Scriptures
Moše 5


Kgaolo 5

(Seetebosigo–Phalane 1830)

Atamo le Efa ba tshola bana—Atamo o ntsha setlhabelo le go direla Modimo—Kaene le Abele ba a tsholwa—Kaene wa ingaola, o rata Satane go feta Modimo, mme a nna Tatlhego—Polao le boikepi di a anama—Efangele e rerwa go tswa kwa tshimologong.

1 Mme ga diragala gore morago ga Nna, Morena Modimo, ke sena go ba lelekela, gore Atamo a simolola go lema lefatshe, le go nna le taolo mo diphologolong tsotlhe tsa naga, le go ja dijo ka mofufutso wa phatlha ya gagwe, jaaka nna Morena ke mo laotse. Mme Efa, le ene, mosadi wa gagwe, a dira le ene.

2 Mme Atamo a itse mosadi wa gagwe, mme a mo tsholela barwa le barwadie, mme ba simolola go ntsifala le go ata mo lefatsheng.

3 Mme go tswa mo nakong eo, barwa le barwadie Atamo ba simolola go kgaogana ka bobedi le bobedi mo lefatsheng, le go lema lefatshe, le go tlhokomela leruo, mme le bone ba tshola barwa le barwadi.

4 Mme Atamo le Efa, mosadi wa gagwe, ba bitsa leina la Morena, mme ba utlwa lentswe la Morena go tswa mo tseleng e e ntlheng ya Tshimong ya Etene, a bua le bone, mme ba seka ba mmona; gonne ba ne ba kgaotswe mo boleng teng jwa gagwe.

5 Mme a ba neela ditaelo, gore ba obamele Morena Modimo wa bone, le gore ba tshwanetse go ntsha maitibolo a letsomane la bone, e le tshupelo ya Morena. Mme Atamo o ne a obamela ditaelo tsa Morena.

6 Mme morago ga malatsi a mantsi moengele wa Morena a bonala mo go Atamo, a re: Ka ntlha yang o ntshetsa Morena ditlhabelo? Mme Atamo a mo raya a re: Ga ke itse, fa e se fela gore Morena o ntaetse.

7 Mme ke gone moengele a bua, a re: Selo se ke tshwano ya setlhabelo sa Yoo Tsetsweng a le Esi wa ga Rara, yo o tletseng ka letlhogonolo le boammaruri.

8 Ke gone, o tlaa dira tsotlhe tseo o di dirang mo leineng la Morwa, mme o tlaa ikwatlhaya le go bitsa Modimo mo leineng la Morwa ka bosenang bokhutlo.

9 Mme mo letsatsing leo Mowa o o Boitshepo wa fologela mo go Atamo, o o supang tshupo ka ga Rara le Morwa, o re: Ke nna Yo o Tsetsweng a le Esi wa ga Rara go tswa kwa tshimologong, go tswa fa le ka bosenang bokhutlo, gore jaaka o wele o ka rekololwa, le batho botlhe, le e leng bontsi jo bo tlaa ratang.

10 Mme mo letsatsing leo Atamo a baka Modimo mme a tlala ka Mowa o o Boitshepho, mme a simolola go porofesa mabapi le malwapa otlhe a lefatshe, a re: A go bakwe leina la Modimo, gonne ka ntlha ya tlolo matlho a me a bulegile, mme mo botshelong jo Ke tlaa nna le boitumelo, mme gape mo nameng Ke tlaa bona Modimo.

11 Mme Efa, mosadi wa gagwe, a utlwa dilo tse tsotlhe mme a itumela, a re: Fa e ne e se ka tlolo ya rona re ka bo ka gope re sa nna le peo, mme ka gope re sa itse molemo le bosula, le boitumelo jwa thekololo ya rona, le botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo a bo nayang botlhe ba ba obamelang.

