Scriptures
Aberahame 3


Kgaolo 3

Aberahame o ithuta ka ga letsatsi, ngwedi, le dinaledi ka tiriso ya Urime le Thumime—Morena o mo senolela bosakhutleng jwa tlholego ya mewa—O ithuta ka botshelo jwa pele ga lefatshe, tlhomamiso ya pele, Tlholego, go itshenkela Morekolodi, le boemo jwa bobedi jwa motho.

1 Mme Nna, Aberahame, ke ne ke na le Urime le Thumime, tse Morena Modimo wa me a neng a di nneetse, kwa Ura wa Bakalatese;

2 Mme ka bona dinaledi, gore di ne di le dikgolo thata, le gore nngwe ya tsone e ne e le gaufi le setilo sa bogosi sa Modimo; mme go ne go na le tse dintsi tse dikgolo tse di neng di le gaufi le yone;

3 Mme Morena a nthaya a re: Tse ke tse di laolang; mme leina la e kgolo ke Kolobo, ka ntlha ya gore e gaufi le nna, gonne ke Morena Modimo wa gago: Ke tlhomile e go laola tsotlhe tseo tse e leng tsa thulaganyo e e tshwanang le eo e o emeng mo go yone.

4 Mme Morena a nthaya a re, ka Urime le Thumime, Kolobo e ne e le ka fa mokgweng wa Morena, go ya ka dinako tsa yone le dipaka mabapi le go dikologa ga yone; gore tikologo e le nngwefela ke letsatsi mo Moreneng, ka fa mokgweng wa palo ya gagwe, e le dingwa di le sekete sele sengwe go ya ka nako e e tlhomilweng mo go seo se o emeng mo go sone. Se ke palo ya nako ya Morena, go ya ka palo ya Kolobo.

5 Mme Morena a nthaya a re: Polanete e e leng lesedi le le botlana, e le bo botlana go na le eo e e busang letsatsi, le e leng bosigo, e kwa godimo kgotsa e kgolo go feta eo e o emeng mo go yone mabapi le palo ya yone ya nako, gonne e suta ka thulaganyo ka bonya thata; se se mo thulaganyong ka ntlha ya gore e eme godimo ga lefatshe leo le o emeng mo go lone, ke gone ka moo palo ya nako ya yone ga e ntsi mo go kalo jaaka palo ya yone ya malatsi, le ya dikgwedi, le ya dingwaga.

6 Mme Morena a nthaya a re: Jaanong, Aberahame, boammaaruri jo bobedi jo bo teng, bona matlho a gago a a di bona; o neetswe go itse dinako tsa palo, le nako e e tlhomilweng, ee, nako e e tlhomilweng ya lefatshe le o emeng mo go lone, le nako e e tlhomilweng ya lesedi le legolo le le tlhomilweng go busa letsatsi, le nako e e tlhomilweng ya lesedi le le botlana le le tlhomilweng go busa bosigo.

7 Jaanong nako e e tlhomilweng ya lesedi le le botlana ke nako e e telele mabapi le palo ya yone go na le palo ya nako ya lefatshe le o emeng mo go lone.

8 Mme kwa boammaarurri jo bobedi jo bo leng teng, go tlaa nna le boammaaruri jo bongwe godimo ga one, ke gore, go tlaa nna le polanete e nngwe e palo ya nako ya yone e santseng e tlaa nna telele;

9 Mme jaana go tlaa nna palo ya nako ya polanete e le nngwe mo godimo ga e nngwe, go fitlhelela o tla gaufi le Kolobo, Kolobo o o leng ka fa palong ya nako ya Morena; Kolobo o o tlhomilweng gaufi le setilo sa bogosi jwa Modimo, go laola dipolanete tsotlhe tseo tse e leng tsa thulaganyo e e tshwanang le eo e o emeng mo yone.

10 Mme o neetswe go itse nako e e tlhomilweng ya dinaledi tsotlhe tse di tlhomilweng go bonesa, go fitlhelela o tla gaufi le setilo sa bogosi sa Modimo.

11 Jaana Nna, Aberahame, ka bua le Morena, re lebanye difatlhogo, jaaka motho a bua le yo mongwe; mme a mpolelela ka ga ditiro tse diatla tsa gagwe di di dirileng;

12 Mme a nthaya a re: Morwaaka, morwaaka (mme seatla sa gagwe se ne se otlolotswe), bona ke tlaa go supegetsa tse tsotlhe. Mme a baya seatla sa gagwe mo matlhong ame, mme ka bona dilo tseo tse diatla tsa gagwe di di dirileng, tse neng di le dintsi; mme tsa ntsifala fa pele ga matlho ame, mme ka se ka ka bona bokhutlo jwa tsone.

13 Mme a nthaya a re; Se ke Shineha, se e leng letsatsi. Mme a nthaya a re: Kokobo, se e leng naledi. Mme a nthaya a re: Olea, se e leng ngwedi. Mme a nthaya a re: Kokaubeame, se se kayang dinaledi, kgotsa masedi a magolo otlhe, a a neng a le mo phuthologong ya legodimo.

