Scriptures
Joseph Smith—Ditso 1


Joseph Smith—Ditso

Dikinolo go tswa mo Ditsong tsa ga Joseph Smith, Moperofeti

Kgaolo 1

Joseph Smith o bolela ka ga losika lwa gagwe, maloko a lolwapa la gagwe, mafelo a ba nnileng kwa go one pele—Ma tlhagatlhaga a sa tlhwaelesegang ka ga tumelo a anama mo botlhaphirima jwa New York—O ikaelela go batla botlhale go ya jaaka Jakobe a kaetse—Rara le Morwa ba iponatsa, mme Joseph o bilediwa tirelo ya gagwe ya boperofeti. (Temana 1–20.)

1 Ka ntlha ya dipego tse dintsi tse di anamisitsweng ke batho ba ba ratang bosula le go dira bosula, mabapi le go tsoga le botswelelo pele jwa Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, tsotlhe tse di dirilweng ke bakwadi ba tsone go senya leina la yone jaaka Kereke le botswelelo pele jwa yone mo lefatsheng—Ke tlhotlheleditswe go kwala ditso tse, go baakanya megopolo e batho ba nang le yone e e phoso, le go neela ba batlisisi boammaruri, jaaka bo diragetse, mabapi le nna le Kereke, fela jaaka ke na le kitso ya boammaaruri jo bo ntseng jalo.

2 Mo ditsong tse ke tlaa supa ditiragalo tse difarologanyeng mabapi le Kereke e, ka boammaruring le ka tshiamo, jaaka di diragetse, kgotsa jaaka di ntse ka nako e, e leng jaanong [1838] ngwaga wa ferabobedi e sa le thulaganyo ya Kereke e go buiwang ka yone.

3 Ke tshotswe mo ngwageng wa Morena wa rona sekete le makgolo a a ferangbobedi le botlhano, mo letsatsing la bomasome a mabedi le boraro la Sedimonthole, mo motseng wa Sharon, mo kgaolong ya Windsor, Kgaolo ya Vermont. … Rre, Joseph Smith, Sen., a tloga mo Kgaolong sa Vermont, mme a hudugela kwa Palmyra, mo kgaolong ya Ontario (e jaanong e leng Wayne), mo Lefatsheng la New York, fa ke ne ke le mo ngwageng wa me wa bolesome, kgotsa gaufi le dingwaga tseo. E ka ne e le mo dingwageng tse nne morago ga go goroga ga ga rre mo Palmyra, a fudugela le lolwapa lwa gagwe kwa Manchester mo kgaolong yone eo ya Ontario—

4 Lolwapa lwa gagwe le na le batho ba le lesome le motso, e bong, rre, Joseph Smith; mme, Lucy Smith (yoo leina la gagwe, pele ga lenyalo, e neng e le Mack, morwadie Solomon Mack); bomorwaarre, Alvin (yo o tlhokafetseng Ngwanaetsele 19, 1823, mo dingwageng tsa bo 26 tsa gagwe), Hyrum, nna, Samuel Harrison, William, Don Carlos; le bokgaitsadiake, Sophronia, Catherine, le Lucy.

5 Nako nngwe mo ngwageng ya bobedi morago ga khuduga ya rona go ya kwa Manchester, gone go na le matlhagatlhaga a a sa tlwaelesegang mo lefelong le re neng re nna mo go lone mo setlhogong sa tumelo. Bo simolotse ka Methodists, mme jwa tloga jwa anama mo gare ga makoko otlhe mo kgaolong eo ya lefatshe. E le ruri, kgaolo yotlhe ya lefatshe ya lebega e amilwe ke jone, mme boidiidi jo bogolo jwa ikopanya le ditlhopha tse di farologanyeng tsa tumelo, mo go direng pheretlhego e kgolo le kgaogano mo gare ga batho, bangwe ba goeletsa, “Bonang, fa!” mme ba bangwe, “Bonang, kwa!” Bangwe ba ne ba ganetsanela setlhopha sa Methodist, bangwe sa Presbyterian, mme ba bangwe sa Baptist.

6 Gonne, le fa gontse jalo lorato le legolo le basokologi ba ditumelo tse tse di farologanyeng ba neng ba le supa ka nako ya tshokololo ya bone, le tlhoafalo e kgolo e e bonatshitsweng ke baruti ba ba farologanyeng, ba ba neng ba le tlhaga mo go emeleleng mme ba rotloetse tiragalo e e makatsang e ya maikutlo a tumelo, gore ba sokolole mongwe le mongwe, jaaka ba ne ba kgatlhegela go go bitsa, a ba ikopanye le fa e le lefe lekoko le ba le kgatlhegelang; le fa gontse jalo fa basokologi ba simolola go tloga, bangwe go lekgotla le lengwe mme ba bangwe go le lengwe, gone ga bonala gore maikutlo a a neng a lebega a le molemo a baperesiti le a basokologi a ne a ipeilwe go na le a nnete; gonne tiragalo ya ketsaetsego e kgolo le ya maikutlo a a maswe e ne ya latela—moperesiti a ganetsanya le moperesiti, le mosokologi kgatlhanong le mosokologi; gore maikutlo otlhe a bone a a molemo mongwe go yo mongwe, fa ba ne ba kile ba nna le ape, a ne a latlhega gotlhelele mo tshukatshukanong ya mafoko le mo kgaisanong mabapi le megopolo.

7 Ke ne ka nako e ke le dingwaga di le lesome le botlhano. Lolwapa la ga rre le ne le ineetse mo tumelong ya Presbyterian, mme ba le bane ba bone ba ne ba ikopanya le kereke eo, e bong, mme, Lucy; bomorwarre Hyrum le Samuel Harrison; le kgaitsadiake Sophronia.

8 Ka nako e ya matlhagatlhaga a magolo tlhaloganyo ya me e ne ya gogelwa go tlhatlhanya ka tlhwaafalo le go tlhobaela mo gogolo; mme le ntswa maikutlo ame a ne a le boteng mme gantsi a le botlhoko, le fa gontse jaloke neka iphaphamo makokong a otlhe, le ntswa ke ne ke tsenelela diphuthego tsa one tse di mmalwa gantsi jaaka lobaka le ka letla. Mo tsamaong ya nako tlhaloganyo ya me e ne e batlile go sekamela ka fa lekokong la Methodist, mme ka utlwa ke na le keletso ya go ikopanya le bone; mme gone go le gogolo ketsaetsego le tshukatshukano mo gare ga diphuthego tse di farologanyeng, mo e leng gore go ne go retelela motho yo mmotlana jaaka nna, e bile a sa tlwaelana go le kalo le batho le dilo, go tsaya tshwetso epe gore ke mang yo o nnete le gore ke mang yo o phoso.

9 Tlhaloganyo ya me ka dinako dingwe e ne e tlhotlheletsega mo gogolo, komang le kudumedi di ne di le dikgolo thata e bile di sa eme. Presbyterians ba ne ba sweditse mogopolo kgatlhanong le Baptists le Methodists, mme ba dirisa dithata tsa gotlhe go akanya le boferefere go supa diphoso tsa bone, kgotsa, le gale, go dira gore batho ba akanye gore ba phoso. Mo ntlheng e nngwe, Baptists le Methodists fela jalo ba ne ba tlhoafetse ka go tshwana mo go lekeng go tlhomamisa dithuto tsa bone le go tlhobosa tsotlhe tse dingwe.

10 Mo gare ga tlhabano e ya mafoko le kudumedi ya megopolo, Ke ne gantsi ka ithaya ka re: Go ka dirwang? Ke lefe la makoko a le le siameng; kgotsa, a otlhe a phoso mmogo? Fa lepe la one le siame, ke le fe, mme ke tlaa itse jang?

11 Fa ke ne keimetswe ke bothata jo bo dirwang ke kgaisano ya makoko a badumedi, ke ne letsatsi lengwe ke bala Lokwalo lwa ga Jakobe, kgaolo ya ntlha le temana ya botlhano, e e balegang jaana: Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a lope Modimo, o o nayang batho botlhe ka bogolo, mme a sa kgobe; mme o tlaa bo neelwa.

