Scriptures
Mosaeya 29


Kgaolo 29

Mosaeya o ntsha mogopolo wa gore baatlhodi ba tlhophiwe boemong jwa kgosi—Dikgosi tse di sa siamang di gogela batho ba tsone mo sebeng—Alema yo Mmotlana o tlhophiwa moatlhodi mogolo ka lentswe la batho—Gape ke moperesiti yo mogolo mo Kerekeng—Alema yo Mogolo le Mosaeya baa swa. E ka nna dingwaga di le 92 go ya go di le 91 pele ga ga Keresete.

1 Jaanong fa Mosaeya a sena go dira se a romila go ralala lefatshe lotlhe, gareng ga batho botlhe, a batla go itse thato ya bone mabapi le gore ke mang yo o tshwanetseng go nna kgosi ya bone.

2 Mme go ne ga diragala gore lentswe la batho le tle, le re: Re eletsa gore Arone morwao a nne kgosi le mmusi wa rona.

3 Jaanong Arone o ne a ile kwa lefatsheng la Nifae, jalo he kgosi o ne a ka seka a tlhoma bogosi mo go ene; le e seng gore Arone o ne a ka tsaya bogosi; le fa e le ope wa barwa Mosaeya yo o neng a batla go tsaya mo go ene bogosi.

4 Jalo he, kgosi Mosaeya a romela gape gareng ga batho; ee, le lefoko le le kwadilweng tota a le romela gareng ga batho. Mme se ke mafoko a a neng a kwadilwe, a re:

5 Bonang, O lona batho ba me, kgotsa bakaulengwe ba me, gonne ke lo tlotla mo go jalo, ke eletsa gore lo akanyetse kgang e lo e bileditsweng go e akanyetsa—gonne lo eletsa go nna le kgosi.

6 Jaanong ke lo begela gore ene yo bogosi e leng jwa gagwe ka tshwanelo o ganne, mme ga a kake a tsaya mo go ene bogosi.

7 Mme jaanong fa go ka nna le yo mongwe a ka tlhomiwa mo boemong jwa gagwe, bonang ke tshaba gore go tlaa tsoga dikomano gareng ga lona. Mme goitse mang mme gongwe morwaake, yo bogosi e leng jwa gagwe, o ka tloga a fetoga ka tšhakgalo, mme a tsaya bontlhabongwe jwa batho ba fa morago ga gagwe, se se tlaa dira dintwa le dikomano gareng ga lona, se e tlaa nnang lebaka la tsholola madi a mantsi le tshokamiso ya tsela ya Morena, ee, le go senya botho jwa batho ba le bantsi.

8 Jaanong ka re go lona a re tlhalefeng mme re akanyetse dilo tse, gonne ga re na tshwanelo ya go senya morwaake, le e seng gore re nne le tshwanelo go senya mongwe fa a ka tlhomiwa mo boemong jwa gagwe.

9 Mme fa morwaake a ka boela gape mo boikgogomoso le dilo tsa lefela o tlaa busa dilo tse a neng a di bua, mme a batle tshwanelo ya gagwe ya bogosi, se se tlaa mo dirang ga mmogo le batho ba go dira dibe tse dintsi.

10 Mme jaanong, a re tlhalefeng mme re lebelele pele kwa dilong tse, mme re dire seo se se tlaa direlang kagiso ya batho ba.

11 Jalo ke tlaa bo ke le kgosi ya lona mo malatsing a me a a setseng; le fa go ntse jalo, a re tlhomeng baatlhodi, go atlhola batho ba go ya ka fa molaong wa rona; mme re tlaa rulaganya sesha merero ya batho ba, gonne re tlaa tlhoma banna ba ba tlhalefileng go nna baatlhodi, ba ba tlaa atlholang batho ba go ya ka fa ditaelong tsa Modimo.

12 Jaanong go botoka gore motho a atlholwe ke Modimo gona le motho yo mongwe, gonne dikatlholo tsa Modimo ka nako tsotlhe di tshiamo le tlhamalalo, mme dikatlholo tsa motho ga di a siama ka nako tsotlhe.

13 Jalo he, fa go ne go ka kgonega gore le nne le banna ba tshiamo le tlhamalalo go nna dikgosi tsa lona, ba ba tlaa tlhomang melao ya Modimo, mme ba atlhole batho ba go ya ka fa ditaelong tsa gagwe, ee, fa lo ne lo ka nna le banna go nna dikgosi tsa lona ba ba ka dirang le jaaka ntate Benjamine a ne a direla batho ba—Ka re go lona, fa se e ne e ka nna tiragalo ka nako tsotlhe jaanong foo go ka bo go tlhokafala gore lo nne le dikgosi go le busa ka nako yotlhe.

14 Mme le nna ka bonna tota ke dirile ka thata yotlhe le bokgone jo ke nnileng le jone, go le ruta ditaelo tsa Modimo, le go tlhoma kagiso go ralala lefatshe lotlhe, gore go se nne dintwa le fa e le dikomano, le fa e le go utswa, le fa e le go thukutha, le fa e le go bolaya, le fa e le mokgwa mongwe wa boikepi;

15 Mme mang le mang yo o dirileng boikepi, ene ke mo atlhotse go ya ka fa molatong o a o dirileng, go ya ka fa molaong o o neng o neilwe go rona ke borraarona.

