Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 103


Tsetlana 103

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Tlhakole 24, 1834. Tshenolo e ne e amogetswe morago ga go goroga mo Kirtland, Ohio ga ga Parley P. Pratt le Lyman Wight, ba ba neng ba tswa kwa Missiouri go gakololana le Moperofeti mabapi le go thusa le go busediwa ga Baitshepi kwa mafatsheng a bone mo Jackson Khaunthi.

1–4, Ke ka ntlha yang Morena a letlelela Baitshepi go bogisiwa mo Jackson Khaunthi; 5–10, Baitshepi ba tlaa fenya fa ba tshegetsa ditaelo; 11–20, Thekololo ya Sione e tlaa tla ka thata, e bile Morena o tlaa tsamaya fa pele ga batho ba Gagwe; 21–28, Baitshepi ba tshwanetse go phuthegela mo Sione, mme bao ba bayang matshelo a bone ba tlaa bona gape; 29–40, Bakaulengwe ba ba farologanyeng ba bilediwa go rulaganya Kampa ya Sione le go ya Sione; ba solofediwa phenyo fa ba le boikanyego.

1 Ammaaruri Ke a lo raya, ditsala tsa me, bonang, Ke tlaa lo neela tshenolo le taelo, gore lo ka itse gore lo ka dira jang go diragatsa ditiro tsa lona mabapi le poloko le thekololo ya bakaulengwe ba lona, ba ba phatlhaladitsweng mo lefatsheng la Sione;

2 Ba ba neng ba lelekilwe le go itewa ka diatla tsa baba ba me, mo go bao ke tlaa tshololelang kgalefo ya me e e senang selekanyo mo nakong ya me e e tshwanetseng.

3 Gonne ke ba leseleditse go fitlha le jaana, gore ba tle ba tlatse selekanyo sa boikepo jwa bone, gore senwelo sa bone se tle se tlale;

4 Mme gore bao ba ba ipitsang ka leina la me ba tle ba otlhaiwe ka lobakanyana ka kgalemo e e botlhoko e bile e setlhogo, gonne ga ba a utlwa gotlhelele dikaelo le ditaelo tse Ke ba di neetseng.

5 Mme ammaaruri Ke a lo raya, gore Ke ntshitse tao e batho ba me ba tlaa e amogelang, e re ka ba reetsa go tswa mo oureng e kgakololo e Nna, Morena Modimo wa bone, ke tlaa ba e neelang.

6 Bonang ba tlaa, gonne Ke e laotse, simolola go fenya baba ba me mo oureng e.

7 Mme ka go elatlhoko go tshegetsa mafoko otlhe a o Nna, Morena Modimo wa lona, ke tlaa buang mo go bone, ga ba kitla ba emisa go fenya go fitlha magosi a lefatshe a nna ka fa tlase ga dinao tsa bone, mme lefatshe le neetswe baitshepi, go le rua ka bosenang bokhutlo le ka bosaeengkae.

8 Mme e re ka ba sa tshegetse ditaelo tsa me mme ba sa eletlhoko go tshegetsa mafoko otlhe ame, magosi a lefatshe a tlaa ba fenya.

9 Gonne ba tlhomilwe go nna lesedi la lefatshe, le go nna baboloki ba batho;

10 Mme e re ka e se baboloki ba batho, ba tshwana le letswai le le latlhegetsweng ke tatso mme go tswa foo ga le tlhole le na le gope fa e se fela go latlhelwa kwa ntle le go gatakwa ke batho ka dinao.

11 Mme ammaaruri Ke a lo raya, Ke laotse gore bakaulengwe ba lona ba bantseng ba phatlhaladitswe ba boele kwa mafatsheng a boswa jwa bone, mme ba tlaa aga matlotla a Sione.

12 Gonne morago ga pitlagano e ntsi, jaaka Ke buile le lona mo taelong ya pele, go tla tshegofatso.

13 Bonang, se ke tshegofatso e Ke e solofeditseng morago ga dipitlagano tsa lona, le dipogisego tsa bakaulengwe ba lona—thekololo ya lona, le thekololo ya bakaulengwe ba lona, e bong puseletso ya bone mo lefatsheng la Sione, go tlhomamisiwa, ga ba tlhole ba tlaa pirigangwa.

14 Le fa go ntse jalo, fa ba itshekolola boswa jwa bone ba tlaa pirigangwa, gonne ga Ke kitla ke ba rekegela fa ba itshekolola boswa jwa bone.

15 Bonang, Ke a lo raya, thekololo ya Sione e tshwanetse go tla ka thata;

16 Ke gone ka moo, Ke tlaa tsosetsa batho ba me monna, yo o tlaa ba etelelang pele jaaka Moše a ne a etelela pele bana ba Iseraele.

17 Gonne le bana ba Iseraele, le ba peo ya ga Aberahame, mme lo tlhoka go etelelwa pele go tswa mo bokgobeng ka thata, le ka letsogo le le otlolotsweng.

