Scriptures
Moše 6


Kgaolo 6

(Ngwanaetsele–Sedimonthole 1830)

Peo ya ga Atamo e tshegetsa buka ya kgakologelo—Kokomane e e siameng ya gagwe e rera boikotlhao—Modimo o Iponatsa mo go Enoko—Enoko o rera efangele—Togamaano ya Poloko e ne ya senolelwa Atamo—A amogela kolobetso le boperesiti.

1 Mme Atamo a reetsa lentswe la Modimo, mme a bitsa barwa ba gagwe go ikwatlhaya.

2 Mme Atamo a itse mosadi wa gagwe gape, mme a tshola morwa, mme a bitsa leina la gagwe Sethe. Mme Atamo a galaletsa leina la Modimo; gonne o rile: Modimo o ntaoletse peo e nngwe, mo boemong jwa ga Abele, yo Kaene a mmolaileng.

3 Mme Modimo a iponatsa mo go Sethe, mme a seka a tsuologa, mme a isa setlhabelo se se amogelesegang, jaaka morwarragwe Abele. Mme mo go ene le gone go ne ga tsholwa morwa, mme a bitsa leina la gagwe Enose.

4 Mme ke gone batho ba ba simolola go bitsa leina la Morena, mme Morena a ba segofatsa;

5 Mme buka ya kgakologelo e ne ya tshegediwa, e mo go yone go neng go kwadilwe, ka puo ya ga Atamo, gonne go ne go neetswe bontsi jo bo neng bo bitsa Modimo go kwala ka mowa wa tlhotlheletso;

6 Mme ka bone bana ba bone ba ne ba rutwa go bala le go kwala, ka ba ne ba na le puo e e itshekileng e bile e sa leswafatswa.

7 Jaanong jone Boperesiti jo, jo boneng bo le mo tshimologong, le gone bo tlaa nna mo bokhutlong jwa lefatshe.

8 Jaanong perofeso e Atamo o e buile, jaaka a ne a tlhotlhelediwa ke Mowa o o Boitshepo, mme lotsalo lwa bana ba Modimo lo ne lwa tshegediwa. Mme se e ne e le buka ya ditshika tsa ga Atamo, lo re: Mo letsatsing leModimo a tlhodileng motho ka lone, mo setshwanong sa Modimo a mo dira;

9 Mo tshwanong ya mmele wa gagwe, nona le tshadi, o ba tlhodile, mme a ba segofatsa, mme a ba raya leina a re Atamo, mo letsatsing le ba tlhodilweng ka lone mme ba nna batho ba ba tshedileng mo lefatsheng mo sebeong sa dinao tsa Modimo.

10 Mme Atamo a tshela dingwaga di le lekgolo le masome mararo, mme a tshola morwa mo setshwanong sa gagwe, ka fa tshwanong ya gagwe, mme a mo raya leina a re Sethe.

11 Mme malatsi a ga Atamo, ga a sena go tshola Sethe, a ne e le dingwaga di le makgolo a a ferangbobedi, mme a tshola barwa le barwadi ba bantsi;

12 Mme malatsi otlhe a Atamo a tshedileng ka one e ne e le dingwaga di le makgolo a a ferangbongwe le masome mararo, mme a swa.

13 Sethe a tshela dingwaga di le lekgolo le botlhano, mme a tshola Enose, mme a perofesa mo malatsing otlhe a gagwe, mme a ruta morwae Enose mo tseleng ya Modimo; ke gone Enose a perofesa le ene.

14 Mme Sethe a tshela, ga a sena go tshola Enose, dingwaga di le makgolo a a ferangbobedi le bosupa, mme a tshola barwa le barwadi ba bantsi.

15 Mme bana ba batho ba ne ba sena palo mo sefatlhogong sotlhe sa lefatshe. Mme mo malatsing ao Satane o ne a na le taolo e kgolo mo gare ga batho, le go shakgatsa dipelo tsa bone; mme go tloga go tswa foo ga tla dintwa le tshololo ya madi; mme motho o ne a tsholeletsa morwarraagwe seatla, mo go bolaeng, ka ntlha ya ditiro tsa sephiri, a batla thata.

