Scriptures
Moše 7


Kgaolo 7

(Sedimonthole 1830)

Enoko o a ruta, etelela batho pele, le go sutisa dithaba—Toropo ya Sione e a tlhomamisiwa—Enoko o bonelapele go tla ga Morwa Motho, tefetso ya Gagwe ya setlhabelo, le tsogo ya Baitshepi—O bonelapele Tsosoloso, Phuthego, Go Tla ga Bobedi, le go boela ga Sione.

1 Mme ga diragala gore Enoko a tsweledise puo ya gagwe, a re: Bonang, rraarona Atamo o rutile dilo tse, mme bontsi bo dumetse mme ba nna barwa Modimo, mme bontsi ga bo a dumela, mme ba swetse mo dibeng tsa bone, mme ba lebeletse ka poifo, mo tlhokofatsong, kgalefo e e molelo ya tshakalo ya Modimo go goromelediwa mo go bone.

2 Mme go tswa mo lobakeng leo Enoko a simolola go perofesa, a bolelela batho, gore: Jaaka ke ne ke tsamaya, mme ka ema mo lefelong Mahuja, mme ka goela kwa go Morena, koo ga tla lentswe go tswa kwa legodimong, le re—Fapoga, mme o tlhatlogele mo thabeng ya Simeone.

3 Mme ga diragala gore ke fapoge mme ka tlhatlogela kwa thabeng; mme jaaka ke eme mo thabeng, Ka bona magodimo a atlhamologa, mme ke ne ka apesiwa ka kgalalelo;

4 Mme ka bona Morena; mme o ne a eme fa pele ga sefatlhogo sa me, mme a bua le nna, fela jaaka motho a bua le yo mongwe, re lebanye difatlhogo; mme a nthaya a re: Leba, mme ke tlaa go supegetsa lefatshe ka lobaka lwa ditshika tse dintsi.

5 Mme ga diragala gore ke bone mo mogogorong wa Shume, mme bonang, batho ba le bantsi ba ba neng ba nna mo ditanteng, ba e neng e le batho ba Shume.

6 Mme gape Morena a nthaya a re: Leba; mme ka leba ntlheng ya bokone, mme ka bona batho ba Kanana, ba ba neng ba nna mo ditanteng.

7 Mme Morena a nthaya a re: Perofesa; mme ka perofesa, ke re: Bona batho ba Kanana, ba ba boidiidi, ba tlaa tswela pele mo tlhabanong kgatlhanong le batho ba Shume, mme ba tlaa ba bolaya mo e leng gore ba tlaa bolaiwa gotlhelele; mme batho ba Kanana ba tlaa ikgaoganya mo lefatsheng, mme lefatshe le tlaa seka le ungwa mme le tlaa tlhoka loungo, mme ga go batho bape ba ba tlaa nna koo fa e se batho ba Kanana;

8 Gonne bona, Morena o tlaa hutsa lefatshe ka mogote o mogolo, mme go tlhoka go ungwa ga lone go tlaa tswela pele ka bosenang bokhutlo; mme go ne go na le bontsho jo bo tlileng mo baneng botlhe ba Kanana, mo e leng gore ba ne ba nyaditswe mo gare ga batho botlhe.

9 Mme ga diragala gore Morena a ntheye a re: Leba; mme ka leba, mme ka bona lefatshe la Sharone, le lefatshe la Enoko, le lefatshe la Omena, le lefatshe la Heni, le lefatshe la Sheme, le lefatshe la Hane, le lefatshe la Hananiha, le banni botlhe ba one;

10 Mme Morena a nthaya a re: Ya kwa bathong ba, mme o ba reye o re—Ikwatlhaye, e sere gongwe Ke tswe mme Ka ba itaya ka phutso, mme ba swe.

11 Mme a nneela taelo gore ke tshwanetse go kolobetsa mo leineng la Rara, le la Morwa, yo o tletseng ka tshegofatso le boammaaruri, le ka Mowa o o Boitshepo, o o supang tshupo ya ga Rara le Morwa.