12 Ga go ise go nne le temana epe ya dikwalo tse di boitshepo e e tseneng ka thata e kgolo mo pelong ya motho go na le jaaka e e dirile ka nako e mo go yame. E ne e lebega e tsena ka thata e kgolo mo maikutlong otlhe a pelo ya me. Ke ne ka akanya ka yone gangwe le gape, ke itse gore fa motho mongwe a tlhoka botlhale go tswa mo Modimong, ke nna; gonne gore ke ka dira eng ke ne ke sa itse, mme fa e se ke ka amogela botlhale jo bogolo go feta jo ke neng ke na le jone ka nako eo, ga ke kitla ke itse ka gope; gonne baruti ba tumelo ba makoko a a farologanyeng ba ne ba tlhaloganya ditemana tsone tseo tsa lokwalo le le boitshepo ka go sele mo e leng gore ba ne ba senya tsholofetso yotlhe mo go rarabololeng potso ka go batla karabo mo Baebeleng.

13 Morago ga lobaka ke ne ka tsaya tshwetso gore ke tshwanetse go nna mo lefifing le tsietsego, kgotsa ke tshwanetse go dira jaaka Jakobe a kaela, ke gore, go lopa Modimo. Morago ga lobaka ka ikaelela “go lopa Modimo,” ke swetsa gore fa a neela botlhale mo go bone ba ba tlhokang botlhale, le go neela ka bogolo, mme a sa kgobe, ke ka leka.

14 Jalo, ka fa thulaganyong e, ya maikaelelo a me go lopa Modimo, ke ne kakatogela kwa sekgweng go leka. E ne e le mo mosong wa letsatsi le le ntle, le le phepa, go sa le gale mo dikgakologong tsa makgolo a a lesome le boferabobedi le masome a mabedi. e ne e le lantlha mo botshelong jwa me gore bo ke dirile maiteko a a ntseng jalo, gonne mo gare ga matshwenyego otlhe ame ke ne ke ise go fitlha jaana ke dire maiteko a go rapela ke ntsha lentswe.

15 Morago ga go katogela kwa lefelong le go le pele ke neng ke ikaeletse go ya kwa go lone, fa ke sena go leba mo tikologong ya me, mme ke iphitlhela ke le nosi, ke ne ka khubama mme ka simolola go isa dikeletso tsa pelo ya me kwa Modimong. Ke ne fela ke sa tswa go simolola se, fa ka bofefo ke ne ka tshwarwa ke thata nngwe e gotlhelele e neng ya mphenya, mme e ne e na le tlhotlheletso e e gakgamatsang mo go nna go ka bofa loleme lwa me gore ke seke ka bua. Lefifi le le kwenneng le ne la ntikologa, mme go ne ga lebega mo go nna ka lobaka gore ke ne ke hutsegetse tshenyego ya tshoganyetso.

16 Mme, ka go dirisa dithata tsotlhe tsa me go bitsa Modimo go nkgolola mo thateng ya mmaba yo yo o neng a ntshwere, mme ka sebakanyana seo fa ke ne iketleeleditse go itlhoboga le go ineela mo tshenyegong—e seng mo tshenyegong e e akanyediwang, mme mo thateng ya motho tota go tswa kwa lefatsheng le le sa bonweng, yo o nang le thata e e gakgamatsang e e ntseng jalo jaaka e ke iseng ke e itemogele go le pele mo mothong ope—fela ka sebakanyana se sa letshogo le legolo, ka bona mosipuri wa lesedi fela fa godimo ga tlhogo ya me, o o fetang go phatsima ga letsatsi, o o fologileng ka bonya go fitlhelela o wela mo go nna.

17 Fela fa o sena go bonala ka iphitlhela ke golotswe mo mmabeng yo o neng a ntshwere. Fa lesedi le nna mo go nna ke ne ka bona Batho ba babedi, ba phatshimo ya bone le kgalalelo di sa kgoneng go tlhalosiwa, ba eme fa godimo ga me mo loaping. Mongwe wa bone a bua le nna, a mpitsa ka leina mme a re, a supa yo mongwe—Yoo Ke Morwaake yoo Rategang. Mo Utlwe!

18 Maikaelelo a me a go ya go botsa Morena e ne e le go itse gore mo makokong otlhe ke lefe le le siameng, gore ke ka itse le ke ka ikopanyang le lone. Ke gone ka moo, fela fa ke sena go itharabologelwa, mo e leng gore ke ne ke ka bua, ka botsa Batho ba ba emeng fa godimo ga me mo leseding, gore ke lefe la makoko otlhe le le siameng (gonne ka nako e go ne go ise go tle mo go nna gore otlhe a phoso)—le gore ke le fe le ke tshwanetseng go ikopanya le lone.

19 Ke ne ka fetolwa ka gore ke se ka ka ikgolaganya le lepe la one, gonne otlhe a ne a le phoso; mme Motho yo o neng a mpuisa o buile gore ditumelo tsa one ke makgapha mo ponong ya gagwe; gore baipoledi bao ba bodile; gore: “ba nkatamela ka dipounama tsa bone, mme dipelo tsa bone di kgakala le nna, ba ruta dithuto tsa batho e le ditaelo, ba na le popegong ya bomodimo, mme ba latola thata ya jone.”

20 O ne gape a nkitsa go ikgolaganya le lepe la one; mme dilo tse dingwe tse dintsi o ne a di mpolelela, tse ke sa kakeng ka di kwala ka nako e. Fa Ke itharabologelwa, Ke ne ka iphitlhela ke kaname, ke lebile kwa legodimong. Fa lesedi le sena go tloga, ke ne ke sena nonofo; mme morago ke sena go itshetlela ka selekanyo sengwe, ke ne ka ya gae. Mme fa ke itshegetsa fa leisong, Mme a botsa gore go rileng. Ka fetola, “Se tshwenyege, go siame gotlhe—Ke siame fela.” Ke gone ka raya Mme ka re, “Ke ithutile gore Presbyterianism ga e boammaaruri.” Go lebega e kete moganetsi o ne a itse, go sa le gale mo lobakeng lwa botshelo jwa me, gore ke ne ke laoletswe go supa mokgoreletsi le moteni wa bogosi jwa gagwe; e seng jalo ke ka ntlha ya eng dithata tsa lefifi di nkopanela? Ke ka ntlha ya eng go na le kganetso le pogiso tse di ntsogologetseng, go batlile mo bonaneng jwa me?

Bareri ba bangwe le baepoledi ba tumelo ba gana pego ya Ponatshegelo ya Ntlha—Pogiso e kgobokanela mo go Joseph Smith—O paka ka boammaaruri jwa ponatshegelo. (Temana 21–26.)

21 Malatsi mangwe a se kae morago ga ke sena go nna le ponatshegelo e, ga diragala gore ke bo ke na le mongwe wa bareri ba Methodist, yo o neng a le tlhaga mo matlhagatlhageng a tumelo e e umakilweng pele; mme, fa ke bua le ene mo setlhogong sa tumelo, Ke ne ka tsaya lobaka go mo neela polelo ya ponatshegelo e ke nnileng le yone. Ke ne ka gakgamala mo gogolo ka boitshwaro jwa gagwe, o ne a tsaya puisanyo ya me e seng motlhofo fela, mme le ka lenyatso le legolo, a re yotlhe e ne e le ya ga diabole, gore go ne go sena dilo tse di ntseng jalo jaaka diponatshegelo kgotsa ditshenolo mo malatsing a; gore dilo tsotlhe tse di ntseng jalo di ne di eme ka baaposetole, le gore ga go kitla go tlhola ka gope go nna le dipe tsa tsone.

