Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 59


Tsetlana 59

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, mo Sione, Kgaolo ya Jackson, Missouri, Phatwe 7, 1831. Pele ga tshenolo e, lefatshe le ne la tshwaelwa, jaaka Morena a ne a kaetse, mme lefelo la tempele ya lobaka lo lo tlang le ne la tshwaelwa. Mo letsatsing le tshenolo e e amogetsweng, Polly Knight, mosadi wa ga Joseph Knight Sr., a tlhokafala, leloko lantlha la Kereke go swa mo Sione, Maloko a pele ba tlhalosa mokgwa wa tshenolo e jaaka “go ruta Baitshepi ka fa ba ka tshegetsang Sabata ka gone le ka fa ba ka itimang dijo le go rapela ka gone.”

1–4, Baitshepi ba ba ikanyegang mo Sione batla a segofadiwa; 5–8, Ba tshwanetse go rata le go direla Morena le go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe; 9–19, Ka go itshepisa letsatsi la Morena, Baitshepi ba segofadiwa ka lobaka lono fela le ka semowa; 20–24, Basiami ba solofeditswe kagiso mo lefatsheng le le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang.

1 Bonang, go sego, go bua Morena, ba ba tlhatlogetseng mo lefatsheng le ka leitlho le le lebeletseng fela kgalalelo ya me, go yeng ka ditaelo tsa me.

2 Gonne bao ba ba tshelang ba tlaa rua boswa jwa lefatshe, le bao ba ba swang ba tlaa itapolosa mo ditirong tsotlhe tsa bone, mme ditiro tsa bone di tlaa ba sala morago; e bile ba tlaa amogela korone mo mannong a ga Rara, a Ke ba a baakanyeditseng.

3 Ee, go sego bao ba maoto a bone a emeng mo lefatsheng la Sione, ba ba obametseng efangele ya me; gonne ba tlaa amogela e le tuelo ya bone dilo tse di molemo tsa lefatshe, e bile le tlaaba ungwela mo nonofong ya lone.

4 Mme ba tlaa rwesiwa ka ditshegofatso go tswa kwa godimo, ee, le ka ditaelo tse dintsinyana, le ka ditshenolo ka nako e e tshwanetseng—bone ba ba boikanyego mme ba le tlhaga fa pele ga me.

5 Ke gone, Ke ba neela taolo, ke bua jaana: O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, ka thatayotlhe ya gago, tlhaloganyo, le nonofo; mme mo leineng la ga Jeso Keresete o mo direle.

6 O rate mong ka wena jaaka o ithata. O seka wa utswa; le fa e le go dira boaka, le fa e le go bolaya, le e seng go dira sengwe se se tshwanang le tseo.

7 O leboge Morena Modimo wa gago mo dilong tsotlhe.

8 O ise setlhabelo kwa go Morena Modimo wa gago mo tshiamong, e bong sa pelo e e thubegileng le mowa o o ngomogileng.

9 Mme gore o ikilele ka botlalo gore o se mathwe gope ke lefatshe, o ye kwa ntlong ya thapelo mme o tseye karolo mo ditirelong tsa gago tse di boitshepho mo letsatsing la me le le boitshepo;

10 Gonne ammaaruri le ke letsatsi le o laoletsweng go itapolosa mo ditirong tsa gago, le go isetsa Mogodimogodimo ditebogo;

11 Le fa gontse jalo maikano a gago a isiwe mo tshiamong mo malatsing otlhe le ka dinako tsotlhe;

12 Mme gakologelwa gore mo letsatsing le la Morena, o ise ditlhabelo tsa gago le ditirelo tsa gago tse di boitshepo go Mogodimogodimo, o ipolela dibe tsa gago mo bakaulengweng ba gago, le fa pele ga Morena.

13 Mme mo letsatsing le o seka wa dira selo sepe, fela a dijo tsa gago di baakanngwe ka bongwefela jwa pelo gore go itima dijo ga gago go nne mo go feletseng, kgotsa, ka mafoko a mangwe, gore o ka nna le boipelo jo bo tletseng.

14 Ammaaruri, se ke go itima dijo le thapelo, kgotsa ka mafoko a mangwe, go ipela le go rapela.

15 Mme e re ka lo dira dilo tse ka ditebogo, ka dipelo tse di itumetseng le ponalo, e seng ka go tshega thata, gonne se ke sebe, mme ka pelo e e thamileng le sefatlhogo se se edileng—

16 Ammaaruri Ka re, gore e re ka lo dira se, botlalo jwa lefatshe ke jwa lona, dibatana tsa naga le dinonyane tsa loapi, le tse di pagamang ditlhare le tse di tsamayang mo lefatsheng;

17 Ee, le ditlhatshana, le dilo tse di molemo tse di tswang mo lefatsheng, le fa e le tsa dijo kgotsa tsa diaparo, kgotsa tsa matlo, kgotsa tsa mabolokelo, kgotsa tsa ditshimo tsa maungo, kgotsa tsa ditshingwana, kgotsa tsa ditshimo tsa mofine;

18 Ee, dilo tsotlhe tse di tswang mo lefatsheng, mo pakeng ya tsone, di diretswe go thusa le tiriso ya motho, gotlhe go kgatlhisa leitlho le go itumedisa pelo;

19 Ee, tsa dijo le tsa diaparo, tsa tatso le tsa lenko, go nonotsha mmele le go tlhagafatsa mowa.

20 Mme go kgatlha Modimo gore a bo a neetse motho dilo tse tsotlhe; gonne ka gone moo di diretswe go dirisiwa, ka kelotlhoko, e seng phetelela, le e seng ka boikgagapelelo.

21 Mme mo go sepe motho ga a kgopise Modimo, kgotsa bogale jwa gagwe ga bo tukele ope, fa e se bao ba ba sa boleleng seatla sa gagwe mo dilong tsotlhe, mme ba sa obamele ditaelo tsa gagwe.

22 Bonang, se ke go yeng ka molao le baperofeti; ke gone, lo seka la tlhola lo ntshwenya mabapi le selo se.

23 Mme ithuteng gore ene yo o dirang ditiro tsa tshiamo o tlaa amogela tuelo ya gagwe, e bong kagiso mo lefatsheng le le botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng le le tlaa tlang.

24 Nna, Morena, Ke go buile, le Mowa o supa tshupo. Amene.