Scriptures
Fekese 2


Fekese go tswa mo Bukeng ya ga Aberahame

Nomore. 2

Setshwantsho
Fekese 2

Tlhaloso

Setshwantsho. 1. Kolobo, e kaya tlholego ya ntlha, gautshwane le selesetiale, kgotsa bonno jwa Modimo. Ya ntlha mo taolong, ya bofelo mabapi le selekanyo sa nako. Selekanyo go ya ka nako ya selesetiale, nako ya selesetiale e e lekanyang letsatsi le le lengwe le boleele jwa letsogo. Letsatsi le le lengwe mo Kolobo le lekana le dingwaga di le sekete go ya ka selekanyo sa lefatshe le, le Baegepeto ba le bitsang Jah-oh-e.

Setshwantsho. 2. E eme go bapa le Kolobo, e Baegepeto ba e bitsang Olibilishe, e e leng e e latelang e kgolo mo go laoleng tlholego gaufi le selesetiale kgotsa lefelo le Modimo a nna kwa go lone; e na le selotlele sa thata le yone, mabapi le dipolanete tse dingwe; jaaka go senotswe ke Modimo mo go Aberahame, fa a ne a isa setlhabelo mo aletareng, e a e agetseng Morena.

Setshwantsho. 3. E dirilwe go supa Modimo, a ntse mo setilong sa gagwe sa bogosi, a apesitswe ke thata le taolo; ka serwalo sa lesedi la bosakhutleng mo tlhogong ya gagwe; e supa le gone Mafoko-a selotlele a Boperesiti jo bo Boitshepo, jaaka a senoletswe Atamo mo Tshimong ya Etene, jaaka le gone go Sethe, Noa, Melekiseteke, Aberahame, le botlhe ba Boperesiti bo neng jwa senolwa mo go bone.

Setshwantsho. 4. E tshwana le lefoko la Sehebera Raukeeyang, le le kayang lohalahala, kgotsa phutologo ya magodimo; le sone sekao sa nomore, mo Seegepetong se kaya sekete; se supa selekanyo sa nako ya Olibishe, e e lekanang le Kolobo mo go dikologeng ga yone le mo go lekanyeng nako.

Setshwantsho. 5. Ka Seegepeto e bidiwa Enishe-go-one-toshe; e ke nngwe ya dipolanete tse di laolang le yone, mme Baegepeto ba e boletse gore ke Letsatsi, le gore e adima lesedi la yone mo Kolobo ka tiriso ya Kae-e-fanerashe, se e leng Selotlolo se segolo, kgotsa, ka mafoko a mangwe, thata e e laolang, e e laolang dipolanete tse dingwe di le lesome le botlhano tse di tlhomameng kgotsa dinaledi, jaaka le gone Foloese kgotsa Ngwedi, Lefatshe le Letsatsi mo ditikologong tsa tsone tsa ngwaga. Polanete e e amogela thata ya yone ka tiriso ya Keli-folose-is-ese, kgotsa Haho-ko-ka-beame, dinaledi di supiwa ka dinomore 22 le 23, di amogela lesedi go tswa mo ditikologong tsa Kolobo.

Setshwantsho. 6. Se supa lefatshe le mo dikhutlong tsa lone tse nne.

Setshwantsho. 7. Se supa Modimo a ntse mo setilong sa gagwe sa bogosi, a senola ka magodimo Mafoko-a selotlele a Boperesiti; jaaka, le gone, sesupo sa Mowa o o Boitshepo mo go Aberahame, mo se setshwanong sa lephoi.

Setshwantsho. 8. E na le mekwalo e e sa kakeng ya senolelwa lefatshe; mme e tshwanetse go amogelwa mo Tempeleng e e Boitshepo ya Modimo.

Setshwantsho. 9. Ga e a tshwanela go senolwa mo nakong e.

Setshwantsho. 10. Le yone.

Setshwantsho. 11. Le yone. Fa lefatshe le ka bona dipalo tse, a go nne jalo. Amene.

Ditshwantsho 12, 13, 14, 15, 16, 17, 18, 19, 20 le 21 di tlaa neelwa mo nakong e e tshwanetseng ya Morena.

Thanolo e e fa godimo e neetswe fela jaaka re na le tshwanelo epe go e neela mo nakong e.