantsha sengwe se se amanang le se o se balang. Tsayang nako le buisana ka ditshwantsho tsa ba bangwe.

Diragatsang Polelo

Morago ga go bala polelo, laletsa maloko a lelwapa go e diragatsa. Morago ga moo, buisanang ka fa polelo e amanang ka gone le dilo tse lo di itemogelang ka bongwe le jaaka lelwapa.

Mogolwane David A. Bednar o rutile: “Thapelo nngwe le nngwe ya lelwapa, tiragatso nngwe le nngwe ya go ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo ya lelwapa, le maitiso a lelwapa mangwe le mangwe ke letshwao mo saileng ya mewa ya rona. Ga go tiragalo epe e lengwe e e ka lebegang e kgatlhisa thata kgotsa e gakologelwa. Mme fela jaaka matshwao mangwe le mangwe a pente a a borobe le a a gauta le a a borokwa a tsamaelanamme a ntsha tiro e ntle thata ebile e kgatlhisa, ke sone go sa feto fetoge ga rona mo go direng dilo tse go lebagang di le dinnye go ka gogela kwa maduong a semowa a a botlhokwa” (“More Diligent and Concerned at Home,” Liahona, Nov. 2009, 19–20).