12 Mme Atamo le Efa ba baka leina la Modimo, mme ba itsise barwa le barwadie ba bone dilo tsotlhe.

13 Mme Satane a tla mo gare ga bone, a re: le nna ke morwa Modimo; mme a ba laola, a re: Se di dumeleng; mme ba seka ba di dumela, mme ba rata Satane go feta Modimo. Mme batho ba simolola e sale ka go tswa mo lobakeng loo go nna selefatshe, senama, le sediabole.

14 Mme Morena Modimo a bitsa batho ka Mowa o o Boitshepo mo ntlheng tsotlhe mme a ba laela gore ba tshwanetse go ikwatlhaya;

15 Mme bontsi jo bo neng jwa dumela mo go Morwa, le go ikwatlhaela dibe tsa bone, bo tlaa bolokwa; mme bontsi jo bo neng jwa seka jwa dumela mme jwa seka jwa ikwatlhaya, bo tlaa hutsiwa; mme mafoko a tswela pele go tswa mo molomong wa Modimo ka tao e e tlhomameng; ke gone a tshwanetse go diragadiwa.

16 Mme Atamo le Efa, mosadi wa gagwe, ba seka ba emisa go bitsa Modimo. Mme Atamo a itse mosadi wa gagwe Efa, mme a ithwala mme a tshola Kaene, mme a re: Ke tshotse monna go tswa go Morena; ke gone a ka se gane mafoko a gagwe. Mme bona, Kaene a seka a reetsa, a re: Morena ke mang mo e leng gore Ke tshwanetse go mo itse?

17 Mme a ithwala gape mme a tshola morwarragwe Abele. Mme Abele a reetsa lentswe la Morena. Mme Abele e ne e le modisa wa dinku, mme Kaene e ne ele molemi wa mmu.

18 Mme Kaene a rata Satane go feta Modimo. Mme Satane a mo laela, a re: Direla Morena tshupelo.

19 Mme ga dirgala gore mo tsamaong ya nako Kaene a tlisa leungo la mmu e le tshupelo mo go Morena.

20 Mme Abele, le ene a tlisa maitibolo a letsomane la gagwe, le mafura a lone. Mme Morena a amogela Abele, le tshupelo ya gagwe;

21 Mme mabapi le Kaene, le tshupelo ya gagwe, a se ka a e amogela. Jaanong Satane o ne a itse se, mme se sa mo kgatlha. Mme Kaene a nna bogale thata, mme sefatlhogo sa gagwe sa bifa.

22 Mme Morena a raya Kaene a re: A na o galefetseng? Ka ntlhayang sefatlhogo sa gago se bifile?

23 Fa o dira sentle, o tlaa amogelwa. Mme fa o sa dire sentle, sebe se ipobile fa mojakong, e bile Satane o eletsa go go tsaya; mme fa e se o reetsa ditaelo tsa me, Ke tlaa go neela, mme go tlaa nna mo go wena go ya ka keletso ya gagwe. Mme o tlaa mo laola;

24 Gonne go tswa mo lobakeng lo o tlaa nna rre wa maaka a gagwe; o tlaa bidiwa Tatlhego; gonne le wena le gone o ne o le teng pele ga lefatshe le ise le nne.

25 Mme go tlaa buiwa mo lobakeng le le tlaa tlang—Gore makgapha a a amogetswe go tswa mo go Kaene; gonne o ganne kgakololo e kgolo e e neng e amogetsweng go tswa kwa Modimong; mme se ke phutso e ke tlaa e bayang mo go wena, fa e se o ikwatlhaya.

26 Mme Kaene a galefa, mme a seka a tlhola a reetsa lentswe la Morena, le fa e le Abele, morwarragwe, yo o neng a tsamaya mo boitshepong fa pele ga Morena.

27 Mme Atamo le mosadi wa gagwe ba hutsafala fa pele ga Morena, ka ntlha ya ga Kaene le bakaulengwe ba gagwe.

28 Mme ga diragala gore Kaene a tseye mongwe wa barwadie morwarraagwe go nna mosadi, mme ba rata Satane bogolo go Modimo.