22 Le fa go ntse jalo, ka tloga ka bona gore go bolela polelo ga me go ne go tsosolositse kgethololo e kgolo thata kgatlhanong le nna mo gare ga baipoledi ba tumelo, mme e ne e le lebaka la pogiso e kgolo, e e neng e tsweletse go oketsega; mme le ntswa ke ne ke le mosimane yo o sa itsegeng, wa dingwaga fela tse di fa gare ga lesome le bone le lesome le botlhano, mme diemo tsa me mo botshelong e ne e le tse di ka dirang mosimane go sa nneng botlhokwa mo lefatsheng, le fa go ntse jalo banna ba seemo se se kwa godimo ba ne ba tlhokomela mo go lekaneng go tlhotlheletsa megopolo ya batho kgatlhanong le nna, le go dira pogiso e e botlhoko; mme se se ne se tlwaelesegile mo gare ga makoko otlhe—otlhe a ikopantse go mpogisa.

23 Go ntirile gore ke tlhatlhanye ka tlhoafalo ka nako eo, le gantsi e sale, gore go ne go sa tlwaelesega thata jang gore mosimane yo o sa itsegeng, yo o fitileng go le gonnye dingwaga di le lesome le bone, mme mongwe, le gone, yo o neng a hutseditswe botlhokwa jwa go amogela ditlamelo tse ditlhaelang ka tiro ya gagwe ya letsatsi le letsatsi, o ka akanngwa e le motho yo o botlhokwa go ngoka keletlhoko ya bagolo ba makoko a a itsegeng thata a lobaka loo, le ka mokgwa wa go dira mo go bone mowa wa pogiso e e botlhoko thata le kgobo. Mme go sa tlwaelesega kgotsa nnyaa, go ne go ntse jalo, mme gantsi e ne e le lebaka la kutlobotlhoko e kgolo mo go nna.

24 Le fa gontse jalo, e ne e le boammaaruri gore ke ne ke bone ponatshegelo. Ke ne ka akanya e sale, gore ke ne ke ikutlwa fela jaaka Paulo, fa a ne a ikarabela fa pele ga Kgosi Ageripa, mme a bolela polelo ya ponatshegelo e a nnileng le yone fa a bona lesedi, mme a utlwa lentswe; mme le fa go ntse jalo go ne go na le fela ba se kae ba ba neng ba mo dumela; bangwe ba ne ba re ga a ikanyege, ba bangwe ba re o a tsenwa; mme o ne a sotlwa le go kgalwa. Mme tse tsotlhe di ne tsa seka tsa senya boammaaruri jwa ponatshegelo ya gagwe. O ne a bone ponatshegelo, o ne a itse gore o nnile le yone, mme pogiso yotlhe ka fa tlase ga legodimo e ne e ka se ka ya bo dira ka go sele; mme le ntswa ba tlaa mmogisa go fitlhelela a swa, le fa go ntse jalo o ne a itse, le gore o tlaa itse go fitlhelela a hema mowa wa gagwe wa bofelo, gore o ne gotlhe a bone lesedi le go utlwa lentswe le bua le ene, mme lefatshe lotlhe ga le kake la mo dira gore a akanye kgotsa a dumele ka go sele.

25 Jalo go ne go ntse ka nna. Ke ne ka nnete ke bone lesedi, mme mo gare ga lesedi leo ke bone batho ba babedi, mme ka boammaaruri ba ne ba bua le nna; mme le ntswa ke ne ke tlhoilwe le go bogisediwa go bua gore ke bone ponatshegelo, le fa gontse jalo go ne go le boammaaruri; mme fa ba ne ba mpogisa, ba nkgoba le go mpateletsa bosula bongwe le bongwe ka maaka go bua jalo, ke ne ka gogelwa go ithaya mo pelong ya me ke re: ke ka ntlha ya eng le mpogisetsa go bua boammaaruri? Ka nnete ke bone ponatshegelo; mme ke mang gore ke ka ganela le Modimo, kgotsa ke ka ntlha ya eng lefatshe le akanya go ntira gore ke itatole se ka nnete ke se boneng? Gonne ke bone ponatshegelo; ke ne ke itse, mme ke ne ke itse gore Modimo o ne a itse, mme ke ne ke sa kake ka go itatola, le fa e le go leka go go dira; le gale ke ne ke itse gore ka go dira jalo ke tlaa leofela Modimo, mme ke nne mo tshekisong.

26 Ke ne jaanong ke kgotsofaditse tlhaloganyo ya me mabapi le makoko a lefatshe—gore e ne e se maikarabelo a me go ikgolaganya le lepe la one, mme go tswelela jaaka ke ne ke ntse go fitlhelela ke amogela dikaelo tse dingwe gape. Ke ne ke lemogile gore bopaki jwa ga Jakobe bo boammaaruri—gore motho yo o tlhokang botlhale o ka lopa mo Modimong, mme a amogela, mme a sa kgobiwe.

Moroni o iponatsa mo go Joseph Smith—Leina la ga Joseph le tlaa itsediwa molemo le bosula mo gare ga ditšhaba tsotlhe—Moroni o mmolelela ka ga Buka ya ga Momone le ka ga go tla ga dikatlholo tsa Morena mme o nankola dikwalo tse di boitshepo tse dintsi—Lefelo la boitshubelo la dipapetlana tsa gauta le a senolwa—Moroni o tswelela ka go ruta Moperofeti. (Temana 27–54.)

27 Ka tswelela ka go dira ditiro tsa me tsa botshelo go fitlhelela Lwetse a le masome a mabedi le motso, sekete le makgolo a a ferangbobedi le masome a mabedi le boraro, nako yotlhe ke boga pogiso e e botlhoko mo diatleng tsa mefuta yotlhe ya batho, gotlhe ba badumedi le ba e seng badumedi, ka ntlha ya gore ke ne ke tsweletse go tlhomamisa gore ke ne ke bone ponatshegelo.

28 Mo sebakeng sa nako se se tseneng fa gare ga nako e ke nnileng le ponatshegelo le ngwaga ya makgolo a a ferangbobedi le masome a mabedi le boraro—ka ke ne ke ileditswe go ikopanya le lepe la makoko a tumelo a lobaka loo, e bile ke le mmotlana mo dingwageng, le go bogisiwa ke bao ba ba tshwanetseng go ka bo e ne e le ditsala tsa me mme ba ka bo ba ne ba ntshwere ka bopelonomi, mme fa ne ba gopotse gore nna ke tsieditswe gore ba bo balekile ka mokgwa o o lolameng le wa lorato go mpusa gape—Ke ne ke leseleditswe mo mefuteng yotlhe ya dithaelo, mme, ke tlhakatlhakana le mefuta yotlhe ya ditsala, kgapetsakgapetsa ke ne ke wela mo diphosong tsa boeleele, mme ke supa bokoa jwa bonana, le makoa a tlholego ya motho; tse, ke maswabi gore, di nkgogetse mo dithaelong dingwe le dingwe, tse e leng boleo mo ponong ya Modimo. Mo go direng boipolelo jo, ga go ope yo o tlhokang go gopola gore nna ke molato wa maleo a magolo kgotsa a a diphatsa. Mokgwa wa go dira a a ntseng jalo ga o ise o ke o nne mo boitshwarong jwa me. Mme ke molato wa bosenasepe, mme nako tse dingwe ke tsamaalana le setlhopha se se itumelang thata, jalo jalo, go faapana le boitshwaro jo bo tshwanetseng go tshegediwa ke mongwe yoo biditsweng ke Modimo jaaka ke ne ke biditswe. Mme se ga se kake sa lebega se sa tlhwaelesega thata mo go ope yo o gakologelwang bonana jwa me, e bile a itse mokgwa wa tlholego wa me wa go itumela.

29 Ka ditlamorago tsa dilo tse, gantsi ke ne ke ikutlwa ke le molato wa bokoa jwa me le diphoso tsa me; fa, mo maitseboeng a Lwetse a le masome a mabedi le motso e e umakilweng fa godimo, fa ke sena go ya go robala, ke ne ka rapela le go kokotlela Modimo Mothatayotlhe ka ga boitshwarelo jwa dibe tsa me tsotlhe le boeleele, mme le gone go amogela ponatshego, gore ke ka itse seemo sa me le boemo jwa me fa pele ga gagwe; gonne ke ne ke na le tsholofelo e e tletseng mabapi le go amogela ponatshego ya selegodimo, jaaka ke nnile le e nngwe go le pele.

