Scriptures
Joseph Smith—Mathaio 1


Joseph Smith—Mathaio

Kinolo mo thanolong ya Baebele jaaka e senoletswe Moperofeti Joseph Smith ka 1831: Mathaio 23:39 le kgaolo 24.

Kgaolo 1

Jeso o bolela pele ka tshenyego e e gomagometsang Jerusalema—Le gone o bua ka ga Go tla ga Bobedi ga Morwa Motho, le tshenyego ya baikepi.

1 Gonne ke a lo raya, ga lo kitla lo mpona go tswa fa mme lo itse gore ke ene yo go kwadilweng ka ene ke baperofeti, go fitlhelela lo tlaa re: a go bakwe ene yo o tlang mo leineng la Morena, mo marung a legodimo, le baengele botlhe ba ba boitshepo ba na le ene. Ke gone ba barutwana ba gagwe ba tlhaloganya gore o tshwanetse go tla gape mo lefatsheng, morago fa a sena go galalediwa le go rweswa korone mo seatleng sa moja sa Modimo.

2 Mme Jeso a itsamaela, mme a tswa mo tempeleng; mme barutwana ba gagwe ba tla kwa go ene, go mo utlwa, ba re: Mong wa rona, re supetse mabapi le dikago tsa tempele, jaaka o buile—Di tlaa digiwa, mme lwa di tlogelelwa di le matlotla.

3 Mme Jeso a ba raya a re: A ga lo bone dilo tsotlhe tse, mme a ga lo di tlhaloganye? Ammaaruri ke a lo raya, ga go kitla go tlogelwa fa, mo tempeleng e, lentswe lepe le tlhatlhaganye le le lengwe le le se kitlang le digiwa.

4 Mme Jeso a ba tlogela, mme a ya mo Thabeng ya Motlhware. Mme fa a ne a ntse mo Thabeng ya Motlhware, barutwana ba gagwe ba tla kwa go ene kwa thoko, ba re: Re bolele gore dilo tse di tlaa nna leng tse o di buileng mabapi le tshenyego ya tempele, le Bajuta; me sesupo e tla nna eng sa go tla ga gago, le sa bokhutlo jwa lefatshe, kgotsa tshenyego ya baikepi, se e leng bokhutlo jwa lefatshe?

5 Mme Jeso a fetola, mme a ba raya a re: Tlhokomelang gore motho ope ga a lo timetse;

6 Gonne ba le bantsi ba tlaa tla mo leineng la me, ba re—Ke Keresete—mme ba tlaa timetsa ba le bantsi;

7 Ke gone ba tlaa lo tsenya mo pogisegong, mme ba tlaa lo bolaya, mme lo tlaa ilwa ke ditšhaba tsotlhe, ka ntlha ya leina la me;

8 Mme ke gone ba le bantsi ba tlaa kgopisega, mme ba tlaa okana, mme ba tlaa ilana;

9 Mme baperofeti ba bantsi ba e seng bone ba tlaa nna teng, mme ba tlaa timetsa ba le bantsi;

10 Mme ka ntlha ya gore boikepo bo tlaa ntsifala, lorato lwa ba le bantsi lo tlaa nyelela;

11 Mme yo o nna a tlhomame mme a sa fenngwe, ene yoo o tlaa bolokwa.

12 Ke gone ka moo, e tlaa re lo bona se se makgapha a a swafatsang, a a boletsweng ke moperofeti Daniele, mabapi le tshenyego ya Jerusalema, ke gone lo tlaa ema mo lefelong le le boitshepo; a yo o balang a tlhaloganye.

13 Ke gone a ba ba mo Judia ba tshabele kwa dithabeng;

14 A yo o mo godimo ga ntlo a tshabe, mme a se boele go tsaya sepe mo ntlong ya gagwe;

15 Le fa e le go letlelela ene yo o mo masimong go boela morago go tsaya diaparo tsa gagwe;

16 Mme bohutsana mo go bone ba ba imileng, le ba ba amusang mo malatsing ao;

17 Ke gone ka moo, rapelang Morena gore go tshaba ga lona go seka ga nna ka mariga, le fa e le ka letsatsing la Sabata;

18 Gonne ka nako eo, mo malatsing ao, go tlaa nna pitlagano e kgolo mo Bajuteng, le mo banning ba Jerusalema, e e iseng e ke e romelwe pele mo Iseraele, ke Modimo, e sale ka tshimologo ya bogosi jwa bone go fitlhelela nako e; nnyaa, le fa e le go tlhola e romelwa gape mo Iseraele.

