Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 50


Tsetlana 50

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Motsheganong 9, 1831. Ditso tsa ga Joseph Smith di bolela gore bangwe ba bagolwane ba ne ba sa tlhaloganye diponatshego tsa mewa e e farologanyeng e e kwa ntle mo lefatsheng le gore tshenolo e e ne ya neelwa mo phetolong ya potso e e tlhaolegileng mo selong se e e bidiwang tiragalo e e makatsang ya semowa e e neng e sa tlwaelesega mo gare ga maloko, bangwe ba bao ba ba neng ba ipateletsa gore ba amogela dipono le ditshenolo.

1–5, Mewa e e mentsi e e seng yone e kwa ntle mo lefatsheng; 6–9, Bohutsana mo baitimokanying le bao ba ba kgaotsweng mo Kerekeng; 10–14, Bagolwane ba tshwanetse go rera efangele ka Mowa; 15–22, Bareri le bareetsi ba tlhoka go sedifadiwa ka Mowa; 23–25, Seo se se sa ageng semowa ga se sa Modimo; 26–28, Ba ba boikanyego ke barui ba dilo tsotlhe; 29–36, Dithapelo tsa ba ba itshekileng di a arabiwa; 37–46, Keresete ke Modisa yo o Molemo mme ke Lefika la Iseraele.

1 Tlhwayang tsebe, Ao lona bagolwane ba kereke ya me, mme lo sekegele lentswe la Modimo o o tshedileng tsebe; mme lo tlhokomele mafoko a tlhalefo a lo tlaa a neelwang, go ya ka fa lo boditseng mme lo dumalana mabapi le kereke, le mewa e e ileng kwa ntle mo lefatsheng.

2 Bonang, ammaaruri Ke a lo raya, gore go na le mewa e mentsi e e seng yone, e e tswetseng pele mo lefatsheng, e tsietsa lefatshe.

3 Mme le ene Satane o batlile go go tsietsa, gore a ka lo fenya.

4 Bonang, Nna, Morena, ke ntse ke lo lebeletse, mme ke bone makgapha mo kerekeng e e ipolelang leina la me.

5 Mme go sego bone ba ba boikanyego e bile ba itshoka, le fa e le mo botshelong kgotsa mo losong, gonne ba tlaa rua boswa jwa botshelo jo bosakhutleng.

6 Mme bohutsana mo go bone bao ba e leng batsietsi le baitimokanyi, gonne, go bua jaana Morena, Ke tlaa ba tlisa mo katlholong.

7 Bonang, ammaaruri Ke a lo raya, go na le baitimokanyi mo gare ga lona, ba ba tsieditseng bangwe, se se neetseng mmaba thata; mme bonang ba ba ntseng jalo ba tlaa busiwa;

8 Mme baitimokanyi ba tlaa lemogwa mme ba tlaa kgaolwa, le fa e le mo botshelong kgotsa mo losong, fela jaaka ke rata; mme bohutsana mo go bone ba ba kgaolwang mo kerekeng ya me, gonne bone bao ba fentswe ke lefatshe.

9 Ke gone, a motho mongwe le mongwe a itise e sere kgotsa a dire seo se se seng mo boammaruri le tshiamo fa pele ga me.

10 Mme jaanong tlayang, go bua Morena, ka Mowa, mo bagolwaneng ba kereke ya gagwe, mme a re tseisanyeng kgang, gore lo tle lo tlhaloganye;

11 A re akantshaneng fela jaaka motho a fetolana le yo mongwe ba lebanye difatlhogo.

12 Jaanong, fa motho a buisana o tlhalogangwa ke motho, ka ntlha ya gore o buisana jaaka motho; fela jalo le Nna, Morena, ke tlaa akantshana le lona gore lo tle lo tlhaloganye.

13 Ke gone, Nna Morena ke lo botsa potso e—lo tlhomilwe mo go eng?

14 Go rera efangele ya me ka Mowa, e bong Mogomotsi yo o neng a romelwa go ruta boammaruri.

15 Mme morago ga foo lo amogetse mewa e lo se kakeng lwa e tlhaloganya, mme lwa e amogela go nna ya Modimo; a mme mo go se lo siamisitswe?

16 Bonang lo tlaa araba potso e lona; le fa go ntse jalo, Ke tlaa nna boutlwelobotlhoko mo go lona; ene yo o bokowa mo gare ga lona morago ga fa o tlaa thatafadiwa.

17 Ammaaruri Ke a lo raya, yo o tlhomilweng ke nna mme a romelwa go rera lefoko la boammaruri ka Mogomotsi, ka Mowa wa boammaruri, a o le rera ka Mowa wa boammaruri kgotsa ka tsela e sele?

18 Mme fa e le ka tsela sele ga se ga Modimo.

19 Mme gape, yo o amogelang lefoko la boammaruri, ao le amogela ka Mowa wa boammaruri kgotsa ka tsela e sele?

20 Fa e le ka tsela e sele ga se ga Modimo.

21 Ke gone ka moo, ke ka ntlhayang lo sa kake lwa tlhaloganya le go itse, gore ene yo o amogelang lefoko ka Mowa wa boammaruri o le amogela jaaka le rerwa ka Mowa wa boammaaruri?

