Scriptures
Moše 2


Kgaolo 2

(Seetebosigo–Phalane 1830)

Modimo o tlhola magodimo le lefatshe—Mefuta yotlhe ya botshelo e a tlhodiwa—Modimo o dira motho le go mo neela taolo mo go tsotlhe tse dingwe.

1 Mme ga diragala gore Morena a bue le Moše, a re: Bona, ke go senolela mabapi le legodimo le, le lefatshe le; kwala mafoko a ke a buang. Ke nna Tshimologo le Bokhutlo, Modimo Mothatayotlhe, ka wa me Yo o Tsetsweng a le Esi ke tlhodile dilo tse; ee, mo tshimologong Ke tlhodile legodimo, le lefatshe le o emeng mo go lone.

2 Mme lefatshe le ne le tobekanye fela, le sena sepe; mme ka dira gore lefifi le bonale fa godimoga sefatlhogo sa boteng; mme Mowa wa me wa elama fa godimo ga sefatlhogo sa metsi; gonne ke Modimo.

3 Mme Nna, Modimo, ka re: A go nne lesedi; mme ga nna lesedi.

4 Mme Nna, Modimo, ka bona lesedi; le gore lesedi le ne le le molemo. Mme Nna, Modimo, ka farologanya lesedi mo lefifing.

5 Mme Nna, Modimo, ka bitsa lesedi Motshegare; mme lefifi, Ka le bitsa Bosigo; mme se ke se dirile ka thata ya lefoko la me, mme go ne ga dirwa jaaka ke bua; mme maitseboa le moso e ne ya nna letsatsi lantlha.

6 Mme gape, Nna, Modimo, ka re: A go nne le phuthulogo mo gare ga metsi, mme ga nna jalo, fela jaaka ke buile; mme Ka re: A e farologanye metsi le metsi; mme go ne ga diragadiwa;

7 Mme Nna, Modimo ka dira phuthulogo mme ka farologanya metsi, ee, metsi a magolo a a kwa tlase ga phuthologo le metsing a a kwa godimo ga phuthulogo, mme ga nna jalo fela jaaka ke buile.

8 Mme Nna, Modimo, ka bitsa phuthologo Legodimo; mme maitseboa le moso e ne ya nna letsatsi la bobedi.

9 Mme Nna, Modimo, ka re: A metsi a kwa tlase ga legodimo a phuthegele felo go le gongwe, mme ga nna jalo; mme Nna, Modimo, ka re: A go nne le lefatshe le le omeletseng; mme ga nna jalo.

10 Mme Nna, Modimo, ka bitsa lefatshe le le omeletseng Lefatshe; mme phuthegelo ya metsi, Ka e bitsa Lewatle, mme Nna, Modimo, ka bona gore dilo tsotlhe tse ke di dirileng di molemo.

11 Mme Nna, Modimo, ka re: A lefatshe le tlhoge bojang, setlhatshana se se tsalang peo, setlhare sa leungo se se ungwang, ka fa losikeng lwa sone, mme setlhare sa leungo se se ungwang, seo peo ya lone e tshwanetseng go nna mo teng ga lone mo lefatsheng, mme ga nna jalo jaaka Ke buile.

12 Mme lefatshe la tlhoga bojang, setlhatshana sengwe le sengwe se se tsalang peo ka fa losikeng lwa sone, le setlhare se se ungwang leungo, leo peo ya sone e leng mo teng ga lone, ka fa losikeng la sone; mme Nna, Modimo, ka bona gore dilo tsotlhe tse ke di dirileng di molemo;

13 Mme maitseboa le moso e ne ya nna letsatsi la boraro.

14 Mme Nna, Modimo, ka re: A go nne le masedi mo phuthulogong ya legodimo, go farologanya motshegare le bosigo, mme a a nne ditshupo, le go nna dipaka, le go nna malatsi, le dingwaga;

15 Mme a a nne masedi mo phuthologong ya legodimo go bonesa lefatshe; mme ga nna jalo.

16 Mme Nna, Modimo, ka dira masedi a magolo a mabedi; lesedi le legolo go laola motshegare, mme lesedi le le botlana go laola bosigo, mme lesedi le legolo ya nna letsatsi, mme lesedi le le botlana la nna ngwedi; mme dinaledi le tsone tsa dirwa go ya ka lefoko la me.

