Scriptures
Ke eng re Ithutuntsha Dikwalo tse di boitshepo?


“Ke eng re Ithutuntsha Dikwalo tse di boitshepo?” Megopolo ya go Ithutuntsha Dikwalo tse di boitshepo (2021)

“Ke eng re Ithutuntsha Dikwalo tse di boitshepo?” Megopolo ya go ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo

Setshwantsho
Keresete o simolola sakaramente mo gare ga Banefi, ka Andrew Bosley

Ke eng re Ithutuntsha Dikwalo tse di boitshepo?

Fa re ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo ka tlhwaafalo, re atamelana thata le Jeso Keresete mme re tlhaloganye botoka efangele ya Gagwe le setlhabelo sa tefo. Moperofeti Nefi o re rotloeditse ka tsela e:

Ke gone , lo tshwanetse go gatela pele ka nitamo mo go Keresete, le na le tshedimogo e e itekanetseng ya tsholofelo, le lerato la Modimo le la batho botlhe. Ke gone , fa lo ka gatela pele, le e ja moletlo mo lefokong la ga Keresete, le go itshoka go ya bokhutlong, bonang, go bua jaana Rara: Lo tlaa nna le botshelo jo bosakhutleng” (2 Nefi 31:20).

Setshwantsho
lelwapa le bala dikwalo tse di boitshepo

Dithuto go tswa mo dikwalong tse di boitshepo di tlaa re thusa go boela kwa go Rara wa rona wa Legodimo. Baperofeti ba rona ba malatsi a bofelo ba re kopile go di ithutuntsha ka gale ka borona le, fa go direga , jaaka malwapa. Ba re laleditse go ithuta mo maitemogelong a bao ba ba mo dikwalong tse di boitshepo le go dirisa dipolelo tsa dikwalo tse di boitshepo le dithuto mo matshelong a rona gompieno, jaaka Nefi a gakolotse mo go 1 Nefi 19:23. Botlhe baperofeti ba bogologolo le ba segompieno ba re laleditse go ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo le go “ja moletlo mo mafokong a ga Keresete” (2 Nefi 32:3).

Setshwantsho
monna a bala dikwalo tse di boitshepo

Poresidente Russell M. Nelson le ene o rutile boammaaruri jo bo botlhokwa jo ka ga “go ja moletlo” mo dikwalong tse di boitshepo:

“Go ja moletlo go kaya go feta go utlwa tatso. Go ja moletlo go kaya go itumelela. Re itumelela dikwalong tse di boitshepo ka go di ithutuntsha ka mowa wa temogo e e itumedisang le kobamelo e e boikanngo. Fa re ja moletlo mo mafokong a ga Keresete, a aga ‘mo dimatleng tse e bong dipelo tsa rona tsa nama’ [2 Bakorintha 3:3]. E nna karolo ya botlhokwa ya tlholego ya rona” (“Living by Scriptural Guidance,” Ensign, Ngwanaatsele. 2000, 17).

Fa re tsaya karolo e e sa feto fetogeng mo go ithutuntsheng dikwalo tse di boitshepo ka borana le lelwapa, rona le malwapa a rona re ka kaelwa, sirelediwa, le go thatafadiwa kgatlhanong le dikgwetlho tse dintsi tsa malatsi a rona.