Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 110


Tsetlana 110

Diponatshegelo tse di supegeditsweng Moperofeti Joseph Smith le Oliver Cowdery mo tempeleng kwa Kirtland, Ohio, Moranang 3, 1836. Lobaka e ne e le la phuthego ya letsatsi la Sabata. Ditso tsa ga Joseph Smith di bolela “Mo motshegareng, Ke ne ke thusa boporesidente ba bangwe go abela Kereke Selalelo sa Morena, fa re sena go se amogela go tswa mo go ba ba Lesome le Bobedi, bao tshiamelo ya bone e neng e le go direla go tafole e e boitshepo gompieno. Morago ga ke sena go direla tiro e mo bakaulengweng ba me, Ka ya kwa felong ga therelo, masire a ne a digilwe, mme ka khubama, le Oliver Cowdery, mo thapelong ya bongwefela e bile e se modumo. Morago ga go emelela go tswa mo thapelong, ponatshegelo e e latelang e ne ya re bulegela.”

1–10, Morena Jehofa o iponatsa mo kgalalelong mme o amogela Tempele ya Kirtland jaaka ntlo ya Gagwe; 11–12, Moše le Elija ka bongwe ba iponatsa mme ba neela dilotlele tsa bone le ditebalebelo; 13–16, Elija o a boa mme o neela dilotlele tsa tebalebelo ya gagwe jaaka go solofeditswe ke Malaki.

1 Sesiro sa tlosiwa mo ditlhaloganyong tsa rona, mme matlho a go tlhaloganya ga rona a bulwa.

2 Re ne ra bona Morena a eme mo lefelong la therelo, fa pele ga rona; mme ka fa tlase ga dinao tsa gagwe tiro e e phaphathilweng ya gauta e e itshekileng, mo mmaleng e tshwana le serolwana.

3 Matlho a gagwe a ne a ntse jaaka kgabo ya molelo; moriri wa tlhogo ya gagwe o le mosweu jaaka kapoko e e itshekileng; sefatlhogo sa gagwe se phatshima go feta phatsimo ya letsatsi; le lentswe la gagwe le suma jaaka goelela ga metsi a magolo, e bong lentswe la ga Jehofa, a re:

4 Ke nna wa ntlha le wa bofelo; ke nna yo ke tshelang, Ke nna yo ke bolailweng; Ke nna mmueledi wa lona le Rara.

5 Bonang, dibe tsa lona lo di itshwaretswe; lo ntlafetse fa pele ga me; ke gone ka moo, tsholetsang ditlhogo tsa lona mme lo ipele.

6 A dipelo tsa bakaulengwe ba lona di ipele, mme a dipelo tsa batho ba me botlhe di ipele, ba ka, maatla a bone, ba agetseng ntlo e leina la me.

7 Gonne bonang, Ke amogetse ntlo e, e bile leina la me le tlaa nna fa; mme ke tlaa iponatsa mo bathong ba me mo kutlwelobotlhoko mo ntlong e.

8 Ee, ke tlaa iponatsa mo batlhankeng ba me, mme ke bue le bone ka lentswe la me, fa batho ba me ba ka tshegetsa ditaelo tsa me, mme ba seka ba itshekolola ntlo e e boitshepo e.

9 Ee dipelo tsa ba ba dikete le dikete tse di masome ba tlaa ipela mo gogolo ka ntlha ya ditshegofatso tse di tlaa goromediwang, le endaomente e batlhanka ba me ba apesitsweng ka yone mo ntlong e.

10 Mme tumedi ya ntlo e e tlaa anamela kwa mafatsheng a sele; mme se ke tshimologo ya tshegofatso e e tlaa goromelediwang mo ditlhogong tsa batho ba me. Fela jalo. Amene.

11 Morago ga go khutla ga ponatshegelo e, magodimo a ne a re bulegela gape; mme Moše a bonala fa pele ga rona, mme a re neela dilotlele tsa go phuthiwa ga Iseraele go tswa dikarolo tse nne tsa lefatshe, le go etelelapele merafe e lesome go tswa mo lefatsheng la bokone.

12 Morago ga se Elija a bonala, mme a neela tebalebelo ya efangele ya ga Aberahame, a bua gore mo go rona le mo peong ya rona ditshika tsotlhe morago ga rona di tlaa segofala.

13 Morago ga ponatshegelo e e sena go tswalwa, ponatshegelo e nngwe e kgolo e bile e galalela ya bonala mo go rona; gonne moperofeti Elija, yo o neng a tseelwa kwa legodimong a sa utlwa loso, a ema fa pele ga rona, mme a re:

14 Bonang, nako ka botlalo e fitlhile, e e neng e builwe ka molomo wa ga Malaki—a paka gore [Elija] o tlaa romelwa, pele ga le letsatsi le legolo le le boitshegang la Morena le tla—

15 Go sokololela dipelo tsa bo rraabana mo baneng, le dipelo tsa bana kwa go borraabo, e sere kgotsa lefatshe lotlhe la itewa ka phutso—

16 Ke gone ka moo, dilotlele tsa tebalebelo e di neetswe mo diatleng tsa lona; mme ka se lo ka itse gore letsatsi le legolo le le le boitshegang la Morena le gaufi, le e leng mo dikgorong.