30 Fa ke ne ke le mo tirong ya go bitsa Modimo jaana, ke ne ka bona lesedi le iponatsa mo kamoreng ya me, le le neng la tswelela go oketsega go fitlhelela kamore e le lesedi go feta motshegare, fa ka bonako motho a bonala fa thoko ga bolao jwa me, a eme mo loapi, gonne dinao tsa gagwe di ne di sa kgoma bodilo.

31 O ne a apare seaparo se se repileng se le bosweu jo bo galalelang thata. E ne e le bosweu go feta sengwe sa selefatshe se ke kileng ka se bona; mme ga ke dumele gore selo sepe sa selefatshe se ka dirwa go lebega se le sesweu thata jaana le go phatsima. Diatla tsa gagwe di ne di le bogonoko, le gone le mabogo a gagwe, fa godimonyana ga legwejana la letsogo; jalo, le gone, go ne go ntse diano tsa gagwe, jaaka maoto a gagwe, fa godimonyana ga legwejana. Tlhogo ya gagwe le molala wa gagwe di ne di le bogonoko le tsone. Ke ne ka bona gore o ne a sa apara diaparo tse dingwe fa e se seaparo se, jaaka se ne se bulegile, gore ke ka bona sehuba sa gagwe.

32 Seaparo sa gagwe se ne se se sesweu thata fela, mme mmele wa gagwe otlhe o ne o galalela go feta tlhaloso, mme tebego ya gagwe ka boammaaruri e ntse jaaka logadima. Kamore e ne e le lesedi thata, mme e seng e phatsima thata jaaka fela go dikologa mmele wa gagwe. Fa ke mmona lantlha, ka boifa; mme poifo ya tloga ya ntlogela.

33 O ne a mpitsa ka leina, mme a nthaya a re ke morongwa yo o rometsweng go tswa mo boleng teng jwa Modimo kwa go nna, le gore leina la gagwe ke Moroni; gore Modimo o na le tiro e ke tshwanetseng go e dira; le gore leina la me le tlaa akanyediwa molemo le bosula mo gare ga ditšhaba tsotlhe, masika, le diteme, kgotsa gore le ka buiwa gotlhe molemo le bosula mo gare ga batho botlhe.

34 O ne a re go na le buka e e beilweng, e e kwadilweng mo dipapetlaneng tsa gauta, e e neelang polelo ya banni ba pele ba kontinente e, le motswedi yoo ba tswang kwa gone. Le gone o buile gore botlalo jwa Efangele e e sa khutleng bo mo go yone, jaaka Mmoloki a e neetse banni ba bogologolo;

35 Le gone, gore go na le matlapa a mabedi mo mareng a selefera—mme matlapa a, a a bofeletsweng mo seiphemelo sehubeng, a ne a dira se se bidiwang Urime le Thumime—a a beilweng le dipapetlana, mme go nna le go dirisa matlapa a e ne le mo go dirang “balebi” mo metlheng ya bogologolo kgotsa e e fetileng; le gore Modimo o di baakanyeditse maikaelelo a go ranola buka.

36 Fa a sena go mpolelela dilo tse, a simolola go nopola diperofeso tsa Kgolagano e Kgologolo. Pele o ne a nopola bontlha bongwe jwa kgaolo ya boraro ya ga Malaki; mme o ne a nopola le gone kgaolo ya bone kgotsa ya bofelo ya perofeso yone eo, le ntswa ka pharologanyonyana go tswa ka fa e balegang ka teng mo Dibaebeleng tsa rona. Mo boemong jwa go nopola temana ya ntlha jaaka e balega mo dikwalong tsa rona, o e nopotse jaana:

37 Gonne bonang, letsatsi le etla le le tlaa fisang jaaka leiso la leubelo, mme botlhe ba ba ikgogomosang, ee, le botlhe ba ba dirang boikepo ba tlaa fisiwa jaaka dirite; gonne ba ba tlang ba tlaa ba fisa, go bua Morena wa Masomosomo, gore ga o kitla o ba tlogelela le fa e le modi kgotsa kala.

38 Mme gape, a nopola temana ya botlhano jaana: Bonang, ke tlaa lo senolela Boperesiti ka seatla sa Moperofeti Elijah, pele ga go tla ga letsatsi le legolo le le boitshegang la Morena.

39 Mme le gone a nopola temana e e latelangka pharologanyo: Mme o tlaa tlhoma mo dipelong tsa bana ditsholofetso tse di dirilweng mo go borraabone, mme dipelo tsa bana di tlaa sokologela kwa go borraabone. Fa gone go sa nna jalo, lefatshe lotlhe le tlaa senngwa gotlhelele ka go tla gagwe.

40 Mo go tlalaletse se, a nopola kgaolo ya lesome le motso ya ga Isaia, a re e tloga e diragadiwa. A nopola le gone kgaolo ya boraro ya Ditiro, ditemana tsa masome a mabedi le bobedi le ya masome a mabedi le boraro, fela jaaka di ntse mo Kgolaganong e Ntšha ya rona. O buile gore moperofeti yoo ke Keresete; mme letsatsi ga le ise le tle fa “bone ba ba tlaa se kitlang ba reetsa lentswe la gagwe ba tlaa kgaolwang go tswa mo gare ga batho,” mme le tloga le tla.

41 A nopola le gone kgaolo ya bobedi ya ga Joele, go tswa mo temaneng ya masome a mabedi le boferabobedi go ya kwa go ya bofelo. O ne le gone a re se ga se ise se diragadiwe, mme se tloga se diragadiwa. Mme a tswelela ka go bolela gore botlalo jwa Baditšhaba bo ne bo tloga bo tla. O nopotse ditselana tse dintsi tse dingwe tsa mekwalo e e boitshepo, mme a neela ditlhaloso tse dintsi tse di sa ka keng tsa tlhalosiwa fa.

42 Gape, a mpolelela, gore fa ke tsaya dipapetlana tse a buileng ka tsone—gonne nako eo e di tshwanetseng go tsewa e ne ise e diragadiwe—Ga ke a tshwanela go di bontsha ope; le fa e le seiphemelo sehubeng le Urime le Thumime; fela mo go bao ba ke tlaa laelwang go ba di bontsha; fa ke supegetsa mongwe ke tlaa senngwa. Fa a santse a bua le nna ka ga dipapetlana, ponatshegelo e ne ya senolwa mo tlhaloganyong ya me gore ke ka bona lefelo le dipapetlana di beilweng kwa go lone, mme moo go bonala thatale ka tlhamalalo mo e leng gore ke ne ka itse lefelo gape fa ke le etela.

43 Morago ga puisanyo e, Ka bona lesedi mo kamoreng le simolola go phuthegela ka bonako go dikologa mmele wa ene yoo neng a ntse a bua le nna, mme la tswelela go dira jalo go fitlhelela kamore gape e tlogetswe e le lefifi, fa e se fela go mo dikologa; fa, ka bonako ka bona, jaaka e kete, mosele o bonala o tlhamalela kwa godimo mo legodimong, mme a tlhatloga go fitlhelela a nyelela gotlhelele, mme kamore e ne ya tlogelwa jaaka e ne e ntse pele ga lesedi le la legodimo le bonala.

44 Ka rapama ke akanya ka go sa tlwaelesegang ga tiragalo e, mme ke gakgamaletse thata se ke neng ke se boleletswe ke morongwa yo o makatsang o; fa, mo gare ga go tlhatlhanya ga me, ka bonako ka bona gore kamore ya me e ne gape e simolola go nna le lesedi, mme ka ponyo ya leitlho, jaaka e kete, morongwa ene yoo wa selegodimo o ne gape a le fa thoko ga bolao jwa me.