16 Malatsi otlhe a ga Sethe e ne e le dingwaga di le makgolo a a ferangbongwe le lesome le metso e mebedi, mme a swa.

17 Mme Enose a tshela dingwaga di le masome a a ferangbongwe, mme a tshola Kenane. Mme Enose le masalela a batho ba Modimo ba tswa mo lefatsheng, le le neng le bidiwa Shulone, mme ba nna mo lefatsheng la tsholofetso, le a le biditseng ka fa leineng la morwa wa gagwe, yo a mmiditseng Kenane.

18 Mme Enose a tshela, fa a sena go tshola Kenane, dingwaga di le makgolo a a ferangbobedi le lesome le botlhano, mme a tshola barwa le barwadi ba bantsi. Mme malatsi otlhe a ga Enose e ne e le dingwaga di le makgolo a a ferangbongwe le botlhano, mme a swa.

19 Mme Kenane a tshela dingwaga di le masome a supa, mme a tshola Mahalalele; mme Kenane a tshela fa a sena go tshola Mahalalele dingwaga di le makgolo a a boferabobedi le masome a mane, mme a tshola barwa le barwadi. Mme malatsi otlhe a ga Kenane e ne e le dingwaga di le makgolo a a ferangbongwe le lesome, mme a swa.

20 Mme Mahalalele a tshela dingwaga di le masome a marataro le botlhano, mme a tshola Jarete; mme Mahalalele a tshela, fa a sena go tshola Jarete, dingwaga di le makgolo a a ferangbobedi le masome a mararo, mme a tshola barwa le barwadi. Mme malatsi otlhe a ga Mahalalele e ne e le dingwaga di le makgolo a a ferangbobedi le masome a a ferangbongwe le botlhano, mme a swa.

21 Mme Jarete a tshela dingwaga di le lekgolo le masome a marato le bobedi, mme a tshola Enoko; mme Jarete a tshela, fa a sena go tshola Enoko, dingwaga di le makgolo a a ferangbobedi, mme a tshola barwa le barwadi. Mme Jarete a ruta Enoko ka fa ditseleng tsotlhe tsa Modimo.

22 Mme se ke lotsalo lwa barwa ba ga Atamo, yo e neng e le morwa Modimo, yo Modimo, ka sebele, a buileng le ene.

23 Mme e ne e le baruti ba tshiamo, mme ba bua le go perofesa, mme ba bitsa batho botlhe, gongwe le gongwe, go ikwatlhaya; mme tumelo e ne ya rutiwa bana ba batho.

24 Mme ga diragala gore malatsi otlhe a ga Jarete e ne e le dingwaga di le makgolo a a ferangbongwe le masome a marato le bobedi, mme a swa.

25 Mme Enoko a tshela dingwaga di le masome a marataro le botlhano, mme a tshola Methusela.

26 Mme ga diragala gore Enoko a tsamaye mo lefatsheng, mo gare ga batho; mme jaaka a tsamaya, Mowa wa Modimo wa fologa go tswa kwa legodimong, mme wa nna mo go ene.

27 Mme a utlwa lentswe go tswa kwa legodimong, le re: Enoko, morwaaka, perofesa mo bathong ba, mme o ba reye o re—Ikwatlhayeng, gonne go bua jaana Morena: Ke galefetse batho ba, mme bogale jwa me bo a ba tukela; gonne dipelo tsa bone di thatefetse, mme ditsebe tsa bone di kabetse go utlwa, mme matlho a bone ga a bonele kgakala;

28 Mme mo ditshikeng tse dintsi tse, fa e sale ka letsatsi leo ke ba tlhodileng, ba timetse, mme ba intatotse, mme ba batlile dikgakololo tsa bone mo lefifing; mme mo makgapheng a bone ba logile maano a polao, mme ga ba a tshegetsa ditaelo, tse ke di neetseng rraabone, Atamo.

