Scriptures
Moše 1


Dithaolo go tswa go
Buka ya ga Moše

Kinolo go tswa mo thanolong ya Baebele jaaka e senoletswe Moperofeti Joseph Smith, Seetebosigo 1830–Tlhakole 1831.

Kgaolo 1

(Seetebosigo 1830)

Modimo o iponatsa kwa go Moše—Moše o fetolwa ponalo—O latelwa ke Satane—Moše o bona mafatshe a a nniwang a le mantsi—Mafatshe a a senang palo a ne a tlhodilwe ke Morwa—tiro ya Modimo le kgalalelo ke go diragatsa bosasweng le botshelo jo bo sa khutleng jwa motho.

1 Mafoko a Modimo, a a buileng le Moše ka nako e Moše a neng a tsholeleditswe mo thabeng e e kwa godimo thata,

2 Mme a bona Modimo ba lebane difatlhogo, mme a bua le ene, mme kgalalelo ya Modimo e ne e le mo go Moše; ke gone ka moo Moše a itshokela boleng teng jwa gagwe.

3 Mme Modimo a bua le Moše, a re: Bona, ke nna Morena Modimo Mothatayotlhe, mme Bosafeleng ke leina la me; gonne ga ke nna tshimologo ya malatsi kgotsa bokhutlo jwa dingwaga; mme a se ga se bosafeleng?

4 Mme, bona o morwaake; ke gone bona, mme ke tlaa go supegetsa ditiro tsa diatla tsa me; mme e seng tsotlhe, gonne ditiro tsa me ga di na bokhutlo, le one mafoko a me, gonne ga a kitla a khutla.

5 Ke gone, ga go motho ope yo o ka bonang ditiro tsa me tsotlhe, fa e se a bona kgalalelo ya me yotlhe; e bile ga go motho ope yo o ka bonang kgalalelo ya me yotlhe, mme morago ga moo a nne mo nameng mo lefatsheng.

6 Mme Ke na le tiro ya gago, Moše, morwaaka; mme o mo setshwanong sa Yoo tsetsweng a le Esi wa me; mme Yoo Tsetsweng a le Esi wa me ke ene mme o tlaa nna Mmoloki, gonne o tletse tshegofatso le boammaruri; mme ga go na Modimo ope kwa ntle ga me, mme dilo tsotlhe di mo boleng teng jwa me, gonne ke di itse tsotlhe.

7 Mme jaanong, bona, selo se sengwefela se ke a se go supegetsa, Moše, morwaaka, gonne o mo lefatsheng, mme jaanong ke a se go supegetsa.

8 Mme ga diragala gore Moše a lebe, mme a bona lefatshe le a bopilwe mo go lone; mme Moše a bona lefatshe le dikhutlo tsa lone, le bana ba batho botlhe ba ba leng, le ba ba neng ba bopilweng; ka ga tseo a makala thata mme a gakgamala.

9 Mme boleng teng jwa Modimo jwa tloga mo go Moše, gore kgalalelo ya gagwe ene e se mo go Moše; mme Moše o ne a tlogelwa ka boene. Mme jaaka a ne a tlogetswe ka boene, a wela mo lefatsheng.

10 Mme ga diragala gore e ne e le lobaka lwa dioura tse dintsi pele Moše gape a amogela nonofo ya gagwe ya tlholego jaaka motho; mme o ne a ithaya a re: Jaanong, ka ntlha e ke a itse gore motho ga se sepe, selo se ka gope Ke iseng ke se gopole.

11 Mme jaanong matlho ame a bone Modimo; mme e seng ame a tlholego, mme matlho ame a semowa, gonne matlho ame a tlholego a ka bo a ne a sa bona; gonne ke ka bo ke omeletse mme ka swa mo boleng teng jwa gagwe; mme kgalalelo ya gagwe e ne e le mo go nna; mme ke bone sefatlhogo sa gagwe, gonne ke ne ke fetotswe ponalo fa pele ga gagwe.

