Scriptures
Aberahame 4


Kgaolo 4

Bomodimo ba dira togamaano ya tlholego ya lefatshe le botshelo jotlhe mo go lone—Ditogamaano tsa bone tsa malatsi a marataro a tlholego di a tlhalosiwa.

1 Mme ke gone Morena a re: A reyeng kwa tlase. Mme ba fologela kwa tlase kwa tshimologong, mme bone, ke gore Bomodimo, ba rulaganya le go bopa magodimo le lefatshe.

2 Mme lefatshe, fa le sena go bopiwa, le ne lo le lolea le swafetse, gonne ba ne ba sa dira sepe fa e se lefatshe; mme lefifi la busa mo godimo ga sefatlhogo sa boteng, mme Mowa wa Bomodimo wa elama sefatlhogo sa metsi.

3 Mme bone (Bomodimo) ba re: A go nne le lesedi; mme ga nna lesedi.

4 Mme bone (Bomodimo) ba tlhaloganya lesedi, gonne le ne le phatsima; mme ba farologanya lesedi, kgotsa ba dira gore le farologanngwe, mo lefifing.

5 Mme Bomodimo ba bitsa lesedi Motshegare, mme lefifi ba le bitsa Bosigo. Mme ga diragala gore go tsweng maitsebowa go fitlhelela maphakela ba go bitsa bosigo; mme go tswa mo mosong go fitlhelela maitsebowa ba go bitsa motshegare; mme se e ne e le sa ntlha, kgotsa tshimologo, sa moo ba go biditseng motshegare le bosigo.

6 Mme Bomodimo le gone ba re: A go nne le phuthologo mo gare ga metsi, mme e tlaa farologanya metsi mo metsing.

7 Mme Bomodimo ba laola phuthologo, gore e farologanye metsi a a kwa tlase ga phuthologo mo metsing a a kwa godimo ga phuthologo, mme ga nna jalo, fela jaaka ba laotse.

8 Mme Bomodimo ba bitsa phuthologo, Legodimo. Mme ga diragala gore e ne e le go tswa maitsebowa go fitlhelela mo mosong mo ba go biditseng bosigo; mme ga diragala gore e ne e le go tswa mo mosong go fitlhelela maitsebowa mo ba go biditseng motshegare; mme se e ne e le la bobedi gore ba bitse bosigo le motshegare.

9 Mme Bomodimo ba laola, ba re: A metsi a a ka fa tlase ga legodimo a phuthegele felo go le gongwe, mme a lefatshe lerunye le omeletse; mme ga nna jalo jaaka ba laotse;

10 Mme Bomodimo ba bitsa lefatshe le le omeletseng, Lefatshe; mme go phuthega ga metsi, ba go bitsa, Metsi a Magolo; mme Bomodimo ba bona gore ba ne ba obamelwa.

11 Mme Bomodimo ba re: A re baakanyeng lefatshe gore le tlhoge bojang; setlhatshana se se tsalang peo; setlhare se se ungwang leungo, ka fa losikeng lwa sone, se peo ya sone mo go yone e tsalang se se tshwanang le sone mo lefatsheng; mme ga nna jalo, fela jaaka ba laotse.

12 Mme Bomodimo ba rulaganya lefatshe go tlhoga bojang mo peong ya jone, le setlhatshana go ungwa setlhatshana mo peong ya sone, se tsala peo ka fa losikeng lwa sone; le lefatshe go tlhoga setlhare mo peong ya sone, e tsala leungo, se peo ya sone e ka ungwang fela se se tshwanang mo go yone, ka fa losikeng lwa sone; mme Bomodimo ba bona gore ba ne ba obamelwa.

13 Mme ga diragala gore ba bale malatsi; go tswa maitsebowa go fitlhelela mo mosong ba go bitsa bosigo; mme ga diragala, go tswa mo mosong go fitlhelela maitsebowa ba go bitsa motshegare; mme e ne e le la boraro.

14 Mme Bomodimo ba rulaganya masedi mo phuthologong ya legodimo, mme ba a dira go farologanya motshegare mo bosigong; mme ba rulaganya go nna ditshupo le go nna dipaka, le go nna malatsi le dingwaga;

15 Mme ba di rulaganya go nna masedi mo phuthologong ya legodimo le go bonesa lefatshe; mme ga nna jalo.

16 Mme Bomodimo ba rulaganya masedi a mabedi a magolo, lesedi le legolo go busa motshegare, mme lesedi le le botlana go busa bosigo; ga mmogo le lesedi le le botlana ba tlhoma dinaledi le tsone;

17 Mme Bomodimo ba a tlhoma mo phuthologong ya magodimo, go re a bonese lefatshe, le go laola motshegare le bosigo, le go dira gore a farologanye lesedi mo lefifing.

