Scriptures
Aberahame 2


Kgaolo 2

Aberahame o tloga mo Ura go ya ko Kanana—Jehofa a iponatsa mo go ene kwa Harane—Ditshegofatso tsotlhe tsa efangele di solofetswa peo ya gagwe mme ka peo ya gagwe go botlhe—O ya kwa Kanana le kwa Egepeto.

1 Jaanong Morena Modimo a dira gore leuba le nne botlhoko mo lefatsheng la Ura, ga ba ga tla gore Harane, morwarre, a swe; mme Tera, rre, o ne a santse a nna mo lefatsheng la Ura, wa Bakalatese.

2 Mme ga diragala gore Nna, Aberahame, ke tseye Sarai go nna mosadi wa me, mme Nahore, morwarre, a tsaya Mileka go nna mosadi wa gagwe, yo e neng e le morwadie Harane.

3 Jaanong Morena a nthaya a re: Aberahame, tloga o tswe mo lefatsheng la ga eno, le mo losikeng lwa gago, le mo ntlong ya ga rraago, go ya kwa lefatsheng le ke tlaa le go supegetsang.

4 Ke gone ka moo ka tloga mo lefatshe la Ura, wa Bakalatese, go tsena mo lefatsheng la Kanana; mme ka tsaya Lote, morwae morwarre, le mosadi wa gagwe, le Sarai mosadi wa me, mme le ene rre a ntshala morago, kwa lefatsheng le re le biditseng Harane.

5 Mme leuba la fokotsega; mme rre a dika mo Harane mme a nna koo, jaaka gone go na le letsomane le le ntsi mo Harane; mme rre a boela gape mo medimong ya disetwa, ke gone ka moo a tswelela mo Harane.

6 Mme Nna, Aberahame, le Lote, morwae morwarre, ra rapela Morena, mme Morena a bonala mo go nna, mme a nthaya a re: Nanoga, mme o tseye Lote; gonne ke ikaeletse go go tlosa mo Harane, le go go dira modiredi gore o tshegetse leina la me mo lefatsheng le sele le ke tlaa le neelang peo ya gago morago ga gago go le rua ka bo sa khutleng, fa ba reetsa lentswe la me.

7 Gonne Ke Nna Morena Modimo wa gago; Ke nna mo legodimong; lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me; Ke otlolola seatla sa me mo godimo ga lewatle, mme le obamela lentswe la me; Ke dira diphefo le molelo go nna kara ya me; ke raya dithaba ke re—Tlogang lo ye koo—mme bonang, di tloswa ke sefefo, ka bonako, ka tshoganetso.

8 Leina la me ke Jehofa, mme ke itse bokhutlo mo tshimologong; ke gone ka moo seatla sa me se tlaa go sireletsa.

9 Mme ke tlaa dira tshaba e kgolo ka wena, mme ke tlaa go segofatsa go feta selekanyo, le go dira leina la gago go nna legolo mo gare ga ditšhaba tsotlhe, mme o tlaa a nna tshegofatso mo peong ya gago morago ga gago, gore mo diatleng tsa bone ba tshegetse tirelo e le Boperesiti mo ditšhabeng tsotlhe;

10 Mme ke tlaa ba segofatsa ka leina la gago; gonne bontsi jo ba tlaa amogela Efangele e bo tlaa bidiwa ka leina la gago, mme ba tlaa kaiwa peo ya gago, mme ba tlaa nanoga mme ba go segofatse, jaaka rraabone;

11 Mme ke tlaa segofatsa bone ba ba go segofatsang, le go hutsa bone ba ba go hutsang; mme mo go wena (ke gore, mo Boperesiting jwa gago) le mo peong ya gago (ke gore, Boperesiti jwa gago), gonne ke go neela tsholofetso gore tshwanelo e e tlaa tswelela mo go wena, le mo peong ya gago morago gago (ke gore, peo ya gago tota, kgotsa peo ya mmele wa gago) malwapa otlhe a lefatshe a tlaa segofala, le e leng ka ditshegofatso tsa Efangele, tse e leng ditshegofatso tsa poloko, le e leng tsa botshelo jo bo sa khutleng.