12 Mme ga diragala gore Enoko a tswelele go bitsa batho botlhe, fa e se e ne e le batho ba Kanana, go ikwatlhaya;

13 Mme e ne e le kgolo mo go kalo tumelo ya ga Enoko mo e leng gore o ne a etelela pele batho ba Modimo, mme baba ba bone ba tla go ba tlhabantsha; mme a bua lefoko la Morena, mme lefatshe la roroma, mme dithaba tsa tshaba, le e leng go ya ka taelo ya gagwe; mme dinoka tsa metsi di ne tsa fetola go elela ga tsone; le go duma ga ditau gone ga utlwiwa go tswa mo nageng; mme ditšhaba tsotlhe tsa boifa mo gogolo, le ne le le maatla jalo lefoko la ga Enoko, mme e ne e le kgolo jalo thata ya puo e Modimo a mo e neetseng.

14 Koo le gone ga runya lefatshe go tswa mo boteng jwa lewatle, mme e ne e le kgolo jalo poifo ya baba ba batho ba Modimo, mo e leng gore ba ne ba tshaba mme ba emela kgakajana mme ba tsamaela mo lefatsheng le le runtseng mo boteng jwa lewatle.

15 Mme mekaloba ya lefatshe, le yone, ya emela kgakajana; mme ga ya phutso mo bathong botlhe ba ba neng ba tlhabana le Modimo;

16 Mme go tswa mo nakong eo go ne go na le dintwa le tshololo ya madi mo gare ga bone; mme Morena a tla mme a nna le batho ba gagwe, mme ba nna mo tshiamong.

17 Poifo ya Morena e ne e le mo ditšhabeng tsotlhe, e ne e le kgolo jalo kgalalelo ya Morena, e e neng e le mo bathong ba gagwe. Mme Morena a segofatsa lefatshe, mme ba ne ba segofadiwa mo dithabeng, le mo mafelo a kwa godimo, mme ba tlhogonolofala.

18 Mme Morena a bitsa batho ba gagwe Sione, ka ntlha ya gore ba ne ba le pelo nngwefela le tlhaloganyo e le nngwefela, e bile ba nna mo tshiamong; mme go ne go sena bahumanegi mo gare ga bone.

19 Mme Enoko a tsweledisa thero ya gagwe mo tshiamong mo bathong ba Modimo. Mme ga diragala mo malatsing a gagwe, gore o ne a aga toropo eo e e neng e bidiwa Toropo ya Boitshepo, e bong Sione.

20 Mme ga diragala gore Enoko a bue le Morena; mme a raya Morena a re: Ruri Sione o tlaa nna mo pabalesegong ka bosenang bokhutlo. Mme Morena a raya Enoko a re: Ke segofaditse Sione, mme masalela a batho ke a hutsitse.

21 Mme ga diragala gore Morena a supegetse Enoko banni botlhe ba lefatshe; mme a bona, mme bona, Sione, mo tsamaong ya nako, o ne a tlhatlosediwa kwa legodimong. Mme Morena a raya Enoko a re: Bona bonno jwa me ka bosenang bokhutlo.

22 Mme Enoko le gone a bona masalela a batho a e neng e le barwa Atamo; mme ba ne e le kopakopanyo ya peo yotlhe ya ga Atamo fa e se peo ya ga Kaene, gonne peo ya ga Kaene e ne e le ntsho, mme ba ne ba sena bonno mo gare ga bone.

23 Mme morago ga gore Sione a tlhatlosediwe kwa legodimong, Enoko a bona, mme bona, ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe tse di neng di le fa pele ga gagwe;

24 Mme ga tla tshika mo tshikeng; mme Enoko o ne a le kwa godimo mme a tsholeditswe, le e leng mo sehubeng sa ga Rara, le sa Morwa Motho; mme bona, thata ya ga Satane e ne e le mo sefatlhegong sotlhe sa lefatshe.

25 Mme a bona baengele ba fologa go tswa kwa legodimong; mme a utlwa lentswe le le kwa godimo le re: Bohutsana, bohutsana bo nne mo banning ba lefatshe.

26 Mme a bona Satane; mme o ne a tshotse keetane e kgolo mo seatleng sa gagwe, mme ya bipa sefatlhego sotlhe sa lefatshe ka lefifi; mme a leba kwa godimo mme a tshega, mme baengele ba gagwe ba itumela.

27 Mme Enoko a bona baengele ba fologa go tswa kwa legodimong, ba supa tshupo ya ga Rara le Morwa; mme Mowa o o Boitshepo wa wela mo go ba le bantsi, mme ba ne ba tsholediwa ka dithata tsa legodimo mo Sione.

28 Mme ga diragala gore Modimo wa legodimo a lebe mo masaleleng a batho, mme a lela; mme Enoko a supa tshupo ya gone, a re: Go tla jang gore magodimo a lele, mme a tsholole dikeledi tsa one jaaka pula mo dithabeng?