29 Mme Satane a raya Kaene a re: Inkanele ka kgokgotso ya gago, mme fa o go bolela o tlaa swa; mme ikanise bakaulengwe ba gago ka ditlhogo tsa bone, le ka Modimo o o tshedileng, gore ba se go bolele; gonne fa ba ka go bolela, ruri ba tlaa swa; mme se gore rraago a ka se go itse; mme mo letsatsing le ke tlaa neela morwarrago Abele mo diatleng tsa gago.

30 Mme Satane a ikanela Kaene gore o tlaa dira go ya ka ditaelo tsa gagwe. Mme dilo tse tsotlhe di dirilwe mo sephiring.

31 Mme Kaene a re: Ka boammaaruri Ke Mahana, mong wa sephiri se segolo se, gore ke ka bolaya mme ka ipapalela. Ke gone Kaene o ne a bidiwa Mong Mahana, mme a ikgalaletsa mo boikepong jwa gagwe.

32 Mme Kaene a tsena mo nageng, mme Kaene a bua le Abele, morwarraagwe. Mme ga diragala ya re ba le kwa nageng, Kaene a kgomogela Abele, morwarraagwe, mme a mmolaya.

33 Mme Kaene a ikgantsha mo go seo se a se dirileng, a re: Ke gololesegile; ruri letsomane la morwarre le wela mo diatleng tsa me.

34 Mme Morena a raya Kaene a re: O kae Abele, morwarrago? Mme a re: Ga Ke itse. A Ke modisa wa ga morwarre?

35 Mme Morena a re: O dirile eng? Lentswe la madi a ga morwarrago le mpitsa le tswa mo mmung.

36 Mme jaanong o tlaa hutsiwa go tswa mo lefatsheng le le atlhamolotseng molomo wa lone go amogela madi a ga morwarrago go tswa mo seatleng sa gago.

37 Fa o lema mmu ga o kitla go tloga fa o go ntshetsa nonofo ya one. O tlaa nna mofaladi le mokgarakgatshegi mo lefatsheng.

38 Mme Kaene a raya Morena a re: Satane o nthaetse ka ntlha ya letsomane la morwarre. Mme ke ne ke le bogale thata le gone; gonne tshupelo ya gagwe o e amogetse mme e seng ya me; katlholo ya me e kgolo go feta mo nka go itshokelang.

39 Bona o ntelekile gompieno go tswa mo sefatlhogong sa Morena, mme ke tlaabo ke fitlhegetse sefatlhogo sa gago; mme Ke tlaa nna mofaladi le mokgarakgatshegi mo lefatsheng; mme go tlaa diragala, gore yoo tlaa mponang o tlaa mpolaya, ka ntlha ya ditshiamololo tsa me, gonne dilo tse ga di a fitlhega mo Moreneng.

40 Mme Nna Morena ka mo raya ka re: le fa e le mang yo o go bolayang, go tlaa busolosiwa mo go ene ga supa. Mme Nna Morena ka tlhoma sekao mo go Kaene, e sere gongwe mongwe yo a mmonang a mmolaye.

41 Mme Kaene a kgaolwa mo bo leng teng jwa Morena, mme le mosadi wa gagwe le bontsi jwa bakulengwe ba gagwe ba nna mo lefatsheng la Note, go pota Etene ka fa botlhabatsatsi.

42 Mme Kaene a itse mosadi wa gagwe, mme a ithwala mme a tshola Enoko, mme le ene a tshola barwa le barwadi ba bantsi. Mme a a aga toropo, mme a bitsa leina la toropo ka leina la morwa wa gagwe, Enoko.

43 Mme mo go Enoko go ne ga tsholwa Irate, le barwa le barwadi ba bangwe. Mme Irate a tshola Mahujaele, le barwa le barwadi ba bangwe. Mme Mahujaele a tshola Methusaele, le barwa le barwadi ba bangwe. Mme Methusaele a tshola Lameke.