19 Dilo tsotlhe tse di ba wetseng ke tshimologo fela ya mahutsana a a tlaa tlang mo go bone.

20 Mme fa e se malatsi ao a ka khutshwafadiwa, go ka se nne le motho ope wa bone yo o bolokwang; mme ka ntlha ya baitshenkedwi, go ya ka kgolagano, malatsi ao a tlaa khutshwafadiwa.

21 Bonang, dilo tse ke di le boleletse mabapi le Bajuta; mme gape, morago ga pitlagano ya malatsi ao e e tlaa tlang mo Jerusalema, fa motho mongwe a lo raya a re, Bonang, Keresete ke yo, kgotsa ke yole, lo se ka lwa mo dumela;

22 Gonne mo malatsing ao go tlaa tsoga le gone Bokeresete ba e seng bone, le baperofeti ba e seng bone, e bile ba tlaa supa ditshupo tse di kgolo le dikgakgamatso, ga ba ga tla, gore, fa go sa retele, ba timetse le e leng baitshenkedwi, ba e leng baitshenkedwi go ya ka kgolagano.

23 Bonang, ke bua dilo tse le lona ka ntlha ya baitshenkedwi; mme le gone lo tlaa utlwa ka dintwa, le medumo ya dintwa; bonang gore ga lo tshwenyege, gonne tsotlhe tse ke lo di boleletseng di tshwanetse go diragala; mme bokhutlo ga bo ise bo nne.

24 Bonang, ke lo boleletse go sa le pele;

25 Ke gone, fa ba ka lo raya ba re: Bonang, o mo sekakeng; lo se ka lwa ya: Bonang, o mo matlwaneng a a kwa teng; lo seka lwa dumela;

26 Gonne jaaka lesedi la moso le tlhaba kwa botlhabatsatsi, mme lo phatsime le kwa bophirimatsatsi, mme lo bipe lefatshe lotlhe, go tla ga Morwa Motho go tlaa nna jalo.

27 Mme jaanong ke lo supegetsa seshwantsho. Bonang, gongwe le gongwe kwa setoto se teng, manong a tlaa phuthegelateng; fela jalo baitshenkedwi ba me ba tlaa phuthiwa go tswa mo dikhutlong tse nne tsa lefatshe.

28 Mme ba tlaa utlwalela dintwa, le medumo ya dintwa.

29 Bonang ke bua ka ntlha ya baitshenkedwi ba me; gonne tšhaba e tlaa tsogologela tšhaba, le bogosi botsogologele bogosi; go tlaa nna le mauba, le dikgogodi, le dithoromo tsa lefatshe, mo mafelong mangwe le mangwe.

30 Mme gape, gonne boikepo bo tlaa ntsifala, lorato lwa batho lo tlaa nyelela; mme ene yo o tlaa se kitlang a fenngwa, ene yoo o tlaa bolokwa.

31 Mme gape, Efangele e ya Bogosi e tlaa rerwa mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo ditšhabeng tsotlhe, mme ke gone bokhutlo bo tlaa tla, kgotsa tshenyego ya baikepi;

32 Mme gape makgapha a a swafatsang, a a boletsweng ke moperofeti Daniele, a tlaa diragadiwa.

33 Mme ka bonako morago ga pitlagano ya malatsi ao, letsatsi le tlaa fifala, mme ngwedi ga a kitla a ntsha lesedi la gagwe, mme dinaledi di tlaa wa kwa legodimong, mme dithata tsa legodimo di tlaa reketlesiwa.

34 Ammaaruri, ke a lo raya, tshika e, e dilo tse di tlaa supiwang mo go yone, ga e kitla e feta go fitlhelela tsotlhe tse ke di lo boleletseng di diragadiwa.

35 Le ntswa, malatsi a tlaa tla, ao legodimo le le lefatshe di tlaa fetang; le fa gontse jalo mafoko ame ga a kitla a feta, mme otlhe a tla diragadiwa.

