Scriptures
Mekwalo ya Tumelo 1


Mekwalo ya Tumelo
ya Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo

Kgaolo 1

1 Re dumela mo Modimong, Rara wa Bosakhutleng, le mo go Morwa wa gagwe, Jeso Keresete, le mo Moweng o o Boitshepo.

2 Re dumela gore batho ba tlaa otlhaelwa dibe tsa bone, mme e seng tlolo ya ga Atamo.

3 Re dumela gore ka Tetlanyo ya ga Keresete, batho botlhe ba ka bolokwa, ka go obamela melao le ditao tsa Efangele.

4 Re dumela gore melawana ya ntlha le ditao tsa Efangele ke: wa ntlha, Tumelo mo go Morena Jeso Keresete; wa bobedi, Boikotlhao; wa boraro, Kolobetso ka go nwetswa go amogela boitshwarelo jwa dibe; wa bone, peo ya diatla go amogela neo ya Mowa o o Boitshepo.

5 Re dumela gore motho o tshwanetse go bidiwa ke Modimo, ka perofeso, le ka go bewa diatla ke bao ba ba nang le taolo, go rera Efangele le go direla mo ditaong tseo.

6 Re dumela mo thulaganyo e e neng e le teng mo Kerekeng ya Bogologolo, e bong, baaposetole, baperofeti, badisa, baruti, baefangedi, le jalo jalo.

7 Re dumela mo neong ya diteme, perofeso, tshenolo, diponatshegelo, phodiso, thanolo ya diteme, le jalo jalo.

8 Re dumela gore Baebele ke lefoko la Modimo fela fa e ranotswe sentle, le gone re dumela gore Buka ya ga Momone ke lefoko la Modimo.

9 Re dumela tsotlhe tse Modimo a di senotseng, tsotlhe tse a di senolang jaanong, mme re dumela gore o santse a tlaa senola dilo di tse di kgolo le tse di botlhokwa mabapi le Bogosi jwa Modimo.

10 Re dumela mo go phuthegeng tota ga Iseraele le mo tsosolosong ya Merafe e e Lesome; gore Sione (Jerusalema o Mosha) o tlaa agiwa mo lefatsheng la Amerika; gore Keresete o tlaa busa ka sebele mo lefatsheng; le, gore lefatshe le tlaa shafadiwa le go amogela kgalalelo ya lone ya parataise.

11 Re batla tshiamelo ya go obamela Modimo Mothatayotlhe go ya ka boikgethelo jwa segakolodi sa rona, le go letlelela batho botlhe tshiamelo yone eo, a ba obamele ka fa ba itshenkelang, kwa ba itshenkelang, kgotsa se ba ka se itshenkelang.

12 Re dumela go nna ka fa tlase ga taolo ya dikgosi, boporesidente, babusi, le bomakasetarata, mo go obameleng, go tlotla, le go tshegetsa molao.

13 Re dumela mo go nneng boikanyego, boammaaruri, boitshoko, bopelontle, molemo, le go direla batho botlhe molemo; e le ruri, re ka re re sala morago dikgakololo tsa ga Paulo—Re dumela dilo tsotlhe, re solofela dilo tsotlhe, re itshoketse dilo di le dintsi, e bile re solofela go nonofela go itshokela dilo tsotlhe. Fa go na le sengwe se se molemo, se se rategang, kgotsa se se bolelwang se le molemo kgotsa se se bakegang, re batla dilo tse.

Joseph Smith.