29 Mme Enoko a raya Morena a re: Go tla jang gore o ka lela, ke bona gore o boitshepo, mme go tswa bosakhutleng jotlhe go ya bosakhutleng jotlhe?

30 Mme fa gone go sa pale gore motho a bale dintlha tsa lefatshe, ee, di dikadike tsa mafatshe go tshwana le le, e tlaa bo e se tshimologo ya palo ya tlholego ya tsone; mme digaretene tsa one di santse di phutholotswe; mme le fa go ntse jalo o teng koo, le sehuba sa gago se koo, mme le gone o siame; o kutlwelobotlhoko le pelonomi ka bosenang bokhutlo

31 Mme o tlhatloseditse Sione mo sehubeng sa gago, go tswa mo dibopiweng tsotlhe tsa gago, go tswa bosakhutleng jotlhe go ya bosakhutleng jotlhe; mme sepe fa e se kagiso, tshiamiso, le boammaaruri ke bonno jwa setilo sa gago sa bogosi; mme kutlwelobotlhoko e tlaa tsamaya fa pele ga sefatlhogo sa gago mme e sena bokhutlo; go tla jang gore o ka lela?

32 Morena a raya Enoko a re: Bona ba bakaulengwe ba gago; ke ditiro tsa diatla tsa me, mme ke ba neetse kitso ya bone, mo letsatsing le ke ba tlhodileng ka lone; mme mo Tshimong ya Etene, ke neetse motho boikgethelo jwa gagwe;

33 Mme mo bakaulengweng ba gago ke rile, le gone ke neetse taelo, gore ba tshwanetse go ratana, le gore ba e intshenkele, rraabone, mme bona, ga ba na lorato, mme ba tlhoile madi a bone;

34 Mme molelo wa kgalefo ya me o a ba tukela; mme mo kutlobotlhokong ya me e e mogote ke tlaa ba romelela merwalela, gonne bogale jwa me bo a ba tukela.

35 Bona, Ke Modimo; Monna wa Boitshepo ke leina la me; Monna wa Kgakololo ke leina la me; mme Bosafeleng le Bosakhutleng, ke maina a me le one.

36 Ke gone, Ke ka otlolola diatla tsa me mme ke tshware dibopiwa tsotlhe tse ke di dirileng; mme leitlho la me le ka di tlhaba le gone, mme mo gare ga tiro tsa diatla tsa me ga go ise go nne le boikepo jo bo kana jaaka mo gare ga bakaulengwe ba gago.

37 Mme bona, dibe tsa bone di tlaa nna mo ditlhogong tsa borraabone; Satane o tlaa nna rraabone, madimabe e tlaa nna tshekiso ya bone; mme magodimo otlhe a tlaa ba lelela, le e leng tiro tsotlhe tsa diatla tsa me; ke gone a magodimo ga a tshwanela go lela, a bona gore ba ba tlaa bogisega?

38 Mme bona, ba ba matlho a gago a leng mo go bone ba tlaa nyelediwa mo merwaleleng; mme bona, Ke tlaa ba kgaola; kgolegelo ke e ba baakanyeditse.

39 Mme yoo ke mo itshenketseng o rapetse fa pele ga sefatlhogo sa me. Ke gone, o bogela dibe tsa bone; e re ka ba tlaa ikwatlhaya mo letsatsing leo moitshenkedwi wa me a tlaa boelang kwa go nna, mme go fitlhelela letsatsi leo ba tlaa nna mo tlhokofalong;

40 Ke gone, ka se magodimo a tlaa lela, ee, le tsotlhe ditiro tsa diatla tsa me.

41 Mme ga diragala gore Morena a bue le Enoko, mme a bolelela Enoko tsotlhe ditiro tsa bana ba batho; ke go ne Enoko a itse, mme a bona boikepo jwa bone, le madimabe a bone mme a lela le go otlolola matsogo a gagwe, mme pelo ya gagwe ya ruruga ka bophara jaaka bosakhutleng; mme dijelo tsa gagwe tsa eletsa; mme bosakhutleng jotlhe jwa tshikinyega.

42 Mme Enoko le gone a bona Noa, le lolwapa lwa gagwe; gore dikokomana tsotlhe tsa barwa Noa di tlaa bolokwa ka poloko ya lobaka lono fela;

43 Ke gone Enoko a bona gore Noa o agile areka; le gore Morena wa e kgatlhegela, mme a e tshwara ka diatla tsa gagwe; mme mo masaleleng a baikepi ga tla merwalela mme ya ba nyeletsa.