22 Ke gone, ene yo o rerang le yo o amogelang, ba a tlhaloganyana, mme botlhe ba a agelana mme ba ipele mmogo.

23 Mme seo se se sa ageng maikutlo ga se sa Modimo, mme ke lefifi.

24 Seo se e leng sa Modimo ke lesedi; mme ene yo o amogelang lesedi, mme a tswelela mo Modimong, o amogela lesedi le le ntsi; mme lesedi le phatsime thata thata go fitlha motshegare o mogolo.

25 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, mme Ke se bua gore lo tle lo itse boammaaruri, gore lo ka leleka lefifi mo gare ga lona;

26 Yo o tlhomilweng ke Modimo mme a rometswe, ene yoo o tlhomilwe go nna mogolo, le fa gontse jalo e le yoo mmotlana e bile e le motlhanka wa botlhe.

27 Ke gone, ke morui wa dilo tsotlhe; gonne dilo tsotlhe di mo taolong ya gagwe, gotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng, botshelo le lesedi, Mowa le thata, di rometswe ka thata ya ga Rara ka Jeso Keresete, Morwa wa gagwe.

28 Mme ga go motho ope yo o e leng morui wa dilo tsotlhe fa e se a itshekisiwa le go tlhapisiwa mo sebeng sotlhe.

29 Mme fa lo itshekisitswe le go tlhapisiwa mo sebeng sotlhe, lo tlaa kopa sengwe le sengwe se lo se ratang mo leineng la ga Jeso mme se tlaa dirwa.

30 Mme itseng se, lo tlaa neelwa seo lo tlaa se kopang; mme jaaka lo tlhomilwe kwa tlhogong, mewa e tlaa nna mo taolong ya lona.

31 Ke gone, go tlaa diragala, gore fa o bona mowa o bonatshega yo o sa kakeng wa o tlhaloganya, mme lo sa amogele mowa oo, lo tlaa kopa Rara mo leineng la ga Jeso; mme fa a sa lo neele mowa oo, ke gone lo tlaa itse gore ga se wa Modimo.

32 Mme o tlaa neelwa, thata godimo ga mowa oo; mme o tlaa bua kgatlhanong le mowa oo ka lentswe le le kwa godimo gore ga se wa Modimo—

33 E seng go mo sekisa ka go mo gobolola, gore lo se fenngwe, le fa e le ka go ikgantsha le fa e le ka go ipelafatsa, e sere kgotsa wa tshwara ka gone.

34 Ene yo o amogelang mo Modimong, a se kae e le sa Modimo; mme a a ipelele gore o kaiwa ke Modimo a tshwanetse go amogela.

35 Mme ka go tlhokomela le go dira dilo tse tse lo di amogetseng, le tse lo tlaa di amogela morago ga fa—mme bogosi lo bo neetswe ke Rara, le thata go fenya dilo tsotlhe tse di sa tlhongwang ke ene—

36 Mme bonang, ammaaruri Ke a lo raya, go sego lona ba jaanong lo utlwang mafoko ao ame go tswa mo molomong wa motlhanka wa me, gonne lo itshwaretswe dibe tsa lona.

37 A motlhanka wa me Joseph Wakefield, yo ke itumelang thata mo go ene, le motlhanka wa me Parley P. Pratt ba tswele pele mo gare ga dikereke mme ba di thatafatse ka lefoko la kgothatso;

38 Mme le ene motlhanka wa me John Corrill, kgotsa bontsi jwa batlhanka ba me jaaka ba tlhomilwe mo ofising e, mme a ba dire mo tshimong ya mofine; e bile a motho ope a se ba kgoreletse mo go direng seo se Ke se ba laoletseng—

39 Ke gone, mo selong se motlhanka wa me Edward Partridge ga a siamisiwa; le fa gontse jalo a a ikwatlhaye mme o tlaa itshwarelwa.

40 Bonang, lo bana ba bannye mme ga lo ka ke lwa itshokela dilo tsotlhe jaanong; lo tshwanetse go gola mo tshegofatsong le mo kitsong ya boammaaruri.

41 Se boifeng, bana ba bannye, gonne lo ba me, mme Ke fentse lefatshe, mme lo bone bao ba Rara a ba neetseng;

42 Mme ga go ope wa bone ba Rara a ba nneetse yo o tlaa latlhegang.

43 Mme Rara le Nna re mongwefela. Ke mo go Rara le Rara o mo go nna, mme e re ka lo ntshotse, lo mo go nna mme le Nna mo go lona.

44 Ke gone, Ke mo gare ga lona, mme Ke modisa yoo molemo, le lentswe la Iseraele. Ene yoo agang mo lefikeng le ga a kitla a wa.

45 Mme motlha o etla o le tlaa utlwang lentswe la me le go mpona, mme lo itse gore Ke nna.

46 Ke gone ka moo, disang, gore lo tle lo etleetsege. Fela jalo. Amene