12 Mme ga diragala gore fa Moše a sena go bua mafoko a, bonang, Satane a tla go mo raela, a re: Moše, morwa motho, nkobamele.

13 Mme ga diragala gore Moše a lebe mme a re: O mang? Gonne bona, ke morwa Modimo, mo setshwanong sa Yo o Tsetsweng a le Esi; mme kgalalelo ya gago e kae, gore ke ka go obamela?

14 Gonne bona, ke ne ke sa kgone go leba Modimo, fa e se kgalalelo ya gagwe e ka tla mo go nna, mme ke fetotswe ponalo fa pele gagwe. Le fa gontse jalo ke kgona go go bona ke le motho wa tlholego. A ga go a nna jalo, ruri?

15 A go bakwe leina la Modimo wa me, gonne Mowa wa gagwe gotlhelele ga wa ntlogela, kgotsa ka go sele kgalalelo ya gago e kae, gonne ke lefifi mo go nna? E bile ke kgona go atlhola fa gare ga gago le Modimo; gonne Modimo o ntheile a re: Obamela Modimo, gonne ke ene fela o tlaa mo direlang.

16 Tloga o ye koo, Satane; se ntsietse; gonne Modimo o ntheile a re: O ka fa setshwanong sa Yo o tsetsweng a le Esi wa me.

17 Mme le gone o nneetse ditaelo fa a ne a ntlhaeletsa mo setlhareng se se tukang, a re: Bitsa Modimo mo leineng la Yo o Tsetsweng a le esi wa me, mme o nkobamele.

18 Mme gape Moše a re: Ga Ke kitla ke khutlisa go bitsa Modimo, ke na le dilo dingwe tse ke tlaa di mmotsang: gonne kgalalelo ya gagwe e ntse e le mo go nna, ke gone ke ka atlhola fa gare ga gagwe le wena. Tloga o ye koo, Satane.

19 Mme jaanong, fa Moše a sena go bua mafoko a, Satane a kua ka lentswe le le kwa godimo, mme a jajarega mo lefatsheng, le go laola, a re: Ke nna Yoo Tsetsweng a le Esi, nkobamele.

20 Mme ga diragala gore Moše a simolole go boifa thata; mme jaaka a simolola go boifa, a bona bogalaka jwa molete. Le fa gontse jalo, mo go bitseng Modimo, a amogela nonofo, mme a laola, a re: tloga fa go nna, gonne Modimo o mongwefela o ke tlaa o obamela, o e leng Modimo wa kgalalelo.

21 Mme jaanong Satane a simolola go roroma, mme lefatshe la tshikinyega; mme Moše a amogela nonofo, mme a bitsa Modimo, a re: Mo leineng la Yo o Tsetsweng a le Esi, tloga o ye koo, Satane.

22 Mme ga diragala gore Satane a kue ka lentswe le le kwa godimo, ka selelo, le kuruetso, le phuranyo ya meno; mme a tloga koo kwa go ene, le e leng mo ponalong ya ga Moše, gore a seka a mmona.

23 Mme jaanong ka selo se Moše a supa tshupo; mme ka ntlha ya boikepo ga e yo mo gare ga bana ba batho.

24 Mme ga diragala gore fa a sena go tswa mo ponalong ya ga Moše, gore Moše a tsholeletse matlho a gagwe kwa legodimong, a tletse ka Mowa o o Boitshepo, o o supang tshupo ya ga Rara le Morwa;

25 Mme mo go bitseng leina la Modimo, a bona kgalalelo ya gagwe gape, gonne e ne e le mo go ene; mme a utlwa lentswe, le re: O sego, Moše, gonne Nna, Mothatayotlhe, ke go itshenketse, mme o tlaa thatafadiwa bogolo go metsi a mantsi; gonne a tlaa obamela taelo ya gago jaaka e kete o Modimo.

26 Mme bona, ke na le wena, le e leng go ya bokhutlong jwa malatsi a gago; go nne o tlaa golola batho ba me mo bokgobeng, e bong Iseraele moitshenkedwi wa me.