17 Mme Nna, Modimo, ka di tlhoma mo phuthulogong ya legodimo go bonesa lefatshe,

18 Mme letsatsi go laola motshegare, le ngwedi go laola bosigo, le go farologanya lesedi mo lefifing; mme Nna, Modimo, ka bona gore dilo tsotlhe tse ke di dirileng di molemo;

19 Mme maitseboa le moso e ne ya nna letsatsi la bone.

20 Mme Nna, Modimo, ka re: A metsi a tlise ka bontsi sebopiwa se se tsamayang se se nang le botshelo, le nonyane e e ka fofang fa godimo ga lefatshe mo phuthulogong e e atlhameng ya legodimo.

21 Mme Nna, Modimo, ke tlhodile maruarua a magolo, le sebopiwa sengwe le sengwe se se tsamayang, tse metsi a di tlisang ka bontsi, ka fa losikeng la tsone, le nonyane nngwe le nngwe e e nang le diphuka ka fa losikeng lwa yone; mme Nna, Modimo, ka bona gore dilo tsotlhe tse ke di tlhodile di le molemo.

22 Mme Nna, Modimo, ka di segofatsa, ke re: Atang, le ntsifaleng, mme lo tlale ka metsi a a mo lewatleng; mme a nonyane e ntsifale mo lefatsheng;

23 Mme maitseboa le moso e ne ya nna letsatsi la botlhano.

24 Mme Nna, Modimo, ka re: A lefatshe le ntshe sebopiwa se se tshedileng ka fa tshikeng ya sone, dikgomo, le dilo tse di gagabang, le diphologolo tsa lefatshe ka fa ditshikeng tsa tsone, mme ga nna jalo;

25 Mme Nna, Modimo, ka dira diphologolo tsa lefatshe ka fa ditshikeng tsa tsone, le dikgomo ka fa ditshikeng tsa tsone, le sengwe le sengwe se se gagabang mo lefatsheng ka fa losikeng lwa sone; mme Nna, Modimo, ka bona fa dilo tsotlhe tse di le molemo.

26 Mme Nna, Modimo, ka raya wa me Yo o Tsetsweng a le Esi, yo o neng a na le nna kwa tshimologong ka re: A re dire motho mo tshwanong ya rona, ka fa setshwanong sa rona; mme ga nna jalo. Mme Nna, Modimo, ka re: A ba laole ditlhapi tsa lewatle, le nonyane ya loapi, le dikgomo, le mo lefatsheng lotlhe, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatsheng.

27 Mme Nna, Modimo, ka tlhola motho mo tshwanong ya me, mo tshwanong ya wa me Yoo Tsetsweng a le Esi ka mo tlhola; nona le tshadi ke ba tlhodile.

28 Mme Nna, Modimo, ka ba segofatsa, mme ka ba raya ka re: atang, le ntsifaleng, mme le tlale ka lefatshe, mme lo le fenye, mme lo laole ditlhapi tsa lewatle, le nonyane ya loapi, le sengwe le sengwe sa selo se se tshedileng se se tsamayang mo lefatsheng.

29 Mme Nna, Modimo, ka raya motho ka re: Bona, ke go neetse setlhatshana sengwe le sengwe se se tsalang peo, se se mo sefatlhogong sa lefatshe lotlhe, le setlhare sengwe le sengwe se se nnang le leungo la setlhare le le ntshang peo; e tlaa nna dijo tsa lona.

30 Mme mo phologolong nngwe le nngwe ya lefatshe, le mo nonyaneng nngwe le nngwe ya loapi, le mo sengweng le sengwe se se gagabang fa fatshe, se ke se neelang botshelo, go tlaa neelwa setlhatshana sengwe le sengwe se se tshwanetseng go nna dijo; mme ga nna jalo, fela jaaka ke buile.

31 Mme Nna, Modimo, ka bona sengwe le sengwe se ke se dirileng, mme, bona, dilo tsotlhe tse ke di dirileng di ne di le molemo thata; mme maitseboa le moso e ne ya nna letsatsi la borataro.