Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 87


Tsetlana 87

Tshenolo le perofeso ya ntwa, e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa kgotsa gaufi le Kirtland, Ohio, Sedimonthole 25, 1832. Ka nako e dikganetsanyo mo United States ka bokgoba le go dirololwa ga dielo tsa goromente ke South Carolina go ne go aname. Ditso tsa ga Joseph Smith di bolela gore “ponalo ya matshwenyego mo gare ga ditšhaba” e ne e“bonatshega thata” mo go Moperofeti “go na le ka fa a kileng a ne a ntse pele e sale Kereke e simolola leeto la yone mo nageng.”

1–4, Ntwa e bolelelwa pele fa gare ga Dikgaolo tse di ka kwa Bokone le Dikgaolo tse di ka kwa Borwa; 5–8, Tatlhegelo e kgolo e tlaa wela banni ba lefatshe botlhe.

1 Ammaaruri, go bua jaana Morena mabapi le dintwa tse di tlaa diragalang mo bogautshwaneng, go simolola ka tsuololo ya Borwa jwa Carolina, e kwa bofelong e tlaa felelang ka loso le bohutsana jwa batho ba le bantsi;

2 Mme nako e tlaa tla eo ntwa e tlaa tshelwang mo ditšhabeng tsotlhe, go simolola ka lefelo le.

3 Gonne bonang, Dikgaolo tse di ka kwa Borwa di tlaa kgaogana kgatlhanong le Dikgaolo tse di ka kwa Bokone, mme Dikgaolo tse di ka kwa Borwa di tlaa bitsa ditšhaba tse dingwe, e bong tšhaba ya Boritane o o Mogolo, jaaka e bidiwa, mme le gone ba tlaa bitsa ditšhaba tse dingwe, gore ba itshireletse kgatlhanong le ditšhaba tse dingwe; mme ke gone ntwa e tlaa tshelwa mo ditšhabeng tsotlhe.

4 Mme go tlaa diragala, morago ga malatsi a mantsi, makgoba a tlaa tsogologela barena ba ba bone, ba ba tlaa rulagangwang ka matsetseleko mme ba katisediwe ntwa.

5 Mme le gone go tlaa diragala gore masalela a a tlogetsweng a lefatshe ba ithulaganye, mme ba tenege thata, mme ba tlaa tshwenya Baditšhaba ka kgakatsego e e botlhoko.

6 Mme jaana, ka tšhaka le ka tshololo ya madi banni ba lefatshe ba tlaa hutsafala; le ka leuba, le dipetso, le thoromo ya lefatshe, le tumo ya maru a legodimo, le lone logadima le le bogale le le phatsimang, banni ba lefatshe ba tlaa utlwisiwa kgalefo, le tenego, ya seatla sa kotlhao ya Modimo Mothatayotlhe, go fitlha nyeletso e e laotsweng e nyeleletsa ruri ditšhaba tsotlhe;

7 Gore selelo sa baitshepi, le madi a baitshepi, a emise go tlhatlogela mo ditsebeng tsa Morena wa Masomosomo, go tswa mo lefatsheng, go ipusolosetswa mo babeng ba bone.

8 Ke gone, emang mo mafelong a a boitshepo, mme lo se sute, go fitlha letsatsi la Morena le tla; gonne bonang, le tla ka pela, go bua Morena. Amene.