12 Jaanong, ga Morena a sena go lesa go bua le nna, le go ntsha sefatlhogo sa gagwe mo go nna, ke ne ka re mo pelong ya me: Motlhanka wa gago o go batlile ka tlhwaafalo; jaanong ke go bone;

13 O ne wa romela moengele go nkgolola mo medimong ya ga Elekena, mme ke tlaa dira sentle go reetsa lentswe la gago, ke gone ka moo a motlhanka wa gago a nanoge mme a tsamaye ka kagiso.

14 Jalo Nna, Aberahame, ka tloga jaaka Morena a mpoleletse, Lote a na le nna; mme Nna, Aberahame, ke ne ke le dingwaga di le masome a marataro le bobedi fa ke tloga mo Harane.

15 Mme ka tsaya Sarai, yo ke monyetseng fa ke ne ke le kwa Ura, mo Kalatea, le Lote, morwae morwarre, le thoto yotlhe ya rona e re neng re e phuthile, le batho ba re ba boneng mo Harane, mme ra tswela motseleng e e yang kwa lefatsheng la Kanana, mme ra nna mo ditanteng jaaka re tla mo tseleng ya rona;

16 Ke gone ka moo, bosakhutleng e ne e le boitshubelo jwa rona le lefika la rona la poloko ya rona, jaaka re tsamaya go tswa Harane ka tsela ya Jereshone, go tla mo lefatsheng la Kanana.

17 Jannong Nna, Aberahame, ka a ga aletara mo lefatsheng la Jereshone, mme ka direla Morena tshupelo, mme ka rapela gore leuba le tlosiwe mo ntlong ya ga rre, gore ba ka se ka ba nyelela.

18 Mme ke gone ra ralala lefatshe la Jereshone go ralala go ya kwa lefatsheng la Sekeme; le ne le le mo mabaleng a More, mme re ne re setse re gorogile mo melelwaneng ya lefatshe la Bakanana, mme ka isa setlhabelo koo mo mabaleng a More, mme ka bitsa Morena ka tlhwaafalo, ka ntlha ya gore re ne re setse re gorogile mo lefatsheng la tšhaba e e e obamelang medimo ya disetwa.

19 Mme Morena a bonala mo go nna mo karabong ya dithapelo tsa me, mme a nthaya a re: Ke tlaa neela peo ya gago lefatshe le.

20 Mme Nna, Aberahame, ka emelela mo lefelong la aletara e ke e neng ke e agetse Morena, mme ka fuduga foo go ya kwa thabeng e e ka fa botlhabatsatsi jwa Bethele, mme ka tlhoma tante ya me koo, Bethele a le ka fa bophirimatsatsi, mme Hai a le ka fa botlhabatsatsi; mme koo ka agela Morena aletara e nngwe, mme gape ka bitsa leina la Morena.

21 Mme Nna, Aberahame, ka eta, ke ntse ke tsamaela kwa borwa; mme koo go ne go na le tswelelo ya leuba mo lefatsheng; mme Nna, Aberahame, ka swetsa mogopolo go fologela kwa Egepeto, go nna koo, gonne leuba le ne la nna botlhoko thata.

22 Mme ga diragala fa ke le gaufi le go tsena mo Egepeto, Morena a nthaya a re: Bona, Sarai, mosadi wa gago, ke mosadi yo montle thata go lejwa;

23 Ke gone ka moo go tlaa diragala, e tlaa re Baegepeto ba mmona, ba re—Ke mosadi wa gagwe; mme ba tlaa go bolaya, mme ba tlaa boloka botshelo jwa gagwe; ke gone ka moo bonang gore lo dira ka mokgwa o:

24 A a reye Baegepeto a re, ke kgaitsadio, mme mowa wa gago o tlaa tshela.

25 Mme ga diragala gore Nna, Aberahame, ke bolele Sarai, mosadi wa me, tsotlhe tse Morena a di mpoleletseng—Ke gone ka moo ba reye o re, ke a go rapela, o kgaitsadiake, gore go tle go nne molemo mo go nna ka ntlha ya gago, mme mowa wa me o tlaa tshela ka ntlha ya gago.