18 Mme Bomodimo ba lebelela dilo tseo tse ba neng ba di laotseng go fitlhelela di obamela.

19 Mme ga diragala gore e ne e le go tswa maitsebowa go fitlhelela mo mosong gore go ne go le bosigo; mme ga diragala gore e ne e le go tswa mo mosong go fitlhelela maitsebowa gore go ne go le motshegare; mme e ne e le la bone.

20 Mme Bomodimo ba re: A re baakanyeng metsi go ntsha thata dibopiwa tse di tsamaya tse di nang le botshelo; le nonyane, gore e fofe fa godimo ga lefatshe mo phuthologong e e atlhameng ya legodimo.

21 Mme Bomodimo ba baakanya metsi gore a tle a ntshe maruarua a magolo, le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshedileng se se tsamayang, tse metsi a neng a tshwanetse go di ntsha thata ka fa losikeng lwa tsone; le nonyane e e diphuka ka fa losikeng lwa yone. Mme Bomodimo ba bona gore ba tlaa obamelwa, le gore togamaano ya bone e ne e le molemo.

22 Mme Bomodimo ba re: Re tlaa di segofatsa, mme ra dira gore di ate di ntsifale, le go tlala ka metsi a a mo mawatleng kgotsa metsi a magolo; mme ba dira nonyane go ntsifala mo lefatsheng.

23 Mme ga diragala gore e ne e le go tswa maitsebowa go fitlhelela mo mosong mo ba go biditseng bosigo; mme ga diragala gore e ne e le go tswa mo mosong go fitlhelela maitsebowa mo ba go biditseng motshegare; mme e ne e le la botlhano.

24 Mme Bomodimo ba baakanya lefatshe go ntsha sebopiwa se se tshedileng ka fa losikeng lwa sone, dikgomo le dilo tse di gagabang, le diphologolo tsa lefatshe ka fa losikeng lwa tsone; mme ga nna jalo, jaaka ba buile.

25 Mme Bomodimo ba rulaganya lefatshe go ntsha dibatana ka fa losikeng lwa tsone, le dikgomo ka fa losikeng lwa tsone, le sengwe le sengwe se se gagabang mo lefatsheng ka fa losikeng lwa sone; mme Bomodimo ba bona gore di ka obamela.

26 Mme Bomodimo ba gakololana ka bo bone mme ba re: A re fologeng mme re bope motho mo tshwanong ya rona, ka fa setshwanong sa rona; mme re tlaa ba neela taolo mo tlhaping ya lewatle, le mo nonyaneng ya loapi, le mo kgomong, le mo lefatsheng lotlhe, le mo segagabi sengwe le sengwe se se gagabang mo lefatsheng.

27 Jalo Bomodimo ba fologa go rulaganya motho mo tshwanong ya bone, mo tshwanong ya Bomodimo ba mo dira ene, nona le tshadi go ba bopa bone.

28 Mme Bomodimo ba re: Re tlaa ba segofatsa. Mme Bomodimo ba re: Re tlaa ba dira gore ba ate le go ntsifatsa, le go tlala ka lefatshe, le go le fenya, le go laolo tlhapi ya lewatle, le nonyane ya loapi, le mo sengweng le sengwe se se tshedileng se se tsamayang mo lefatsheng.

29 Mme Bomodimo ba re: Bonang re tlaa ba naya setlhatshana sengwe le sengwe se se tsalang peo se se tlaa tlhogang mo sefatlhogong sa lefatshe lotlhe, le setlhare sengwe le sengwe se se nang le leungo mo go sone; ee, leungo la setlhare se se ntshang peo re tlaa se ba neela; e tlaa nna dijo tsa bone.

30 Le mo phologolong nngwe le nngwe ya lefatshe, le nonyane nngwe le nngwe ya loapi, le sengwe le sengwe se se gagabang mo lefatsheng, bonang, re tlaa di neela botshelo, mme le gone re tlaa di neela setlhatshana sengwe le sengwe se se tala go nna dijo, mme dilo tse tsotlhe di tlaa rulagangwa jaana.

31 Mme Bomodimo ba re: Re tlaa dira sengwe le sengwe se re se buileng, le go se rulaganya; mme bonang, di tlaa nna boikobo thata. Mme ga diragala gore e ne e le go tswa maitsebowa go fitlhelela mo mosong mo ba go biditseng bosigo; mme ga diragala gore e ne e le go tswa mo mosong go fitlhelela maitsebowa mo ba go biditseng motshegare; mme ba bala la borataro.