Scriptures
Moše 3


Kgaolo 3

(Seetebosigo–Phalane 1830)

Modimo o tlhodile dilo tsotlhe semowa pele ga di nna ka tlholego mo lefatsheng—O tlhodile monna, motho wa ntlha, mo lefatsheng—Mosadi ke thuso e e lebanyeng monna.

1 Jaana legodimo le lefatshe tsa wediwa, le masomosomo otlhe a tsone.

2 Mme mo letsatsing la bosupa Nna, Modimo, ka wetsa tiro ya me, le dilo tsotlhe tse ke di dirileng; mme ka ikhutsa ka letsatsi la bosupa mo ditirong tsotlhe tsa me, mme dilo tsotlhe tse ke neng ke di dirile di ne di weditswe, mme Nna, Modimo, ka bona gore di molemo;

3 Mme Nna, Modimo, ka segofatsa letsatsi la bosupa, mme ka le itshepisa; gonne mo go lone Ke ne ka ikhutsa mo tirong yotlhe ya me e Nna, Modimo, ke e tlhodileng mme ka e dira.

4 Mme jaanong, bona, ke a go raya, gore tse ke tsone ditshimologo tsa legodimo le lefatshe, fa di ne di tlhodiwa, mo letsatsing le Nna, Morena Modimo, ke dirileng legodimo le lefatshe,

5 Le sejalo sengwe le sengwe sa naga pele ga se nna mo lefatsheng, le setlhatshana sengwe le sengwe sa naga pele ga se tlhoga. Gonne Nna, Morena Modimo, ke tlhodile dilo tsotlhe, tse ke buileng ka tsone, semowa, pele ga di nna ka tlholego mo lefatsheng. Gonne Nna, Morena Modimo, ke ne ke ise ke nese pula mo sefatlhogong sa lefatshe. Mme Nna, Morena Modimo, ke ne ke tlhodile bana botlhe ba batho; mme go ne go ise go nne le motho yo o lemang lefatshe; gonne mo legodimong Ke ne ke ba tlhodile; mme go ne go ise go nne le sebopiwa mo lefatsheng, le fa e le mo metsing, le fa e le mo loaping;

6 Mme Nna, Morena Modimo, ka bua, mme ga tlhatlhoga mouwane mo lefatsheng, mme wa nosetsa mmu otlhe.

7 Mme Nna, Morena Modimo, ka bopa motho ka lorole la mmu, mme ka budulela Mowa wa botshelo mo dinkong tsa gagwe; mme motho a nna mowa o o tshedileng, sebopiwa sa ntlha mo lefatsheng, le motho wa ntlha le gone; le fa go ntse jalo, dilo tsotlhe di ne di tlhodilwe pele; mme di ne di tlhodilwe semowa le go dirwa go ya ka lefoko la me.

8 Mme Nna, Morena Modimo, ka baya tshimo ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi mo Etene, mme ka baya gone motho yo ke mmopileng.

9 Mme Nna, Morena Modimo, ka medisa mo mmung setlhare sengwe le sengwe, ka tlholego, se se kgatlhang matlho a motho; mme gore motho o ka se bona. Mme le sone sa nna sebopiwa se se tshedileng. Gonne se ne se le semowa mo letsatsing le ke se tlhodileng; gonne se nna mo kgolokweng e Nna, Modimo, ke se tlhodileng mo go yone, ee, le e leng dilo tsotlhe tse ke di baakanyeditseng tiriso ya motho; mme motho a bona gore se molemo go jewa. Mme Nna, Morena Modimo, ka tlhoma setlhare sa botshelo le sone mo gare ga tshimo, mme le sone setlhare sa kitso ya molemo le bosula.

10 Mme Nna, Morena Modimo, ka dira noka go tswa mo Etene go nosetsa tshimo; mme ya re go tswa foo ya kgaogana, ya nna maphata a le mane.

11 Mme Nna, Morena Modimo, ka bitsa ya ntlha Pisone, mme e potologa lefatshe lotlhe la Hafila, kwa Nna, Morena Modimo, ke dirileng gouta e ntsi;

12 Mme gouta ya lefatshe leo e ne e le molemo, mme go ne go na le beteliuma le letlapa la berule.

13 Mme leina la noka ya bobedi e ne e le Gihone; yone e e potologang lefatshe lotlhe la Ethiopia.

14 Mme leina la noka ya boraro e ne e le Hitekele; eo e e yang ntlheng ya botlhabatsatsi jwa Asiria. Mme noka ya bone e le Euforatese.

15 Mme Nna, Morena Modimo, ka tsaya monna, mme ka mmaya mo Tshimong ya Etene, go e baakanya, le go e lebelela.

16 Mme Nna, Morena Modimo, ka laola monna, ke re: O ka ja setlhare sengwe le sengwe sa tshimo ka kgololesego,

17 Mme setlhare sa kitso ya molemo le bosula, o seka wa se ja, le fa gontse jalo, o ka ikgethela, gonne o go neetswe; mme, gakologelwa gore ke a se iletsa, gonne ka letsatsing le o tlaa se jang ruri o tlaa swa.

18 Mme Nna, Morena Modimo, ka raya wa me Yoo Tsetsweng a le Esi, gore ga go molemo gore monna a ka nna a le esi; ke gone, Ke tlaa mo direla thuso e e mo lebanyeng.

19 Mme go tswa mo mmung Nna, Morena Modimo, ka bopa phologolo nngwe le nngwe ya naga, le nonyane nngwe le nngwe ya loapi; mme ka laola gore di tle kwa go Atamo, go bona ka fa a tlaa di bitsang; mme le tsone e ne e le dibopiwa tse di tshedileng; gonne Nna, Modimo, ke buduletse mowa wa botshelo mo go tsone, mme ka laola gore le fa e le eng se Atamo a tlaa bitsang sebopiwa sengwe le sengwe se se tshedileng, seo e tlaa nna leina la sone.

20 Mme Atamo a neela dikgomo tsotlhe maina, le nonyane tsa loapi, le phologolo nngwe le nngwe ya naga; mme mabapi le Atamo, ga seka ga bonwa thusoe e mo lebanyeng.

21 Mme Nna, Morena Modimo, ka thulametsa Atamo ka thulamelo e kgolo; mme a thulamela, mme ka ntsha legopo longwe lwa gagwe mme ka kopanya nama mo boemong jwa lone;

22 Mme legopo le Nna, Morena Modimo, ke lo ntshitseng mo monneng, Ka dira mosadi, mme ka mo isa kwa monneng.

23 Mme Atamo a re: Se jaanong ke a itse gore ke lerapo la marapo a me, le nama ya nama ya me; o tlaa bidiwa Mosadi, gonne o ntshitswe mo monneng.

24 Ke gone ka moo monna a tlaa tlogela rraagwe le mmaagwe, mme o tlaa ngaparela mosadi wa gagwe; mme ba tlaa nna bangwefela.

25 Mme botlhe ba ne ba sa ikatega, monna le mosadi wa gagwe, mme ba bo ba sena ditlhong.