Scriptures
Fekese 1


Fekese go tswa mo Bukeng ya ga Aberahame

Nomore. 1

Setshwantsho
Fekese 1

Tlhaloso

Setshwantsho. 1. Moengele wa Morena

Setshwantsho. 2. Aberahame a bofeletswe mo aletareng.

Setshwantsho. 3. Moperesiti yo o obamelang medimo ya disetwa ya ga Elekena a leka go isa Aberahame jaaka setlhabelo.

Setshwantsho. 4. Aletara ya setlhabelo ka baperesiti ba ba obamelang medimo ya disetwa, e eme fa pele ga medimo ya ga Elekena, Libena, Mahamakara, Korashe, le Faro.

Setshwantsho. 5. Medimo ya disetwa ya ga Elekena.

Setshwantsho. 6. Medimo ya disetwa ya ga Libena.

Setshwantsho. 7. Medimo ya disetwa ya ga Mahamakara.

Setshwantsho. 8. Medimo ya disetwa ya ga Korashe.

Setshwantsho. 9. Medimo ya disetwa ya ga Faro.

Setshwantsho. 10. Aberahame mo Egepeto.

Setshwantsho. 11. Se diretswe go supa dipilara tsa legodimo, jaaka di tlhalogangwa ke Baegepeto.

Setshwantsho. 12. Raukeeyang, e kaya lohalahala, kgotsa phutologo mo godimo ga ditlhogo tsa rona; mme mo seemong se, mabapi le setlhogo se, baegepeto ba ikaeletse gore e kaye Shaumau, go nna kwa godimo, kgotsa magodimo, go arabela lefoko la Bahebera, Shaumaheemo.