Scriptures
Moše 8


Kgaolo 8

(Tlhakole 1831)

Methusela o a perofesa—Noa le barwae ba rera efangele—Boikepo jo bogolo bo a fenya—Pitso ya go ikwatlhaya ga e tsewe tsia—Modimo o laola tshenyego ya batho botlhe ka Morwalela.

1 Mme malatsi otlhe a ga Enoko e ne e le dingwaga di le makgolo a mane le masome a mararo.

2 Mme ga diragala gore Methusela, morwa Enoko, o ne a seka a tsewa, gore kgolagano ya Morena e ka diragadiwa, e a e dirileng le Enoko; gonne ka boammaaruri o golagane le Enoko gore Noa o tshwanetse go nna wa leungo la matheka a gagwe.

3 Mme ga diragala gore Methusela a perofese gore go tswa mo mathekeng a gagwe go tlaa tswa magosi otlhe a lefatshe (ka Noa), mme a ikamogelela kgalalelo.

4 Mme ga tla leuba le legolo mo lefatsheng, mme Morena a hutsa lefatshe ka phutso e botlhoko, mme bontsi jwa banni ba lone ba a swa.

5 Mme ga diragala gore Methusela a tshele dingwaga di le lekgolo le masome a ferangbobedi le bosupa, mme a tshola Lameke;

6 Mme Methusela a tshela, fa a sena go tshola Lameke, dingwaga di le makgolo a supa le masome a a ferangbobedi le bobedi, mme a tshola barwa le barwadi;

7 Mme malatsi otlhe a ga Methusela e ne e le dingwaga di le makgolo a a ferangbongwe le masome a marataro le ferangbongwe, mme a swa.

8 Mme Lameke a tshela dingwaga di le lekgolo le masome a a ferangbobedi le bobedi, mme a tshola morwa,

9 Mme a mo raya leina a re Noa, a re: Morwa yo o tlaa re gomotsa mabapi le tiro ya rona le ka ga tiroya diatla tsa rona, ka ntlha ya mmu o Morena a o hutsitseng.

10 Mme Lameke a tshela, fa a sena go tshola Noa, dingwaga di le makgolo a matlhano le masome a a ferangbongwe le botlhano, mme a tshola barwa le barwadi;

11 Mme malatsi otlhe a ga Lameke e ne e le dingwaga di le makgolo a supa le masome a supa le bosupa, mme a swa.

12 Mme Noa o ne a le dingwaga di le makgolo a mane le masome a matlhano, mme a tshola Jafete; mme dingwaga di le masome a mane le bobedi morago ga foo a tshola Sheme ka ene yo a neng e le mmaagwe Jafethe, mme fa a ne a le dingwaga di le makgolo a matlhano a tshola Hamo.

13 Mme Noa le barwae ba reetsa Morena, mme ba tlhokomela, mme ba ne ba bidiwa barwa Modimo.

14 Mme fa batho ba ba simolola go ntsifala mo sefatlhogong sa lefatshe, mme ba tshola barwadi, barwa batho ba bona gore barwadi bao ba bantle, mme ba tsaya basadi, fela jaaka ba itshenkela.

15 Mme Morena a raya Noa a re: Barwadie barwa ba gago ba ithekisitse; gonne bona bogale jwa me bo tukela barwa batho, gonne ga ba kitla ba reetsa lentswe la me.

16 Mme ga diragala gore Noa a perofese, mme a ruta dilo tsa Modimo, fela jaaka go ne go ntse kwa tshimologong.

17 Mme Morena a raya Noa a re: Mowa wa me ga o kitla ka metlha o ganelana le motho, gonne o tlaa itse gore nama yotlhe e tlaa swa; le fa gontse jalo malatsi a gagwe a tlaa nna dingwaga di le lekgolo le masome a mabedi; mme fa batho ba sa ikwatlhaye, Ke tlaa romela merwalela mo go bone.

18 Mme mo malatsing ao ga bo go na le mekaloba mo lefatsheng, mme e ne e batla Noa go tlosa botshelo jwa gagwe; mme Morena o ne a na le Noa, mme thata ya Morena e ne e le mo go ene.

19 Mme Morena a tlhoma Noa ka fa thulaganyong ya gagwe, mme a mo laola gore o tshwanetse go tswela pele mme a bolele Efangele ya gagwe mo baneng ba batho, fela jaaka e ne e neetswe Enoko.

20 Mme ga diragala gore Noa a bitse bana ba batho gore ba tshwanetse go ikwatlhaya; mme ba seka ba reetsa mafoko a gagwe;

21 Mme le gone, morago ga ba sena go mo utlwa, ba tlhatlogela fa pele ga gagwe, ba re: Bona, re barwa Modimo; a ga re a itseela barwadie batho? Mme a ga re je le go nwa, le go nyala le go neelwa mo lenyalong? Mme basadi ba rona ba re tsholela bana, mme bao ke banna ba dinatla, ba ba tshwanang le banna ba bogologolo, banna ba ba itsegeng thata. Mme ba seka ba reetsa mafoko a ga Noa.

22 Mme Modimo a bona gore boikepo jwa batho bo nnile bogolo mo lefatsheng; mme motho mongwe le mongwe o ne a tsholetsegile mo go akanyeng ga megopolo ya pelo ya gagwe, a le bosula fela ka gale.

23 Mme ga diragala gore Noa a tsweledise go rera ga gagwe mo bathong, a re: Reetsang, mme tlhokomelang mafoko ame;

24 Dumelang mme lo ikwatlhaele dibe tsa lona mme lo kolobediwe mo leineng la ga Jeso Keresete, Morwa Modimo, fela jaaka borraarona, mme lo tlaa amogela Mowa o o Boitshepo, gore lo ka bonalediwa dilo tsotlhe; mme fa lo sa dire se, merwalela e tlaa tla mo go lona; le fa gontse jalo ba seka ba reetsa.

25 Mme Noa a ikwatlhaya, mme pelo ya gagwe ya utlwa botlhoko gore Morena o dirile motho mo lefatsheng, mme ga mo tlhokofatsa pelo.

26 Mme Morena a re: Ke tlaa senya motho yo ke mo tlhodileng, go tswa mo sefatlhogong sa lefatshe, gotlhe motho le phologolo, le dilo tse di gagabang, le dinonyane tsa loapi, gonne Noa o a ikwatlhaya gore ke di tlhodile, le gore ke di dirile; mme o mpiditse; gonne ba batlile botshelo jwa gagwe.

27 Mme jaana Noa a bona letlhogonolo mo matlhong a Morena; gonne Noa ene e le monna yo o siameng, mme a itekanetse mo tshikeng ya gagwe; mme a tsamaya le Modimo, jaaka go dirile le gone barwa ba gagwe ba bararo, Sheme, Hamo, le Jafethe.

28 Lefatshe le ne le bodile fa pele ga Modimo, mme le ne le tletse ka thubakanyo.

29 Mme Modimo a leba lefatshe, mme, bonang, le ne le bodile, gonne nama yotlhe e bodisitse mokgwa wa yone mo lefatsheng.

30 Mme Modimo a raya Noa a re: Bokhutlo jwa nama yotlhe bo fitlhile fa pele ga me, gonne lefatshe le tletse thubakanyo, mme bona ke tlaa senya nama yotlhe go e tlosa mo lefatsheng.