Scriptures
Mosaeya 8


Kgaolo 8

Amone o ruta batho ba ga Limohae—O utlwa ka ga dipapetlana tse di masome a mabedi le bone tsa ba Bajarete—Dipego tse di kwadilweng tsa bogologolo di ka ranolwa ke balebi—Ga gona mpho e kgolo go feta bolebi. E ka nna dingwaga di le 121 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore morago ga kgosi Limohae a sena go dira bokhutlo jwa go bua le batho ba gagwe, gonne o ne a buile dilo di le dintsi go bone mme di se kae fela tsa tsone ke di kwadile mo bukeng e. O boleletse batho ba gagwe dilo tsotlhe mabapi le bakaulengwe ba bone ba ba neng ba le kwa lefatsheng la Sarahemola.

2 Mme o ne a dira gore Amone a eme ka dinao fa pele ga matshwititshwiti, mme a ba latedisetsa tsotlhe tse di diragaletseng bakaulengwe ba bone go tswa ka nako e Sinifo a neng a tlhatloga go tswa mo lefatsheng le go fitlhelela nako e ene a neng a tla godimo go tswa lefatsheng.

3 Mme o ne gape a ba latedisetsa mafoko a bofelo a kgosi Benjamine a neng a a ba ruta, mme a tlhalosetsa batho ba ga kgosi Limohae gore ba tle ba tlhaloganye mafoko otlhe a a buileng.

4 Mme go ne ga diragala gore morago ga a sena go dira tsotlhe tse, gore kgosi Limohae a phatlalatse matshwititshwiti, mme a dira gore ba boele mongwe le mongwe kwa ntlong ya gagwe.

5 Mme go ne ga diragala gore a dire gore dipapetlana tse di neng di na le pego e e kwadilweng ya batho ba gagwe go tswa ka nako e ba neng ba tswa kwa lefatsheng la Sarahemola, di tlisiwe fa pele ga ga Amone gore o ka tla a di bala.

6 Jaanong, gone fela foo fa Amone a sena go bala pego e e kwadilweng, kgosi o ne a mmotsa go itse gore a o ka kgona go tolokolola diteme, mme Amone o ne a mmolelela gore o ne a ka seka a kgona.

7 Mme kgosi a re go ene: Ke utlwisitswe botlhoko ke dipogisego tsa batho ba me, ke ne ka dira gore ba le masome a mane le boraro ba batho ba me ba tseele loeto mo nageng, gore ka se gongwe ba ka tla ba bona lefatshe la Sarahemola, gore re tle re ikuele go bakaulengwe ba rona go re golola mo bokgobeng.

8 Mme ba ne ba latlhega mo nageng sebaka sa malatsi a le mantsi, le fa go ntse jalo ba ne ba tlhoafetse, mme ba seka ba bona lefatshe la Sarahemola, mme ba boela kwa lefatsheng leno, ba tsamaile mo lefatsheng gareng ga metsi, ba bone lefatshe le le neng le tletse marapo a batho, le a diphologolo, mme gape le ne le tletse matlotla a dikago tsa mofuta mongwe le mongwe, ba sena go bona lefatshe le le kileng la nniwa ke batho ba ba neng ba le bantsi jaaka masomosomo a Iseraele.

9 Mme go nna bopaki gore dilo tse ba di buileng ke boammaaruri ba tlile le dipapetlana di le masome a mabedi le metso e mene tse di tletseng megabo, mme ke tsa gauta e e phepa.

10 Mme bonang, gape, ba tlisitse diiphemelo-sehubeng, tse di leng ditona, mme ke tsa borase le kopore, mme di mo se emong se se siameng.

11 Mme gape, ba tlisitse ditšhaka, matshwaro a tsone a senyegile, mme magale a tsone a jelwe ke rusi; mme ga go ope mo lefatsheng yo o kgonang go tolokolola puo, kgotsa megabo e e leng mo dipapetlaneng. Jalo he ke rile go wena: A ga o kake wa ranola?

12 Mme ka re go wena gape: A o itse ka mongwe yo o ka ranolang? Gonne ke eletsa gore dipego tse di kwadilweng tse di ranolelwe mo puong ya rona; gonne, ka gongwe, di ka re fa kitso ka masalela a batho ba ba sentsweng, kwa dipego tse di kwadilweng tse di tswang gone; kgotsa, gongwe, di tlaa re fa kitso ya batho bone ba ba sentsweng; mme ke eletsa go itse se se dirileng tshenyego ya bone.

13 Jaanong Amone a re go ene: Ke ka go bolelela ka nnete, O kgosi, ka ga monna mongwe yo o ka ranolang dipego tse di kwadilweng; gonne o na le se ka sone a ka lebang, mme a ranola dipego tse di kwadilweng tsotlhe tse e leng tsa bogologolo tala; mme ke mpho go tswa kwa Modimong. Mme dilo di bidiwa diranodi, mme ga go motho ope yo o ka lebang mo go tsone fa e se a laetswe, e se re gongwe o tlaa leba se a sa tshwanelang mme a nyelele. Mme mang le mang yo o laetsweng go leba mo go tsone, ene yoo o bidiwa molebi.

14 Mme bona, kgosi ya batho ba ba leng mo lefatsheng la Sarahemola ke ene monna yo o laetsweng go dira dilo tse, e bile yo o nang le mpho e e kwa godimo e go tswa go Modimo.

15 Mme kgosi o ne a re molebi o mogolo go feta moporofiti.

16 Mme Amone a re molebi ke mosenodi e bile gape ke moporofiti; mme mpho e kgolo go feta ga go monna ope yo o ka nnang le yone, fa e se a na le thata ya Modimo, e motho ope a se kakeng; mme motho o ka nna le thata e kgolo a e filwe ke Modimo.

17 Mme molebi o ka itse ka ga dilo tse di fitileng, ga mmogo le ka ga dilo tse di tlaa tlang, mme ka bone dilo tsotlhe di tlaa senolwa ka tsone, kgotsa, gongwe, dilo tsa sephiri di tlaa supiwa, mme dilo tse di fitlhilweng di tlaa tla mo leseding, mme dilo tse di sa itsiweng di tlaa itsisiwa ka bone, mme gape dilo di tlaa itsisiwa ka bone tse di ne di ka seke di itsiwe.

18 Jalo Modimo o file tsela gore motho, ka tumelo, o ka dira dikgakgamatso tse dikgolo; jalo he o nna poelo e kgolo go bangwe ka ene.

19 Mme jaanong, fa Amone a sena go dira bokhutlo jwa go bua mafoko a kgosi o ne a ipela mo go feteletseng, mme a naya malebogo go Modimo, a re: Ga go belaesege masaitseweng a magolo a tshotswe mo dipapetlaneng tse, mme diranodi tse ga go belaetse di ne di baakantswe ka maikaelelo a go phutholola masaitseweng otlhe a go nna jalo go bana ba batho.

20 O go gakgamatsa jang ditiro tsa Morena, mme ke ka sebaka se se kae a sotlega le batho ba gagwe; ee, mme go bofofu le go sa tsenege jang ga ditlhaloganyo tsa bana ba batho; gonne ga ba na go batla tlhalefo, le fa e le gore ba ka eletsa gore o ka ba busa!

21 Ee, ba tshwana le letsomane le le mongala le le tshabang go tswa go modisa, mme le phatlalale, mme le alolwe, mme le gaburwi ke dibatana tsa sekgwa.