Scriptures
Moše 4


Kgaolo 4

(Seetebosigo–Phalane 1830)

Ka fa Satane a nnileng Diabole ka teng—O raela Efa—Atamo le Efa ba a wa, mme loso lo tsena mo lefatsheng.

1 Mme Nna, Morena Modimo, ka bua le Moše, ke re: Satane yoo, yo o mo laotseng mo leineng la Yo o Tsetsweng a le Esi wa me, ke ene yoo yo o neng a le kwa tshimologong, mme o tlile fa pele ga me, a re—Bona, Ke fano, roma nna, ke tlaa nna morwao, mme ke tlaa rekolola batho botlhe, gore mowa ope o se ka wa latlhega, mme ruri ke tlaa dira jalo; ke gone nneele tlotlo ya gago.

2 Mme, bona, Morwaake yo o Rategang, yo e neng e le Moratwa le Moitshenkedwi kwa tshimologong, a nthaya a re—Rara, a thato ya gago e diragale, mme a kgalalelo e nne ya gago ka bosenang bokhutlo.

3 Ke gone, ka ntlha ya gore Satane o ntsogologetse, e bile a batlile go senya boikgethelo jwa motho, jo Nna, Morena Modimo, ke bo mo neetseng, mme le gone, gore ke ka mo neela thata ya me; ka thata ya Yoo Tsetsweng a le Esi wa me, Ke ne ka dira gore a digiwe;

4 Mme a nna Satane, ee, e bong diabole, rre wa maaka otlhe, go tsietsa le go foufatsa batho, le go ba gogela mo botshwarong ka thato ya gagwe, le e leng bontsi jo bo tlaa sekang bo reetsa lentswe la me.

5 Mme jaanong noga ya bo e le boferefere bogolo go diphologolo tsa naga tse Nna, Morena Modimo, ke neng ke di dirile.

6 Mme Satane a tsenya mo pelong ya noga, (gonne o ne a tlhotlheleditse bontsi go mo sala morago,) mme a batlile le gone go tsietsa Efa, ka a ne a sa itse tlhaloganyo ya Modimo, ke gone a batla go senya lefatshe.

7 Mme a raya mosadi a re: Ee, a Modimo o rile—Lo seka lwa ja setlhare sengwe le sengwe sa tshimo? (Mme a bua ka molomo wa noga.)

8 Mme mosadi a raya noga a re: Re ka a ja leungo la ditlhare tsa tshimo;

9 Mme leungo la setlhare se o se bonang mo gare ga tshimo, Modimo o rile—Lo seka lwa lo ja, le fa e le go lo ama, e sere kgotsa lwa a swa.

10 Mme noga ya raya mosadi ya re: Ruri ga lo kitla lo swa;

11 Gonne Modimo wa itse gore e tlaare mo letsatsing le lo le jang, ke gone matlho a lona a tlaa bulega, mme lo tlaa nna jaaka medimo, lo itse molemo le bosula.

12 Mme mosadi fa a bona gore setlhare se le molemo go jewa, se bile se kgatlhisa mo matlhong, mme e le setlhare se se eletsegang go mo tlhalefisa, a tsaya leungo la sone, mme a ja, mme le gone a neela monna wa gagwe a na le ene, mme a ja.

13 Mme matlho a bone boo babedi a bulega, mme ba lemoga fa ba ne ba sa ikatega. Mme ba rokaganya matlhare a mofeige mme ba itirela ditswalo.

14 Mme ba utlwa lentswe la Morena Modimo, jaaka ba ne ba tsamaya mo tshimong, fa letsatsi le fefa; mme Atamo le mosadi wa gagwe baya go iphitlha go tswa mo bo leng teng jwa Morena Modimo mo gare ga ditlhare tsa tshimo.