29 Ke gone, ba ikana ka go aka, mme, ka maikano a bone, ba tlisitse loso mo go bone; mme molete ke o ba baakanyeditse, fa ba sa ikwatlhaye;

30 Mme se ke tao, e ke e rometseng mo tshimologong ya lefatshe, go tswa mo molomong wa me, go tswa kwa motheong wa lone, mme ka melomo ya batlhanka ba me, borraalona, Ke e laotse, fela jaaka e tlaa romelwa mo lefatsheng, mo dikhutlong tsa lone.

31 Mme fa Enoko a sena go utlwa mafoko a, a obama mo lefatsheng, fa pele ga Morena, mme a bua fa pele ga Morena a re: Ke ka goreng ke bone tsalano mo matlhong a gago, mme nna fela ke le mosimane, mme batho botlhe ba ntlhoile; gonne ke bonya mo puong; ke gone a ke motlhanka wa gago?

32 Mme Morena a raya Enoko a re: Tswela pele mme o dire jaaka ke go laetse, mme ga go motho ope yo o tlaa go tlhabang. Bula molomo wa gago, mme o tlaa tladiwa, mme ke tlaa go neela puo, gonne batho botlhe ba mo diatleng tsa me, mme ke tlaa dira jaaka ke bona go le molemo mo go nna.

33 Raya batho ba o re: Itshenkeleng mo letsatsing le, go direla Morena Modimo yo o le dirileng.

34 Bona Mowa wa me o mo go wena, ke gone mafoko a gago otlhe ke tlaa siamisa; mme dithaba di tlaa tshaba fa pele ga gago, le dinoka di tlaa fetola go elela ga tsone; mme o tlaa nna mo go nna, mme Nna mo go wena; ke gone ka moo tsamaya le nna.

35 Mme Morena a bua le Enoko, mme a mo raya a re: Tlotsa matlho a gago ka mmopa, mme o a tlhape, mme o tlaa bona. Mme a dira jalo.

36 Mme a bona mewa e Modimo a e tlhodileng; mme a bona le tsone dilo tse di neng di sa bonale ka leitlho la tlholego; mme go tswa foo ga tla dipolelo kwantle mo lefatsheng: Molebi Morena o mo tsoseditse batho ba gagwe.

37 Mme ga diragala gore Enoko a tsamaye mo lefatsheng, mo gare ga batho, a ema mo dithabeng le mo mafelong a a kwa godimo, mme a goa ka lentswe le le kwa godimo, a paka kgatlhanong le ditiro tsa bone; mme batho botlhe ba ne ba kgopisega ka ntlha ya gagwe.

38 Mme ba tla go mo utlwa, mo mafelong a a kwa godimo, ba raya batlhokomedi ba ditante ba re: Emaemang fa mme lo tlhokomeleng ditante, fa re santse re ya fale go bona molebi, gonne o a perofesa, mme go na le selo se sa tlwaelesegang mo lefatsheng; monna wa se tsenwa o tlile mo gare ga rona.

39 Mme ga diragala fa ba mo utlwa, ga go motho ope yo o mmeileng diatla; gonne poifo e ne ya tla mo go bone botlhe ba ba neng ba mo utlwa; gonne o ne a tsamaya le Modimo.

40 Mme ga tla monna mo go ene, yo leina la gagwe e neng e le Mahija, mme a mo raya a re: Re bolele sentle gore wena o mang, le gore o tswa kae?

41 Mme a ba raya a re: Ke tswa kwa lefatsheng la Kenane, lefatshe la borre, lefatshe la tshiamo le mo letsatsing le. Mme rre o nthutile mo ditseleng tsotlhe tsa Modimo.