45 A simolola, mme gape a lotlega dilo tsone tseo tse a neng a di dirile ka loeto lwa gagwe la ntlha, go sena le fa e le pharologanyo e potlana; mo e rileng a sena go go dira, a mpolelela ka dikatlholo tse di kgolo tse di neng di tla mo lefatsheng, ka ditshwafatso tse di kgolo tsa leuba, tšhaka, le kgogodi; le gore dikatlholo tse di botlhoko tse di tlaa tla mo lefatsheng mo tshikeng e. Fa a sena go lotlega dilo tse, a tlhatloga gape jaaka a ne a dirile pele.

46 Ka nako e, dikgatiso tse di neng di dirilwe mo tlhaloganyong ya me di ne di le dikgolo thata, mo e leng gore boroko bo ne bo dule mo matlhong ame, mme ka rapama ka ntlha ya gore ke ne ke fekeeditswe ke kgakgamalo ya se ke se boneng le go se utlwa. Mme se e neng e le kgakgamalo ya me fa ke bona gape morongwa ene yoo fa thoko ga bolao jwa me, mme ke mo utlwa a boelela kgotsa a boeletsa gape mo go nna dilo tse di tshwanang jaaka pele; mme a tlatsa ka tsiboso mo go nna, a mpolelela gore Satane o tlaa leka go nthaela (ka ntlha ya seemo sa lehuma la lolwapa lwa ga rre), go tsaya dipapetlana ka maikaelelo a go ikhumisa. Se a se nkiletsa, a re ga ke a tshwanela go nna le maikaelelo mangwe ape mo tlhaloganyong mabapi le go tsaya dipapetlana fa e se go galaletsa Modimo, mme ga ke a tshwanela go tlhotlhelediwa ke maikemisetso ape go na le ao a go aga bogosi jwa gagwe; e seng jalo ga ke kake ka di tsaya.

47 Morago ga loeto lo lwa boraro, a tlhatlogela gape kwa legodimong jaaka pele, mme ke ne gape ke tlogetswe go tlhatlhanya ka go sa tlwaelesegang ga se ke neng ke se itemogetse; mme ke gone fela ka bonakofa morongwa wa selegodimo a sena go tlhatloga go tloga fa go nna lwa boraro, mokoko wa lela, mme ka bona gore letsatsi le ne le tlhaba, ke gone ka moo puisanyo ya rona e tshwanetse ya bo e tsere bosigo joo jotlhe.

48 Ka bokhutshwane morago ka tsoga mo bolaong jwa me, mme, jaaka gale, ka ya kwa ditirong tse di tlhokegang tsa letsatsi; mme, mo go lekeng go dira jaaka ka dinako tse dingwe, ka bona ke feletswe ke nonofo mo go ntirileng gore ke palelwe gotlhelele. Rre, yo o neng a dira le nna, a lemoga fa sengwe se sa siama ka nna, mme a mpolelela gore ke ye gae. Ka simolola ka maikaelelo a go ya kwa ntlong; mme, fa ke leka go tlola terata go tswa mo tshimong kwa re neng re le teng, nonofo ya me ya tlhaela gotlhelele, mme ka wela fa fatshe ke sena boitiro, mme ka nakonyana ke ne gotlhelele ke sa lemoge sepe.

49 Selo sa ntlha se ke ka se gakologelwang e ne e le lentswe le bua le nna, le mpitsa ka leina. Ka leba kwa godimo, mme ka bona morongwa ene yoo a eme fa godimo ga tlhogo ya me, a dikologilwe ke lesedi jaaka pele. Ke gone gape a mpolelela tsotlhe tse a neng a di mpoleletse bosigo jwa maabane, mme a ntaela gore ke ye kwa go rre mme ke mmolelele ka ga ponatshegelo le ditaelo tse ke neng ke di amogetse.

50 Ka dumalana; ka boela kwa go rre kwa tshimong, mme ka mmolelela tiragalo yotlhe. A mphetola ka gore e ne e le ya Modimo, mme a mpolelela gore ke tsamaye mme ke ye go dira jaaka ke laetswe ke morongwa. Ka tloga mo tshimong, mme ka ya kwa lefelong le morongwa a mpoleletseng gore dipapetlana di beilweng teng; mme ka ntlha ya tlhamalalo ya ponatshegelo e ke nnileng le yone mabapi le se, Ke ne ka itse lefelo ka ponyo ya leitlho fa ke goroga kwa go lone.

51 Guafi le motse wa Manchester, kgaolo ya Ontario, New York, go eme lentswe la selekanyo se se segolo, mme le le kwa godimo ga lepe mo tikologong. Mo mhapheng o o ka fa bophirima jwa lentswe le, e seng kgakala le kwa godimo, ka fa tlase ga letlapa la selekanyo se segolo, go ne go beilwe dipapetlana, di beilwe mo lebokosong la letlapa. Letlapa le ne le le lekima mme le le bogogoropo fa gare ka fa mhapheng o o kwa godimo, mme le le lesesane mo matlhakoreng, gore karolo e e fa gare ene e bonala fa godimo ga lefatshe, mme letlhakore lotlhe go dikologa le ne le bipilwe ke mmu.

52 Fa ke sena go ntsha mmu, Ka tsaya lebara, e ke neng ka e tlhoma ka fa tlase ga ntlha ya letlapa, mme ka teko e nnye ka e emeletsa. Ka leba mo teng, mme mo teng e le ruri ka bona dipepetlana, Urime le Thumime, le seiphemelo sehubeng, jaaka go boletswe ke morongwa. Lebokoso le di neng di beilwe mo go lone le ne le dirilwe ka go tlhatlhaganya matlapa mo mofuteng mongwe wa semente. Kwa tlase ga lebokoso gone go rapaladitswe matlapa a mabedi a phekagantse lebokoso, mme mo matlapeng a go beilwe dipapetlana le dilo tse dingwe di na le tsone.

53 Ka dira maiteko a go di ntsha, mme ke ne ka idiwa ke morongwa, mme gape ke ne ka bolelelwa gore nako ya go di ntsha ga e ise e fitlhe, le fa e le go ka fitlha, go fitlhelela dingwaga tse nne go tloga ka nako eo; mme o ne a nthaya a re ke tshwanetse go tla mo lefelong le tota ka ngwanga o le mongwe go tloga mo nakong e, mme o tla kopana le nna, mme ke tshwanetse go tswelela ke dira jalo go fitlhelela nako e tla ya go tsaya dipapetlana.

54 Ka fa tshwanelong, jaaka ke laetswe, Ke ne ke tsamaya kwa bokhutlong jwa ngwaga nngwe le nngwe, mme ka nako nngwe le nngwe ke ne ke fitlhela morongwa ene yoo koo, mme ke amogela kaelo le kitso mo go ene kwa dipuisanong dingwe le dingwe tsa rona, mabapi le se Morena a neng a tlile go se dira, le mokgwa o ka fa bogosi jwa gagwe bo tlaa laolwang ka gone mo malatsing a bofelo.

Joseph Smith o nyala Emma Hale—A amogela dipapetlana tsa gauta go tswa mo go Moroni mme o ranola dingwe tsa ditlhaka—Martin Harris o bontsha Professor Anthon ditlhaka le thanolo, yo o reng, “Ga ke kake ka bala buka e e kannweng.” (Temana 55–65.)

55 Ka ntlha ya gore diemo tsa ga rre tsa selefatshe di ne di lekanyeditswe, re ne re tlhoka go dira ka diatla tsa rona, re hiriwa go dira tiro ya letsatsi le ka go sele, fa lobaka le letla. Nako tse dingwe re ne re le kwa gae, nako tse dingwe kwantle, mme ka go tswelela re dira re ne re kgona go tshela ka phuthologo.