18 Mme jaaka borraalona ba eteletswe pele la ntlha, fela jalo thekololo ya Sione e tlaa nna jalo.

19 Ke gone ka mo, a dipelo tsa lona di se nyere, gonne ke bua mo go lona jaaka Ke buile go borraalona: moengele wa me o tlaa tlhatloga fa pele ga lona, mme e seng bo leng teng jwa me.

20 Mme ke a lo raya: Baengele ba me ba tlaa tlhatloga fa pele ga lona, mme le gone boleng teng jwa me, mme mo nakong lo tlaa rua lefatshe le le molemo.

21 Ammaaruri, ammaaruri Ke a lo raya, gore motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., ke monna yo Ke tshwantshitseng motlhanka yo o Morena wa tshimo ya mofine a buileng ka ene mo setshwantshong se ke se lo neetseng.

22 Ke gone ka moo motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., raya nonofo ya ntlo ya me o re, makawana a me le ba ba dingwaga tse di fa gare—phutegelang kwa lefatsheng la Sione, mo lefatsheng le Ke le rekileng ka madi leo le ke le tshwaetsweng.

23 Mme a dikereke tsotlhe di romele batho ba ba botlhale ka madi a tsone, mme ba reke mafatshe fela jaaka ke ba laetse.

24 Mme e re ka baba ba me ba lo tlhasela go le leleka go tswa mo lefatsheng la me le le molemo, le ke le tshwaetseng go nna lefatshe la Sione, e bong go tswa mo lefatsheng la lona morago ga bopaki jo, jo le bo tlisitseng fa pele ga me kgatlhanong le bone, lo ba hutse;

25 Mme le fa e le mang yo lo mo hutsang, Ke tlaa mo hutsa, mme o tlaa mpusolosetsa mo babeng ba me.

26 Mme bo leng teng jwa me bo tlaa nna le wena le mo go mpusolosetseng mo babeng ba me, go fitlha mo tshikeng ya boraro le ya bone ya bone ba ba ntlhoileng.

27 A motho ope a se tshabe go mpeela botshelo jwa gagwe; gonne yo o ntshang botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me o tlaa bo bona gape.

28 Mme yo o sa eletseng go ntsha botshelo jwa gagwe ga se morutwana wa me.

29 Ke thato ya me gore motlhanka wa me Sidney Rigdon a tsholetse lentswe la gagwe mo diphuthegong tse di kwa mafatsheng a a ka kwa botlhaba mo go baakanyetseng dikereke go tshegetsa ditaelo tse ke ba di neetseng mabapi le tsosoloso le thekololo ya Sione.

30 Ke thato ya me gore motlhanka wa me Parley P. Pratt le motlhanka wa me Lyman Wight ga ba a tshwanela go boela kwa lefatsheng la bakaulengwe ba bone, go fitlha ba amogela bapati go ya kwa lefatsheng la Sione, ka bomasome, kgotsa ka bomasome a mabedi, kgotsa bomasome a matlhano, kgotsa ka ba le lekgolo, go fitlha ba amogetse palo ya ba ba makgolo a matlhano ba nonofo ya ntlo ya me.

31 Bonang se ke thato ya me; kopa mme lo tlaa amogela; mme batho ka metlha ga ba dire thato ya me.

32 Ke gone ka moo, fa lo ka seke la amogela makgolo a matlhano, batlang ka tlhwaafalo e tlaa a re gongwe lo ka amogela makgolo a mararo.

33 Mme fa lo sa ka ke la amogela makgolo a mararo, batlang ka tlhwaafalo gore e tlaa re gongwe lo amogele lekgolo.

34 Mme ammaaruri Ke a lo raya, Ke lo neela taelo, gore ga lo kitla lo tlhatlogela kwa lefatsheng la Sione go fitlha lo amogela ba le lekgolo ba nonofo ya ntlo ya me, go tlhatlogela le lona kwa lefatsheng la Sione.

35 Ke gone ka moo, jaaka ke buile le lona, kopang mme lo tlaa amogela; rapelang ka tlhwaafalo gore e tlaa a re gongwe motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., o ka ya le lona, mme a okamela mo gare ga batho ba me, le go rulaganya bogosi jwa me mo lefatsheng le le tshwaetsweng, le go tlhomamisa bana ba Sione mo melaong le ditaelo tse di leng teng le tse lo tlaa di neelwang.

36 Phenyo yotlhe le kgalalelo di diragadiwa ka tlhwaafalo, boikanyego, le dithapelo tsa tumelo.

37 A motlhanka wa me Parley P. Pratt a tseye loeto le motlhanka wa me Joseph Smith, Jun.

38 A motlhanka wa me Lyman Wight a tseye loeto le motlhanka wa me Sidney Rigdon.

39 A motlhanka wa me Hyrum Smith a tseye loeto le motlhanka wa me Frederick G. Williams.

40 A motlhanka wa me Orson Hyde a tseye loeto le motlhanka wa me Orson Pratt, gongwe le gongwe kwa motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., a tlaa ba gakololang, mo go amogeleng go diragatsa ditaelo tse tse ke lo di neetseng, mme tlogelang masalela mo diatleng tsa me. Fela jalo. Amene