44 Mme Lameke a tsaya basadi ba babedi; leina la yo mongwe e le Ata, mme leina la yo mongwe, Sila

45 Mme Ata a tshola Jabale; e ne e le rraagwe bone ba ba nnang mo ditanteng, mme e ne e le badisa ba dikgomo; mme leina la ga morwarraagwe e ne e le Jubale, yo e neng e le rraagwe botlhe ba ba letsang harepa le lotlhaka.

46 Mme Sila, le ene a tshola Tubale Kaene, mokaedi wa mongwe le mongwe modiri yo o maano wa borase le tshipi. Mme kgaitsadie Tubale Kaene o ne a bidiwa Naama.

47 Mme Lameke a raya basadi ba gagwe, Ata le Sila, a re: Utlwang lentswe la me, lona basadi ba ga Lameke, reetsang puo ya me; gonne Ke bolaile monna go nkgolafatsa, le lekawana go nkutlwisa botlhoko.

48 Fa Kaene a ka busolosediwa ga supa, ruri Lameke o tlaa busolosediwa ga masome a supa le metso e supa;

49 Gonne Lameke ka a ne a tsene mo kgolaganong le Satane, ka fa mokgweng wa ga Kaene, e ka yone a nnileng Mong Mahana, mong wa sephiri seo se se segolo se se diretsweng Kaene ke Satane; mme Irate, morwa Enoko, a itsile sephiri sa bone, a simolola go se senolela barwa Atamo;

50 Ke gone Lameke, a galifile, a mmolaya, e seng jaaka Kaene, a bolaile morwarraagwe Abele, ka ntlha ya go ipapalela, mme o mmolaile ka ntlha ya maitlamo.

51 Gonne, e sale ka go tswa ka malatsi a ga Kaene, go ne go na le makunutu a sephiri, mme ditiro tsa one di ne di le mo lefifing, mme mongwe le mongwe o ne a itse mokaulengwe wa gagwe.

52 Ke gone Morena a hutsa Lameke, le ba ntlo ya gagwe, le botlhe bao ba dirileng kgolagano le Satane; gonne ba ne ba sa tshegetse ditaelelo tsa Modimo, mme ga seka ga itumedisa Modimo, mme a seka a ba direla, mme ditiro tsa bone e ne e le makgapha, mme a simolola go anama mo gare ga barwa batho botlhe. Mme a ne a le mo gare ga barwa batho.

53 Mme mo gare ga barwadie batho dilo tse di ne di sa buiwe, ka ntlha ya gore Lameke o boleletse basadi ba gagwe sephiri, mme ba mo tsogologela, mme ba bolela dilo tse kwantle, mme ba ne ba sena pelotlhomogi;

54 Ke gone Lameke o ne a nyadiwa, mme a lelekwa, mme a se ka a tla mo gare ga barwa batho, e sere gongwe a swa.

55 Mme jaana ditiro tsa lefifi tsa simolola go anama mo gare ga barwa batho botlhe.

56 Mme Modimo a hutsa lefatshe ka phutso e botlhoko, e bile o ne a galefetse baikepi, le barwa batho botlhe ba a ba dirileng;

57 Gonne ba ne ba sa utlwe lentswe la gagwe, le fa e le go dumela mo Morweng wa gagwe Yoo Tshotsweng a le Esi, e bong ene yo o boletseng ka go tla gare ga dinako, yo o neng a baakantsweng e sale pele ga motheo wa lefatshe.

58 Mme jaana Efangele ya simolola go rerwa, go tswa kwa tshimologong, e bolelwa ke baengele ba ba boitshepo ba ba rometsweng go tswa kwa boleng teng jwa Modimo, le ka lentswe la gagwe, le ka neo ya Mowa o o Boitshepo.

59 Mme jaana dilo tsotlhe di ne tsa tlhomamisiwa mo go Atamo, ka tao e e boitshepo, le Efangele e rerwa, le tao e ntshitswe, gore e ka nna mo lefatsheng, go fitlhelela bokhutlo jwa lone; mme ga nna jalo. Amene.