42 Mme ga diragala, jaaka Ke tsamaya go tswa kwa lefatsheng la Kenane, gaufi le lewatle le le botlhabatsatsi, ka bona ponatshegelo; mme bonang, magodimo ke a bone, mme Morena a bua le nna, mme a nneela taelo; ke gone, ka ntlha e, go tshegetsa taelo, Ke bua mafoko a.

43 Mme Enoko a tsweledisa puo ya gagwe, a re: Morena yo o buileng le nna, ene o o ke Modimo wa legodimo, mme ke Modimo wa me, le Modimo wa lona, mme lo bakaulengwe ba me, mme ke ka ntlha yang lo ikgakolola, mme lo latola Modimo wa legodimo?

44 Magodimo o a dirile; lefatshe ke sebeo sa dinao sa gagwe; le motheo wa lone ke wa gagwe. Bonang, o le theile, masomosomo a batho o a tlisitse mo sefatlhogong sa lone.

45 Mme loso lo fitlhile mo go borraarona; le fa gontse jalo re a ba itse, mme ga re ka ke ra ba latola, mme le e leng wa ntlha wa botlhe re a mo itse, e bong Atamo.

46 Gonne buka ya kgakologelo re e kwadile mo gare ga rona, go ya ka sekao se se neetsweng ka monwana wa Modimo; e bile se neetswe ka puo ya rona.

47 Mme jaaka Enoko a ne a bua mafoko a Modimo, batho ba roroma, mme ba palelwa ke go ema mo boleng teng jwa gagwe.

48 Mme a ba raya a re: ka ntlha ya gore Atamo o wele, re teng le rona; mme ka go wa gagwe go tlile loso; mme re dirilwe batlhakanedi ba madimabe le bohutsana.

49 Bonang Satane o tlile mo gare ga bana ba batho, mme o ba raela go mo obamela; mme batho ba ntse selefatshe, senama, le sediabole, mme ba kgaotswe mo boleng teng jwa Modimo.

50 Mme Modimo o itsisitse borraarona gore batho botlhe ba tshwanetse go ikwatlhaya.

51 Mme a bitsa rraarona Atamo ka lentswe la gagwe, a re: Ke nna Modimo; Ke dirile lefatshe, le batho pele fa ba nna mo nameng.

52 Mme le gone a mo raya a re: Fa o ka fetogela kwa go nna, mme wa reetsa lentswe la me, mme wa dumela, le go ikwatlhaela ditlolo tsotlhe tsa gago, mme wa kolobediwa, le e leng mo metsing, mo leineng la Morwaaka Yo o Tsetsweng a le Esi, yo o tletseng ka tshegofatso le boammaruri, yo e leng Jeso Keresete, leina fela le le tlaa neelwang ka fa tlase ga legodimo, le ka lone poloko e tlaa tlang mo baneng ba batho, lo tlaa amogela neo ya Mowa o o Boitshepo, lo kopa dilo tsotlhe mo leineng la gagwe, mme sengwe le sengwe se lo tlaa se kopang, lo tlaa se neelwa.

53 Mme rraarona Atamo a bua le Morena, mme a re: Ke ka ntlhayang batho ba tshwanetse go ikwatlhaya le go kolobediwa mo metsing? Mme Morena a raya Atamo a re: Bona ke go itshwaretse tlolo ya gago mo Tshimong ya Etene.

54 Go tloga fa ga tla puo kwantle mo gare ga batho, gore Morwa Modimo o lefetse molato wa ntlha, mo go seo dibe tsa batsadi ga di ka ke tsa arabelelwa mo ditlhogong tsa bana, go nne ba itshekile go tswa kwa motheong wa lefatshe.

55 Mme Morena a bua le Atamo, a re: E re ka bana ba gago ba tsaletswe mo sebeng, fela jalo fa ba simolola go gola, sebe se tsalwa mo dipelong tsa bone, mme ba utlwa bogalaka, gore ba ka itse go dira molemo.