56 Mo ngwageng wa 1823 lolwapa la ga rre la tlhokofadiwa thata ke loso la ga nkgonne, Alvin. Mo kgweding ya Phalane, 1825, ka hirwa ke monna yo mogolwane wa leina la Josiah Stoal, yoo neng a nna mo kgaolong ya Chenango, Kgaolo ya New York. O ne a utlwaletse sengwe mabapi le moepo wa selefera o o butsweng ke Spaniards mo Harmony, kgaolo ya Susquehanna, Kgaolo ya Pennsylvania; mme, pele a nkhira, o ne a ntse a epa, gore, fa go kgonega, a bone moepo. Fa ke sena go ya go nna le ene, a ntsaya, le bangwe ba babereki ba gagwe, gore re epe a selefera, kwa ke tsweletseng ka dira go batlile kgwedi, re sena katlego mo maitekong a rona, mme morago ga lobaka ka kgona go tlhotlheletsa monna yo mogolwane gore re emise go epa. Ke ka moo go tsogileng polelo e e itsegeng ya gore ke ne ke le motsumi wa dikhumo.

57 Ka nako e ke neng ke hirilwe jaana, Ke ne ka romelwa go nna le Mr. Isaac Hale, wa lefelo leo; ke gone koo ke neng ka bona mosadi wa me lantlha (morwadie), Emma Hale. Ka di 18 tsa Firikgong, 1827, re ne ra nyalana, fa ke ne ke santse ke hirilwe mo tirelong ya ga Mr. Stoal.

58 Ka ntlha ya go tsweledisa go bolela gore ke bone ponatshegelo, pogiso e ne e santse e ntshetse morago, mme ba lolwapa la ga rraagwe mosadi wa me ba ne ba le kgatlhanong thata thata le go nyalana ga rona. Ke gone ka moo, ke ne ke tlhoka go mo isa go sele; ke gone ra tsamaya mme ra nyalana kwa ntlong ya ga Squire Tarbill, mo South Bainbridge, kgaolo ya Chenango, New York. Ka bonako morago ga lenyalo la me, ka tlogela kwa go Mr. Stoal mme ka ya kwa go rre, mme ka lema le ene paka eo.

59 Morago ga lobaka nako ya fitlha ya go tsaya dipapetlana, Urime le thumime, le seiphemelo sehubeng. Ka Lwetse a le masome a mabedi le bobedi, sekete le makgolo a a ferangbobedi le masome a mabedi le bosupa, morago ga ke sena go ya jaaka tlwaelo kwa bokhutlong jwa ngwaga e nngwe kwa lefelong le di neng di beilwe mo go lone, morongwa ene yoo wa selegodimo a di nneela ka taolo e: gore ke tshwanetse go tsaya maikarabelo a tsone; gore fa ke ka di lesa tsa tswa mo go nna ka botlhaswa, kgotsa ka go di itlhokomolosa, ke tlaa kgaolwa; mme gore fa ke ka dirisa maiteko otlhe ame go di dibela, go fitlha ene, morongwa, a tla go di tsaya, di tlaa ba balelwa.

60 Ke ne ka tloga ka bona lebaka la gore ke ka ntlha ya eng ke amogetse ditaelo tse ditlhomameng go di babalela, le gore ke ka ntlha ya eng morongwa a rile fa ke dirile se se lopiwang mo seatleng sa me, o tlaa tla go di tsaya. Gonne fela fa go sena go itsege gore ke na le tsone, ga dirisiwa diteko tse di maatla thata go di tsaya mo go nna. Leano lengwe le lengwe le le neng le ka dirwa le ne la dirisediwa maikaelelo ao. Pogiso ya nna botlhoko le bogale go na le pele, mme matshwititshwiti a ne a le podimatseba ka gale go di tsaya mo go nna fa go kgonega. Mme ka botlhale jwa Modimo, tsa nna ka bapalesego mo diatleng tsa me, go fitlhelela ke sena go diragatsa ka tsone se se neng se lopiwa mo seatleng sa me. Fa, go ya ka dithulaganyo, morongwa a tlaa go di tsaya, Ke ne ka di mo neela; mme o di tshotse mo tlhokomelong ya gagwe go fitlhelela letsatsi le, le e leng letsatsi la bobedi la Motsheganong, sekete le makgolo a a ferangbobedi le masome a mararo le boferabobedi.

61 Le fa gontse jalo, matlhagatlhaga, a ne a ntse a tsweletse, le magatwe ka diteme tsa one tse di sekete a ne a dirisiwa nako yotlhe mo go anamiseng maaka ka lolwapa lwa ga rre, le ka nna. Fa ke ne ke ka bolela karolo ya sekete a one, a ka tlatsa dibuka. Pogiso, le fa gontse jalo, ya nna ee sa itshokelweng mo e leng gore ke ne ka tlhoka go tloga mo Manchester, mme ka fudugela le mosadi wa me ko kgaolong ya Susquehanna, mo Kgaolong ya Pennsylvania. Fa re ipaakanyetsa go simolola—re ne re humanegile thata le pogiso e le bokete jaana mo go rona mo e leng gore go ne go sena kgonagalo ya gore ka metlha go ka nna ka go sele—mo gare ga dipogisego tsa rona ka iponela tsala ya monna wa leina la Martin Harris, yo o neng a tla kwa go rona mme a re neela di dolara di le masome a matlhano go re thusa mo loetong lwa rona. Rre. Harris e ne e le monni wa torotswana ya Palmyra, kgaolo ya Wayne, mo Kgaolong sa New York, le molemi yo o tlotlegang.

62 Ka thuso e e tlileng ka nako e ke ne ka kgona go fitlha kwa lefelong le ke neng ke ya kwa go lone mo Pennsylvania; mme ka bonako morago ga go goroga ga me koo ka simolola go dira moriti wa ditlhaka go tswa mo dipapetlaneng. Ke ne ka dira moriti wa palo e e kgolo ya tsone, mme ka thuso ya Urime le Thumime ka ranola dingwe tsa tsone, tse ke di dirileng fa gare ga nako e ke gorogileng kwa ntlong ya ga rraagwe mosadi wa me, mo kgweding ya Sedimonthole, le Tlhakole o o latelang.

63 Nako nngwe mo kgweding e ya Tlhakole, Rre. Martin Harris yo o umakilweng pele a tla kwa lefelong la rona, a tsaya ditlhaka tse ke dirileng moriti wa tsone go tswa mo dipapetlaneng, mme a simolola go tsamaela ka tsone kwa toropong ya New York. Mabapi le se se mo diragaletseng le ditlhaka, Ke bua ka polelo ya gagwe ya diemo, jaaka a e mpoleletse morago ga go boa ga gagwe, e e ne e ntse jaaka go latela:

64 “Ke ne ka ya kwa toropong ya New York, mme ka supa ditlhaka tse di neng di ranotswe, le thanolo ya tsone, kwa go Professor Charles Anthon, monna yo o neng a tumile ka diphitlhelelo tsa gagwe mo go tsa bokwadi. Professor Anthon o ne a bolela gore thanolo e siame, bogolo thata go na le epe e a kileng a e bona pele e ranotswe go tswa mo Seegepetong. Ke ne ke gone ka mo supegetsa tseo tse di ne di ise di ranolwe, mme a re ke Seegepeto, Sekaladia, Seaseria, le Searabea; mme a re ke ditlhaka tsa boammaaruri. O ne a nneela setlankana, a rurifaletsa batho ba Palmyra gore ke ditlhaka tsa boammaaruri, le gore thanolo e e ntse jalo ya tsone jaaka e ne e ranotswe e ne le gone e siame. Ke ne ka tsaya setlankana mme ka se tsenya mo pateng ya me, mme ke ne fela ke tswa mo ntlong, fa Rre. Anthon a mpiletsa kwa morago, mme a mpotsa gore lekawana le bone jang gore go ne go na le dipapetlana tsa gauta mo lefelong le a di boneng mo go lone. Ka araba ka gore moengele wa Modimo o go mo senoletse.