16 Jaanong ka re go lona, ka ntlha ya gore banna botlhe ga ba na tshiamo le tlhamalalo, ga go tlhokafale gore lo nne le kgosi kgotsa dikgosi go lo busa.

17 Gonne bonang, ke boleo jo bo kae jo kgosi e le nngwe e dirang gore bo dirwe, ee, mme le tshenyo e kgolo jang!

18 Ee, gakologelwang kgosi Noa, boleo jwa gagwe le bodiabole jwa gagwe, ga mmogo le boleo le bodiabole jwa batho ba gagwe. Bonang ke tshenyego e kgolo jang e e neng ya tla mo go bone; mme gape ka ntlha ya boikepi jwa bone ba ne ba tlisiwa mo bokgobeng.

19 Mme fa e ne e se ka tsereganyo ya Mmopi wa tlhalefo yotlhe wa bone, mme se ka ntlha ya boikotlhao jwa bone jwa nnete, ba tshwanetse ka mo go sa tilegeng ba nne mo bokgobeng go fitlhelela jaanong.

20 Mme bonang, o ne a ba golola ka ntlha ya gore ba ne ba ikokobetsa fa pele ga gagwe; le ka ntlha ya gore ba ne ba lelela mo gogolo kwa go ene o ne a ba golola go tswa mo bokgobeng; mme jalo Morena o dira ka thata ya gagwe mo go tsotlhe gareng ga bana ba batho, a thapololela letsogo la kutlwelobotlhoko kwa go bone ba ba bayang tshepho ya bone mo go ene.

21 Mme bonang, jaanong ka re go lona, ga lo kake lwa folosa kgosi e e tletseng boikepi mo bogosing fa e se ka dikomano le tshololo ya madi a mantsi.

22 Gonne bonang, o na le ditsala mo boikeping, mme o baya badisa ba gagwe fa go ene; mme o kgagola melao ya bao ba ba busitseng ka tshiamo pele ga gagwe; mme o gataka ka fa tlase ga dinao tsa gagwe ditaelo tsa Modimo;

23 Mme o tlhoma melao, mme a e romele gareng ga batho ba gagwe, ee, melao e e salang morago mokgwa wa boleo jwa gagwe; mme mang le mang yo o sa obameleng melao ya gagwe o dira gore a senngwe; mme mang le mang yo o tlaa ingaolang kgatlhanong le ene o tla mo romela mephato ya masole a gagwe kgatlhanong le bone go lwa, mme fa a ka kgona o tlaa ba nyeletsa; mme jalo kgosi e e sa siamang e sokamisa ditsela tsa tshiamo yotlhe.

24 Mme jaanong bonang ka re go lona, ga go tlhokafale gore bodiabole jo bo ntseng jalo bo tle mo go lona.

25 Jalo he, tlhophang lona ka lentswe la batho ba, baatlhodi, gore lo ka tla lwa atlholwa go ya ka fa melaong e lo e filweng ke borraarona, e e siameng, le e ba neng ba e filwe ke seatla sa Morena.

26 Jaanong ga go a tlwaelesega gore lentswe la batho le eletse sengwe sepe kgatlhanong le seo se se siameng; mme go tlwaelesegile gore karolo e nnye ya batho e eletse seo se se sa siamang; jalo he se lo tlaa se ela tlhoko lo se dire molao wa lona—go dira merero ya lona ka lentswe la batho.

27 Mme fa nako e ka tla e lentswe la batho le tlhophang boikepi, jaanong foo ke nako e ka yone dikatlholo tsa Modimo di tlaa tlang mo go lona; ee, jaanong eo ke nako e a tlaa lo etelang ka tshenyo e kgolo le jaaka a kile a etela lefatshe le.

28 Mme jaanong fa lo na le baatlhodi, mme ba sa le atlhole go ya ka fa molaong o o filweng, lo ka dira gore ba atlholwe ke moatlhodi mogolo.

29 Fa baatlhodi ba lona ba bagolo ba sa atlhole dikatlholo tse di siameng, lo ka dira gore palo e potlana ya baatlhodi ba lona ba ba kwa tlase ba kgobokanngwe mmogo, mme ba tla atlhola baatlhodi ba lona ba bagolo, go ya ka fa lentsweng la batho.

30 Mme ke lo laela go dira dilo tse mo poifong ya Morena; Mme ke lo laela go dira dilo tse, le gore lo seka lwa nna le kgosi; gore fa batho ba ba ka dira dibe le boikepi di tlaa arabelwa mo ditlhogong tsa bone ka bo bone.

31 Gonne bonang ka re go lona, dibe tsa batho ba le bantsi di dirilwe ke boikepi jwa dikgosi tsa bone; jalo he boikepi jwa bone bo arabelwa mo ditlhogong tsa dikgosi tsa bone.