36 Mme, jaaka ke buile pele, morago ga pitlagano ya malatsi ao, le dithata tsa magodimo di reketlisiwa, ke gone go tlaa bonala sesupo sa Morwa Motho mo legodimong, mme ke gone merafe yotlhe ya lefatshe e tlaa hutsafala; mme ba tlaa bona Morwa Motho a tla mo marung a legodimo, ka thata le kgalalelo e kgolo;

37 Mme le fa e le mang yo o bolokang lefoko la me, ga a kitla a timela, gonne Morwa Motho o tlaa tla, mme o tlaa roma baengele ba gagwe pele ga gagwe ka modumo o mogolo wa porompeta, mme ba tlaa phutha masalela a baitshenkedwi ba gagwe mo diphefong tse nne, go tswa sekhutlong se sengwe sa legodimo go ya kwa go se sengwe.

38 Jaanong ithuteng setshwantsho sa setlhare sa mofeige—Fa dikala tsa sone di santse di le nana, mme di kukunya matlhare, lo a itse gore selemo se gaufi;

39 Fela jalo, baitshenkedwi ba me, fa ba bona dilo tsotlhe tse, ba tlaa itse gore o gaufi, le e leng fa mejakong;

40 Mme ka ga letsatsi leo, le oura, ga go itse ope; nnyaa, le e seng baengele ba Modimo mo legodimong, fa e se Rara fela.

41 Mme jaaka go ne go ntse mo malatsing a ga Noa, go tlaa nna jalo le gone ka go tla ga Morwa Motho;

42 Gonne go tlaa nna jalo le ka bone, jaaka gone go ntse mo malatsing ao pele ga morwalela; gonne go fitlhelela letsatsi leo Noa a tsenyeng mo arakeng ka lone ba ne ba a ja le go nwa, ba nyala le go neelwa mo nyalong;

43 Mme ba sa itse go fitlhelela morwalela o tla, mme wa ba tlosa botlhe; go tla ga Morwa Motho le gone go tlaa nna fela jalo.

44 Ke gone go tlaa diragadiwa seo se se kwadilweng, gore mo malatsing a bofelo, ba le babedi ba tlaa bo ba le mo nageng, a le mongwe o tlaa tsewa, mme yo mongwe a tlogelwe;

45 Ba babedi ba tlaa bo ba sila kwa tshilong, a le mongwe o tlaa tsewa, mme yo mongwe a tlogelwe;

46 Mme se ke se rayang a le mongwe, ke se raya batho botlhe; ke gone ka mo, disang, gonne ga lo itse oura eo Morena wa lona a tlaa tlang ka yone.

47 Mme itseng se, fa monna yo siameng wa ntlo a ka bo a itsile tebelo e ka yone legodu le tlaa tlang, o ka bo a lebeletse, mme o ka bo a se ka a leseletsa ntlo ya gagwe ya thubiwa, mme o ka bo a ne a ipaakantse.

48 Ke gone ka moo le lona nnang lo iketleeditse, gonne mo oureng e lo sa mo solofelang, Morwa Motho o tlaa tla.

49 Ke gone, ke mang, motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, yo morena wa gagwe a mo tlhomileng go laola ntlo ya gagwe, go ba neela dijo ka paka e e tshwanetseng?

50 Go sego motlhanka yoo morena wa gagwe, fa a tla, a tlaa mo fitlhelang a dira jalo; mme ammaaruri ke a lo raya, o tlaa mo tlhoma molaodi wa dithoto tsotlhe tsa gagwe.

51 Mme fa motlhanka yo o bosula yoo a tlaa ithaya mo pelong ya gagwe a re; Morena wa me o diega go tla,

52 Mme a simolole go itaya batlhanka ka ene, le go ja le go nwa le matagwa,

53 Morena wa motlhanka yoo o tlaa tla mo letsatsing le a sa mo lebelelang ka lone, le mo oureng e a sa e itseng,

54 Mme o tlaa mo phatloganya, mme o tlaa mo laolela bonno jwa gagwe le baitimokanyi; go tlaa nna selelo le phuranyo ya meno.

55 Mme jaana go tla bokhutlo jwa baikepi, go ya ka perofeso ya ga Moše, a re: Ba tlaa kgaolwa mo gare ga batho; mme bokhutlo jwa lefatshe ga bo ise bo nne, mme ka bonya ka bonya.