65 “Ke gone a nthaya a re, ‘Tlaya ke bone setlankana seo.’ Ka fa tshwanelong ke ne ka se ntsha mo pateng ya me mme ka se mo neela, fa a se tsaya mme a se kgagolaka, a re ga gona selo se se ntseng jalo jaanong jaaka tirelo ya baengele, le gore fa ke ka tlisa dipapetlana kwa go ene o ka di ranola. Ke ne ka mmolelela gore bontlha bongwe jwa dipapetlana bo ne bo kannwe, le gore ke iditswe go tla ka tsone. A fetola a re, ‘Ga ke ka ke ka bala buka e e kannweng.’ Ke ne ka mo tlogela mme ka ya kwa go Dr. Mitchell, yoo tlhomamisitseng se Professor Anthon a se buileng mabapi le gotlhe ditlhaka le thanolo.”

· · · · · · ·

Oliver Cowdery o dira jaaka mokwadi mo go ranoleng Buka ya ga Momone—Joseph le Oliver ba amogela Boperesiti jwa ga Arone go tswa mo go Johane Mokolobetsi—Ba a kolobediwa, tlhomiwa, le go amogela Mowa wa perofeso. (Temana 66–75.)

66 Ka letsatsi la 5 la Moranang, 1829, Oliver Cowdery a tla kwa ntlong ya me, mme go fitlha ka nako eo ke ne ke ise ke mmone. O ne a mpolela gore fa a ne a ntse a ruta mo sekolong se se mo tikologong e rre a neng a nna mo go yone, mme ka rre e ne e le mongwe wa ba ba neng ba tsenya bana sekolong koo, o ne a ya go nna ka lobaka kwa ntlong ya gagwe, mme fa a le koo lolwapa lwa mmolela ka dieemo tsa go bo ke amogetse dipapetlana, mme ka fa tshwanelong one a tlile go botsa mo go nna.

67 Malatsi a mabedi morago ga go goroga ga ga Rre. Cowdery (e le di 7 tsa Moranang) ka simolola go ranola buka ya ga Momone, mme a simolola go nkwalela.

· · · · · · ·

68 Re ne ntse re tsweletse ka tiro ya thanolo, fa, mo kgweding e e latelang (Motsheganong, 1829), mo letsatsing lengwe ra ya kwa nageng go rapela le go botsa Morena mabapi le kolobetso ya boitshwarelo jwa dibe, e re e boneng e umakilwe mo thanolong ya dipapetlana, Fa re ne re tshwaraganye jaana, le go rapela le go bitsa Morena, morongwa go tswa kwa legodimong a fologa a le mo marung a lesedi, mme fa a sena go re baya diatla, a re tlhoma, a re:

69 Mo go lona batlhanka ka nna, mo leineng la Mesia, ke tlhoma Boperesiti jwa ga Arone, jo bo nang le dilotlele tsa tirelo ya baengele, le tsa efangele ya boikotlhao, le tsa kolobetso ka go nwetswa ya boitshwarelo jwa dibe; mme se ga se kitla se tsewa gape mo lefatsheng go fitlhelela barwa Lefi ba isetsa Morena gape tshupelo mo tshiamong.

70 O rile Boperesiti jo jwa ga Arone ga bona thata ya go baya diatla go naya neo ya Mowa o o Boitshepo, mme gore bo tlaa tlhomiwa mo go rona morago ga fa; mme a re laela gore re tsamaye mme re kolobediwe, mme a re neela ditaelo gore ke kolobetse Oliver Cowdery, mme gore morago ga foo a nkolobetse.

71 Ka fa tshwanelong re ne ra tsamaya mme ra kolobediwa. Ka mo kolobetsa pele mme morago a nkolobetsa—morago ga seo ka baya diatla tsa me mo tlhogong ya gagwe mme ka mo tlhoma mo Boperesiting jwa ga Arone, mme morago a baya diatla tsa gagwe mo go nna mme a ntlhoma mo Boperesiting jone joo—gonne jalo re ne re laotswe.*

72 Morongwa yoo re etetseng mo lobakeng lo mme a tlhoma Boperesiti jo mo go rona, o buile gore leina la gagwe ke Johane, ene yoo yo o bidiwang Johane wa Mokolobetsi mo Kgolaganong e Ntsha, le gore o dira ka fa tlase ga taelo ya ga Petere, Jakobe le Johane, ba ba tshegeditseng dilotlele tsa Boperesiti jwa ga Melekiseteke, Boperesiti jo, a rileng, bo tlaa tlhomiwa mo go rona ka nako e e tshwanetseng, le gore ke tlaa bidiwa Mogolwane wa ntlha wa Kereke, mme ene (Oliver Cowdery) wa bobedi. Ene e le mo letsatsing la lesome le botlhano la Motsheganong, 1829, gore re ne ra tlhomiwa ka fa tlase ga seatla sa morongwa yo, le go kolobediwa.

73 Ka bonako fa re tlhatloga re tswa mo metsing fa re sena go kolobediwa, ra itemogela ditshegofatso tse dikgolo le tse di gakgamatsang go tswa kwa go Rara wa Legodimo wa rona. Fela fa ke sena go kolobetsa Oliver Cowdery, Mowa o o Boitshepo wa fologela mo go ene, mme a emelela le go perofesa dilo tse dintsi tse di tlaa diragalang ka bokhutshwane. Mme gape, ya re a sena go nkolobetsa, le nna ka nna le Mowa wa perofeso, fa, ke emelela, Ka perofesa mabapi le go tsoga ga Kereke e, le dilo tse dingwe tse dintsi tse di amanang le Kereke, le tshika e ya bana ba batho. Re ne re tletse ka Mowa o o Boitshepo, mme ra ipela mo Modimong wa poloko ya rona.

74 Ditlhaloganyo tsa rona jaanong di sedifaditswe, ra simolola go senogelwa ke dikwalo tse di boitshepo, le bokao jwa boammaaruri le maikaelelo a bontlha jwa mekwalo ya tsone e e gakgamatsang thata e re e senoletsweng ka mokgwa o re ka bong re sa o amogela go le pele, le fa e le go o akanya gotlhelele pele. Kgabagare re ne ra patelesega go loba dieemo tsa gore re amogetse Boperesiti le gore re kolobeditswe, ka ntlha ya mowa wa pogiso o o neng o setse o itshupile mo tikologong.

75 Re ne re tshosediwa ke go tlhaselwa ke matshutitshuti a batho, nako le nako, mme se, le sone, ka baipoledi ba tumelo. mme maikaeleo a bone a go re tlhasela a ne a kgorelediwa fela ke tlhotlheletso ya ba lolwapa la ga rraagwe mosadi wa me (ka fa tlase ga tlamelo ya Semodimo), ba baneng ba itsalanya thata le nna, mme ba ba neng ba le kgatlhanong le matshwititshwiti a batho, mme ba rata gore ke letlelelwe go tsweledisa tiro ya thanolo go sena sekgaupetse; mme ke gone ka moo ba re neela le go re solofetsa tshireletso mo ditiragalo tsotlhe tse di seng ka fa molaong, ka fa ba ka kgonang.

  • Oliver Cowdery o tlhalosa ditiragalo tse jaana: “A e ne e le malatsi a a sa kakeng a tlhola a lebalwa—go nna ka fa tlase ga lentswe le le laolwang ke tlhotlheletso ya legodimo, go ne go tsosa boipelo jo bogolo jwa maikutlo a! Letsatsi morago ga letsatsi ka tswelela, ke sa kgorelediwe, go kwala go tswa mo molomong wa gagwe, jaaka a ne a ranola ka Urime le Thumime, kgotsa, jaaka Banefi ba ka bo ba buile, ‘Diranodi,’ ditso kgotsa tshupo e e bidiwang ‘Buka ya ga Momone.’