56 Mme ba neetswe go itse molemo mo bosuleng; ke gone ke baikgethedi, mme ke lo neetse molao o mongwe le taelo.

57 Ke gone go ruteng bana ba lona, gore batho botlhe, gongwe le gongwe, ba tshwanetse go ikwatlhaya, kgotsa ga ba kitla ka gope ba barua bogosi jwa Modimo, go nne ga go sepe se se itshekologileng se se ka nnang koo, kgotsa sa nna mo boleng teng jwa gagwe; gonne, mo puong ya ga Atamo, Monna yo o Boitshepo ke leina la gagwe, mme leina la Yo o Tsetsweng a le Esi wa gagwe ke Morwa Motho, e bong Jeso Keresete, Moatlhodi yo o siameng, yo o tlaa tlang gareng ga dinako.

58 Ke gone ka moo ke lo neela taelo, go ruta dilo tse ka kgololesego mo baneng ba lona, lo re:

59 Gore ka lebaka la tlolo go tla go wa, go wa mo go tlisang loso, mme e re ka lo ne lwa tsalwa mo lefatsheng ka metsi, le ka madi, le ka mowa, tse ke di dirileng, mme jalo lerole la nna motho yo o tshidileng, fela jalo lo tshwanetse go tsalwa sesha mo bogosing jwa legodimo, ka metsi, le ka Mowa, mme lwa ntlafadiwa ka madi, e bong madi a wa me Yo o Tsetsweng a le Esi; gore lo ka itshepisiwa mo sebeng sotlhe, mme la itumelela mafoko a botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le, le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang, e bong kgalalelo ya bosasweng;

60 Gonne ka metsi lo tshegetsa taelo; ka Mowa lo a siamisiwa, mme ka madi lo a itshepisiwa;

61 Ke gone ka moo go neetswe go nna mo go lona; tshupo ya legodimo; Mogomotsi; dilo tsa kagiso tsa kgalalelo ya bosasweng; boammaaruri jwa dilo tsotlhe, o o rudisang dilo tsotlhe, o o tshedisang dilo tsotlhe; o o itseng dilo tsotlhe, mme o na le thata go ya ka tlhalefo, kutlwelobotlhoko, boammaaruri, tshiamiso, le katlholo.

62 Mme jaanong, bona ke a go raya: Se ke togamaano ya poloko ya batho botlhe, ka madi a wa me Yo o Tsetsweng a le Esi, yo o tlaa tlang gareng ga dinako.

63 Mme bona, dilo tsotlhe di na le setshwano, mme dilo tsotlhe di tlhodilwe le go dirwa go supa tshupo ya me, gotlhe dilo tsa lobaka lono fela, le dilo tsa semowa; dilo tse di mo magodimong kwa godimo, le dilo tse di mo lefatsheng, mme dilo tse di mo lefatsheng, le dilo tse di ka fa tlase ga lefatshe, gotlhe kwa godimo le kwa tlase: dilo tsotlhe di supa tshupo ya me.

64 Mme ga diragala, fa Morena a sena go bua le Atamo, rraarona, gore Atamo a goela kwa go Morena, mme a tlhatlosiwa ke Mowa wa Morena, mme a isiwa mo tlase ga metsi, mme a robadiwa ka fa tlase ga metsi, mme a ntshiwa mo metsing.

65 Mme jaana a kolobediwa, mme Mowa wa Modimo wa fologelela mo go ene, mme jaana a tsalwa Semowa, mme a rudisiwa mo mothong yo o kwa teng.

66 Mme a utlwa lentswe le tswa legodimong, le re: O kolobeditswe ka molelo, le ka Mowa o o Boitshepo. Se ke tshupo ya ga Rara, le Morwa, go tswa fa le ka bosenang bokhutlo;

67 Mme o ka fa thulaganyong ya ene yo o neng a sena tshimologo ya malatsi kgotsa bokhutlo jwa dingwaga, go tswa bosakhutleng jotlhe go ya bosakhutleng jotlhe.

68 Bona, o mongwe mo go nna, morwa Modimo; mme jaana botlhe ba ka nna barwaake. Amene.