27 Mme ga diragala, jaaka lentswe le ne le santse le bua, Moše a leba mme a bona lefatshe, ee, le e leng lotlhe; mme go ne go se ntlha epe ya lone e a sa e bonang, a le lemoga ka Mowa wa Modimo.

28 Mme a bona le bone banni ba lone, mme go ne go sena mowa o a sa o bonang; mme a ba lemoga ka Mowa wa Modimo; mme dipalo tsa bone di ne di le dikgolo, le e leng di sa balege jaaka motlhaba mo letshitshing la lewatle.

29 Mme a bona mafatshe a mantsi; mme lefatshe lengwe le lengwe le ne le bidiwa lefatshe, mme go ne go na le banni mo sefatlhogong sa lone.

30 Mme ga diragala gore Moše a bitse Modimo a re: Mpolelele, ke a go rapela, ke eng dilo tse di ntse jaana, le gore o di dirile ka eng?

31 Mme bonang, kgalalelo ya Morena e ne e le mo go Moše, mo e leng gore Moše o ne a eme mo boleng teng jwa Modimo, mme a bua le ene ba lebane difatlhogo. Mme Morena Modimo a raya Moše a re: Ka maikaelelo ame ke dirile dilo tse. Seno ke tlhalefo e bile e mo go nna.

32 Mme ka lefoko la thata ya me, ke di bopile, le e leng Morwaake yo o Tsetsweng a le Esi, yoo tletseng tshegofatso le boammaaruri.

33 Mme mafatshe a senang palo ke a bopile; mme le one ke a bopetse boikaelelo jwa me; mme ka Morwa ke a bopile, Yo e leng Yo o Tsetsweng a le Esi.

34 Mme motho wa ntlha wa batho botlhe ke mmeditse Atamo, mo e leng bontsi.

35 Mme polelo ya lefatshe le fela, le banni ba lone, ke a go e neela. Gonne bona, go na le mafatshe a mantsi a a fetileng ka lefoko la thata ya me. Mme go na le a le mantsi a jaanong a tlhomameng, mme ga a na palo mo mothong; mme dilo tsotlhe di badilwe mo go nna, gonne ke tsa me e bile ke a di itse.

36 Mme ga diragala gore Moše a bue le Morena, a re: Nna kutlwelobotlhoko mo motlhankeng wa gago, Ao! Modimo, mme o mpolele mabapi le lefatshe le, le banni ba lone, mme le one magodimo, mme ke gone motlhanka wa gago o tlaa itumela.

37 Mme Morena Modimo a bua le Moše, a re: Magodimo, a mantsi, mme ga a ka ke a balwa mo mothong; mme a badilwe mo go nna, gonne ke ame.

38 Mme jaaka lefatshe le le lengwefela le tlaa feta, le magodimo a lone fela jalo le lengwe le tlaa tla; mme ga go na bokhutlo jwa ditiro tsa me, le fa e le jwa mafoko ame.

39 Gonne bona, se ke tiro ya me le kgalalelo ya me—go diragatsa bosasweng le botshelo jo bo sa khutleng jwa motho.

40 Mme jaanong, Moše, morwaake, ke tlaa bua le wena mabapi le lefatshe le o emeng mo go lone; mme o tlaa kwala dilo tse ke tlaa di buang.

41 Mme mo letsatsing le bana ba batho ba tla kayang mafoko ame e se sepe le go ntsha bontsi jwa one mo bukeng e o tlaa e kwalang, bona, ke tlaa tsosa yo mongwe yo o tshwanang le wena; mme a tlaa tshegediwa gape mo gare ga bana ba batho—mo gare ga bontsi jo bo tlaa dumelang.

42 (Mafoko a a builwe le Moše mo thabeng, e leina la yone le se kitlang le itsewe mo gare ga bana ba batho. Mme jaanong a buiwa mo go lona. Se a supegetseng ope fa e se ba ba dumelang. Fela jalo. Amene.)