32 Mme jaanong ke eletsa gore tlhoka-tekano e e se tlhole e nna mo lefatsheng le, bogolo jang gareng ga batho ba ba me; mme ke eletsa gore lefatshe le e nne lefatshe la kgololesego, mme motho mongwe le mongwe o ka ipelela ditshwanelo le ditshiamelo ka go lekana, fela fa Morena a bona go lekanye gore re ka tla ra tshela le go ja lefatshe boswa, ee, le fela fa nngwe ya dikokomana tsa rona e sale mo sefatlhogong sa lefatshe.

33 Le dilo di le dintsi go feta kgosi Mosaeya o ne a ba di kwalela, a ba phuthololela diteko tsotlhe le matshwenyego a kgosi e e siameng, ee, matshwenyego otlhe a botho ka ntlha ya batho ba bone, ga mmogo le mengunanguno ya batho mo kgosing ya bone; mme a e tlhalosa yotlhe go bone.

34 Mme o ne a ba bolela gore dilo tse ga di tlhokafale gore di nne teng; mme gore mokgweleo o tshwanetse go tla mo bathong botlhe, gore motho mongwe le mongwe a rwale karolo ya gagwe.

35 Mme o ne gape a ba phuthololela dikgoreletsi tsotlhe tse ba dirileng ka fa tlase ga tsone, ka go nna le kgosi e e sa siamang go busa godimo ga bone;

36 Ee, boikepi jwa gagwe jotlhe le bodiabole, le dintwa tsotlhe le dikomano, le tshololo ya madi, le go utswa, le go thukutha, le go dira boaka, le mekgwa yotlhe ya boikepi e e ka sekeng ya balwa—a ba bolelela gore dilo tse ga di a tshwanela go nna teng, gore di ne di ilega kgatlhanong le ditaelo tsa Modimo.

37 Mme jaanong go ne ga diragala, morago ga kgosi Mosaeya a sena go isa dilo tse pele gareng ga batho ba ne ba dumela boammaaruri jwa mafoko a gagwe.

38 Jalo he ba ne ba tlogela dikeletso tsa bone tsa kgosi, mme ba nna le keletso e e feteletseng gore motho mongwe le mongwe a nne le sebaka se se lekanang go ralala lefatshe lotlhe; ee, mme motho mongwe le mongwe a supa thato ya go ikarabela dibe tsa gagwe.

39 Jalo he, go ne ga diragala gore ba ikgobokanya mmogo ka ditlhopha go ya le lefatshe, go latlhela mantswe a bone mabapi le gore ke bomang ba ba tshwanetseng go nna baatlhodi ba bone, go ba atlhola go ya ka fa moalong o ba neng ba o neetswe; mme ba ne ba itumetse mo go feteletseng ka ntlha ya kgololesego e ba neng ba e neetswe.

40 Mme ba ne ba gola nonofo mo loratong lwa bone mo go Mosaeya; ee, ba ne ba mo tlotla go gaisa monna mongwe le mongwe; gonne ba ne ba sa mmone e le mokgokgontshi yo o neng a senka go ipapalela, ee, a batla dikhumo tseo tse di senyang botho; gonne o ne a sa a atla dikhumo tsa bone, le fa e le go itumedisiwa ke tshololo ya madi; mme o ne a tlhomile kagiso mo lefatsheng, mme o ne a file go batho ba gagwe gore ba gololwe go tswa mo mekgweng yotlhe ya bokgoba; jalo he ba ne ba mo tlotla, ee, mo go feteletseng, go feta selekanyo.

41 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba tlhoma baatlhodi go busa godimo ga bone, kgotsa go ba atlhola go ya ka fa molaong; mme se ba ne ba se dira go ralala lefatshe lotlhe.

42 Mme go ne ga diragala gore Alema a tlhongwe gore a nne moatlhodi mogolo wa ntlha, ene gape e le moperesiti yo mogolo, rraagwe a ne a tlhomile ofisi mo go ene, mme a mo file go tlhokomela mabapi le merero yotlhe ya kereke.

43 Mme jaanong go ne ga diragala gore Alema a tsamaye mo ditseleng tsa Morena, mme o ne a tshegetsa ditaelo tsa gagwe, mme o ne a atlhola dikatlhalo tsa tshiamo; mme go ne ga nna le kagiso e e tsweletseng mo lefatsheng.

44 Mme jalo go ne ga simologa puso ya baatlhodi go ralala lefatshe lotlhe la Sarahemola, gareng ga batho botlhe ba ba neng ba bidiwa Banifae; mme Alema e ne e le wa ntlha le moatlhodi mogolo.

45 Mme jaanong go ne ga diragala gore rraagwe a swe, a le dingwaga di le masome a robabobedi le bobedi, a tshedile go diragatsa ditaelo tsa Modimo.

46 Mme go ne ga diragala gore Mosaeya a swe le ene, mo ngwageng wa masome a mararo le boraro wa puso ya gagwe, a le dingwaga di le masome a marataro le boraro; go dira gotlhe, dingwaga di le makgolo a matlhano le metso e robabongwe go tswa nako e Lihae a duleng kwa Jerusalema.

47 Mme jalo ga fela puso ya dikgosi mo bathong ba ga Nifae; mme jalo ga fela malatsi a ga Alema, yo e neng e le mothei wa kereke.