44 Mme jaaka Enoko a bona se, a nna le botlhoko jwa mowa, mme a lelela bakaulengwe ba gagwe, mme a raya magodimo a re: Ke tlaa gana go gomodiwa; mme Morena a raya Enoko a re: Tsholetsa pelo ya gago, mme o itumele; mme bona.

45 Mme ga diragala gore Enoko a lebe; mme go tswa kwa go Noa, a bona malwapa otlhe a lefatshe; mme a goela kwa go Morena, a re: Letsatsi la Morena le tlaa tla leng? Madi a Mosiami a tlaa tshololwa leng, gore botlhe ba ba hutsafalang ba ka itshepisiwa mme ba nna le botshelo jo bo sa khutleng?

46 Mme Morena a re: Go tlaa nna mo gareng ga dinako, mo malatsing a boikepo le pusoloso.

47 Mme bona, Enoko a bona letsatsi la go tla ga Morwa Motho, le e leng mo nameng; mme mowa wa gagwe wa ipela, o re: Mosiami o tlhatlositswe, mme Kwana e bolailwe go tswa kwa motheong wa lefatshe; mme ka tumelo ke mo sehubeng sa ga Rara, mme bona, Sione o na le nna.

48 Mme ga diragala gore Enoko a lebe mo lefatsheng; mme a utlwa lentswe go tswa mo boteng jwa lone, le re: Bohutsana, go hutsegile nna, mmaagwe batho; Ke botlhoko, ke lapile, ka ntlha ya boikepo jwa banake. Ke tlaa itapolosa leng, mme ka ntlafadiwa mo makgamatheng a a duleng mo go nna? Mmopi wa me o tlaa intshepisa leng, gore Ke ka itapolosa, mme tshiamo ya nna mo sefatlhogong sa me ka sebakanyana?

49 Mme fa Enoko a utlwa lefatshe le kuruetsa, a lela, mme a goela kwa go Morena, a re: Ao! Morena, a o ka seka wa nna pelotlhomogi mo lefatsheng? A o ka seka wa segofatsa bana ba ga Noa?

50 Mme ga diragala gore Enoko a tsweledise go goela ga gagwe kwa go Morena, a re: Ke a go kopa, Ao! Morena, mo leineng la Yo o Tsetsweng a le Esi, e bong Jeso Keresete, gore o nne le kutlwelobotlhoko mo go Noa le peo ya gagwe, gore lefatshe le se kitle le tlhola le bipiwa ke merwalela.

51 Mme Morena a se ka a gana; mme a golagana le Enoko, mme a mo ikanela ka maikano, gore o tlaa emisa merwalela; le gore o tlaa bitsa bana ba ga Noa;

52 Mme a romela tao e e sa fetogeng, gore masalela a peo ya gagwe ka metlha a fitlhelwe mo gare ga ditšhaba tsotlhe, fa lefatshe le sa le teng;

53 Mme Morena a re: Go sego ene yo ka peo ya gagwe Mesia a tlaa tlang; gonne a re—Ke Mesia, Kgosi ya Sione, Lefika la Legodimo, le le bophara jaaka bosakhutleng; le fa e le mang yo o tsenang mo kgorong mme a pagamela ka nna ga a kitla a wa; ke gone, go sego bone ba ke buileng ka bone, gonne ba tlaa tla ka dikopelo tsa boitumelo jo bo sa khutleng.

54 Mme ga diragala gore Enoko a lelele kwa go Morena, a re: Fa Morwa Motho a tla mo nameng, a lefatshe le tlaa itapolosa? Ke a go rapela, mpontshe dilo tse.

55 Mme Morena a raya Enoko a re: Leba, mme a leba mme a bona Morwa Motho a tlhatloga mo sefapaanong, ka fa mokgweng wa batho;

56 Mme a utlwa lentswe le le kwa godimo; mme magodimo a ne a sirilwe; mme dibopiwa tsotlhe tsa Modimo tsa hutsafala; mme lefatshe la gogomoga ka kutlobotlhoko; mme mafika a ne a kgaogana; le baitshepi ba emelela, mme ba rweswa mo seatleng sa moja sa Morwa Motho, ka dikorone tsa kgalalelo;

57 Mme jaaka bontsi jwa mewa bo ne bo le mo kgolegelong jwa tswa, mme jwa ema mo seatleng sa moja sa Modimo; mme masalela a bewa mo dikeetaneng tsa lefifi go fitlhelela katlholo ya letsatsi le legolo.