14 Mme e ne e le nako ya bosigo fa Morena a bua mafoko a mo go nna: Ke tlaa go ntsifatsa, le peo ya gago morago ga gago, go tshwana le tse; mme fa o ka bala palo ya metlhaba, palo ya dipeo tsa gago e tlaa nna kalo.

15 Mme Morena a nthaya a re: Aberahame, Ke go supegetsa dilo tse pele ga lo ya kwa Egepeto, gore lo ka bolela mafoko a otlhe.

16 Fa dilo tse pedi di le teng, mme go na le se le sengwe mo godimo ga se sengwe, go tlaa nna le dilo tse dikgolo godimo ga tsone; ke gone ka moo Kolobo ke e kgolo ya tsotlhe di Kokaubeame tseo tse o di boneng, gonne e gaufi le nna.

17 Jaanong, fa go na le dilo tse pedi, sengwe mo godimo ga se sengwe, le ngwedi a le mo godimo ga lefatshe, ke gone e ka nna gore polanete kgotsa naledi e ka nna teng mo godimo ga yone; mme ga go sepe seo Morena Modimo wa gago a tlaa akanyang go se dira mo pelong ya gagwe fa e se se a tlaa se dirang.

18 Le fa gontse jalo o dirile naledi e kgolo; jaaka, le gone, fa go na le mewa e e mebedi, mme o mongwe wa nna botlhale go feta yo mongwe, le fa go ntse jalo mewa e e mebedi e, le ntswa o mongwe o le botlhale go feta yo mongwe; ga e na tshimologo, e ne e le teng pele, ga e kitla enna le bokhutlo, e tlaa nna teng morago ga fa, gonne ke gonolaumo, kgotsa bo sa khutleng.

19 Mme Morena a nthaya a re: boammaaruri jo bobedi jo bo teng, gore go na le mewa e mebedi, o mongwe o le botlhale go feta o mongwe; go tlaa nna le o mongwe o o botlhale go e feta; Ke Morena Modimo wa gago, Ke botlhale go e feta yotlhe.

20 Morena Modimo wa gago o rometse moengele wa gagwe go go golola mo diatleng tsa moperesiti wa ga Elekena.

21 Ke nna mo gare ga yone yotlhe; Nna jaanong, ke gone ka moo, ke fologetseng kwa go wena go go bolelela ditiro tse diatla tsa me di di dirileng, mo selong se tlhalefo ya me e gaisang yotlhe, gonne ke busa mo magodimong kwa godimo, le mo lefatsheng kwa tlase, mo tlhalefong yotlhe le tshisimogo, mo matlhaleng otlhe a matlho a gago a a boneng go tswa kwa tshimologong; ke fologile mo tshimologong mo gare ga matlhale otlhe a o a boneng.

22 Jaanong Morena o ne a ntshupegeditse, nna Aberahame, matlhale a a neng a rulagantswe pele ga lefatshe le nna teng; mme mo gare ga otlhe a go ne go na le a le mantsi a a tlotlegang le a magolo;

23 Mme Modimo a bona mewa e gore e ne e siame, mme a ema mo gare ga yone, mme a re: Ba ke tlaa ba dira babusi ba me; gonne o ne a eme mo gare ga bao ba e neng e le mewa, mme a bona gore ba ne ba siame; mme a nthaya a re: Aberahame, o mongwe wa bone; o sale o itshenketswe pele fa o tsalwa.

24 Mme go ne go eme mongwe mo gare ga bone yo o neng a tshwana le Modimo, mme a raya bao ba ba neng ba na le ene a re: Re tlaa ya kwa tlase, gonne go na le lefaufau koo, mme re tlaa a tsaya dingwe tsa di dirisiwa tse, mme re tlaa dira lefatshe le ba ba ka nnang mo go lone;

25 Mme re tlaa ba leka ka mokgwa o, go bona fa ba tlaa dira dilo tsotlhe le fa le eng se Morena Modimo wa bone a tlaa se ba laelang;

26 Mme bone ba ba tshegetsang boemo jwa bone jwa ntlha ba tlaa okelediwa; mme bao ba sa tshegetseng boemo jwa bone jwa ntlha ga ba kitla ba nna le kgalalelo mo bogosing jo bo tshwanang le jwa bao ba ba tshegetsang boemo jwa bone jwa ntlha; mme bone ba ba tshegetsang boemo jwa bone jwa bobedi ba tlaa okelediwa kgalalelo mo ditlhogong tsa bone ka metlha le metlha.

27 Mme Morena a re: Ke tlaa roma mang? Mme mongwe a araba jaaka Morwa Motho: Ke fano, nthome. Mme yo mongwe a araba mme a re: Ke fano, nthome. Mme Morena a re: Ke tlaa roma wa ntlha.

28 Mme wa bobedi o ne a galefa, mme a seka a tshegetsa boemo jwa gagwe jwa ntlha; mme, mo letsatsing leo, ba le bantsi ba mo sala morago.