15 Mme Nna, Morena Modimo, ka bitsa Atamo, mme ka mo raya ka re: O ya kae?

16 Mme a re: Ke utlwile lentswe la gago mo tshimong, mme ka boifa, gonne ke bone gore ga ke a ikatega, mme ka iphitlha.

17 Mme Nna, Morena Modimo, ka raya Atamo ka re: Ke mang yo o go boleletseng gore o ne o sa ikatega? A o jele setlhare se ke go laetseng gore o seka wa seja, fa go le jalo ruri o tlaa swa?

18 Mme monna a re: mosadi yo o mo neetseng, mme wa laola gore ke nne nae, o nneetse leungo la setlhare mme Ka ja.

19 Mme Nna, Morena Modimo, ka raya mosadi ka re: Ke eng se o se dirileng? Mme mosadi a re: Noga e mphorile, mme ka ja.

20 Mme Nna, Morena Modimo, ka raya noga ka re; Gonne o dirile se o tlaa hutsiwa bogolo go dikgomo tsotlhe, le bogolo go phologolo nngwe le nngwe ya naga; o tlaa gopa ka mpa, mme o tlaa ja lerole ka malatsi otlhe a botshelo jwa gago;

21 Mme ke tlaa tsenya letlhoo fa gare ga gago le mosadi, fa gare ga peo ya gago le peo ya gagwe; mme o tlaa tlapetla tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.

22 Mo mosading, Nna, Morena Modimo, ka re: Ke tlaa ntsifatsa bohutsana jwa gago thata le go ithwala ga gago. O tlaa belega bana ka bohutsana, mme keletso ya gago e tlaa nna kwa monneng wa gago, mme o tlaa go laola.

23 Mme mo go Atamo, Nna, Morena Modimo, ka re: Gonne o reeditse lentswe la mosadi wa gago, mme o jele leungo la setlhare se Ke go laetseng, ke re—O seka wa se ja, go hutsegile mmu ka ntlha ya gago; ka bohutsana o tlaa ja ga one malatsi otlhe a botshelo jwa gago.

24 Mmitlwa le yone, le sitlwasitlwane o tlaa go di ungwela, mme o tlaa ja setlhatshana sa naga.

25 O tlaa ja dijo ka mofufutso wa sefatlhogo sa gago, go fitlhelela o boela mo mmung—gonne ruri o tlaa swa—gonne o ntshitswe mo go one: gonne o ne o le lerole, mme o tlaa boela mo leroleng.

26 Mme Atamo a raya mosadi wa gagwe leina a re Efa, gonne ke mma batshedi botlhe; gonne jaana Nna, Morena Modimo, ke biditseng wa ntlha wa botlhe basadi, ba ba leng bantsi.

27 Mo go Atamo, le mo go ene mosadi wa gagwe, Nna, Morena Modimo, ka ba direla diaparo tsa matlalo, mme ka ba apesa.

28 Mme Nna, Morena Modimo, ka re go Yoo Tsetsweng a le Esi wa me: Bona, motho o ntse jaaka mongwe wa rona go itse molemo le bosula; mme jaanong e sere kgotsa a ntshe seatla sa gagwe mme a je le sone setlhare sa botshelo, mme a ja mme a tshela ka bosenang bokhutlo,

29 Ke gone ka moo Nna, Morena Modimo, ke tlaa mo ntsha mo Tshimong ya Etene, go lema mmu o a ntshitsweng mo go one;

30 Gonne jaaka Nna, Morena Modimo, ke tshedile, fela jalo mafoko a me ga a kake a bowa fela, gonne jaaka a dule mo molomong wa me a tshwanetse go diragadiwa.

31 Jalo ka lelekela motho kwa ntle, mme ka baya ka kwa botlhaba tsatsi jwa Tshimo ya Etene, dicheruba le kgabo ya tšhaka, e e menogelang ntlheng tsotlhe go thiba tsela ya setlhare sa botshelo.

32 (Mme se ke mafoko a ke a buileng le motlhanka wa me Moše, mme a boammaaruri fela jaaka ke rata; mme ke a buile le wena. Bona gore ga o a supegetse motho ope, go fitlha ke go laela, fa e se mo go ba ba dumelang. Amene.)