    “Go umaka, le e leng ka mafoko a se kae, polelo e e kgatlhisang e e neetswe ke Momone le morwae yo o boikanyego, Moroni, ya batho ba ba kileng baratwa le go tlhogonolofadiwa ke legodimo, go ka feta maikaelelo ame jaanong; Ke gone ka moo ke tlaa sutisetsa se mo lobakeng lo lo tla tlang, mme, jaaka ke buile mo ketapeleng, ke tlaa tswelela go kwala ka tlhamalalo ka ditiragalo dingwe di se kae tse di amanang thata le go tsoga ga Kereke e, tseo di ka kgatlhang dikete dingwe tse di gatetseng kwa pele, mo gare ga difatlhogo tse di sosobaganyeng tsa botlhogonkope le dikgobololo tsa baitimokanyi, mme tsa amogela Efangele ya ga Keresete.

    “ Ga go batho bape, mo tlhalonganyong ya bone e e itekanetseng, ba ba ka ranolang le go kwala ditaelo tse di neetsweng Banefi go tswa mo molomong wa Mmoloki, tsa mokgwa o o tlhomameng o motho a ka agang Kereke ya Gagwe, mme bogolo thata fa bosinyi bo ne bo anamisitse dipelaelo mo dithulaganyong le ditsamaiso tse di dirisiwang mo gare ga batho, kwa ntle ga go batla tshiamelo ya go supa go rata ga pelo ka go fitlhwa mo lebitleng la metsi, go araba ‘segakolodi se se molemo ka tsogo ya ga Jeso Keresete.’

    “Fa re sena go kwala polelo e e neetsweng ya tirelo ya Mmoloki mo masaleleng a peo ya ga Jakobe, mo kontinenteng e, gone go le motlhofo go bonwa, jaaka moperofeti a buile gore go tlaa nna, gore lefifi le ne la bipa lefatshe le lefifi le lentshontsho le ne la bipa ditlhaloganyo tsa batho. Mo go akanyeng gape gone go le motlhofo go bonwa gore mo gare ga dikganetsano tse dikgolo le modumo mabapi le tumelo, ope o ne a sena taolo go tswa kwa Modimong go direla mo ditaong tsa Efangele. Gonne potso e ka botswa, a batho ba na le taolo go direla mo leineng la ga Keresete, ba ba latolang ditshenolo, fa bopaki jwa Gagwe bo se kwa tlase ga mowa wa perofeso, mme tumelo ya Gagwe e ikaegile, agilwe, le go kokotlelwa ke ditshenolo tse a di boneng ka tlhamalalo, mo metlheng yotlhe ya lefatshe fa a ne a na le batho mo lefatsheng? Fa boammaaruri jo bo fitlhilwe, le go fitlhiwa ka kelotlhoko ke batho ba boferefere jwa bone bo ka bong bo ne bo le mo diphatseng fa bo ne bo kile jwa letlelelwa go phatsima mo difatlhogong tsa batho, bo ne bo sa tlhole bo re fitlhegetse; mme re ne re lebeletse fela go neelwa taelo ‘Nanogang lo kolobediwe.’

    “Se se ne se se lobaka se batlilwe pele ga se diragadiwa. Morena, yoo tletseng kutlwelobotlhoko mme ka gale a rata go araba thapelo e e tlhomameng ya baikokobetsi, morago ga re sena go mmitsa ka tlhwaafalo, kgakajana le bonno jwa batho, a ikokobetsa go bonatsha thato ya gagwe mo go rona. Ka ponyo ya leitlho, jaaka e kete go tswa mo gare ga bosakhutleng, lentswe la Morekolodi la bua kagiso mo go rona, fa sesiro se bulwa mme moengele wa Modimo a fologa a apesitswe ka kgalalelo, mme a neela molaetsa o o lebeletsweng ka tlhologelelo, le dilotlele tsa Efangele ya boikotlhao. A boitumelo! A kgakgamatso! A kgakgamalo! Fa lefatshe le ne le tshwenyegile e bile le etsaetsega—fa di dikadike di ne di anapa jaaka sefofu se anapa lebotana, le fa batho botlhe ba ikantse dipelaelo, jaaka batho botlhe, matlho a rona a bona, ditsebe tsa rona tsa utlwa, jaaka ‘mo motshegareng’; ee, thata—go feta go galalela ga lerang la letsatsi la Motsheganong, le ke gone le neng la ntshetsa phatsimo ya lone mo sefatlhogong sa tlholego! Ke gone lentswe la gagwe, le ntswa le le bori, la tlhaba mo legareng, le mafoko a gagwe, ‘Ke motlhanka ka lona,’ la nyeletsa poifo yotlhe. Ra reetsa, ra leba, ra kgatlhega! ‘E ne e le lentswe la moengele go tswa kwa kgalalelong, e ne e le molaetsa go tswa kwa go Mogodimogodimo! Mme fa re utlwa ra ipela, fa lorato lwa Gagwe le tukisiwa mo meweng ya rona, mme re ne re apesitswe ke ponatshegelo ya Mothatayotlhe! Lobaka lwa kakabalo lo ne lo le kae? Gope, pelaelo e ne e tshabile, kakabalo e ne e nwetse e sa tlhole e ka bonala ka gope, fa maaka le tsietso di ne di tshabetse ruri!

    “Mme, mokaulengwe yo o rategang, akanya, akanya gape ka sebakanyana, boitumelo jo bo neng jwa tlala ka dipelo tsa rona, le kgakgamalo e re tshwanetseng re neng ra obama ka yone, (gonne ke mang yoo ka bong a sa khubamela tshegofatso e e ntseng jalo?) fa re amogela ka fa tlase ga seatla sa gagwe Boperesiti jo bo Boitshepo jaaka a ne a re, ‘Mo go lona batlhanka ka nna, mo leineng la Mesia, ke tlhoma Boperesiti jo le taolo e, tse di tlaa nna mo lefatsheng, gore Barwa Lefi ba santse ba ka isetsa Morena tshupelo mo tshiamong!’

    “Ga ke ka ke ka leka go le tlhalosetsa maikutlo a pelo e, le fa e le bontle jo bo tlotlometseng le kgalalelo e e neng e re dikologileng mo lobakeng lo; mme lo tlaa ntumela fa Ke re, lefatshe, le fa e le batho, ka bokgabane jo bo dirwang ka nako, ga ba kake ba apesa puo ka mokgwa o o ka kgatlhisang le o ka rotloetsang jaaka motho yo o boitshepo yo. Nnyaa; lefatshe le ga le na le fa e le thata go neela boitumelo, go neela kagiso, kgotsa go tlhaloganya botlhale jo bo neng bo le mo seeleng sengwe le sengwe jaaka se ne se neelwa ka thata ya Mowa o o Boitshepo! Motho a ka tsietsa bangwe ka ene, tsietso e ka sala morago tsietso, mme bana ba moikepi ba ka nna le thata go raela seeleele le yoo sa rutegang, go fitlhelela sepe fa e se maaka a tsengwa mo bontsing, mme leungo la maaka le isa ka motswedi wa lone ba ba dimokanang kwa lebitleng; mme kamano e le nngwe le monwana wa lorato lwa gagwe, ee, lerang le lengwe la kgalalelo go tswa kwa lefatsheng le le kwa godimo, kgotsa lefoko le le lengwe go tswa mo molomong wa Mmoloki, go tswa mo sehubeng sa bosakhutleng, di di tlhokisa tsotlhe go nna botlhokwa, mme di di phimola ka bosenang bokhutlo mo tlhaloganyong. Tshepiso ya gore re ne re le mo ponalong ya moengele, nnetefatso ya gore re utlwile lentswe la ga Jeso, le boammaaruri jo bo sa leswefadiwang jaaka bo ne bo pumpunyega mo mothong yo o itshekileng, bo bolelelwa ka thato ya Modimo, mo go nna go feta tlhaloso, mme ka metlha ke tlaa a leba tebego ya bomolemo jwa Mmoloki ka kgakgamalo le malebogo fa ke letlelelwa go nna; mme mo mannong ao kwa tshiamo e nnang gone mme sebe se sa tle ka gope, ke solofela go mo obamela mo letsatsing leo le le sakhutleng ka gope.”—Messenger and Advocate, vol. 1 (Phalane 1834), pp. 14–16.