58 Mme gape Enoko a lela mme a goela kwa go Morena, a re: lefatshe le tlaa itapolosa leng?

59 Mme Enoko a bona Morwa Motho a tlhatlhogela kwa go Rara; mme a bitsa Morena, a re: A ga o nke o tle gape mo lefatsheng? E re ka o le Modimo, mme ke go itse, mme o ikanetse, le go ntaela gore ke tshwanetse go kopa mo leineng la Yo o Tsetsweng a le Esi; o ntirile, mme o neetse tshwanelo mo setilong sa gago sa bogosi, mme e seng ka bo nna, mme ka tshegofatso ya gago; ke gone, Ke go botsa gore a ga o kitla o tla gape mo lefatsheng.

60 Mme Morena a raya Enoko a re: Jaaka ke tshedile, fela jalo ke tlaa tla mo malatsing a bofelo, mo malatsing a boikepo le pusoloso, go diragatsa maikano a ke a dirileng mo go wena mabapi le bana ba ga Noa;

61 Mme letsatsi le tlaa tla leo lefatshe le tlaa itapolosang, mme pele ga letsatsi leo magodimo a tlaa fifala, mme sesiro sa lefifi se tlaa khurumetsa lefatshe; mme magodimo a tlaa tlakasela, mme le lone lefatshe; mme dipitlagano tse dikgolo di tlaa nna mo gare ga bana ba batho, mme batho ba me ke tlaa ba dibela;

62 Mme tshiamo ke tlaa e romela go tswa kwa legodimong; mme boammaaruri ke tlaa bo romela go tswa mo lefatsheng, go supa tshupo ya Yo o Tsetsweng a le Esi; tsogo ya gagwe mo baswing; ee, mme le yone tsogo ya batho botlhe; mme tshiamo le boammaaruri ke tlaa dira gore di feele lefatshe jaaka e kete ka morwalela, go kgobokanyetsa baitshenkedwi ba me mo dintlheng tse nne tsa lefatshe, mo lefelong le ke tlaa le baakanyang, toropo e e Boitshepo, gore batho ba me ba ka tlama matheka a bone, mme ba lebelela nako ya go tla ga me, gonne koo go tlaa nna motlaagana wa me, mme o tlaa bidiwa Sione, Jerusalema o Mosha.

63 Mme Morena a raya Enoko a re: Ka lobaka loo wena le toropo yotlhe ya gago lo tlaa ba kopantshang koo, mme re tlaa ba amogela mo sehubeng sa rona, mme ba tlaa re bona; mme re tlaa wela mo dithamong tsa bone, mme ba tlaa wela mo dithamong tsa rona, mme re tlaa atlana;

64 Mme koo go tlaa nna bonno jwa me, mme e tlaa nna Sione, o o tlaa tswang mo dibopiweng tsotlhe tse ke di dirileng; mme ka lobaka lwa dingwaga tse disekete lefatshe le tlaa itapolosa.

65 Mme ga diragala gore Enoko a bone letsatsi la go tla ga Morwa Motho, mo malatsing a bofelo, go nna mo lefatsheng mo tshiamong ka lobaka lwa dingwaga tse di sekete;

66 Mme pele ga letsatsi leo a bona dipitlagano tse dikgolo mo gare ga baikepi; mme le gone a bona lewatle, gore le ne le fuduega, mme dipelo tsa batho tsa idibala, ba lebeletse ka poifo dikatlholo tsa Modimo Mothatayotlhe, tse di tlaa tlang mo baikeping.

67 Mme Morena a supegetsa Enoko dilo tsotlhe, le e leng go ya kwa bokhutlong jwa lefatshe; mme a bona letsatsi la basiami, oura ya thekololo ya bone, mme ba amogela botlalo jwa boitumelo;

68 Mme malatsi otlhe a Sione, mo malatsing a ga Enoko, e ne e le dingwaga di le makgolo a mararo le masome a marataro le botlhano.

69 Mme Enoko le batho botlhe ba gagwe ba tsamaya le Modimo, mme a nna mo gare ga Sione; mme ga diragala gore Sione a bo a seo, gonne Modimo o ne a mo amogetse kwa godimo mo sehubeng sa gagwe; mme go tswa foo ga tswa lefoko le re, Sione o Tshabile.