Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 3


Tsetlana 3

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Harmony, Pennsylvania, Phukwi 1828, e e amana le go latlhega ga ditsebe tse 116 tsa bukana e e ranotsweng go tsweng mo karolong ya ntlha ya Buka ya ga Momone, e e neng e bidiwa lokwalo lwa ga Lehi. Moperofeti o ne ka boitsemeletso a letlelela ditsebe tse di kailweng tse go tswa mo tlhokomelong ya gagwe go eo ya ga Martin Harris, yo o neng a dirile ka lobaka lo lo khutshwane e le mokwadi mo thanolong ya Buka ya ga Momone. Tshenolo e ne e neetswe ka Urime le Thumime. (Bona tsetlana 10.)

1–4, Tsela ya Morena ke tikologo e le nngwe ya bo sa khutleng; 5–15, Joseph Smith o tshwanetse go ikwatlhaya kgotsa o tlaa latlhegelwa ke neo ya go ranola; 16–20, Buka ya ga Momone e tlile go boloka peo ya ga Lehi.

1 Ditiro, le ditogamaano, le maikaelelo a Modimo ga di ka ke tsa retelelwa, le fa e le go ka nna tsa sepe.

2 Gonne Modimo ga a tsamaye mo ditseleng tsa tshiamololo, le fa e le go fetogela ka fa seatleng sa moja le fa e le sa molema, le fa e le go farologana go tswa mo go seo se a se buileng, ke gone ditsela tsa gagwe di tlhamaletse, mme tsela ya gagwe ke tikologo e le nngwe ya bo sa khutleng.

3 Gakologelwa, gakologelwa gore ga se tiro ya Modimo e e retelelwang, mme ke tiro ya batho;

4 Le fa gone motho a ka nna le ditshenolo tse dintsi, le go nna le thata go dira ditiro tse dikgolo, le fa go ntse jalo a ikgantsha ka nonofo ya gagwe, e bile a tsaya dikgakololo tsa Modimo e se sepe, le go sala morago ditaelo tsa thato ya gagwe le dikeletso tsa senama, o tshwanetse go wa le go tlisa ipusolosetso ya Modimo o o siameng mo go ene.

5 Bona, o neetswe dilo tse, mme ditaelo tsa gago di ne di gagametse go le kae; mme gakologelwa le tsone ditsholofetso tse di neng di dirilwe mo go wena, fa o ne o sa di tlola.

6 Mme bona, ke gantsi jang o tlola ditaelo le melao ya Modimo, mme wa ya le ditlhotlheletso tsa batho.

7 Gonne, bona, o ka bo o ne o sa boifa motho bogolo go feta Modimo. Le fa motho a tsaya dikgakololo tsa Modimo e se sepe, le go nyatsa mafoko a gagwe—

8 Le fa go ntse jalo o ka bo o nnile boikanyego; mme o ka bo a otlolotse letsogo la gagwe mme a go thusa kgatlhanong le metswi yotlhe e e molelo ya moganetsi; mme o ka bo a nnile le wena nako nngwe le nngwe ya tshwenyego.

9 Bona, o Joseph, mme o itshenketswe go dira tiro ya Morena, mme ka ntlha ya tlolo, fa o sa tlhagafala o tlaa wa.

10 Mme gakologelwa, Modimo o kutlwelobotlhoko, ke gone ka moo, ikwatlhaele seo se o se dirileng se se kgatlhanonong le taelo e Ke go e neetseng, mme o santse o itshenketswe, mme gape o bileditswe tiro;

11 Fa e se o dira se, o tlaa ntshiwa mme o nne jaaka batho ba bangwe, mme o se tlhole o nna le neo.

12 Mme fa o ne o ntsha seo se Modimo a neng a go neetse pono le thata ya go se ranola, o ntsheditse seo se se neng se le boitshepo mo diatleng tsa monna o o boikepo.

13 Yo o nyaditseng dikgakololo tsa Modimo, mme a robileng ditsholofetso tse di boitshepo bogolo tse di neng di dirilwe fa pele ga Modimo, mme o ne a ikanya katlholo ya gagwe le go ikgantsha ka tlhalefo ya gagwe.

14 Mme se ke lebaka la gore o bo o latlhegetswe ke ditshiamelo tsa gago ka lobaka—

15 Gonne o leseleditse kgakololo ya mokaedi wa gago go gatakwa go tswa kwa tshimologong.

16 Le fa go ntse jalo, tiro ya me e tlaa tswela pele, gonne e re ka kitso ya Mmoloki e tlile mo lefatsheng, ka bopaki jwa Bajuta, fela jalo kitso ya Mmoloki e tlaa tla mo bathong ba me—

17 Le mo Banefing, le Bajakobe, le Bajosefa, le Bazoramo, ka bopaki jwa borraabone—

18 Mme bopaki jo bo tlaa tla mo kitsong ya Balamane, le Balemuele, le Baishimaele, ba ba maswafetseng mo botlhoka tumelong ka ntlha ya boikepo jwa borraabone, bao Morena a ba leseleditseng go nyeletsa bakaulengwe ba bone Banefi, ka ntlha ya maikepo a bone le makgapha a bone.

19 Mme ka ntlha ya maikaelelo tota a dipapetlana tse di dibetswe, tse di nang le ditshupo tse—gore ditsholofetso tsa Morena di diragadiwe, tse a di dirileng mo bathong ba gagwe;

20 Le gore Balamane ba ka tla mo kitsong ya borraabone, le gore ba ka itse ditsholofetso tsa Morena, le gore ba ka dumela efangele le go ikaega ka ditshwanelo tsa ga Jeso Keresete, mme ba galalediwe ka tumelo mo leineng la gagwe, le gore ka boikotlhao jwa bone ba ka bolokwa. Amene.